A Eusebius ke “Mosimolodi wa Hisitori ya Kereke”?
A Eusebius ke “Mosimolodi wa Hisitori ya Kereke”?
KA NGWAGA wa 325 C.E., Mmusimogolo wa Roma e bong Constantine o ne a biletsa bobishopo botlhe kwa Nicaea. Maikaelelo a gagwe e ne e le go rarabolola kgang e go ganetsanwang thata ka yone ya gore Modimo o amana jang le Morwawe. Mongwe wa ba ba neng ba le teng e ne e le monna mongwe yo o neng a tsewa a rutegile thata mo motlheng wa gagwe, e bong Eusebius wa Caesarea. Eusebius o ne a ithuta Dikwalo ka tlhoafalo e bile o ne a buelela tumelo ya Bokeresete ya gore go na le modimo a le mongwe fela.
Encyclopædia Britannica ya re kwa Lekgotleng la Nicaea, “Constantine ka boene o ne a okamela, a eteletse pele mo go se se buiwang a bo a akantsha . . . tlhaloso ya konokono e e bontshang kamano ya ga Keresete le Modimo mo tumelong ya motheo e e neng e ntshitswe ke lekgotla, ya gore ‘ke selo se le sengwe le Rara‘ . . . Bobishopo botlhe kwantle ga ba le babedi, ba ne ba saena tumelo eo ya motheo, e ba le bantsi ba bone ba neng ba e saena ba sa batle, ka ntlha ya go sisimoga mmusimogolo.” A Eusebius e ne e le mongwe wa ba ba sa saenang? Re ka ithuta dithuto dife mo boemong jo a neng a bo tsaya? A re sekasekeng kwa Eusebius a tswang teng—ditshwanelego tsa gagwe le dilo tse a di dirileng.
Mekwalo ya Gagwe e e Tlhomologileng
Eusebius o tshwanetse a bo a tsholetswe kwa Palesetina mo e ka nnang ka 260 C.E. Fa a sa ntse a le mmotlana o ne a ikamanya le Pamphilus, mookamedi wa kereke kwa Caesarea. Eusebius o ne a nna moithuti yo o tlhoafetseng fa a sena go simolola go tsena sekolo sa boruti sa ga Pamphilus. Ka tlhoafalo o ne a dirisa laeborari ya ga Pamphilus e e neng e na le dibuka tse dintsi. Eusebius o ne a dira ka natla mo dithutong tsa gagwe, segolobogolo mo dithutong tsa Baebele. Gape o ne a nna tsala e e ikanyegang ya ga Pamphilus, mme moragonyana a ipitsa “Eusebius morwa Pamphilus.”
Eusebius o ne a bua jaana malebana le maikaelelo a gagwe: “Maikaelelo a me ke go kwala pego ya tatelano ya Baaposetoloi ba ba boitshepo le go kwala ka metlha e e fetileng go simolola ka motlha wa Mmoloki wa rona go tla go fitlha mo motlheng wa rona; go bolela kafa go tweng ditiragalo tse dintsi tsa botlhokwa di diragetse ka teng mo hisitoring ya kereke; le go umaka ba ba neng ba laola kereke e bile ba e okametse mo dikerekeng tse di itsegeng, le ba mo kokomaneng nngwe le nngwe ba boletseng lefoko la Modimo ka molomo kgotsa ka go le kwala.”
Eusebius o gopolwa ka buka ya gagwe e e tseetsweng kwa godimo e e nang le setlhogo se se reng History of the Christian Church. Dibolumo tsa gagwe tse lesome tse di gatisitsweng mo e ka nnang ka 324 C.E. di tsewa e le hisitori ya botlhokwa thata ya kereke e e kwadilweng mo metlheng ya bogologolo. Ka gonne Eusebius a ne a atlega go dira seno, o ne a itsege e le mosimolodi wa hisitori ya kereke.
Kwantle ga buka ya Church History, Eusebius o ne a kwala buka ya Chronicle, ka dibolumo tse pedi. Bolumo ya ntlha e ne e le tshobokanyo ya hisitori ya lefatshe lotlhe. Mo lekgolong la bonè la
dingwaga, e ne ya nna mokwalo o o neng o dirisiwa malebana le tatelano ya ditiragalo tsa lefatshe. Bolumo ya bobedi e ne e bontsha matlha a ditiragalo tsa hisitori. Eusebius o ne a bontsha tatelano ya dikgosi tsa ditšhaba tse di farologaneng a dirisa dikholomo tse di bapileng.Eusebius o ne a kwala dibuka tse dingwe tse pedi tsa hisitori, tse di nang le ditlhogo tse di reng Martyrs of Palestine le Life of Constantine. Ya ntlha e tlhalosa ditiragalo tsa dingwaga tsa 303-10 C.E. e bile e bua ka baswelatumelo ba motlha oo. Eusebius o ne a tshela mo motlheng wa ditiragalo tseno. Buka ya bobedi, e e neng ya gatisiwa ka dibuka tse nnè morago ga loso lwa ga Mmusimogolo Constantine ka 337 C.E., e ne e na le dintlha tsa botlhokwa tsa hisitori. Ga e a kwalwa e le ditiragalo fela ka go tlhomagana ga tsone, mme e tletse thata ka mafoko a pako.
