Le fa Ke le Bokoa, Ke na Le Maatla
Kgang ya Botshelo
Le fa Ke le Bokoa, Ke na Le Maatla
JAAKA GO BOLETSE LEOPOLD ENGLEITNER
Mookamedi wa SS o ne ntsha tlhobolo ya gagwe, a e baya mo tlhogong ya me, mme a mpotsa a re: “A o ikemiseditse go swa? Ke tlile go go thuntsha ka gonne o seeleele tota.” Ke ne ka re: “Ke ikemiseditse go swa,” ke leka go dira gore go se ka ga utlwala gore ke tshogile. Ke ne ka ipeta pelo, ka tswala matlho, mme ka leta gore a thuntse, mme ga go a ka ga direga sepe. O ne a goa a re: “O seeleele tota gore o ka bolawa!” a bua jalo a tlosa tlhobolo mo tlhogong ya me. Go tlile jang gore ke iphitlhele ke le mo maemong ano a a maswe?
KE TSHOTSWE ka July 23, 1905, mo motseng wa Aigen-Voglhub, o o mo dithabeng tsa Alps tsa kwa Austria. Ke ne ke le ngwana wa ntlha wa mosimane wa rre yo o neng a dira tiro ya go rema ditlhare mme mmè ene e le morwadia molemirui. Batsadi ba me ba ne ba humanegile mme gone e le batho ba ba berekang ka natla. Ke goletse kwa Bad Ischl, gaufi le Salzburg, gare ga matsha a mantle le dithaba.
Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke tlhola ke akanya ka tshiamololo e e mo lefatsheng, ke sa akanye jalo fela ka ntlha ya go bo lelapa la gaetsho le ne le humanegile mme gape ka ntlha ya go bo ke ne ke tshotswe ke na le lerapo le le obegileng la mokwatla. Botlhoko jo ke neng ke bo utlwa ka ntlha ya seno bo ne bo dira gore ke palelwe ke go ema ke tlhamaletse. Kwa sekolong ke ne ke sa letlelelwa go tshameka dijiminasi mme ka jalo bana ba sekolo ba ne ba nja ditshego.
Kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe 1, pelenyana fela ga fa ke tshwara dingwaga tse 14, ke ne ka dira tshwetso ya go ya go batla tiro gore ke tlogele go tshelela mo lehumeng. Ke ne ke tlhola ke tshwerwe ke tlala tota, mme ke ne ka koafadiwa ke letshoroma le legolo le le neng le bakwa ke foluu ya Spain, e e neng ya bolaya dimilione tsa batho.
Balemirui ba le bantsi ba ne ba tlhola ba akgela jaana fa ke ba kopa tiro: “Tota re ka dirang ka sekoa se se tshwanang le wena?” Le fa go ntse jalo, molemirui mongwe yo o molemo o ne a nthapa.Go Ithuta ka Lorato Lwa Modimo
Le fa gone Mmè e ne e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng, ke ne ke ya kerekeng sewelo fela, segolobogolo ka ntlha ya go bo rre e ne e se motho yo o neng a na le bothata ka bodumedi. Mme ke ne ke tshwenngwa thata ke kobamelo ya ditshwantsho, e leng selo se se neng se dirwa thata mo Kerekeng ya Katoliki ya Roma.
Letsatsi lengwe ka October 1931, tsala nngwe ya me e ne ya nkopa gore ke tsamaye le ene go ya kwa pokanong nngwe ya bodumedi e e neng e tshwerwe ke Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Fa ke le koo, dipotso tse di botlhokwa tsa Baebele tse ke neng ke na le tsone di ne tsa arabiwa, tse di tshwanang le: A go obamela ditshwantsho go itumedisa Modimo? (Ekesodo 20:4, 5) A tota go na le molelo wa dihele? (Moreri 9:5) A baswi ba tla tsosiwa?—Johane 5:28, 29.
