Go se Tlhole re Itshelela
Go se Tlhole re Itshelela
“[Keresete] o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela.”—2 BAKORINTHA 5:15.
1, 2. Ke taelo efe ya Dikwalo e e neng ya dira gore balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba se ka ba nna le moya wa boithati?
E NE e le bosigo jwa bofelo jwa ga Jesu mo lefatsheng pele ga a swa. Mo diureng di sekae fela o ne a tlile go swa, a swela botlhe ba ba neng ba tla bontsha tumelo mo go ene. Mo bosigong joo, Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe dilo di le dintsi tse di botlhokwa. Sengwe sa dilo tse a neng a di bua le bone e ne e le go ba bolelela ka nonofo nngwe e e neng e tla ba supa gore ke balatedi ba gagwe. O ne a ba raya a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:34, 35.
2 Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go bontshana lorato lo e seng lwa boithati mme ba eteletse kwa pele dilo tse di tlhokwang ke badumedi mmogo le bone go na le go eteletsa tse di tlhokwang ke bone kwa pele. Tota e bile ga ba a tshwanela go okaoka go ‘neela moya wa bone mo boemong jwa ditsala tsa bone.’ (Johane 15:13) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba amogela jang taolo eno e ntšha? Mokwadi wa lekgolo la bobedi la dingwaga e bong Tertullian, mo bukeng ya gagwe e e itsegeng thata ya Apology, o ne a nopola batho bangwe ba ba neng ba bua jaana ka Bakeresete: ‘Bona fela kafa ba ratanang ka teng; kafa mongwe le mongwe a iketleeleditseng go swela yo mongwe ka teng.’
3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lwantshana le moya wa bopelotshetlha? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Le rona re tshwanetse go ‘tswelela re rwalelana mekgweleo, mme ka gone re diragatsa molao wa ga Keresete.’ (Bagalatia 6:2) Le fa go ntse jalo, bopelotshetlha ke sengwe sa dilo tse dikgolo thata tse di dirang gore re ketefalelwe ke go ikobela molao wa ga Keresete. Gape bo dira gore go nne thata go ‘rata Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona, moya le mogopolo le go rata baagelani ba rona jaaka re ithata.’ (Mathaio 22:37-39) Ka ntlha ya go sa itekanelang ga rona, re na le tshekamelo ya go ikakanyetsa re le rosi fela. Mme seo se gakadiwa ke mathata a rona a letsatsi le letsatsi a a re gatelelang thata mo maikutlong le mo mogopolong, moya wa kgaisano kwa sekolong le kwa tirong, le go kgaratlhela go leka go bona ditsela tsa go itshedisa. Tshekamelo eno ya bopelotshetlha e ntse e a gola. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Mo metlheng ya bofelo . . . batho e tla nna baithati ka tsela e e feteletseng.”—2 Timotheo 3:1, 2, Phillips.
4 Go ela kwa karolong ya bofelo ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a bolelela barutwa ba gagwe dilo tse tharo tse ba ka di dirang tse di neng di tla ba thusa go se nne le moya wa bopelotshetlha. Dilo tseo ke dife, mme rona re ka solegelwa molemo jang ke thuto eno ya gagwe?
Selo Se se Ka Thusang Tota!
5. Fa Jesu a ntse a rera kwa bokone jwa Galalea, o ne a bolelela barutwa ba gagwe eng, mme ke ka ntlha yang fa seno se tshwanetse sa bo se ile sa ba tshosa?
5 Jesu o ne a rera gaufi le Kaesarea Filipi kafa bokone jwa Galalea. Lefelo leno le le lapolosang, le lentle le tshwanetse la bo le ne le tshwanela go nna lefelo le motho a ka tlang mo go lone go tla go itapolosa, e seng go tla go rutiwa ka botshelo jwa go itshotla. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ntse a le koo o ne a simolola go bontsha barutwa ba gagwe gore “o tshwanetse go ya Jerusalema mme a boge dilo di le dintsi go tswa mo banneng ba bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, a ba a bolawe, mme a tsosiwe mo letsatsing la boraro.” (Mathaio 16:21) Seno se tshwanetse sa bo se ile sa tshosa barutwa ba gagwe tota, ka gonne go tla go fitlha ka nako eo ba ne ba lebeletse gore Moeteledipele yono wa bone o ne a tlile go tlhoma Bogosi jwa gagwe mo lefatsheng!—Luke 19:11; Ditiro 1:6.
6. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgalema Petere ka bogale?