Mo dibukeng tsa ga Eusebius tse di buelelang bodumedi go na le mafoko a a neng a a kwala a fetola Hierocles—mmusi wa kgaolo nngwe ya Roma ka nako eo. Fa Hierocles a ne a kwala kgatlhanong le Bakeresete, Eusebius o ne a ba buelela. Mo godimo ga moo, o ne a kwala dibuka tse 35 tse mo go tsone a neng a tshegetsa ntlha ya gore Dikwalo di tswa kwa Modimong mme di tsewa e le dibuka tsa botlhokwa thata tsa mofuta wa tsone. Tsa ntlha tse 15 di leka go buelela lebaka la go bo Bakeresete ba amogela mekwalo e e boitshepo ya Bahebera. Tse dingwe tse 20 di naya bosupi jwa gore Bakeresete ba dira sentle fa ba tlodisa melao ya Sejuda matlho ba bo ba amogela melaometheo le mekgwa e mesha. Dibuka tseno fa di feletse, di buelela Bokeresete ka botlalo go ya kafa Eusebius a neng a bo tlhaloganya ka teng.
Eusebius o tshetse dingwaga di ka nna 80 (mo e ka nnang go tloga ka 260 go ya go fitlha mo e ka nnang ka 340 C.E.), mme a nna mongwe wa bakwadi ba ba kwadileng dibuka tse dintsi thata ba motlha wa bogologolo. Mekwalo ya gagwe e akaretsa ditiragalo tsa makgolo a ntlha a mararo a dingwaga go ya go fitlha ka motlha wa ga Mmusimogolo Constantine. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo e ne e le mokwadi e bile e le bishopo wa Caesarea. Le fa Eusebius a ne a itsiwe thata e le mokwalahisitori, gape e ne e le mmueledi wa bodumedi, modiri wa dimmapa, moreri, motshwayadiphoso le mokwadi wa ditlhaloso tsa dibuka tsa bodumedi.
Maikaelelo a Gagwe a a Gabedi
Ke ka ntlha yang fa Eusebius a ne a simolola go dira ditiro tse dikgolo thata jalo tse di neng di ise nke di dirwe? Lebaka ke gore o ne a dumela gore o ne a tshela mo nakong e ka yone go neng go tsena motlha o mosha. O ne a akanya gore go diragetse ditiragalo tse dikgolo mo dikokomaneng tse di fetileng mme di ne di tshwanetse go kwalelwa dikokomana tse di tlang.
Eusebius o ne a na le maikaelelo a mangwe gape—a go nna mmueledi. O ne a dumela gore Bokeresete bo simolotswe ke Modimo. Mme bangwe ba ne ba sa dumalane le kgopolo eo. Eusebius o ne a kwala jaana: “Gape boikaelelo jwa me ke go bolela maina le palo ya batho bao ka go rata go itshimololela dilo ba ileng ba dira diphoso tse dikgolo le makgetlho a ba dirileng jalo ka one. Gape ba ne ba ipolela e le batho ba ba lemogileng kitso, mme e se yone, mme ba ile ba gagolaka letsomane la ga Keresete ka tsela e e setlhogo jaaka diphiri tse di bogale.”
