A go Na le Mongwe Yo o Ka Ikanngwang?
A go Na le Mongwe Yo o Ka Ikanngwang?
MORAGO ga go wa ga Lebota la Berlin ka 1989, go ne ga senolwa diphiri di le mmalwa tse di neng di sa bolo go gatiwa. Ka sekai, Lydia * o ne a lemoga gore ka nako ya puso ya Bososhialise kwa Jeremane Botlhaba, Stasi, kgotsa ba Lephata la Puso la Tshireletso, ba ne ba dirile rekoto ya dilo tse a neng a di dira mo botshelong. Le fa Lydia a ne a gakgamaditswe ke go utlwa ka rekoto eo, o ne a tshositswe thata ke go itse gore motho yo o neng a neile Stasi tshedimosetso eo e ne e le monna wa gagwe. O ne a rekisitswe ke motho yo a neng a tshwanetse go mo ikanya ka botlalo.
Robert e ne e le monnamogolo yo The Times ya kwa Lontone e begang gore o ne a “tlotla, a rata e bile a ikanya” ngaka ya gagwe fela thata. Go ne go twe ngaka eo e “pelonomi e bile e na le kutlwelobotlhoko.” Mme Robert o ne a swa ka tshoganyetso. A o ne a eme pelo kgotsa a iteilwe ke seterouku? Nnyaa. Balaodi ba ne ba swetsa ka gore ngaka eo e ne ya etela Robert kwa gae mme ya mo tlhaba ka lemao le le bolayang, Robert le ba lelapa la gagwe ba sa itse sepe. Go lebega Robert a bolailwe ke motho yo a neng a mo ikantse thata.
Lydia le Robert boobabedi ba ne ba swabisitswe thata ke batho ba ba neng ba ba ikantse mme seo se nnile le diphelelo tse di maswe fela thata. Ka dinako tse dingwe diphelelo ga di nne maswe go le kalo. Mme go tlwaelegile go swabisiwa ke motho yo re mo ikanyang. Pego e e gatisitsweng ke setheo se segolo sa kwa Jeremane sa dipatlisiso e leng Allensbacher Jahrbuch der Demoskopie 1998-2002, se ne sa senola mo patlisisong nngwe gore diperesente di le 86 tsa batho ba ba neng ba botsoloditswe ba ne ba kile ba swabisiwa ke mongwe yo ba neng ba mo ikanya. Gongwe le wena o kile wa diragalelwa ke se se tshwanang. Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo ka 2002 lokwalodikgang lwa kwa Switzerland lwa Neue Zürcher Zeitung lo ne lwa bega gore “kwa dinageng tse di tlhabologileng tsa Bophirima, batho ba ba tshepanang ba ntse ba fokotsega mo dingwageng tse dintsi tse di ntseng di feta.”
Go Ikanya Motho go Tsaya Nako, Mme A ka Go Swabisa ka Bonako
Go ikanya ke eng? Go ya ka dikishinare nngwe, go ikanya ba bangwe go raya go dumela gore ba na le boammaaruri e bile ba peloephepa, gape ba ka se dire sepe go go utlwisa botlhoko ka boomo. Go ikanya motho go tsaya nako mme go ka fela ka ponyo ya leitlho. E re ka go na le batho ba le bantsi ba ba lemogang gore ba swabisitswe ke batho ba ba neng ba ba ikanya, a go a gakgamatsa go bo batho ba sa batle go ikanya ba bangwe? Go ya ka patlisiso nngwe e e gatisitsweng kwa Jeremane ka 2002, “karolo e e kwa tlase ga nngwetharong ya basha ga ba ikanye batho ba bangwe.”
Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A go na le mongwe yo re ka mo ikanyang? A go a utlwala go ikanya mongwe mme o ntse o itse gore o ka nna a go swabisa?’
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 2 Maina a fetotswe.
[Mafoko a a mo go tsebe 3]
Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore diperesente di le 86 tsa batho ba ba botsoloditsweng ba ne ba kile ba swabisiwa ke mongwe yo ba neng ba mo ikanya