Selo se se neng se nkgatlha tota e ne e le gore Modimo ga a amogele dintwa tsa batho tse go tshololwang madi a le mantsi mo go tsone, le fa gone go bolelwa gore di lowa mo leineng la Gagwe. Ke ne ka ithuta gore “Modimo ke lorato” le gore o na le leina le le goletsegileng, e bong Jehofa. (1 Johane 4:8; Pesalema 83:18) Ke ne ka itumelela go ithuta gore Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go dira gore batho ba kgone go tshelela ruri ba itumetse mo lefatsheng la paradaise. Ke ne ka ithuta gape le ka tshiamelo e e molemo e batho bangwe ba ba sa itekanelang ba nang le yone ya go tlhophiwa ke Modimo go ya go busa le Jesu mo Bogosing jwa Modimo kwa legodimong. Ke ne ke ikaeletse go dira sengwe le sengwe se ke neng ke ka se kgona gore ke bone Bogosi joo. Ka jalo, ka May 1932, ke ne ka kolobediwa mme ka nna Mosupi wa ga Jehofa. Go dira jalo go ne go tlhoka bopelokgale e re ka batho ba le bantsi ba e neng e le Bakatoliki mo Austria ka nako eo ba ne ba na le maikutlo a a sa siamang ka madumedi a mangwe.
Go Lebana le Lenyatso le go Ganediwa
Batsadi ba me ba ne ba galefile tota fa ke tlogela kereke, mme moruti ene o ne a itlhaganelela go phatlalatsa seo a le mo seraleng. Baagelani ba ne ba tlhola ba kgwela mathe fa pele ga me go bontsha kafa ba nnyatsang ka gone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ikemiseditse go nna modiredi wa nako e e tletseng, mme ke ne ka simolola go bula tsela ka January 1934.
Maemo a sepolotiki a ne a nna a ntse a sulafalela kwa pele ka gonne batho ba ne ba simolola go tlhotlhelediwa thata ke mokgatlho wa Banasi mo porofenseng ya rona. Fa ke ne ke bula tsela mo Mokgatšheng wa Styria, kwa Enns, ke ne ke tlhola ke batliwa ke mapodise, mme ke ne ka tshwanelwa ke go nna ‘botlhajana jaaka noga.’ (Mathaio 10:16) Ke ne ka bogisiwa ka metlha go tloga ka 1934 go fitlha ka 1938. Le fa gone ke ne ke sa bereke, ke ne ke sa newe madi a a newang batho ba ba sa berekeng, mme ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong ka nakwana ka makgetlho a a rileng mme ka boa gape ka tsenngwa ganè mo kgolegelong nako e telelenyana ka ntlha ya tiro ya me ya go rera.
Masole a ga Hitler a Gapa Austria
Ka March 1938, masole a ga Hitler a ne a tlhasela Austria. Mo malatsing a le mmalwa fela, batho ba feta 90 000—mo e ka nnang diperesente di le 2 tsa bagolo botlhe—ba ne ba tshwarwa mme ba romelwa kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso, ba pegwa molato wa go nna kgatlhanong le puso ya Banasi. Go bonala Basupi ba ga Jehofa bone ba ne ba ipaakanyeditse se se neng se ka direga. Ka selemo sa 1937, batho bangwe ba ba neng ba kopanela le phuthego e ke kileng ka bo ke kopanela le yone ba ne ba tsaya loeto lwa dikilometara tse 350 go ya kwa Prague ba tsamaya ka dibaesekele ba ya kopanong ya ditšhabatšhaba. Fa ba le koo ba ne ba utlwa ka bosetlhogo jo bo neng bo direlwa badumedi ka bone kwa Jeremane. Kwantle ga pelaelo, jaanong e ne e le nako ya gore le rona re bogisiwe.
Go tloga fela ka nako ya fa masole a ga Hitler a tlhasela Austria, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go tshwara dipokano le go dira tiro ya go rera mo sephiring. Le fa gone dikgatiso tsa Baebele di ne di fetisiwa ka bokhukhuntshwane mo molelwaneng wa Switzerland, di ne di sa lekana botlhe. Ka jalo Bakeresete ka nna ba kwa Vienna ba ne ba gatisa dikgatiso mo sephiring. Ka dinako dingwe ke ne ke romiwa gore ke isetse Basupi ba bangwe dikgatiso.
Go Isiwa Kampeng ya Pogisetso
Ka April 4, 1939, nna le Bakeresete mmogo ba le bararo re ne ra tshwarwa ke Ba-Gestapo fa re ne re tshwere Segopotso sa loso lwa ga Keresete kwa Bad Ischl. Re ne ra isiwa rotlhe ka koloi kwa ntlokgolong ya mapodise ya Puso kwa Linz. E ne e le lekgetlho la ntlha ke palama koloi, mme ke ne ke tshogile jaana mo ke neng ke sa kgone le go itumelela seo. Kwa Linz, ke ne ka thamathamisiwa ka dipotso ke tla ke ntse ke tlhokofadiwa, mme ga ke a ka ka itatola tumelo ya me. Dikgwedi di le tlhano moragonyana, ke ne ka isiwa kwa moatlhoding yo mogolo kwa Upper Austria. Ditatofatso tsa bokebekwa kgatlhanong le nna di ne tsa phimolwa ke sa lebelela; mme gone e ne e se bokhutlo jwa mathata a me. Ka yone nako eo, ba bangwe ba bararo ba ne ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso tse ba neng ba swela kwa go tsone ba ikanyegile go ya fela kwa bokhutlong.