6 Ka yone nako eo Petere a “tseela [Jesu] kwa thoko mme a simolola go mo kgalema, a re: ‘Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.’” Jesu o ne a reng? “Ya re a hulara, a raya Petere a re: ‘Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.’” A bo ba ne ba leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng jang ne! Jesu, ka go rata, o ne a amogetse botshelo jwa go intsha setlhabelo jo Modimo a neng a mo abetse jone—jo bo neng bo tla dira gore a bolaelwe mo koteng ya tlhokofatso dikgwedi di le mmalwa moragonyana. Petere ene o ne a re Jesu ga a tlhoke go itshedisa bokete go le kalo. O ne a re: “Ikutlwele botlhoko.” Ntle le pelaelo Petere o ne a ithaya a re o a thusa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo kgalema ka gonne ka nako eo Petere o ne a itetlile go tlhotlhelediwa ke Satane. Petere o ne a sa “akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.”—Mathaio 16:22, 23.
7. Jaaka fa go kwadilwe mo go Mathaio 16:24, ke dilo dife tse Jesu a neng a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go di dira?
7 Le gompieno re sa ntse re utlwa mafoko a a tshwanang le a Petere a neng a a raya Jesu. Gantsi lefatshe gompieno le raya motho le re, ‘ithekegele’ kgotsa ‘ga o tlhoke go tsaya matsapa a makalo fa o dira dilo.’ Ka fa letlhakoreng le lengwe Jesu ene o ne a kgothaletsa batho go leba dilo ka tsela e e farologaneng gotlhelele. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) The New Interpreter’s Bible e bolela jaana fa e tlhalosa temana eno: “Mafoko ano ga se a go laletsa batho ba ba kwantle gore e nne barutwa, mme ke a a tshwanetseng a dira gore motho yo o setseng a amogetse taletso eno ya ga Keresete, a akanyetse se go nna morutwa go se kayang.” Dilo tse tharo tse Jesu a neng a re di tshwanetse go dirwa, jaaka fa di kwadilwe mo temaneng eno, di tshwanetse go dirwa ke badumedi. Mma re di sekaseke ka bongwe ka bongwe.
8. Tlhalosa gore go iitatola go rayang.
8 Sa ntlha, re tshwanetse go iitatola. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “iitatole” le bontsha go gana go latela dikeletso tsa bopelotshetlha kgotsa go gana go tshela botshelo jwa go iketla, mme o dira jalo ka go rata. Go iitatola ga se kgang fela ya gore re itime menate mengwe ka dinako dingwe; e bile ga go reye gore jaanong re simolole go tshela botshelo jwa boitlami kgotsa jwa go itshedisa bokete. Ga re tlhole re le ‘ba rona’ ka kgopolo ya gore, ka go rata, re neile Jehofa botshelo jotlhe 1 Bakorintha 6:19, 20) Go na le gore re tlhole re akantse fela ka rona ka borona, re tlhoma megopolo ya rona mo go direleng Modimo. Go iitatola go raya gore re ikemiseditse go dira thato ya Modimo, le fa seno e ka tswa e se se re batlang go se dira ka ntlha ya tshekamelo ya rona ya go sa itekanela. Re bontsha gore re ikemiseditse go direla Modimo a le esi fela fa re ineela mo go ene re bo re kolobediwa. Go tswa foo re leka go tshela tumalanong le boineelo jwa rona botshelo jotlhe jwa rona.
jwa rona, le sengwe le sengwe se se mo go jone. (9. (a) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, kota ya tlhokofatso e ne e tshwantshetsang? (b) Re tsaya kota ya rona ya tlhokofatso ka tsela efe?
9 Selo sa bobedi se re tshwanetseng go se dira ke go tsaya kota ya rona ya tlhokofatso. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, kota ya tlhokofatso e ne e tshwantshetsa go boga, go tlhabisiwa ditlhong le loso. Gantsi e ne e le dikebekwa fela tse di neng di bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso kgotsa tse ditopo tsa tsone di neng di kaletswa mo koteng. Ka go rialo, Jesu o ne a bontsha gore Mokeresete o tshwanetse a bo a iketleeleditse go amogela pogiso, go nyadiwa, gongwe le eleng go bolawa, ka gonne a se karolo ya lefatshe. (Johane 15:18-20) Melao e re tshelang ka yone ya Bokeresete e re tlhaola mo lefatsheng leno, mme ka gone lefatshe le ka nna la ‘bua ka rona ka go re kgoba.’ (1 Petere 4:4) Seno se ka re diragalela kwa sekolong, kwa tirong, kgotsa le eleng mo lelapeng. (Luke 9:23) Le fa go ntse jalo, re iketleeleditse go itshokela go nyadiwa ke lefatshe ka gonne re sa tlhole re itshelela. Jesu o ne a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong.” (Mathaio 5:11, 12) Boammaaruri ke gore selo se se botlhokwa mo go rona ke go amogelwa ke Modimo.
