Bodumedi—Bo na Le Molemo Ofe?
Bodumedi—Bo na Le Molemo Ofe?
“NKA nna motho yo o molemo ke ntse ke se motho wa bodumedi!” Batho ba bantsi ba ikutlwa jalo. Batho ba bantsi ba ba ikanyegang, ba ba pelotlhomogi le ba ba ka ikanngwang, ga ba kgatlhegele bodumedi. Ka sekai, ke ba le mmalwa fela ba Bayuropa ba kwa Dinageng tsa Bophirima ba ba yang kerekeng ka metlha, le fa bontsi jwa bone ba bua gore ba dumela mo Modimong. * Tota le kwa Latin America, ke diperesente di le 15 go ya go di le 20 fela tsa Bakatoliki ba ba yang kerekeng ka metlha.
Gongwe le wena, jaaka batho ba bangwe ba bantsi o tsaya gore bodumedi ga bo thuse motho go tshela botshelo jo bo botoka. Mme le fa go ntse jalo, o itse gore bogologolo, mo metlheng ya bonkoko le borremogolo, batho ba bantsi ba ne ba rata bodumedi thata go feta gompieno. Ke eng se se dirileng gore batho ba bantsi ba tlogele go kgatlhegela bodumedi jaana? A motho a ka nna molemo a ntse a sa rate bodumedi? A go na le bodumedi jo bo ka go solegelang molemo?
Lebaka La go Bo Bangwe ba Fularetse Bodumedi
Ka makgolokgolo a dingwaga, batho ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba dumela gore Modimo o batla gore batho ba mo ikobele. Ba ne ba ya kerekeng e le gore ba amogelwe ke Modimo, e ka ne e le ka go direlwa meetlo mengwe ke moruti kana ka go kaelwa ke moreri mongwe. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba lemoga boitimokanyo jo bo leng teng mo bodumeding. Go ne go itsege thata gore bodumedi bo na le seabe mo ntweng, e bile go ne go itsege le gore baruti bangwe ba ne ba na le mekgwa mengwe e e maswe. Mme batho ba bantsi ba ne ba tsaya bodumedi bo le molemo. Ba bangwe ba ne ba kgatlhwa ke masaitsiweng, tsela e dilo di neng di dirwa ka yone le mmino; bangwe ba ne ba rotloediwa ke go tshaba go fisiwa kwa diheleng, e leng thuto e e seyong mo Baebeleng. Moragonyana, go ne ga direga dilo dingwe tse di neng tsa fetola tsela e batho ba bantsi ba neng ba leba dikereke ka yone.
Thuto ya gore dilo di nnile teng fela di sa bopiwa e ne ya ata. Batho bangwe ba ne ba dumela gore botshelo bo nnile teng fela ka kotsi—ga se Modimo a dirileng gore bo nne teng. Madumedi a mantsi a ne a palelwa ke go ntsha bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Modimo ke ene Motswedi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Gape, tsa botegeniki di ne tsa ata, ga nna le kgatelopele e kgolo mo go tsa kalafi, mo go tsa dipalangwa le mo go tsa tlhaeletsano mme seno se ne sa dira gore batho ba akanye gore saense e ka rarabolola bothata bongwe le bongwe. Gape, baitse ba saense ya loago le baithutatlhaloganyo ba ne ba naya batho kaelo e e botoka go feta e e tswang kwa dikerekeng. Dikereke tsone di paletswe ke go bontsha sentle gore go tshela ka molao wa Modimo ke tsela e e molemolemo ya botshelo.—Jakobe 1:25.
Ka jalo, dikereke tse dintsi di ne tsa fetola molaetsa wa tsone. Baruti le bareri ba ne ba tlogela go ruta gore Modimo o batla gore batho ba mo ikobele. Go na le gore ba rute seo, bontsi jwa bone ba ne ba ruta gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ka se se siameng le se se sa siamang. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne 2 Timotheo 4:3.
ba re Modimo o amogela motho go sa kgathalesege gore o tshela jang, mme ba ne ba dira seo ka gonne ba ne ba batla go ratwa ke batho. Thuto eo e re gopotsa se Baebele e neng ya se bua go sa le pele: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.”—Go na le gore thuto eo e ngoke batho ka bontsi, ga e a ka ya ba kgatlha. Ba ne ba ipotsa jaana, go tshwanela: ‘Fa e le gore dikereke ga di dumele gore Modimo o na le maatla a go bopa le botlhale jwa go tlhoma melao, go ya kerekeng go ntsholegela molemo ka eng? Ke eng se se ka dirang gore ke rute banake ka bodumedi?’ Batho ba ba neng ba leka go tshela matshelo a a siameng ba ne ba simolola go tsaya bodumedi bo sa tlhokege. Ba ne ba tlogela dikereke, mme bodumedi ga bo a ka jwa tlhola bo nna botlhokwa mo go bone. Ke eng se se dirileng gore selo se se tshwanetseng se ka bo se le molemo jaana se lebege se sa tlhokege? Baebele e re naya tlhaloso e e utlwalang.
Bodumedi bo Dirisiwa go Dira Dilo Tse di Bosula
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba bogologolo a re bangwe ba ne ba tla dirisa Bokeresete gore ba dire ditiro tse di bosula. O ne a re: “Diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) Motho mongwe yo o neng a bua “dilo tse di sokameng” e ne e le moithutabodumedi wa Roma Katoliki, e bong Augustine. Jesu o ne a rutile balatedi ba gagwe gore ba tlhalosetse batho dilo ka tsela e e tlhatswang pelo ka go ba naya mabaka a a tswang mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, Augustine o ne a sokamisa bokao jwa mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 14:23, a a reng “O ba patelele go tsena” a re a raya gore go siame go dirisa dikgoka fa go sokololwa batho. (Luke 14:23; Mathaio 28:19, 20; Ditiro 28:23, 24) Augustine o ne dirisa bodumedi go laola batho.