Ke ne ka nna ke tshwerwe, mme ka October 5, 1939, ke ne ka bolelelwa gore ke ne ke tlile go isiwa kwa kampeng ya pogisetso kwa Buchenwald, kwa Jeremane. Rona magolegwa re ne re emetswe ke terena e e kgethegileng kwa seteisheneng sa diterena sa Linz. Kolotsana nngwe le nngwe ya terena e ne e kgona go tsenya batho ba le babedi. Monna yo ke neng ka tsenngwa le ene mo kolotsaneng e ne e le molaodi wa pele wa Upper Austria, Dr. Heinrich Gleissner.
Nna le Dr. Gleissner re ne ra simolola go nna le motlotlo o o monate. O ne a amegile go tswa pelong ka seemo sa me mme a tenwa ke gore le e leng ka nako ya fa ene e ne e le molaodi, puso e ne e bakela Basupi ba ga Jehofa mathata a le mantsi mo porofenseng ya gagwe. O ne a mpolela jaana a ikwatlhaya: “Rre Engleitner, ga ke kgone go fetola diphoso tse ke di dirileng, mme gone ke batla go kopa maitshwarelo. Go bonala gore puso ya rona e na le molato wa go sa dire dilo ka tshiamo. Fa go ka direga gore o tlhoke thuso ka nako epe fela, ke tla itumelela go dira se nka kgonang go se dira go go thusa.” Re ne ra kopana gape morago ga ntwa. O ne a nthusa gore ke duelwe madi a puso e neng e a naya batho ba ba neng ba lebogisitswe tiro ba ba neng ba tlhorontshitswe ke Banasi.
“Ke Tlile go go Thuntsha”
Ke ne ka goroga kwa kampeng ya Buchenwald ka October 9, 1939. Moragonyana fela ga moo, motlhokomedi wa kampa o ne a itsisiwe gore go ne go na le Mosupi mo gare ga magolegwa a a neng a sa tswa go goroga, mme o ne a simolola go ntlhorontsha. O ne a ntitaya setlhogo. Morago ga moo, fa a lemoga gore o ne a sa kgone go dira gore ke itatole tumelo ya me, o ne a re: “Ke tlile go go thuntsha, Engleitner. Mme pele ke dira jalo, ke tlile go go letla gore o kwale karata go sadisa batsadi ba gago sentle.” Ke ne ka akanya ka mafoko a ke neng ke ka gomotsa batsadi ba me ka one, mme e ne ya re nako le nako fa ke leka go kwala, a bo a ntitaya mo sekgonong sa moja, a dira gore ke se ka ka kgona go kwala sentle. O ne a tshega a re: “Seeleele! Ga a kgone le go kwala mela e mebedi e e tlhamaletseng. Mme Baebele yone o kgona go e bala!”
Morago ga moo o ne a ntsha tlhobolo ya gagwe, a e baya mo tlhogong ya me, mme a dira gore ke
dumele gore o ne a tlile go nthuntsha, jaaka ke ile ka anela mo tshimologong ya kgang eno. Morago ga moo o ne a ntsenya mo seleng e nnye e e neng e tletse thata. Ke ne ka fetsa bosigo jotlhe ke eme. Mme gone ke ne ke se kitla ke kgona go robala ka gonne mmele otlhe wa me o ne o opa. “Kgomotso” e le yosi fela e magolegwa mmogo le nna a neng a ka nnaya yone e ne e le go nthaya a re: “Tota ga go na mosola go swela bodumedi bongwe jo bo se nang tlhaloganyo!” Dr. Gleissner o ne a le mo seleng e e bapileng le ya me. O ne a utlwa ka se se diragetseng mme o ne a re: “Go bogisiwa ga Bakeresete go simologile gape!”Ka selemo sa 1940, magolegwa otlhe a ne a laelwa go ya go bereka kwa kwaring ka Sontaga, le fa gone re ne re sa tlwaela go bereka ka Sontaga. Seno e ne e le go ipusolosetsa mo magolegweng a a neng a “sa itshwara sentle.” Re ne ra laelwa go rwala maje a magolo go tswa kwa kwaring go ya kwa kampeng. Magolegwa a mabedi a ne a leka go baya leje le legolo mo mokwatleng wa me, mme ke ne ka batla ke wa ka ntlha ya bokete jwa lone. Le fa go ntse jalo, Arthur Rödl, Lagerführer (motlhokomedi wa kampa) yo o neng a boifiwa thata, o ne a tla go nthusa ke sa lebelela. E ne ya re fa a bona ke imelwa ke leje le ke neng ke le kakatletse, o ne a nthaya a re: “Ga o kitla o bo o fitlha kwa kampeng o rwele leje leo mo mokwatleng wa gago! Le beye fa fatshe gone jaanong!” Eo e ne e le taelo e ke neng ka itumelela go e ikobela. Morago ga moo, Rödl o ne a supa leje le lepotlana, a bo a re: “Tsholetsa leje leo, mme o le tlise kwa kampeng. Lone ga le boima jalo!” Morago ga moo, o ne a raya motlhokomedi wa rona a re: “A Baithuti ba Baebele ba boele kwa diseleng tsa bone. Ba setse ba berekile thata gompieno!”