10. Go sala Jesu morago re sa kgaotse go akaretsa eng?
10 Sa boraro, Jesu Keresete o ne a re re tshwanetse go mo sala morago re sa kgaotse. Go ya ka An Expository Dictionary of New Testament Words, e e kwadilweng ke W. E. Vine, go sala morago go raya go nna mopati—“motho yo o tsamayang tsela e le nngwe le yo mongwe.” Johane wa Ntlha 2:6 ya re: “Yo o reng o ntse seoposengwe le [Modimo], o patelesega gore le ene ka boene a tswelele a tsamaya fela jaaka [Keresete] a ne a tsamaya.” Jesu o ne a tsamaya jang? Ka ntlha ya tsela e Jesu a neng a rata Rraagwe wa selegodimo ka yone, le tsela e a neng a rata barutwa ba gagwe ka yone, o ne a ka se ka a ba a nna pelotshetlha. Paulo o ne a kwala a re ‘Keresete o ne a se ka a iitumedisa.’ (Baroma 15:3) Tota le fa Jesu a ne a ikutlwa a lapile kgotsa a tshwerwe ke tlala, o ne a tsaya dilo tse di tlhokwang ke ba bangwe e le tsone tse di botlhokwa go feta tse di tlhokwang ke ene. (Mareko 6:31-34) Selo se sengwe gape ke gore Jesu o ne a dira ka natla mo tirong ya go rera le go ruta ka Bogosi. A ga re a tshwanela go mo etsa fa re ntse re diragatsa thomo e re e neilweng ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, re ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng’? (Mathaio 28:19, 20) Mo go sotlhe seno, Keresete o re tlogeletse sekao, mme re tshwanetse go ‘latela dikgato tsa gagwe gaufiufi.’—1 Petere 2:21.
11. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re iitatole, re tseye kota ya rona ya tlhokofatso, re bo re sale Jesu Keresete morago re sa kgaotse?
11 Go botlhokwa gore re iitatole, re tseye kota ya rona ya tlhokofatso, mme re sale Motlhomasekao wa rona morago re sa kgaotse. Seno se tla re thusa gore re se ka ra nna pelotshetlha, ka gonne bopelotshetlha ke jone jo bo dirang gore re se ka ra kgona go bontsha lorato lo e seng lwa boithati. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o batlang go boloka moya wa gagwe o tla mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke moya wa gagwe ka ntlha ya me o tla o bona. Gonne motho o tla solegelwa molemo ke eng fa a ka gapa lefatshe lotlhe mme a latlha moya wa gagwe? kgotsa ke eng se motho o ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?”—Mathaio 16:25, 26.
Ga re Ka ke Ra Direla Beng ba Babedi
12, 13. (a) Kgang e e neng e tshwentse mmusi yo mmotlana yo o neng a tla go kopa kgakololo mo go Jesu e ne e le efe? (b) Jesu o ne a naya lekawana leno kgakololo efe, mme ka ntlha yang?
12 Dikgwedi di sekae morago ga gore Jesu a gatelele ntlha ya gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse go iitatola, mmusi mongwe yo mmotlana yo o neng a humile thata o ne a tla kwa go ene mme a mmotsa a re: “Moruti, ke molemo ofe o ke tshwanetseng go o dira gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?” Jesu o ne a mmolelela gore a ‘boloke Mathaio 19:16-21.