Satane, moengele wa setsuolodi ke ene a tlhotlheletsang batho gore ba dire ditiro tse di sa siamang mo bodumeding. O ne a tlhotlheletsa banna ba ba ratang bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba tsenye mekgwa e e sa siamang mo diphuthegong tsa Bokeresete. Baebele e bua jaana ka banna bao: “Batho ba ba ntseng jalo ke baaposetoloi ba maaka, badiri ba ba tsietsang, ba ba iphetolang baaposetoloi ba ga Keresete. Mme ga go gakgamatse, gonne Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi. Jalo ga se sepe se segolo fa badiredi ba gagwe le bone ba nna ba iphetola badiredi ba tshiamo.”—2 Bakorintha 11:13-15.
Satane o sa ntse a dirisa bodumedi jo bo itirang e kete ke jwa Bokeresete, bo siame, e bile bo sedifaletsa batho go dira gore batho ba tshele ka ditsela tsa bone go na le gore ba tshele go ya ka melao ya Modimo. (Luke 4:5-7) Gongwe o lemogile gore baruti ba bantsi gompieno ba dirisa bodumedi go itlotlomatsa ka go ipitsa ka maina a maemo le ka go batla madi mo matsomaneng a bone. Dipuso le tsone di dirisa bodumedi go tlhotlheletsa baagi ba dinaga tsa tsone go ya ntweng.
Diabolo o dirisa bodumedi thata go feta kafa batho ba bantsi ba lemogang ka teng. O ka tswa o akanya gore ke fela batho ba le mmalwa ba ba ratang bodumedi ka tsela e e feteletseng ba ba dirisiwang Tshenolo 12:9; 1 Johane 5:19) Modimo o ikutlwa jang ka bodumedi jo bo dirisiwang ke baeteledipele ba ba ipatlelang fela go latelwa ke batho ba bantsi?
ke Satane. Mme go ya ka Baebele, yoo ‘yo o bidiwang Diabolo le Satane o tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ Baebele gape ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (“A go A Kgathalesega mo go Nna?”
Fa e le gore boitshwaro jwa ditumelo dingwe tse di ipitsang tsa Bokeresete bo dira gore o gamarege, itse gore dikereke tseo ga di kgatlhe Modimo Mothatayotlhe le e seng. Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ipolela gore di dirile tumelano le Modimo; setšhaba sa Iseraele sa bogologolo le sone se ne se bua se se tshwanang. Tsoopedi ga di a ikanyega. Jehofa o kgala ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete thata fela jaaka a ne a kgala Iseraele. Jehofa o ne a re: “Ga ba a ka ba reetsa mafoko a me mme ba fularetse molao wa me. A go a kgathalesega mo go nna gore lo tlisa le eleng lebano go tswa kwa Sheba? . . . Ditlhabelo tsa lona ga di intumedise.” (Jeremia 6:19, 20, New International Version) Modimo o ne a sa amogele kobamelo ya baitimokanyi. O ne a se na sepe le meetlo ya bone le dithapelo tsa bone. O ne a raya Baiseraele a re: “Moya wa me o tlhoile dikgwedi tsa lona tse disha le dipaka tsa lona tsa meletlo. Mo go nna di fetogile mokgweleo; ke lapisitswe ke go di sikara. Mme fa lo otlolola diatla tsa lona, ke lo fitlhela matlho a me. Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa.”—Isaia 1:14, 15.
A Jehofa o rata meletlo e dikereke di e dirang di re ke ya Bokeresete mme e le e kwa tshimologong e neng e tlotla medimo ya maaka? A o reetsa dithapelo tsa baruti ba ba senyang dithuto tsa ga Keresete? A Modimo o amogela bodumedi bope fela jo bo fularelang molao wa gagwe? O ka tlhomamisega gore ga a amogele meetlo ya dikereke gompieno fela jaaka a ne a sa amogele ditlhabelo tsa Baiseraele ba bogologolo, tse a neng a botsa jaana ka tsone: “A go a kgathalesega mo go nna?”
Le fa go ntse jalo, Jehofa o amega thata ka kobamelo ya batho ba ba ikanyegang ba ba obamelang ka boammaaruri. Modimo o a itumela fa batho ba bontsha gore ba lebogela sotlhe se a se ba direlang. (Malaki 3:16, 17) A o ka nna motho yo o molemo le fa o sa obamele Modimo? Motho yo o sa direleng batsadi ba gagwe ba ba lorato sepe a ka se itseye a le molemo, ga ke re? A motho yo o sa direleng Modimo sepe a ka nna motho yo o molemo? Go a utlwala gore re tshwanetse go rata Modimo wa boammaaruri, yo e leng motswedi wa botshelo. Mo setlhogong se se latelang re tla bona kafa kobamelo ya boammaaruri e tlotlang Modimo ka teng le kafa e re solegelang molemo ka teng.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 2 “Dingwaga tsa bo1960 . . . di ne tsa tla ka go phutlhama ga bodumedi ka kakaretso mo dinageng di le dintsi.”—The Decline of Christendom in Western Europe, 1750-2000.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
A dikereke di ntshitse bosupi jwa gore Modimo o bopile dilo tsotlhe?
[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]
A moemedi wa Modimo a ka fitlhelwa mo boemong jo bo ntseng jaana?
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Modimo o leba jang mogwanto wa mofuta ono?
[Motswedi wa Setshwantsho]
AP Photo/Georgy Abdaladze