Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Bangwe ba Gopolwang ka Teng

Kafa Bangwe ba Gopolwang ka Teng

Kafa Bangwe ba Gopolwang ka Teng

DINGWAGA di ka nna dikete di le tharo tse di fetileng, Dafide o ne a sia a tshaba Kgosi Saulo wa Iseraele. Dafide o ne a roma batho kwa go Nabale, yo e neng e le modisa yo o humileng wa dinku le dipodi, gore ba ye go kopa dijo le metsi. Tota e bile, Nabale o ne a tshwanetse go direla Dafide le balatedi ba gagwe molemo mongwe ka gonne ba ne ba sireleditse metlhape ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Nabale o ne a gana go ba bontsha molemo ope. E bile o ne a omanya banna ba ga Dafide. Nabale o ne a itsenya mo kotsing ka gonne go ne go sa tshamekelwe mo go Dafide.—1 Samuele 25:5, 8, 10, 11, 14.

Boitshwaro jwa ga Nabale bo ne bo sa tsamaisane le mokgwa wa kwa Botlhabagare wa go amogela baeng le batho ba o sa ba itseng. Ka jalo, Nabale o ne a itirela leina le le ntseng jang? Pego ya Baebele ya re “o ne a le bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe” e bile e le “motho yo o se nang molemo wa sepe.” Leina la gagwe le raya “seeleele” mme o ne a ntse fela jalo. (1 Samuele 25:3, 17, 25) A o ka rata go gopolwa jalo? A o bogale e bile ga o ineele fa o dirisana le ba bangwe, segolobogolo fa ba lebega ba le mo seemong se se kwa tlase ga sa gago? Kgotsa o pelonomi, o molemo e bile o akanyetsa ba bangwe?

Abigaile—Mosadi yo o Botlhale

Nabale o ne a le mo mathateng ka ntlha ya bosetlhogo jwa gagwe. Dafide le banna ba gagwe ba ba 400 ba ne ba ikgatlha ka ditšhaka mme ba tswa ka maikaelelo a go ya go laya Nabale. Abigaile, mosadi wa ga Nabale, o ne a utlwa ka se se neng se diragetse. O ne a itse gore ntwa e ne e gomagomela. O ne a tla dirang? O ne a tswa ka bonako a ya go baakanya dijo tse di lekaneng mme a tswa a ya go thiba Dafide le banna ba gagwe. Fa a kopana le bone, o ne a kopa Dafide gore a se ka a tsholola madi kwantle ga lebaka. Pelo ya ga Dafide e ne ya nolofala. O ne a reetsa dikopo tsa ga Abigaile mme a ineela. Nabale o ne a swa, moragonyana fela ga ditiragalo tseno. Dafide o ne a tsaya Abigaile gore e nne mosadi wa gagwe ka gonne o ne a lemoga gore o na le dinonofo tse di molemo.—1 Samuele 25:14-42.

Abigaile o ne a itirela leina le le ntseng jang? O “ne a le botlhale,” jaaka Sehebera sa ntlhantlha se e baya. Eleruri e ne e le motho yo o neng a na le tlhaloganyo e bile a itse gore a tseye kgato efe le gone a e tseye leng. O ne a dira ka boikanyego go sireletsa monna wa gagwe wa seeleele le ba lelapa la gagwe mo masetlapelong. Kgabagare o ne a swa, mme a na le leina le le molemo jaaka mosadi yo o botlhale.—1 Samuele 25:3.

Petere o Itiretse Leina le le Ntseng Jang?

A re yeng kwa lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. mme re tlhome mogopolo mo baaposetoloing ba ga Jesu ba ba 12. Kwantle ga pelaelo, mongwe wa ba ba neng ba rata go bua e bile a phamoga e ne e le Petere, kgotsa Kefase, yo pele e neng e le motshwari wa ditlhapi kwa Galalea. Go bonala e ne e le motho yo o matlhagatlhaga yo o neng a sa tshabe go ntsha maikutlo a gagwe. Ka sekai, go na le nako e Jesu a neng a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao. Petere o ne a itshwara jang fa e ne e le nako ya gore a tlhapisiwe dinao?

Petere o ne a raya Jesu a re: “Morena, a o tlhapisa dinao tsa me?” Jesu o ne a mo araba a re: “Se ke se dirang ga o se tlhaloganye mo nakong eno, mme o tla se tlhaloganya morago ga dilo tseno.” Petere o ne a araba a re: “Ruri ga o kitla o tlhapisa dinao tsa me.” Ela tlhoko kafa Petere a neng a arabela ka teng ka go gatelela mme a phamoga. Jesu o ne a reng?