ditaelo ka metlha’ a ba a mo nopolela dingwe tsa tsone. Lekawana leno le ne la re: “Ke bolokile tsotlhe tseno.” Go bonala monna yono a ne a bua boammaaruri. E bile go bonala a ne a lekile go dira gotlhe mo a neng a ka go kgona go ikobela ditaelo tsa Molao. Ka gone o ne a botsa a re: “Ke sa ntse ke tlhaela eng?” Fa Jesu a mo araba, o ne a mo kopa go dira sengwe se se sa tlwaelegang, a re: “Fa o batla go itekanela [“go se tlhaele mo go sepe,” New American Standard Bible], tsamaya o ye go rekisa dilo tsa gago o bo o abele bahumanegi mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.”—13 Jesu o ne a kgona go bona se monna yono a tshwanetseng go se dira gore a direle Jehofa ka moya otlhe. O ne a tshwanetse go tlosa selo se segolo se se mo kgoreletsang mo botshelong—dikhumo tsa gagwe. Morutwa wa mmatota wa ga Keresete ga a ka ke a direla beng ba babedi. Ga a ka ke ‘a nna motlhanka wa Modimo le wa Dikhumo.’ (Mathaio 6:24) O tshwanetse go nna le ‘leitlho le le sa raraanang,’ le le lebileng fela dilo tsa semoya. (Mathaio 6:22) Fa motho a abela bahumanegi dilo tsotlhe tsa gagwe, seno se bontsha gore ga a na moya wa boithati. Jesu o ne a bolelela mmusi yono yo mmotlana gore a ka rekisa dikhumo tsotlhe tsa gagwe mme a nna le tshiamelo e e molemolemo ya go ikokoanyetsa letlotlo kwa legodimong—letlotlo le le neng le tla raya gore a bone botshelo jo bo sa khutleng mme a nne le tsholofelo e ntle ya gore kgabagare o tla busa le Keresete kwa legodimong. Lekawana leno le ne le se mo maemong a gore le ka iitatola. Le ne “la tsamaya le hutsafetse, gonne le ne le na le dithuo di le dintsi.” (Mathaio 19:22) Le fa go ntse jalo, balatedi ba bangwe ba ga Jesu bone ba ne ba arabela ka tsela e e farologaneng.
14. Banna ba le banè ba e neng e le batshwari ba ditlhapi ba ne ba dira jang fa Jesu a ba laletsa gore ba mo sale morago?
14 Dingwaga di le pedi pelenyana, Jesu o ne a ile a laletsa banna ba le banè ba e neng e le batshwari ba ditlhapi gore le bone ba dire selo se se tshwanang. Bone e ne e le Petere, Anderea, Jakobe le Johane. Ka nako eo ba le babedi ba ne ba tshwara ditlhapi, mme ba bangwe ba babedi bone ba tshwaragane le go baakanya matloa a bone. Jesu o ne a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” Kgabagare banna bano, ka bonè jwa bone, ba ne ba tlogela tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba sala Jesu morago botshelo jotlhe jwa bone.—Mathaio 4:18-22.
15. Mosupi mongwe wa ga Jehofa wa mo metlheng ya rona o ne a itima eng gore a sale Jesu morago?
15 Bakeresete ba le bantsi gompieno ba ile ba etsa sekao sa banna ba banè bano ba e neng e le batshwari ba ditlhapi, go na le go etsa sa mmusi yole yo mmotlana wa mohumi. Ba ile ba tlhopha go direla Jehofa go na le go tlhopha go huma le go tuma. Deborah o tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 22, ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso e kgolo tota.” A re: “Ke ne ke na le dikgwedi di le thataro ke ntse ke ithuta Baebele, mme ke ne ke batla go ineela mo go Jehofa, mme le fa go ntse jalo ba lelapa la gaetsho ba ne ba nkganetsa fela thata. Kwa gae ba ne ba humile thata, mme ba ne ba na le maikutlo a gore fa nka nna Mosupi, ke tlile go ba tlhabisa ditlhong. Ba ne ba nnaya diura di le 24 gore ke tlhophe gore ke rata eng—gore a ke batla botshelo jono jwa manobonobo kgotsa ke tlhopha boammaaruri. Fa ke ne nka se kgaogane gotlhelele le Basupi, ba ne ba se kitla ba ntlogelela boswa bope. Jehofa o ne a nthusa go dira tshwetso e e siameng mme a mpha maatla a go e diragatsa.
Ke feditse dingwaga di le 42 tse di fetileng ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, mme ga ke ikotlhaele seo le eseng. Ka go tlogela botshelo jwa bopelotshetlha le jwa go rata menate, ga ke a ka ka tshwana le ba lelapa la gaetsho, ba ba neng ba se na se ba se tshelelang e bile ba sa itumela. Nna le monna wa me, re kgonne go thusa batho ba feta lekgolo go ithuta boammaaruri. Bana bano ba semoya ba botlhokwa thata mo go nna go feta dikhumo lefa e le dife.” Basupi ba bangwe ba le dimilione ba ga Jehofa le bone ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Go tweng ka wena?16. Re ka bontsha jang gore ga re tlhole re itshelela?
