Jehofa o re Rutile Boitshoko le Bopelotelele
Polelo ya Botshelo
Jehofa o re Rutile Boitshoko le Bopelotelele
JAAKA GO BOLETSE ARISTOTELIS APOSTOLIDIS
Kwa dithoteng tsa Dithaba Tsa Caucasus go na le toropo ya kwa Russia e e bidiwang Pyatigorsk, e e itsegeng ka metswedi ya yone ya diminerale le tlelaemete e e siameng. Ke ne ka tsholelwa fano ke le ngwana wa batshabi ba Bagerika ka 1929. Dingwaga di le lesome moragonyana, morago ga tsamaiso ya sepolotiki ya ga Stalin ya go nyeletsa, go tshosetsa, le go ganyaolwa ga ditso, re ne ra nna batshabi gape ka gonne re ne ra patelesega go fudugela kwa Greece.
FA RE sena go fudugela kwa Piraiévs, kwa Greece, lefoko “batshabi” le ne la nna le bokao bo sele mo go rona. Re ne re ikutlwa re le baeng tota. Le fa nna le nkgonne re ne re na le maina a borafilosofi ba babedi ba Bagerika ba ba itsegeng thata, e bong Socrates le Aristotle, maina ao a ne a dirisiwa sewelo. Mongwe le mongwe o ne a re bitsa Ba-Russia ba babotlana.
Mmè yo o rategang o ne a tlhokafala fela fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go simologa. E ne e le motho wa botlhokwa thata mo lelapeng la rona, mme loso lwa gagwe lo ne lwa re utlwisa botlhoko thata. Ka gonne a ne a lwetse ka lobakanyana, o ne a nthutile go dira ditiro di le dintsi tsa mo lapeng. Thapiso eno e ne ya nna mosola thata moragonyana mo botshelong.
Ntwa le Kgololo
Ntwa, go gapa naga ga Banasi, le go thuntsha dibomo mo go sa feleng ga Mephato ya masole e e kopaneng go ne go dira gore letsatsi lengwe le lengwe e nne e kete ke la bofelo. Go ne go na le lehuma le lentsi, tlala, le go swa ba batho ba le bantsi. Go simolola fa ke na le dingwaga di le 11, ke ne ke dira ka natla le rre gore re kgone go itlamela ka boraro jwa rona. Thuto ya me ya lefatshe
e ne ya kgorelediwa ke go bo ke ne ke sa itse puo ya Segerika, mmogo le ntwa le diphelelo tsa yone.Jeremane e ne ya golola Greece ka October 1944. Go ise go ye kae morago ga moo, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa. Mo boitlhobogong le tshotlego ya dinako tseo, tsholofelo e e mo Baebeleng ya isagwe e e itumedisang mo Bogosing jwa Modimo e ne ya nkama pelo. (Pesalema 37:29) Tsholofetso ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a kagiso mo lefatsheng e ne ya nna jaaka molemo wa mmatota mo dinthong tsa me. (Isaia 9:7) Ka 1946 nna le rre re ne ra kolobediwa, re bontsha boineelo jwa rona mo go Jehofa.
Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka itumelela go amogela kabelo ya me ya ntlha ya go nna motlhanka yo o phasalatsang (yo morago a neng a bidiwa motlhanka wa dimakasine) mo phuthegong ya bobedi e e neng ya tlhongwa kwa Piraiévs. Tshimo ya rona e ne e simolola mo Piraiévs go ya kwa Eleusis, sekgala sa dikilometara di ka nna 50. Ka nako eo, Bakeresete ba le bantsi ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba direla mo phuthegong. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go dira mmogo le bone le go ithuta mo go bone. Ke ne ke rata go ipha nako le bone ka gonne ba ne ba na le maitemogelo a mantsi thata a a bontshang gore go tlhokega maiteko a magolo thata go dira tiro ya go rera. Go ne go bonala ka tsela e ba neng ba tshela ka yone gore go tlhokega bopelotelele jo bogolo le boitshoko go direla Jehofa ka boikanyego. (Ditiro 14:22) Ke itumelela gore go na le diphuthego di feta 50 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leno gompieno!