Jesu o ne a araba a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabelo epe le nna.” Simone Petere a mo raya a re: “Morena, e seng dinao tsa me fela, mme le diatla tsa me le tlhogo ya me.” Jaanong Petere o feteletsa dilo gape! Mme batho ba ne ba nna ba itse maikutlo a ga Petere. O ne a se na boferefere.—Johane 13:6-9.

Petere gape o gopolwa ka makoa a gagwe a a tlwaelegileng mo bathong. Ka sekai, o ne a itatola Keresete gararo mo pele ga batho ba ba neng ba mo latofatsa ka gore ke molatedi wa ga Jesu wa Nasaretha yo o bonweng molato. Fa Petere a lemoga phoso ya gagwe, o ne a lela mo go botlhoko. O ne a sa tshabe go bontsha gore o utlwile botlhoko e bile o a ikwatlhaya. Gape go tshwanetse ga tlhokomelwa gore pego eno ya go itatola ga ga Petere e ne ya kwalwa ke bakwadi ba Efangele—mme go lebega ba kgonne go dira jalo ka tshedimosetso e ba e neilweng ke Petere ka boene! O ne a le boikokobetso mo a neng a dumela fa a dirile diphoso. A o na le mokgwa oo o o molemo?—Mathaio 26:69-75; Mareko 14:66-72; Luke 22:54-62; Johane 18:15-18, 25-27.

Dibeke di le mmalwa fela a sena go itatola Keresete, Petere yo o neng a tladitswe ka moya o o boitshepo, o ne a rerela boidiidi jwa Bajuda ka Pentekosete. Eno e ne e le pontsho ya mmatota ya gore Jesu yo o neng a tsositswe o ne a mo ikanya.—Ditiro 2:14-21.

Mo lekgetlhong le lengwe, Petere o ne a wela mo serung se sele. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore pele ga bakaulengwe bangwe ba Bajuda ba goroga kwa Antioka, Petere o ne a tlhola a ikopanya a gololesegile le badumedi ba Baditšhaba. Le fa go ntse jalo, o ne a intsha mo go bano “a boifa ba setlhopha sa ba ba rupileng” ba ba neng ba sa tswa go goroga ba tswa Jerusalema. Paulo o ne a senola boitimokanyo jwa ga Petere.—Bagalatia 2:11-14.

Mme le fa go ntse jalo, ke ofe wa barutwa yo o neng a bua fa go ne go le thata, fa bontsi jwa balatedi ba ga Jesu ba ne ba batla go mo tlogela? Tiragalo eo ke ya fa Jesu a ne a senola sengwe se sesha, malebana le botlhokwa jwa go ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe. O ne a re: “Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona.” Bontsi jwa balatedi ba ga Jesu ba Bajuda ba ne ba kgopisegile mme ba re: “Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?” Ke eng se se neng sa direga foo? “Ka ntlha ya seno bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.”—Johane 6:50-60.

Mo nakong eno e e thata, Jesu o ne a retologela kwa baaposetoloing ba ba 12 mme a botsa potso eno e e amang maikutlo: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Petere o ne a araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.”—Johane 6:50-66.

Petere o ne a itirela leina le le ntseng jang? Fa motho a bala dipego tse di buang ka ene o kgatlhwa ke botho jwa gagwe jwa go rata go ntsha maikutlo, boikanyego jwa gagwe le go iketleeletsa go dumela makoa a gagwe. A bo a itiretse leina le le molemo jang ne!

Ke Eng se Batho ba Neng ba se Gopola ka Jesu?

Bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng bo tsere fela dingwaga di le tharo le sephatlo. Le fa go ntse jalo, balatedi ba gagwe ba mo gopola ka tsela e e ntseng jang? E re ka a ne a itekanetse a se na boleo, a o ne a se botsalano? A o ne a dirisa taolo ya gagwe ka tsela e e sa siamang ka gonne a ne a itse gore ke Morwa Modimo? A o ne a tshosa balatedi ba gagwe e bile a ba pateletsa go nna kutlo? A o ne a itsaya a le botlhokwa thata mo a neng a se ka a dira gore batho ba tshege? A o ne a tshwaregile thata mo a neng a se na nako ya go nna le ba ba bokoa le balwetse kgotsa le bana? A o ne a tseela batho ba ditso tse dingwe le basadi kwa tlase, jaaka banna gantsi ba ne ba dira ka nako eo? Pego ya Baebele e re bolelela eng ka ene?