Fa ke sena go bereka kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe, ke ne ke itumelela go kopana le lelapa la me la semoya. Re ne re na le dithulaganyo tsa go aba dijo tsa semoya. Mokaulengwe mongwe o ne a tle a kwale temana ya Baebele mo pampiring a bo a e fetisetsa mo go ba bangwe. Gape go ne go na le Baebele e e neng e tsentswe ka bokhukhuntshwane mo kampeng. E ne ya kgaoganngwa go nna dikarolwana. Ke ne ka newa buka ya Jobe gore e nne mo go nna ka dikgwedi di le tharo. Ke ne ka e fitlha mo dikausung tsa me. Kgang ya ga Jobe e ne ya nthusa gore ke nne ke nitame.
Kgabagare, ka March 7, 1941, ke ne ka tsamaya le setlhopha se segolo sa magolegwa a a neng a fudusetswa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Niederhagen. Seemo sa me se ne se nna maswe le go feta letsatsi lengwe le lengwe. Letsatsi lengwe, nna le bakaulengwe ba babedi re ne ra laelwa go ya go tsenya dithulusu mo mabokosong. Fa re sena go dira jalo, re ne ra tsamaya le batshwarwa ba bangwe re boela kwa diseleng tsa rona. Monna mongwe wa SS o ne a lemoga gore ke ne ke salela kwa morago. O ne a tenega jaana mo a ileng a nthaga kafa morago ke sa lebelela, a bo a nkgobatsa thata. Go ne go le botlhoko tota, mme le fa go ntse jalo, ke ne ka boela tirong mo letsatsing le le latelang.
Go Gololwa ke sa Lebelela
Ka April wa 1943, magolegwa a kwa kampeng ya Niederhagen a ne a gololwa kgabagare. Morago ga
moo, ke ne ka fudusetswa kwa kampeng ya Ravensbrück, kwa magolegwa a le mantsi a neng a bolaelwa gone. Mme ka June 1943, ke sa lebelela, ke ne ka newa tshono ya go gololwa mo kampeng ya pogisetso. Mo lekgetlhong leno, ke ne ke sa tlhoke gore ke itatole tumelo ya me gore ke tle ke gololwe. Ke ne ke tshwanetse fela go dumela gore ke tla fetsa botshelo jotlhe jwa me ke dira tiro e e boima mo polasing. Ke ne ke ikemiseditse go dira seo e le fela gore ke tle ke falole bosetlhogo jwa dikampa. Ke ne ka ya kwa ngakeng ya kampa gore e ntlhatlhobe la bofelo. Ngaka e ne e gakgamaletse go mpona. E ne ya re: “Ehe, o sa ntse o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!” Ke ne ka araba ka re: “Go ntse jalo Rre Ngaka.” “Fa go le jalo, ga ke bone lebaka la go bo re tshwanetse go go golola. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, re tla itumelela go golola sekoa se se tshwanang le wena.”O ne a sa feteletse dilo. Botsogo jwa me bo ne bo le maswe tota. Dinta di ne di jele bontlhanngwe jwa letlalo la me, ke ne ke sa kgone go utlwa ka tsebe e nngwe ka ntlha ya go itewa mme mmele otlhe wa me o ne o tletse dintho tse di kekelang. Morago ga go sotliwa ka dikgwedi di le 46, ke tlhola ke tshwerwe ke tlala, ke dira tiro e e boima, ke ne ke na le boima jwa mmele jwa dikilogerama di le 28 fela. Ke ne ka gololwa kwa kampeng ya Ravensbrück ka July 15, 1943, ke le mo seemong seo se se tlhobaetsang.