Kgwetlho E e Sa Lebelelwang
Moragonyana, ke ne ka tlwaelana le Eleni, mosadi yo montle yo mmotlana wa Mokeresete, yo o matlhagatlhaga, kwa motseng wa Patras. Re ne ra beeletsana kwa bokhutlong jwa 1952. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di sekae, Eleni o ne a lwala thata. Dingaka di ne tsa fitlhela gore o ne a na le tlhagala mo bobokong, mme boemo jwa gagwe bo ne bo le masisi. O ne a tshwanetse go arwa ka bonako. Morago ga go dira maiteko a magolo, re ne ra kgona go bona ngaka nngwe kwa Athens e e neng e ikemiseditse go tsamaisana le ditumelo tsa bodumedi jwa rona ka go ara a sa dirise madi—le fa go ne go se na didirisiwa tse di siametseng go dira jalo mo nakong eo ya bogologolo. (Lefitiko 17:10-14; Ditiro 15:28, 29) Morago ga karo, dingaka di ne di na le tsholofelo ya gore kgarebe ya me e tla nna botoka, mme di ne di sa latole gore boemo jwa gagwe bo ne bo ka nna jwa boa gape jwa nna maswe.
Ke ne ke tshwanetse go dira eng mo boemong jono? Ka ntlha ya maemo a a fetogileng, a ke fedise go beeletsana ga rona mme ke intshe mo mathateng? Le eseng! Fa ke ne ke mmeelela ke ne ke dirile tsholofetso, mme ke ne ke batla gore ee wa me e nne ee. (Mathaio 5:37) Le ka motlha ga ke ise nke ke itetle go akanya go dira dilo ka tsela epe e nngwe. Eleni o ne a tokafala go se kae a tlhokometswe ke mogolowe, mme re ne ra nyalana ka December 1954.
Dingwaga tse tharo moragonyana, Eleni o ne a boa gape a lwala, mme yone ngaka eo e ne ya tshwanelwa ke go mo ara gape. Mo lekgetlhong leno o ne a tsenelela kwa teng mo bobokong gore a ntshe tlhagala eo gotlhelele. Ka ntlha ya seo, mosadi wa me o ne a sala a sule mhama, mme karolo ya boboko jwa gagwe e e laolang puo e ne ya amega thata. Jaanong roobabedi re ne ra lebana le mathata a masha a a raraaneng. Le ditiro fela tse di motlhofo e ne ya nna morwalo o o bokete mo mosading wa me yo o rategang.
Boemo jwa gagwe jo bo senyegelang pele bo ne jwa dira gore go tlhokege gore re dire diphetogo tse dikgolo mo thulaganyong ya rona ya ka metlha ya letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga tsotlhe, go ne go tlhokega boitshoko jo bogolo tota.Ka nako eno, tsela e Mmè a neng a nthapisitse ka yone e ne ya ntswela mosola o mogolo thata. Mo mosong mongwe le mongwe, ke ne ke baakanya dilo tsotlhe tse di tla dirisiwang go apaya mme Eleni o ne a apaya. Gantsi re ne re laletsa baeng, go kopanyeletsa badiredi ba nako e e tletseng, batho ba re neng re ithuta Baebele le bone, le Bakeresete ka rona ba batlhoki mo phuthegong. Botlhe ba ne ba dumela gore dijo tseo di ne di le monate tota! Nna le Eleni re ne re dirisana mmogo mo ditirong tse dingwe tsa mo lapeng, gore legae la rona le nne le le phepa. Boemo jono jo bo thata bo ne bo tlile go tswelela ka dingwaga tse 30.
