Go Ikanyega go Solegela Molemo
Go Ikanyega go Solegela Molemo
MO DINAGENG dingwe, bana ba rata go tshameka ka go ngaparetsa diloka mo jesing ya yo mongwe. Diloka di ngaparela boboa jwa jesi ya gagwe mme le fa e le eng fela se ngwana yono a se dirang—fa a tsamaya, a taboga, a itshikinya kana a tlola—diloka di tla nna di ntse di mo ngaparetse. Tsela e le yosi fela ya go di ntsha ke go di tomola ka bongwe ka bongwe. Mo baneng, seno se kgatlha tota.
Ee, ga se mongwe le mongwe yo o ratang gore diaparo tsa gagwe di ngaparelwe ke diloka, mme mongwe le mongwe o gakgamadiwa ke tsela e di kgonang go ngaparela seaparo ka teng. Motho yo o ikanyegang o ntse fela jalo. O tswelela pele a ngaparetse motho yo a nang le kamano le ene a sa kgaotse. O nna a ntse a ikanyega ka go diragatsa seabe sa gagwe mo kamanong e a nang le yone le motho yoo tota le fa maemo a ka nna thata go le kana kang. Lefoko go “ikanyega” le re gopotsa dinonofo tse di molemo tse di tshwanang le go nna boammaaruri, go ema nokeng le go ineela. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o itumela fa batho ba ikanyega mo go wena, mme a wena o ikemiseditse go ikanyega mo go ba bangwe? Fa go ntse jalo, o tshwanetse go ikanyega mo go bomang?
Go Ikanyega mo Lenyalong—Go Botlhokwa Thata
Go ikanyega go botlhokwa thata mo lenyalong mme ka maswabi gantsi ga go yo. Monna le mosadi ba ba nnang ba diragatsa maikano a bone a lenyalo, ke gore ba ba nnang mmogo mme ba thusana—ba tsere kgato ya botlhokwa e e ka ba thusang go bona boitumelo le go ikutlwa ba ritibetse. Ke eng fa go tualo? Ke ka gonne batho ba dirilwe ba tlhoka go ikanyega le gore ba bangwe ba ikanyege mo go bone. Fa Adame le Efa ba ne ba nyadisiwa kwa tshingwaneng ya Edene, Modimo o ne a re: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.’ Le mosadi o ne a tla dira fela jalo; o ne a tla ngaparela monna wa gagwe. Monna le mosadi ba ne ba tshwanetse go ikanyega mongwe go yo mongwe mme ba dirisane sentle.—Genesise 2:24; Mathaio 19:3-9.
Ee, seno se diragetse diketekete tse di fetileng tsa dingwaga. A go raya gore go ikanyega mo lenyalong go fetilwe ke nako gompieno? Batho ba bantsi ba ka se dumalane le seo. Babatlisisi ba kwa Jeremane ba ile ba fitlhela gore batho ba le diperesente di le 80 ba tsaya go ikanyega mo lenyalong go le botlhokwa thata. Patlisiso ya bobedi e ne ya dirwa ka maikaelelo a gore go bonwe dinonofo tse di rategang thata mo banneng le mo basading. Banna bangwe ba ne ba bodiwa gore ke dinonofo dife tse tlhano tse ba di ratang thata mo basading, mme basadi bangwe ba bodiwa gore ke dinonofo dife tse tlhano tse ba di ratang thata mo banneng. Nonofo e banna le basadi ba neng ba e rata thata e ne e le ya go ikanyega.
Ee, go ikanyega ke sengwe sa dilo tsa botlhokwa thata tse di agang lenyalo le le atlegileng. Mme jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, gantsi batho ba tseela boikanyego kwa godimo fela mme ga ba ikanyege. Ka sekai, dipalo tse di kwa godimo tsa ditlhalo mo dinageng tse dintsi ke bosupi jwa go se ikanyege mo go anameng. Banyalani ba ka fenya mokgwa ono jang mme ba nna ba ikanyega mongwe go yo mongwe?
Go Ikanyega go Dira Gore Lenyalo le Nnele Ruri
Balekane ba lenyalo ba bontsha gore ba a ikanyega fa ba batla ditsela tse ba ka bontshanang ka tsone gore ba a ratana. Ka sekai, gantsi go botoka go re, “sa rona” go na le go re “sa me”—“ditsala tsa rona,” “bana ba rona,” “legae la rona,” “dilo tse di re diragaletseng,” jalo le jalo. Fa re dira dithulaganyo tsa sengwe kana ditshwetso—e ka tswa e le ka ntlo, tiro, go godisa bana, boitlosobodutu, malatsi a boikhutso kana dilo tsa bodumedi—monna le mosadi ba tshwanetse go akanyetsa maikutlo a molekane wa bone le tsela e a lebang dilo ka yone.—Diane 11:14; 15:22.