Jesu o ne a kgatlhegela batho. Go ithuta ka bodiredi jwa gagwe go senola gore o ne a fodisa digole le balwetse ka makgetlho a mantsi. O ne a dira ka natla go thusa batlhoki. O ne a kgatlhegela bana, mme a laela barutwa ba gagwe jaana: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” Go tswa foo Jesu “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” A o ipha nako le bana, kgotsa o tshwaregile thata mo o sa lemogeng le gore ba teng?—Mareko 10:13-16; Mathaio 19:13-15.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bajuda ba ne ba imetswe ke melao ya bodumedi le ditao tse di neng di batla se se fetang se se neng se batlwa ke Molao. Baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ne ba imetsa batho ka merwalo e e boima, fa bone ba ne ba sa e kgome le ka monwana wa bone. (Mathaio 23:4; Luke 11:46) Jesu o ne a farologane le bone tota! O ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.”—Mathaio 11:28-30.

Batho ba ne ba lapologelwa fa ba na le Jesu. O ne a sa tshose barutwa ba gagwe mo ba neng ba tshaba go ntsha maikutlo a bone. Tota e bile, o ne a ba botsa dipotso gore ba ntshe maikutlo a bone. (Mareko 8:27-29) Balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke ntse jalo mo badumeding ka nna? A bagolwane ba bangwe ba mpolelela kafa ba bonang dilo ka teng, kgotsa ba a tshaba?’ Go lapolosa tota fa balebedi ba le botsalano, ba reetsa ba bangwe, e bile ba nna ba fetofetoga le maemo! Fa ba se tekatekano seo se ka dira gore batho ba se ka ba bua le bone ba gololesegile.

Le fa Jesu e ne e le Morwa Modimo, o ne a sa dirise maatla a gagwe kgotsa taolo ya gagwe ka tsela e e sa siamang. Go na le moo, o ne a bua le bareetsi ba gagwe a ba beela mabaka. Go ne ga direga jalo fa Bafarasai ba ne ba leka go mo tshwara ka go mmotsa potso eno ya boferefere: “A go kafa molaong go duela Kaesara lekgetho la tlhogo kgotsa nnyaa?” Jesu o ne a re ba mmontshe ledi la tshipi mme a ba botsa a re: “Setshwantsho seno le mokwalo ke tsa ga mang?” Ba ne ba araba ba re: “Ke tsa ga Kaesara.” Go tswa foo o ne a ba raya a re: “Jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:15-21) Go ne go tlhokega fela gore a beye mabaka ka tsela e e utlwalang go araba potso ya bone.

A Jesu o ne a tle a bue dilo tse di tshegisang? Babadi bangwe ba ka nna ba bona a ne a tle a akanye ka dilo tse di tshegisang fa ba bala fa Jesu a neng a re go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo Bogosing Jwa Modimo. (Mathaio 19:23, 24) Kgang fela ya gore kamela e leke go tsena ka letshoba la nnale wa mmatota o o rokang, e feteleditswe. Sekai se sengwe sa pheteletso e e ntseng jalo ke sa go bona lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe mme motho a sa bone tlhomeso e e mo leitlhong la gagwe. (Luke 6:41, 42) Nnyaa, Jesu e ne e se motho yo o gagamaditseng molao yo o se keng a tshega. O ne a le lorato e bile a le botsalano. Mo Bakereseteng gompieno, go dira metlae go ka tokafatsa maemo mo dinakong tsa mathata.

Kafa Jesu a Neng a Utlwela Basadi Botlhoko ka Teng

Basadi ba ne ba ikutlwa jang fa ba na le Jesu? O ne a na le balatedi ba bantsi ba ba ikanyegang ba basadi, go akaretsa mmaagwe, e bong Marea. (Luke 8:1-3; 23:55, 56; 24:9, 10) Basadi ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go ya kwa go Jesu mo e leng gore mo lekgetlhong lengwe mosadi yo o neng ‘a itsiwe e le moleofi’ o ne a tlhapisa dinao tsa gagwe ka dikeledi tsa gagwe mme a di tlotsa ka leokwane le le nkgang monate. (Luke 7:37, 38) Mosadi yo mongwe yo o neng a tshwenngwa ke kelelo ya madi ka dingwaga tse dintsi, o ne a ralala boidiidi jwa batho gore a ye go ama seaparo sa gagwe gore a fole. Jesu o ne a mmaka ka ntlha ya tumelo ya gagwe. (Mathaio 9:20-22) Ee, basadi ba ne ba bona Jesu a le botsalano.