Matlhagatlhaga go sa Kgathalesege Bokoa
Go ne go re ama maikutlo tota nna le ba bangwe go bona gore go ne go se na sepe se se neng se ka fokotsa lorato lo mosadi wa me a neng a rata Jehofa ka lone le matlhagatlhaga mo tirelong ya gagwe. Fa nako e ntse e tsamaya, morago ga go dira maiteko a magolo, Eleni o ne a kgona go bua mafoko a sekaenyana. O ne a rata go bua le batho mo mmileng ka dikgang tse di molemo tsa Baebele. Fa ke ne ke tsere maeto ka tsa kgwebo, ke ne ke tsamaya le ene mme ke ne ke emisa koloi fa thoko ga mmila fa go neng go feta batho ba bantsi gone. O ne a bula fensetere ya koloi mme a bitsa batho ba ba fetang ka tsela gore ba itseele dikhopi tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo lekgetlhong le lengwe o ne a tsamaisa dikhopi di le 80 mo diureng tse pedi. Gantsi o ne a tsamaisa dimakasine tsotlhe tsa bogologolo tse di neng di le teng mo phuthegong. Gape, ka metlha Eleni o ne a dirisa mekgwa e mengwe ya go rera.
Mo dingwageng tsotlhe tse mosadi wa me a neng a le sekoa ka tsone, o ne a tla le nna ka metlha kwa dipokanong. O ne a se ka a fosa kopano e kgolo kgotsa kopano e potlana, le fa re ne re tshwanelwa ke go ya moseja ka ntlha ya go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa kwa Greece. Le fa a ne a le sekoa, o ne a itumelela go nna teng kwa dikopanong tse dikgolo kwa Austria, Jeremane, Cyprus le dinaga tse dingwe. Eleni o ne a se ka a ngongorega kgotsa a batla go newa tlhokomelo ka tsela e e feteletseng, le fa maikarabelo a me a mantsi mo tirelong ya ga Jehofa ka dinako tse dingwe a ne a dira gore dilo di se ka tsa mo siamela.
Boemo jono bo nthutile boitshoko ka nako e telele. Seatla sa ga Jehofa se nthusitse gantsi. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba intsha setlhabelo tota gore ba kgone go re thusa ka tsela nngwe le nngwe e ba neng ba kgona ka yone, dingaka le tsone di ne di re eme nokeng ka bopelonomi. Mo dingwageng tseo tsotlhe tsa mathata, ga re ise nke re tlhoke dilo tsa motheo tsa botshelo, le fa maemo a rona a a lekang a ne a dira gore ke se ka ka kgona go bereka tiro ya letsatsi lotlhe. Ka metlha dilo tse di amanang le Jehofa le tirelo ya gagwe di ne di tla pele.—Mathaio 6:33.
Batho ba bantsi ba mpoditse gore ke eng se se neng se re nonotsha mo metlheng eo e e lekang. Fa ke akanya ka se se diregileng mo nakong e e fetileng, ke lemoga gore thuto ya botho ya Baebele, go rapela Modimo go tswa mo pelong, go Pesalema 37:3-5: “Ikanye Jehofa mme o dire molemo; . . . O itumelele Jehofa thata . . . Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.” Temana e nngwe e e neng e le ya botlhokwa thata mo go rona e ne e le Pesalema 55:22: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” Jaaka ngwana yo o ikanyang rraagwe ka botlalo, re ne re sa latlhele mekgweleo ya rona mo go Jehofa fela, mme gape re ne re e tlogela mo go ene.—Jakobe 1:6.
nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, le go tsaya karolo ka matlhagatlhaga mo tirong ya go rera go ne ga nonotsha boitshoko jwa rona. Ka metlha re ne re nna re gakologetswe mafoko a a kgothatsang aKa April 12, 1987 fa mosadi wa me a ne a rera fa pele ga ntlo ya rona, lebati le le bokete la tshipi le ne la tswalega kafa morago ga gagwe, mme la mo latlhela fa thoko ga tsela, mme a gobala thata. Ka ntlha ya seo, mo dingwageng tse tharo tse di neng di latela o ne a idibetse kidibalo e kgolo. O ne a tlhokafala mo masimologong a 1990.
Go Direla Jehofa ka Bojotlhe Jwa me
Ka 1960 ke ne ka tlhongwa go nna motlhanka wa phuthego kwa Nikaia, kwa Piraiévs. Fa e sa le go tloga ka nako eo, ke ile ka nna le tshiamelo ya go direla mo diphuthegong tse dintsi mo Piraiévs. Le fa ke ise nke ke nne le bana, ke nnile le boipelo jwa go thusa bana ba bantsi ba semoya gore ba nitame mo boammaaruring. Bangwe ba bone jaanong ba direla e le bagolwane ba phuthego, batlhanka ba bodiredi, badiredi ba babulatsela, le maloko a lelapa la Bethele.
Morago ga gore temokerasi e busediwe gape kwa Greece ka 1975, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgona go tshwara dikopano ka kgololesego, go sa tlhole go tlhokega gore ba iphitlhe mo dikgweng. Maitemogelo a bangwe ba rona ba ileng ba nna le one fa re ne re rulaganya dikopano tsa kwa moseja a ne a re thusa thata mo lekgetlhong leno. Ka jalo, ke nnile le boipelo le tshiamelo ya go direla mo dikomiting tse di farologaneng tsa kopano ka dingwaga tse dintsi.
Go tswa foo, ka 1979, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go aga Holo ya ntlha ya Dikopano kwa Greece, ka kwa ntle ga Athens. Ke ne ka abelwa go thusa go rulaganya porojeke eno e kgolo ya kago le go dira tiro eo ya go e aga. Tiro eno le yone e ne e tlhoka boitshoko jo bogolo. Go dira ka dingwaga tse tharo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba intshang setlhabelo go ne ga bopa kgolagano e e nonofileng ya lorato le kutlwano mo gare ga rona. Dilo tse di neng di direga mo porojekeng eno di kwadilwe ka tsela e e ka se kang ya phimoga mo pelong ya me.
Go Naya Magolegwa Dilo Tse ba di Tlhokang Semoyeng
Dingwaga di se kae moragonyana, go ne ga bulega kgoro e ntšha ya tirelo. Gaufi le tshimo ya phuthego e ke kopanelang le yone, kwa Korydallos, go na le kgolegelo e kgolo go di feta tsotlhe mo Greece. Fa e sa le go simolola ka April 1991, ke ne ka tlhongwa go etela kgolegelo eno beke le beke jaaka modiredi wa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke le koo ke letlelelwa go tshwara dithuto tsa Baebele le dipokano tsa Bokeresete le magolegwa a a kgatlhegang. Bontsi jwa bone ba dirile diphetogo tse dikgolo, ba bontsha gore Lefoko la Modimo le na le maatla a magolo. (Bahebera 4:12) Seno se ile sa kgatlha badiri ba kwa kgolegelong le magolegwa. Mangwe a magolegwa a ke neng ke ithuta Baebele le one a golotswe mme jaanong ke baboledi ba dikgang tse di molemo.
Ke ne ka ithuta ka nako e telele le barekisi ba diokobatsi ba bararo ba ba itsegeng. Fa ba ntse ba gatela pele semoyeng, ba ne ba tla thutong ya bone ya Baebele ba beotse ditedu, ba kamile moriri sentle, ba apere hempe le thai, mo magareng a August—e e leng nngwe ya dikgwedi tse di mogote thata kwa Greece! Motsamaisi wa kgolegelo, modisa yo mogolo, le bangwe ba bathapiwa ba ne ba tswa ka bonako mo diofising tsa bone gore ba tle go bona pono eno e e sa tlwaelegang. Ba ne ba sa dumele se ba neng ba se bona!
Maitemogelo a mangwe a a kgothatsang a ne a direga mo karolong ya basadi ya kgolegelo. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le mosadi yo o neng a atlholetswe botshelo jotlhe mo kgolegelong ka ntlha ya go bolaya motho. O ne a itsege e le setsuolodi. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, boammaaruri jwa Baebele jo a neng a bo ithuta bo ne jwa dira gore a dire diphetogo tse dikgolo mo e leng gore batho ba bantsi ba ne ba Isaia 11:6, 7) Go ise go ye kae motsamaisi wa kgolegelo o ne a setse a mo tlotla e bile a mo ikanya. Ke ne ke itumeletse go mmona a gatela pele sentle semoyeng a ba a ineela mo go Jehofa.
bolela gore o ne a tshwana le tau e e fetogileng go nna nku! (Go Thusa ba ba Bokoa Le ba Ba Tsofetseng
Fa ke ne ke bona mosadi wa me a lwantshana le bolwetse go ne ga ntira gore ke akanyetse dilo tse di tlhokwang ke ba ba lwalang le batsofe ba ba mo gare ga rona. Nako le nako fa dikgatiso tsa rona di ne di bua ka ditlhogo tse di neng di re kgothatsa go thusa batho ba ba ntseng jalo ka lorato, ke ne ke di kgatlhegela. Ke ne ke rata ditlhogo tse di ntseng jalo thata e bile ke ne ke di kgobokanya. Fa dingwaga di sena go feta, ke ne ke itiretse faele e e neng e na le ditsebe di feta lekgolo—e e neng e simolola ka setlhogo se se reng “Go Akanyetsa Batho ba ba Godileng Le ba Ba Bogang” mo go Tora ya Tebelo ya July 15, 1962, (ka Seesemane). Bontsi jwa ditlhogo tseno di ne di bontsha gore ke ga botlhokwa gore phuthego nngwe le nngwe e rulaganyetse go naya balwetse le batsofe thuso.—1 Johane 3:17, 18.
Bagolwane ba ne ba dira gore go nne le setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba ithaopela go tlhokomela balwetse le batsofe ba ba mo phuthegong ya rona ka dilo tse ba di tlhokang. Re ne ra rulaganya baithaopi gore ba nne ditlhopha tse di farologaneng—jaaka ba ba ka thusang motshegare, le ba bangwe ba ba ka thusang bosigo jotlhe, ba ba ka thusang ka dipalangwa, le ba ba nnang ba le teng ka diura tsotlhe tse 24. Bano ba bofelo ba ne ba dirile setlhopha se se nnang se ipaakantse fa go tlhokega thuso.
Matswela a maiteko a a ntseng jalo a a kgothatsa. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o lwalang yo o neng a nna a le nosi o ne a fitlhelwa a idibetse fa fatshe fa a ne a etetswe jaaka a ne a tlhola a etelwa letsatsi le letsatsi. Re ne ra itsise kgaitsadi mongwe yo o neng a nna gaufi yo o neng a na le koloi. O ne a isa kgaitsadi yoo kwa sepataleng se se gaufi ka bonako thata—ka metsotso e le lesome fela! Dingaka di ne tsa bolela gore seno se ne se bolokile botshelo jwa gagwe.
Tsela e ba ba dikoa le ba ba tsofetseng ba lebogang maloko a setlhopha seno ka yone e kgotsofatsa tota. Tsholofelo e re nang le yone ya gore re tla bo re na le bakaulengwe le bokgaitsadi bano mo tsamaisong e ntšha ya Modimo kafa tlase ga maemo a a farologaneng e itumedisa eleruri. Mme go itse gore ba ne ba thusiwa gore ba itshoke ka ntlha ya kemonokeng e ba neng ba e newa fa ba ne ba le mo matshwenyegong ke tuelo e nngwe.
Go Itshoka go Nnile le Matswela
Jaanong ke direla ke le mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Piraiévs. Le fa ke tsofetse e bile ke na le mathata a botsogo, ke itumelela gore ke sa ntse ke kgona go nna le seabe ka tlhagafalo mo ditirong tsa phuthego.
Fa dingwaga di ntse di feta, maemo a a lekang, dikgwetlho tse di thata le dilo tse di sa lebelelwang di ile tsa tlhoka gore ke nne pelokgale fela thata le gore ke itshoke. Le fa go ntse jalo, ka metlha Jehofa o nnaya nonofo ya go fenya mathata ano. Kgapetsakgapetsa ke iponetse boammaaruri jwa mafoko ano a mopesalema: “Fa ke ne ke re: ‘Lonao lwa me lo tla tsamaya lo sa tsepama,’ bopelonomi jwa gago jwa lorato, wena Jehofa, bo ne jwa nna jwa ntshegetsa. Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—Pesalema 94:18, 19.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le mosadi wa me, Eleni, morago ga karo ya gagwe ya bobedi, ka 1957
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kwa kopanong kwa Nuremberg, kwa Jeremane, ka 1969
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba thusa balwetse le batsofe