Go ikanyega go bonala fa balekane boobabedi ba dira gore yo mongwe a ikutlwe a tlhokwa e bile a ratiwa. Motho yo o mo lenyalong o ikutlwa e kete ga a ratiwe fa molekane wa gagwe a nna botsalano thata mo mothong yo mongwe wa bong bo sele. Baebele e gakolola banna gore ba ngaparele ‘basadi ba bosha jwa bone.’ Monna ga a tshwanela go eletsa go bontshiwa lorato ke motho yo e seng mosadi wa gagwe. Ga a tshwanela go tlhakanela dikobo le mosadi yo mongwe. Baebele e re tlhagisa jaana: “Le fa e le mang yo o dirang boaka le mosadi ga a botlhale; yo o bo dirang o senya moya wa gagwe.” Le mosadi wa gagwe go lebeletswe gore a ikanyege ka tsela e e tshwanang.—Diane 5:18; 6:32.
A go ikanyega mo lenyalong go na le mosola? Ee thata. Go dira gore lenyalo le nonofe mme le nnele ruri, e bile go dira gore mongwe le mongwe wa banyalani a solegelwe molemo. Ka sekai, fa monna a ineetse mo go tlhokomeleng mosadi wa gagwe ka metlha, seo se dira gore mosadi a tlhomamisege gore o a ratiwa mme a kgone go bontsha dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo. Le monna fela jalo. Fa monna a ikemiseditse go nna a ikanyega mo mosading wa gagwe seo se tla mo thusa gore a nne a kgomaretse melaometheo e e siameng mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe.
Fa monna le mosadi ba nna le mathata, go ikanyega go tla dira gore boobabedi ba ikutlwe ba sireletsegile. Mme mo lenyalong le go se nang boikanyego mo go lone, gantsi banyalani ba batla go kgaogana kana go tlhalana. Go dira jalo ga go rarabolole mathata le e seng mme gantsi go a a oketsa. Ka bo1980, motho mongwe yo o itsegeng mo go tsa feshene o ne a tlogela mosadi wa gagwe le bana. A o ne a bona boitumelo fa a nna a le nosi? Dingwaga di le 20 morago ga foo, o ne a dumela gore go tlogela ba lelapa la gagwe go ne ga dira gore a “jewe ke bodutu mme a se ka a robala sentle bosigo ka gonne a sa laela bana [ba gagwe] fa ba ya go robala.”
Go Ikanyega Magareng ga Batsadi le Bana
Fa batsadi ba ikanyega mongwe go yo mongwe, go ka direga thata gore bana ba bone le bone ba ithute boikanyego mo go bone. Bana ba ba goletseng mo lelapeng le le ikanyegang, le le lorato, fa ba gola ba tla fitlhela go le motlhofo go diragatsa maikarabelo a bone mo balekaneng ba bone le mo batsading ba bone ba ba nnang bokoa ka ntlha ya botsofe.—1 Timotheo 5:4, 8.
Mme gone ga se ka metlha batsadi ba nnang bokoa pele ga bana ba bone. Ka dinako tse dingwe ngwana o tlhoka go tlhokomelwa ka dinako
tsotlhe. Herbert le Gertrud—ba boobabedi e leng Basupi ba ga Jehofa—ba ne ba diragalelwa ke sone seo ka dingwaga di feta 40. Ngwana wa bone wa mosimane, Dietmar o ne a lwala botshelo jwa gagwe jotlhe a tshwerwe ke bolwetse jwa go koafala mesifa. Dingwaga di le supa pele ga Dietmar a tlhokafala ka November 2002, o ne a tlhoka go tlhokomelwa bosigo le motshegare. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo tlhokomela ka lorato mo go sengwe le sengwe. E bile ba ne ba reka didirisiwa tsa kalafi tse ba neng ba di dirisa kwa gae mme ba thapisiwa mo go tsa kalafi. Seno ke sekao se se molemo tota sa boikanyego mo lapeng!Go Ikanyega go Botlhokwa Thata mo Ditsaleng
Birgit a re: “Motho a ka itumela le fa a se na molekane wa lenyalo, mme go thata go itumela fa o se na tsala.” Gongwe o dumalana le seo. Le fa o ka tswa o le mo lenyalong kana nnyaa, go nna le tsala e e ikanyegang le e e molemo go tla ipedisa pelo ya gago le go tokafatsa botshelo jwa gago. Mme gone fa o le mo lenyalong tsala ya gago e kgolo e tshwanetse go nna molekane wa gago wa lenyalo.
Tsala ga se motho fela yo o mo tlwaetseng. Go ka tswa go na le batho ba le bantsi ba re ba tlwaetseng—baagelani, batho ba re berekang le bone le batho ba re nang le go kopana le bone. Botsala jwa mmatota bo tlhoka nako, nonofo, le go tsenya maikutlo mo go jone. Go nna tsala ya mongwe ke tshiamelo. Botsala bo tlisa melemo mengwe mme gape bo tlisa maikarabelo mangwe.
Go botlhokwa thata gore re nne le puisano e e molemo le ditsala tsa rona. Ka dinako tse dingwe gongwe puisano e nna gone ka ntlha ya go bo re tlhoka mongwe yo re ka buang le ene. Birgit a re: “Nna le tsala ya me re leletsana mogala gangwe kana gabedi ka beke fa yo mongwe a na le bothata. Go nametsa tota go itse gore ke na le mongwe yo o ratang go ntheetsa.” Botsala ga bo a tshwanela go kgorelediwa ke go bo batho ba nna kwa mafelong a a katoganeng thata. Gerda le Helga ba katogane ka diketekete tsa dikilometara, mme ba na le dingwaga di le 35 e le ditsala tse dikgolo. Gerda a re: “Re kwalelana makwalo ka metlha, re tlotlelana dilo tse di re diragaletseng e bile re ntsha maikutlo a rona a a kwa teng, go le monate le go le bosula. Ke itumela thata fa ke amogela lekwalo le le tswang kwa go Helga. Tota re mogopolo mongwe fela.”
Go botlhokwa thata gore batho ba e leng ditsala ba ikanyege. Go se ikanyege go ka kgaoganya batho ba ba sa bolong go nna ditsala. Ke selo se se tlwaelegileng gore ditsala di gakololane le mo dikgannyeng tsa khupamarama tota. Ditsala di bulelana mafatlha di sa tshabe gore di tla nyadiwa kana diphiri tsa tsone di tla senolwa. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.
E re ka ditsala tsa rona di kgona go tlhotlheletsa tsela e re akanyang ka yone, e re ikutlwang ka yone le se re se dirang, go botlhokwa gore re nne ditsala le batho ba mokgwa wa bone wa botshelo o tsamaisanang le wa rona. Ka sekai, o tlhomamise gore o nna tsala ya batho ba ba dumelang se o se dumelang, ba ba lebang dilo tse di malebana le boitsholo ka tsela e o di lebang ka yone, le ba ba dirisang melao e e tshwanang le ya gago ya se se siameng le se se phoso. Ditsala tse di ntseng jalo di tla go thusa gore o fitlhelele mekgele ya gago. Gape ke eng se se ka dirang gore o batle go nna tsala le motho yo o sa tsheleng ka ditekanyetso tse o tshelang ka tsone le yo o nang le boitsholo jo bo sa tshwaneng le jwa gago? Baebele e bontsha gore go botlhokwa go tlhopha ditsala tse di siameng fa e re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.
Motho a ka Ithuta go Ikanyega
Fa ngwana a ithuta go ngaparetsa diloka mo diaparong tsa motho yo mongwe, nako le nako o
tla batla go dira jalo. Le motho yo o ikanyegang o ntse fela jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re nna re ntse re ikanyega, go nna motlhofo gore re dire jalo. Fa motho a ithuta a sa le monnye gore a ikanyege mo lelapeng, fa a gola go tla nna motlhofo gore a nne le ditsala tse di ikanyegang mo go ene, le ene a ikanyega mo go tsone. Fa nako e ntse e tsamaya, botsala jo bo nonofileng jo bo nnelang ruri bo ka felela ka gore motho a ikanyege mo lenyalong. Gape seno se tla mo thusa go ikanyega mo tsaleng e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe.Jesu o ne a re taelo e kgolo ke go rata Jehofa Modimo ka pelo yotlhe, moya, mogopolo le nonofo. (Mareko 12:30) Seno se raya gore re tshwanetse go ikanyega ka botlalo mo Modimong. Go ikanyega mo go Jehofa Modimo go solegela molemo thata. Le ka motlha a ka se ka a re swabisa, ka gonne o itlhalosa jaana: “Ke a ikanyega.” (Jeremia 3:12) Ee ruri, go ikanyega mo Modimong go solegela molemo ka bosakhutleng.—1 Johane 2:17.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Go nna le tsala e e ikanyegang le e e molemo go tla ipedisa pelo ya gago
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Maloko a a ikanyegang a lelapa a a tlhokomelana