Ke ne ka romelwa kwa motseng wa gaetsho ka terena go se modisa ope yo o neng a mpeile leitlho, mme ke ne ka ya go ipega kwa ntlokgolong ya Ba-Gestapo kwa Linz. Mookamedi wa Gestapo o ne a nnaya makwalo a me a go gololwa mme a ntlhagisa jaana: “O se ka wa ithaya o re re go golola gore o ye go tswelela o dira tiro ya gago mo sephiring! O rapele gore re se ka ra go tshwara o rera gape.”
Kgabagare ke ne ke le kwa gae! Mmè o ne a sa fetola sepe mo kamoreng ya me e sa le ke tshwarwa la ntlha ka April 4, 1939. Le e leng Baebele ya me e ne e sa ntse e butswe mo tafoleng e e fa thoko ga bolao jwa me! Ke ne ka khubama mme ka ntsha ditebogo ka thapelo.
Ka bonakonyana fela ke ne ka abelwa go ya go bereka mo polasing e e mo dithabeng. Molemirui, yo re neng re le ditsala fa re ne re sa ntse re le bana, o ne a ntuela madi a le mannye, le fa gone a ne a sa patelediwa go dira jalo. Pele ga ntwa, o ne a ntetla gore ke fitlhe dikgatiso dingwe tsa Baebele mo polasing ya gagwe. Ke ne ka itumelela go dirisa motlobo o monnye oo wa dikgatiso sentle gore ke kgone go nonofa semoyeng. Ke ne ke sa tlhoke sepe, mme ke ne ke ikemiseditse go nna mo polasing go fitlha ntwa e fela.
Go Iphitlha Kwa Dithabeng
Le fa go ntse jalo, malatsi ao a go gololesega ga me ga a ka a nnela ruri. Mo magareng a August 1943, ke ne ka laelwa gore ke ye go bona ngaka ya masole gore e ntlhatlhobe. Mo lekgetlhong la ntlha, o ne a kwala gore ke ne ke sa itekanela go ya bosoleng ka ntlha ya mokwatla wa me o o neng o le bokoa. Le fa go ntse jalo, beke moragonyana ga moo o ne a fetola se a neng a se kwadile mme a kwala jaana: “O siametse go ya go lwa kwa ntweng.” Masole a ne a fetsa nakwana a sa itse gore ke kae, mme ka April 17, 1945, pelenyana fela ga ntwa e fela, ba ne ba ntshwara. Ke ne ka kwadisiwa go ya go lwa kwa ntweng.
Ke ne ka tsaya diaparo le dilwana dingwe mmogo le Baebele, mme ka ya go iphitlha kwa dithabeng tse di gaufi. Kwa tshimologong ke ne ke kgona go robala kwa ntle, mme maemo a bosa a ne a nna maswe thata, ga wa kapoko ya dimetara di le 0,5. Ke ne ka koloba thata. Ke ne ka kgona go tsamaya go fitlha kwa ntlwaneng e e mo thabeng e e ka nnang dimetara di le 1 200 kwa godimo ga lewatle. Ke ne ka gotsa molelo mo isong ke ntse ke roroma, mme ka kgona go ikomosa le go omisa diaparo tsa me. E re ka ke ne ke lapile thata, ke ne ka thulamela mo bankeng ke ntse fa isong. Go ise go ye kae, ke ne ka thanya mo borokong ka ntlha ya go utlwa botlhoko bongwe jo bogolo. Diaparo
tsa me di ne di tuka! Ke ne ka bidikama fa fatshe go tima molelo. Mokwatla otlhe wa me o ne o tletse marophi.Ke ne ka itsenya mo kotsing e kgolo ka go leka go boela kwa polasing e e neng e le gaufi le thaba pele letsatsi le tlhaba, mme mosadi wa molemirui o ne a tshogile thata mo a neng a nkoba, a re go na le batho ba ba neng ba mpatla. Ka jalo ke ne ka boela kwa batsading ba me. Kwa tshimologong, le e leng batsadi ba me ba ne ba okaoka go nkamogela, mme kgabagare ba ne ba dumela gore ke robale mo bobolokelong jwa furu, mme Mmè o ne a tlhatswa dintho tsa me. Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a le mabedi, batsadi ba me ba ne ba tshogile jaana mo ke neng ka swetsa ka gore go ne go tla nna botoka fa ke ne ke ka boela kwa dithabeng gape go ya go iphitlha teng.
Ka May 5, 1945, ke ne ka tsosiwa ke modumo o mogolo. Ke ne ka bona difofane tsa ntwa tsa dinaga di sele di fofela kwa tlase. Ka nako eo, ke ne ka lemoga gore puso ya ga Hitler e wele! Moya wa ga Jehofa o ne o nnonotshitse gore ke itshokele masetlapelo a magolo. Ke ne ka bona boammaaruri jwa mafoko a a mo go Pesalema 55:22, a a neng a nkgomotsa thata kwa tshimologong ya diteko tsa me. Ke ne ke ‘latlhetse mokgweleo wa me mo go Jehofa,’ mme le fa ke ne ke le bokoa mo mmeleng, o ne a ntshegetsa fa ke tsamaya mo “mokgatšheng wa moriti o montsho.”—Pesalema 23:4.
Maatla a ga Jehofa A ne A Nnonotsha Fa ke Le Bokoa
Morago ga ntwa, botshelo bo ne jwa simolola go tokafala. Kwa tshimologong ke ne ka bereka mo polasing e e gaufi le dithaba e e neng e le ya tsala ya me. E ne ya nna fela fa masole a United States a sena go goroga ka April 1946 ke neng ka gololwa mo go direng tiro e e boima mo polasing botshelo jotlhe jwa me.
Kwa bokhutlong jwa ntwa, bakaulengwe ba Bakeresete kwa Bad Ischl le mo kgaolong e e gaufi ba ne ba simolola go tshwara dipokano ka metlha. Ba ne ba simolola go rera ka matlhagatlhaga a masha. Ke ne ka bona tiro ya go nna modisa wa feketeri bosigo, ka jalo ke ne ka kgona go tswelela ke bula tsela. Kgabagare ke ne ka nna kwa St Wolfgang, mme ka 1949, ke ne ka nyala Theresia Kurz, yo o neng a na le ngwana wa mosetsana yo a mmelegeng mo lenyalong la ntlha. Re ne re le mmogo dingwaga di le 32, go fitlhela mosadi wa me yo o rategang a tlhokafala ka 1981, a bolawa ke bolwetse jo bo tseneletseng jwa sukiri. Ke ne ke mo tlhokometse mo e ka nnang dingwaga tse di fetang supa.
Fa Theresia a sena go tlhokafala, ke ne ka simolola tirelo ya bobulatsela gape, e e neng ya nthusa gore ke kgone go fenya khutsafalo ya me. Gone jaanong ke mmulatsela e bile ke mogolwane mo phuthegong ya me kwa Bad Ischl. E re ka ke tsamaya ka setulo sa maotwana, ke neela batho dikgatiso tsa Baebele le go bua le bone ka tsholofelo ya Bogosi ke dutse mo parakeng ya Bad Ischl kana fa pele ga ntlo ya me. Metlotlo e e molemo ya Baebele e ke e tshwarang le batho e ntlisetsa boitumelo jo bogolo.
Fa ke akanya ka nako e e fetileng, nka kgona go supa gore dilo tse di botlhoko tse di neng tsa ntiragalela ga di a ka tsa dira gore ke galefe. Ee gone, ka dinako dingwe ke ne ke ikutlwa ke ngomogile pelo ka ntlha ya diteko. Le fa go ntse jalo, kamano ya me e e gaufi le Jehofa Modimo e ne ya nthusa gore ke kgone go lebana le maemo ao a a boima. Mafoko a Morena a neng a a bolelela Paulo a a reng, “Maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng,” le nna a ne a nthusa. Gone jaanong, ke na le dingwaga tse di batlileng di tshwara 100, nka kgona go bua jaaka moaposetoloi Paulo ke re: “Ke itumedisiwa ke makoa, ke ditlhapatso, ke go tlhoka, ke dipogiso le mathata, ka ntlha ya ga Keresete. Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—2 Bakorintha 12:9, 10.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Fa ke ne ke tshwerwe ke Ba-Gestapo ka April, 1939
Lekwalo le le kwadilweng dilo tse Ba-Gestapo ba neng ba ntatofatsa ka tsone ka May 1939
[Motswedi wa Setshwantsho]
Both images: Privatarchiv; B. Rammerstorfer
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Dithaba tse di gaufi di ne tsa nna botshabelo jwa me
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]
Foto Hofer, Bad Ischl, Austria