16 Go eletsa go se tlhole ba itshelela go tlhotlheleditse Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete go nna babulatsela, kgotsa baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng. Ba bangwe, ba maemo a bone a sa ba letleng go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ba tlhagolela moya oo wa bobulatsela mme ba tshegetsa tiro ya go rera ka Bogosi go ya kafa ba ka kgonang ka gone. Batsadi ba bontsha moya o o tshwanang fa ba dirisa nako e ntsi ya bone e bile ba ithontsha dilo di le dintsi gore ba kgone go thapisa bana ba bone mo dilong tsa semoya. Rotlhe re ka kgona go bontsha ka tsela nngwe gore dilo tse di direlwang Bogosi di tla pele mo matshelong a rona.—Mathaio 6:33.
Re Patelelwa ke Lorato Lwa ga Mang?
17. Ke eng se se re tlhotlheletsang go se itshelele?
17 Go bontsha lorato lo e seng lwa boithati ga se selo se se motlhofo. Mme ipotse gore ke eng se se re tlhotlheletsang. Paulo o ne a kwala a re: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe . . . mme o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Lorato lwa ga Keresete ke lone lo re patelelang gore re se tlhole re itshelela. A bo leno e le lebaka le le utlwalang thata jang ne! E re ka Keresete a re swetse, a ga re ikutlwe re patelesega go mo tshelela? Tota e bile re ineetse mo Modimong, ra ba ra nna barutwa ba ga Keresete, ka gonne re ne re batla go bontsha go leboga lorato lo logolo lo Modimo le Keresete ba re bontshitseng lone.—Johane 3:16; 1 Johane 4:10, 11.
18. Ke ka ntlha yang fa go tshela botshelo jo e seng jwa boithati go le molemo thata?
18 A go se tlhole re itshelela go re tswela mosola ka tsela nngwe? Fa mmusi yole yo mmotlana wa mohumi a sena go gana taletso ya ga Keresete mme a tswa a tsamaya, Petere o ne a raya Jesu a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe ra go sala morago; tota re tla bona eng?” (Mathaio 19:27) Eleruri Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba iitatotse. Ba ne ba tla duelwa ka eng? Jesu o ne a simolola pele a ba bolelela ka tshiamelo e ba neng ba tla nna le yone ya go busa le ene kwa legodimong. (Mathaio 19:28) Mme gape gone fela foo a ba bolelela ka masego a mongwe le mongwe wa balatedi ba gagwe a neng a ka kgona go a itumelela. O ne a re: “Ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se kitlang a bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako . . . mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.” (Mareko 10:29, 30) Re amogela dilo tsa boleng jo bo kwa godimo thata go feta tse di re latlhegetseng. A borraarona, bommaarona, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya le bana ba rona ba semoya ga ba botlhokwa thata go feta le fa e le eng se re se tlogetseng ka ntlha ya Bogosi? Fa e le Petere le mmusi yo mmotlana yole wa mohumi, ke mang yo o tshetseng botshelo jo bo molemo thata?
19. (a) Re nna le boitumelo jwa mmatota fa re dirang? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
19 Jesu o ne a bontsha ka mafoko le ka ditiro Mathaio 20:28; Ditiro 20:35) Fa re sa tlhole re itshelela, mme re sala Keresete morago re sa kgaotse, seno se dira gore botshelo jwa rona e nne jo bo kgotsofatsang gone jaanong, mme gape re na le tebelelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. Ke boammaaruri gore fa re iitatola, Jehofa e nna ene Mong wa rona. Ka go rialo re nna batlhanka ba Modimo. Ke ka ntlha yang fa go nna batlhanka ba gagwe go le molemo? Seno se ama jang ditshwetso tse re di dirang mo botshelong? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.
gore motho o itumela fa a le pelotshweu le fa a direla ba bangwe, e seng fa a le pelotshetlha. (A o A Gakologelwa?
• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lwantshana le ditshekamelo tsa rona tsa bopelotshetlha?
• Go iitatola, go tsaya kota ya rona ya tlhokofatso, le go sala Jesu morago re sa kgaotse go raya eng?
• Ke eng se se re tlhotlheletsang gore re se ka ra tlhola re itshelela?
• Ke ka ntlha yang fa go tshela botshelo jo e seng jwa boithati go le molemo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
“Ikutlwele botlhoko, Morena”
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ke eng se se neng sa thibela mmusi yo mmotlana yono go sala Jesu morago?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Lorato lo tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa go nna baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi