Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia
Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia
GO SETSE go fetile dingwaga di le 12 fa e sa le ditiragalo tsa bofelo tse di begilweng mo bukeng ya Baebele ya Esera di diragala. Nako e “lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha” e setse e atametse—e leng tiragalo e e tshwayang go simolola ga dibeke di le 70 tsa dingwaga tse di isang kwa go Mesia. (Daniele 9:24-27) Buka ya Nehemia e bua ka hisitori ya batho ba Modimo le go agiwa sesha ga lobota lwa Jerusalema. E akaretsa ditiragalo tsa botlhokwa tsa dingwaga tse di fetang 12, go tloga ka 456 B.C.E. go fitlha nako nngwe morago ga 443 B.C.E.
Buka eno e e kwadilweng ke Mmusi Nehemia e na le pego e e kgatlhang ya kafa kobamelo ya boammaaruri e tlotlomadiwang ka gone fa motho a dira sengwe a ikemiseditse e bile a ikaegile ka botlalo ka Jehofa Modimo. E bontsha sentle kafa Jehofa a kgonang go kaela dilo ka gone gore thato ya gagwe e diragadiwe. Gape, ke pego ya moeteledipele yo o nonofileng le yo o pelokgale. Molaetsa o o mo bukeng ya Nehemia o ruta baobamedi botlhe ba boammaaruri thuto e e botlhokwa gompieno “gonne lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.
“LA BOFELO LOBOTA LWA WEDIWA”
Nehemia o kwa Shushane mo kagong ya phemelo, o direla Kgosi Aretaserese Longimanus mo maemong a a kwa godimo. Nehemia o tshwenyega thata fa a sena go utlwa gore batho ba gaabo, “ba mo seemong se se maswe thata le mo kgobong; mme lobota lwa Jerusalema lo thubilwe, le dikgoro tsa yone di fisitswe ka molelo.” O rapela Modimo ka tlhoafalo gore a mo thuse. (Nehemia 1:3, 4) Fa nako e ntse e tsamaya, kgosi e lemoga kafa Nehemia a hutsafetseng ka gone mme seno se dira gore a newe tshono ya go ya Jerusalema.
Fa Nehemia a goroga kwa Jerusalema, o sekaseka lobota bosigo a bo a bolelela Bajuda maikaelelo a gagwe a go aga lobota lono sesha. Tiro ya go aga e a simolola. Baganetsi le bone ba leka go thibela tiro eno. Le fa go ntse jalo, e re ka Nehemia a eteletse pele tiro eno ka pelokgale, “la bofelo lobota lwa wediwa.”—Nehemia 6:15.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:1; 2:1—A ‘ngwaga wa bomasome a mabedi’ o o umakiwang mo ditemaneng tseno tse pedi o balwa go tswa mo ngwageng o le mongwe fela? Ee, ngwaga wa bo20 ke wa fa Aretaserese a busa e le kgosi. Le fa go ntse jalo, tsela ya go bala e e dirisitsweng mo ditemaneng tseno ga e tshwane. Bosupi jwa hisitori bo bontsha gore Aretaserese o ne a nna mo setulong sa bogosi mo ngwageng wa 475 B.C.E. E re ka ka tlwaelo bakwadi ba kwa Babelona ba ne ba bala dingwaga tse dikgosi tsa kwa Peresia di busitseng ka tsone go tloga ka Nisane (March/April) go ya go Nisane, ngwaga wa ntlha o Aretaserese a busitseng ka one o simolotse ka Nisane wa 474 B.C.E. Ka jalo, ngwaga wa bo20 wa puso o o umakiwang mo go Nehemia 2:1 o simolotse ka Nisane wa 455 B.C.E. Kgwedi ya Chislev (November/December) e e umakiwang mo go Nehemia 1:1 go lebega e ne e le Chislev ya ngwaga o o fetileng—456 B.C.E. Nehemia o bolela gore kgwedi eo le yone e ne e wela mo ngwageng wa bo20 wa puso ya ga Aretaserese. Gongwe mo lekgetlong leno, o ne a bala dingwaga go tloga ka nako e kgosi e beilweng mo setulong sa yone sa bogosi ka yone. Gape go ka direga gore Nehemia o ne a bala dinako go ya ka ngwaga wa Bajuda o o simologang ka kgwedi ya Tishri e e welang mo go September/October. Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, ngwaga o lefoko la gore Jerusalema e agiwe sesha le duleng ka one e ne e le 455 B.C.E.
4:17, 18—Motho o ne a ka kgona jang go dira tiro ya go aga a dirisa seatla se le sengwe? Seno e ne e se bothata mo bathong ba tiro ya bone e neng e le go rwala merwalo. Fa morwalo o sena go bewa mo tlhogong kana mo magetleng a bone, ba ne ba kgona go o tshegetsa ka seatla se le sengwe “fa seatla se sengwe se ne se tshwere sebetsa se se konopiwang.” Mme baagi ba ba neng ba bereka ka diatla tse pedi “ba ne ba ikgatlhile, mongwe le mongwe ka tšhaka ya gagwe mo nōkeng, fa ba ntse ba aga.” Ba ne ba siametse ntwa fa go ne go ka direga gore baba ba bone ba ba tlhasele.
5:7—Ke ka tsela efe Nehemia a neng a “simolola go bona batlotlegi le bathusi ba mmusi molato”? Banna bano ba ne ba tsaya madi ka dikgoka mo Bajudeng ka bone, e leng selo se se neng se le kgatlhanong le Molao wa ga Moshe. (Lefitiko 25:36; Duteronome 23:19) Mo godimo ga moo, batho bano ba go neng go adimiwa madi mo go bone ba ne ba batla morokotso o o kwa godimo. Fa ba ne ba batla madi ao kgwedi le kgwedi, ba ne ba tla bona selekanyo sa “bolekgolo” sa madi, e leng morokotso wa diperesente di le 12 ka ngwaga. (Nehemia 5:11) Ruri e ne e le bosetlhogo go dira seno mo bathong ba ba neng ba setse ba imetswe ke makgetho e bile ba se na dijo tse di lekaneng. Nehemia o ne a bona bahumi bano molato, mme a dirisa Lefoko la Modimo go ba kgalema, mme ka go dira jalo a senola diphoso tsa bone.
6:5—E re ka ka tlwaelo makwalo a e neng e le sephiri a ne a tsenngwa mo kgetsing e e tswetsweng sentle, ke ka ntlha yang fa Sanabalate a ne a romela “lekwalo le le butsweng” kwa go Nehemia? Gongwe Sanabalate o ne a ikaeletse go senola ditatofatso tsa maaka tse a neng a di boleletswe ka go di romela ka lekwalo le le butsweng. Gongwe o ne a akanya gore seno se ne se tla galefisa Nehemia thata mo a neng a tla tlogela tiro ya go aga mme a tle go iphemela. Kana Sanabalate o ne a akanya gore dikgang tse di neng di kwadilwe mo lekwalong leo di ne di tla tshosa Bajuda mo ba neng ba tla emisa tiro ya bone ya go aga gotlhelele. Nehemia ga a ka a letla dilo tseno gore di mo tshosetse, o ne a tswelela ka tiro e Modimo a mo abetseng yone.
Se re Ithutang Sone:
1:4; 2:4; 4:4, 5. Fa re lebana le maemo a a thata kana re dira ditshwetso tsa botlhokwa, re tshwanetse go ‘nnela ruri mo thapelong’ mme re dire dilo go dumalana le kaelo e e mo lefokong la Modimo.—Baroma 12:12.
1:11–2:8; 4:4, 5, 15, 16; 6:16. Jehofa o araba dithapelo tse di tswang pelong tsa batlhanka ba gagwe.—Pesalema 86:6, 7.
1:4; 4:19, 20; 6:3, 15. Le fa gone Nehemia e ne e le monna yo o pelotlhomogi, o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go nna monna yo o tsayang kgato le yo o nitameng gore a dire se se siameng.
1:11–2:3. Selo se segolo se se neng se itumedisa Nehemia e ne e se maemo a a kwa godimo a go nna motsholasenwelo. O ne a itumedisiwa thata ke go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri. A le rona ga re a tshwanela go amega thata le go itumedisiwa ke kobamelo ya ga Jehofa le sengwe le sengwe se se dirang gore e tswelele?
2:4-8. Jehofa o ne a dira gore Aretaserese a neye Nehemia tetla ya go ya go aga dipota tsa Jerusalema sesha. Diane 21:1 ya re: “Pelo ya kgosi e ntse jaaka melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa. O e faposetsa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.”
3:5, 27. Ga re a tshwanela go tsaya tiro ya diatla e e dirwang go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele e le tiro e e re isang kwa tlase fela jaaka go ne ga dira ‘batho ba ba tlotlometseng’ ba Batekoa. Go na le moo, re tshwanetse go etsa Batekoa ba ba neng ba tsewa e se ba maemo, ba ba neng ba dira ka natla mme ba dira ka go rata.
3:10, 23, 28-30. Le fa bangwe ba kgona go fudugela kwa mafelong a go tlhokegang thata baboledi ba Bogosi kwa go one, bontsi jwa rona re tshegetsa kobamelo ya boammaaruri gaufi le mo re nnang teng. Re ka dira seo ka go nna le seabe mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi le go namola ba ba wetsweng ke dikotsi tsa masetlapelo mme sa botlhokwa le go feta re dira tiro ya go rera ka Bogosi.
4:14. Fa re lebane le kganetso, le rona re ka fenya poifo ka go nna re gopotse “yo mogolo le yo o boitshegang.”
5:14-19. Molaodi Nehemia o tlhometse balebedi ba Bakeresete sekao se se molemolemo sa motho yo o neng a le boikokobetso, a se pelotshetlha e bile a le botlhale. Le fa a ne a tlhagafaletse gore Molao wa Modimo o dirwe, ga a ka a gatelela ba bangwe gore a tle a solegelwe molemo. Go na le moo, o ne a bontsha gore o amegile ka batho ba ba gateletsweng le ba ba humanegileng. Nehemia o tlhometse batlhanka ba Modimo sekao se se molemo sa go aba ka bopelotshweu.
“A KO O NKGAKOLOGELWE, TLHE MODIMO WA ME, KA TSELA E E MOLEMO”
Fela fa Nehemia a sena go fetsa go aga dipota tsa Jerusalema, o tsenya dikgoro a bo a dira dithulaganyo tsa go sireletsa motse. O tswelela ka go kwala pego ya tatelano ya masika. Fa batho botlhe ba kokoana “kwa patlelong e e neng e le fa pele ga Kgoro ya Metsi,” Moperesiti Esera o ba balela buka ya Molao wa ga Moshe mme Nehemia le Balefi ba tlhalosetsa batho Molao ono. (Nehemia 8:1) Fa ba sena go utlwa ka Moletlo wa Diobo, ba keteka moletlo ono ka boitumelo.
Go latela kokoano e nngwe e mo go yone “losika lwa Iseraele” lo ipolelang maleo a lone, Balefi ba tlhalosa tsela e Modimo a neng a dirisana le Iseraele ka yone mme batho ba dira maikano a “go tsamaya mo molaong wa Modimo wa boammaaruri.” (Nehemia 9:1, 2; 10:29) E re ka go se na batho ba le bantsi ba ba nnang mo Jerusalema, go tshelwa bola gore motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba ba nnang kwa ntle ga motse ba fudugele mo motseng. Morago ga moo, lobota lo kgakolwa ka boitumelo mo e leng gore “go ipela ga Jerusalema go ne go utlwiwa kgakala thata.” (Nehemia 12:43) Nehemia o tloga mo Jerusalema dingwaga di le lesome le bobedi a sena go goroga mme o boela kwa ditirong tsa gagwe kwa go Aretaserese. Go ise go ye kae, Bajuda ba simolola go dira ditiro tse di maswe. Fa Nehemia a boela kwa Jerusalema, o tsaya kgato ka bonako mme o baakanya boemo. Nehemia o ikopela jaana ka boikokobetso: “A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo.”—Nehemia 13:31.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
7:6-67—Ke ka ntlha yang fa dipalo tsa lenaane la ga Nehemia la masalela a a boetseng Jerusalema le Serubabele di farologana le dipalo tsa ga Esera tsa malapa a a mo bukeng ya ga Esera? (Esera 2:1-65) Go ka direga gore lebaka la gore go nne le pharologano eno ke gore Esera le Nehemia ba tsere dipego tsa bone mo makwalong a a farologaneng. Ka sekai, palo ya ba ba neng ba ikwadisa gore ba tla boela kwa Jerusalema e ka tswa e farologane le ya ba tota ba neng ba boela teng. Dipego tseno tse pedi di ka tswa di farologane ka gonne Bajuda bangwe ba ba neng ba sa itse masika a bone kwa tshimologong ba ne ba kgona go a itse moragonyana. Le fa go ntse jalo, dipego tseno tse pedi di dumalana ka ntlha e le nngwe: Palo ya batho ba ntlha ba ba neng ba boela Jerusalema e ne e le 42-360 go sa balwe makgoba le baopedi.
10:34—Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba tshwanetse go tlisa dikgong? Mo Molaong wa ga Moshe, go ne go se na taelo ya gore batho ba tlise dikgong. Mme seno se ne sa dirwa ka gonne di ne di tlhokega. Go ne go tlhokega dikgong tse dintsi gore go fisiwe ditlhabelo mo sebesong. Go lebega go ne go se na Banethinime ba ba lekaneng ba ba dirang jaaka makgoba a tempele a e seng Baiseraele. Ka gone go ne ga tshelwa bola e le go tlhomamisa gore batho ba nna ba tlisa dikgong.
13:6—Nehemia o tsere nako e kae a seyo mo Jerusalema? Baebele ya re “nako nngwe moragonyana” kana “kwa bofelong jwa malatsi,” Nehemia o ne a kopa malatsinyana mo kgosing gore a boele Jerusalema. Ka jalo, go thata go bona gore o ne a tsamaile nako e kae. Le fa go ntse jalo, fa Nehemia a boela kwa Jerusalema o ne a fitlhela gore baperesiti ba ne ba sa engwe nokeng e bile batho ba ne ba sa boloke molao wa Sabata. Bontsi jwa bone ba ne ba nyetse basadi ba ditšhaba di sele e bile bana ba bone ba ne ba sa bue puo ya Bajuda. Go bo Nehemia a fitlhetse maemo a senyegile thata jaana, go raya gore o tshwanetse a bo a ne a tsamaile lobaka lo loleele.
13:25, 28—Mo godimo ga go bona Bajuda molato ba ba neng ba sa latele molao, ke dikgato dife tse dingwe tse Nehemia a neng a di tsaya? Nehemia o ne a “ba hutsa” ka gore a ba itsise dikatlholo tse di boima tse di tswang mo Molaong wa Modimo tse di neng di tla ba wela. O ne a ‘itaya bangwe ba bone’ gongwe ka go ba atlhola. E le go supa tsela e a neng a galefile ka yone, o ne a “kumola moriri wa bone.” Gape o ne a leleka setlogolo sa ga Eliashibe Moperesiti yo Mogolo, yo o neng a nyetse morwadia Sanabalate wa Mohorona.
Se re Ithutang Sone:
8:8. E re ka re le barutisi ba Lefoko la Modimo, re ‘dira gore le nne le bokao’ ka go bitsa mafoko sentle le go a gatelela sentle, le ka go tlhalosa Dikwalo ka tshwanelo le go tlhalosa sentle kafa di ka dirisiwang ka gone.
8:10. Re nna le “boipelo jwa ga Jehofa” fa re nna kelotlhoko gore re lemoge dilo tse re di tlhokang semoyeng le fa re latela kaelo ya puso ya Modimo. Ruri go botlhokwa gore re ithute Baebele ka tlhoafalo, re nne teng mo dipokanong tsa Bokeresete ka metlha mme re nne le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa!
11:2. Fa motho a tlogela dithoto tsa gagwe le go fudugela Jerusalema o ne a tla nna le ditshenyegelo dingwe le mathata mangwe a a rileng. Ba ba neng ba ithaopa go fuduga ba ne ba supa moya wa go intsha setlhabelo. Le rona re ka supa moya o o ntseng jalo fa go tlhaga ditshono tsa gore re ithaope go direla ba bangwe dilo dingwe kwa dikopanong le ka dinako tse dingwe.
12:31, 38, 40-42. Go opela ke tsela e nngwe e e molemo ya go baka Jehofa le go bontsha gore re a mo leboga. Re tshwanetse go opela go tswa pelong kwa dikokoanong tsa Bokeresete.
13:4-31. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra letla go rata dikhumo, ditiro tsa boferefere le botlhanogi go tsenelela mo matshelong a rona.
13:22. Nehemia o ne a itse sentle gore o ikarabela mo Modimong. Le rona re tshwanetse go itse gore re ikarabela mo go Jehofa.
Go Amogelwa ke Jehofa go Botlhokwa!
Mopesalema o ne a opela jaana: “Fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.” (Pesalema 127:1) E le ruri buka ya Nehemia e bontsha sentle boammaaruri jwa mafoko ano!
Se re ithutang sone fano se utlwala sentle. Fa re batla go atlega mo maitekong le fa e ka nna afe a re a dirang, re tshwanetse go segofadiwa ke Jehofa. A re ka solofela gore Jehofa a re segofatse fa re sa dire gore kobamelo ya boammaaruri e tle pele mo matshelong a rona? Ka jalo fela jaaka Nehemia, a re direng gore kobamelo ya ga Jehofa le go tsweledisiwa ga yone e nne tsone dilo tse re amegang thata ka tsone.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
“Pelo ya kgosi e ntse jaaka melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa”
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Nehemia—monna yo o tsayang kgato le yo o bonolo—o tla Jerusalema
[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]
A o kgona go ‘dira gore Lefoko la Modimo le nne le bokao’?