A Eusebius o ne a itsaya e le Mokeresete? Ee, go lebega jalo ka gonne o ne a bitsa Keresete a re “Mmoloki wa rona.” O ne a re: “Maikaelelo a me . . . ke go tlhalosa mathata a ka bonako fela a ileng a wela setšhaba sotlhe sa Bajuda ka ntlha ya maano a bone kgatlhanong le Mmoloki wa rona, le go kwala ditsela tse ka tsone lefoko la Modimo le neng la tlhaselwa ke Baditšhaba le makgetlho a ba dirileng jalo ka one, le go tlhalosa mefuta ya batho ba ka dinako tse di farologaneng ba ileng ba le lwela le fa ba ne ba bolawa e bile ba bogisiwa, mmogo le boipolelo jo bo dirilweng mo motlheng wa rona le thuso e Mmoloki wa rona a e
ba neileng botlhe ka bopelotlhomogi le bopelonomi.”Dipatlisiso Tse Dikgolo Tse a di Dirileng
Go na le dibuka tse dintsi tse Eusebius a ileng a di bala le go dira dipatlisiso mo go tsone. Mekwalo ya ga Eusebius ke yone fela e dirileng gore batho ba bantsi ba ba itsegeng ba makgolo a ntlha a mararo a dingwaga a Motlha wa Rona ba senoge. Dipego tse di mosola tse di tlhalosang mekgatlho ya botlhokwa di fitlhelwa mo mekwalong ya gagwe fela. Di tserwe mo metsweding ya kitso e e sa tlholeng e le teng.
Fa Eusebius a ne a kokoanya tshedimosetso, o ne a dira jalo ka tlhoafalo le ka botlalo. Go bonala a ile a leka ka kelotlhoko go tlhaola dipego tse di ikanyegang mo go tse di sa ikanyegeng. Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e ne e na le diphoso. Ka dinako tse dingwe o ne a sa tlhalose batho le ditiro tsa bone sentle. Mo tatelanong ya ditiragalo, ka dinako tse dingwe o ne a sa kwale dilo tse di tlhomameng. Gape Eusebius o ne a sa kgone go tlhalosa tshedimosetso ya gagwe ka botswerere. Le fa go ntse jalo, le fa dibuka tsa gagwe tse dintsi di na le fa di tlhaelang teng, di tsewa e le letlotlo le legolo.
A o Ne a Rata Boammaaruri?
Eusebius o ne a tshwenyegile ka kgang e e sa rarabololwang ya kafa Rara le Morwa ba amanang ka teng. A Rara o nnile teng pele ga Morwa, jaaka Eusebius a ne a dumela? Kgotsa a Rara le Morwa ba nnile teng ka nako e le nngwe? O ne a botsa jaana: “Fa e le gore ba nnile teng ka nako e le nngwe Rara a ka nna Rara jang mme Morwa a ka nna Morwa jang?” E bile o ne a tshegetsa tumelo ya gagwe ka ditemana tsa Baebele, a umaka Johane 14:28, e e reng ‘Rara o mogolo mo go Jesu’ le Johane 17:3, e mo go yone go tweng Jesu ke yo o ‘romilweng’ ke Modimo yo o esi wa boammaaruri. Fa Eusebius a ne a umaka Bakolosa 1:15 le Johane 1:1, o ne a re Logos, kgotsa Lefoko, ke “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng”—Morwa Modimo.
Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa Lekgotla la Nicaea, go a gakgamatsa gore Eusebius o ne a ema nokeng kgopolo e a neng a sa dumalane le yone. Go fapaana le se a neng a se dumela go ya ka Dikwalo, gore Modimo le Keresete e ne e se batho ba ba lekanang, ba ba nnileng teng ka nako e le nngwe, o ne a dumalana le mmusimogolo.
Se se Ka Ithutiwang
Ke ka ntlha yang fa Eusebius a ne a ineela kwa Lekgotleng la Nicaea mme a bo a dumalana le thuto e e seng ya Dikwalo? A o ne a na le maikaelelo mangwe a bopolotiki? Gone ke ka ntlha yang fa a ne a tlile lekgotleng? Le fa go ne go biditswe bobishopo botlhe, go ne ga tla fela ba sekae mo go bone—ba le 300. A gongwe Eusebius o ne a tshwenyegile ka go sireletsa maemo a a neng a na le one mo setšhabeng? Mme ke ka ntlha yang fa Mmusimogolo Constantine a ne a mo tseela kwa godimo thata? Eusebius o ne a ntse kafa letsogong le legolo la mmusimogolo kwa lekgotleng.
Go lebega Eusebius a ne a itlhokomolosa taelo ya ga Jesu ya gore balatedi ba gagwe ba se ka ba ‘nna karolo ya lefatshe.’ (Johane 17:16; 18:36) Morutwa Jakobe o ne a botsa jaana: “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo?” (Jakobe 4:4) A bo tlhagiso eno ya ga Paulo e ne e tshwanetse jang ne: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng”! (2 Bakorintha 6:14) E kete re ka nna re kgaogane le lefatshe fa re ntse re “obamela [Rara] ka moya le ka boammaaruri.”—Johane 4:24.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Kafa Fresco a tshwantshitseng Lekgotla la Nicaea ka teng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Scala/Art Resource, NY
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
Courtesy of Special Collections Library, University of Michigan