Mo lekgetlhong le lengwe, Jesu o ne a bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng. Mosadi yono o ne a gakgametse thata mo a neng a re: “Go tla jang gore wena, le fa o le Mojuda, o bo o nkopa gore ke go nose, le mororo nna ke le mosadi wa Mosamarea?” O ne a bua jalo ka gore Bajuda ba ne ba sa dirisane le Basamarea. Go tswa foo Jesu o ne a mo ruta boammaaruri jo bo molemo ka “metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” O ne a gololesegile fa a na le basadi. Ba ne ba sa mo tshose.—Johane 4:7-15.

Jesu o gopolwa ka dinonofo tsa gagwe tse dintsi tsa bopelotlhomogi, go akaretsa le moya wa go intsha setlhabelo. E ne e le sekao sa lorato lwa bomodimo. Jesu o ne a tlhomela botlhe ba ba batlang go nna balatedi ba gagwe sekao. O latela sekao sa gagwe gaufi go le kana kang?—1 Bakorintha 13:4-8; 1 Petere 2:21.

Bakeresete ba Motlha wa Segompieno ba Gopolwa Jang?

Mo metlheng ya segompieno, go sule Bakeresete ba ba ikanyegang ba le diketekete, ba bantsi ba swa ba tsofetse, ba bangwe ba swa ba sa ntse ba le babotlana. Mme ba itiretse maina a a molemo. Ba bangwe, jaaka Crystal, yo o suleng a tsofetse, ba gopolwa ka lorato lwa bone le kafa ba neng ba rata batho ka teng. Ba bangwe, jaaka Dirk, yo o suleng a le mo dingwageng tsa bo40, ba gopolwa e le batho ba ba itumetseng e bile ba dirisana sentle le ba bangwe.

Gape go na le José wa kwa Spain. Bogologolo ka bo1960, fa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa nageng eo, José o ne a nyetse mme a na le bana ba bararo ba basetsanyana. O ne a na le tiro e e siameng kwa Barcelona. Mme ka nako eo, go ne go tlhokega bagolwane ba ba godileng ba Bakeresete kwa borwa jwa Spain. José o ne a tlogela tiro ya gagwe e e siameng mme a fudugela kwa Málaga le ba lelapa la gagwe. Ba ne ba tshwanelwa ke go lebana le mathata a itsholelo, gantsi ba sa bereke.

Le fa go ntse jalo, José o ne a itsege ka boikanyego jwa gagwe le sekao sa gagwe se se molemo mo bodireding le ka tsela e e molemo e a godisitseng bana ba gagwe ba basetsana ka yone, e leng dilo tse a kgonneng go di dira ka gonne a ne a thusiwa ke mosadi wa gagwe yo o mo emang nokeng, e bong Carmela. Fa go ne go tlhokega motho yo o ka rulaganyang dikopano tsa Bokeresete mo lefelong leo, José o ne a nna a iketleeleditse go thusa. Ka maswabi, fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo50 o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi jo bo neng jwa mmolaya. Le fa go ntse jalo, o sule a itiretse leina la gore e ne e le mogolwane yo o ikanyegang, yo o dirang ka thata e bile e le monna le rre yo o lorato.

Wena o tla gopolwa jang? Fa o ne o sule maabane, batho ba ka bo ba reng ka wena gompieno? Potso eno e ka re rotloetsa rotlhe gore re tokafatse tsela e re itshwarang ka yone.

Ke eng se re ka se dirang gore re itirele leina le le molemo? Re tshwanetse go nna re tokafatsa tsela e re bontshang maungo a moya ka yone—a mangwe a one e leng lorato, bopelotelele, bopelonomi, molemo, bonolo le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Eleruri “leina [le le molemo] le botoka go feta leokwane le le molemo, le letsatsi la loso go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.”—Moreri 7:1; Mathaio 7:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Abigaile o gopolwa ka botlhale jwa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Petere o gopolwa ka botho jwa gagwe jwa go phamoga mme a ikanyega

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Jesu o ne a ipha nako le bana