Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Amogetse “Moya wa Boammaaruri”?

A o Amogetse “Moya wa Boammaaruri”?

A o Amogetse “Moya wa Boammaaruri”?

“Rara . . . o tla lo naya mothusi yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae, e leng moya wa boammaaruri.”—JOHANE 14:16, 17.

1. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tshedimosetso efe ya botlhokwa mo diureng tsa gagwe tsa bofelo a na le bone kwa phaposing e e kwa godimo?

“MORENA, o ya kae?” Eo ke nngwe ya dipotso tse baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba di mmotsa mo diureng tsa bofelo tse a di ntseng le bone mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Johane 13:36) Fa pokano e ntse e tsweletse, Jesu o ne a ba itsise gore jaanong o ne a tlile go ba tlogela a boela kwa go Rraagwe. (Johane 14:28; 16:28) O ne a se kitla a tlhola a nna le bone ka namana a ba ruta le go araba dipotso tsa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a ba kgothatsa, a re: “Ke tla kopa Rara mme o tla lo naya mothusi [kgotsa mogomotsi] yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae.”—Johane 14:16, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.

2. Jesu o ne a solofetsa barutwa gore o tla ba romelela eng fa a sena go tsamaya?

2 Jesu o ne a bolela gore mothusi yoo ke mang a bo a tlhalosa gore o ne a tla thusa barutwa ba gagwe jang. O ne a ba raya a re: “Le fa go ntse jalo, dilo tseno ke ne ka se ka ka di lo bolelela kwa tshimologong, ka gonne ke ne ke na le lona. Mme jaanong ke ya kwa go yo o nthomileng . . . Go tswela lona mosola go bo ke tsamaya. Gonne fa ke sa tsamaye, mothusi ga a na go tla mo go lona ka gope; mme fa ruri ke tsamaya, ke tla mo romela kwa go lona. . . . Fa ene yoo a goroga, moya wa boammaaruri, o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.”—Johane 16:4, 5, 7, 13.

3. (a) “Moya wa boammaaruri” o ne wa romelelwa Bakeresete ba bogologolo leng? (b) Tsela nngwe ya botlhokwa e moya o neng wa nna “mothusi” wa bone ka yone ke efe?

3 Tsholofetso eno e ne ya diragadiwa ka Pentekosete 33 C.E., jaaka moaposetoloi Petere a ne a supa: “Jesu yono Modimo o ne a mo tsosa mo losong, tiragalo e rotlhe re leng basupi ba yone. Jalo ka gonne a ne a tlhatlosediwa kwa seatleng sa moja sa Modimo a ba a amogela moya o o boitshepo o o solofeditsweng o tswa kwa go Rara, o tsholotse seno se lo se bonang e bile lo se utlwa.” (Ditiro 2:32, 33) Jaaka fa re tla bona moragonyana, moya o o boitshepo o o tsholotsweng ka Pentekosete o ne wa direla Bakeresete ba bogologolo dilo tse dintsi. Mme Jesu o ne a solofetsa gore “moya wa boammaaruri” o ne o tla ‘busetsa mo megopolong ya bone dilo tsotlhe tse a neng a di ba boleletse.’ (Johane 14:26) O ne o tla dira gore ba kgone go gakologelwa bodiredi le dithuto tsa ga Jesu, tota le mafoko a gagwe ba bo ba a kwale. Seno se ne se tla nna mosola thata segolobogolo mo go moaposetoloi Johane yo o neng a tsofetse kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. fa a ne a simolola go kwala Efangele ya gagwe. Pego eo e akaretsa kgakololo ya botlhokwa e Jesu a neng a e naya fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe.—Johane, dikgaolo 13-17.

4. “Moya wa boammaaruri” o ne wa thusa Bakeresete ba bogologolo ba ba tloditsweng jang?

4 Gape Jesu o ne a solofetsa barutwa bao ba bogologolo gore moya o ne o tla ‘ba ruta dilo tsotlhe’ o bo o ba ‘kaele go ya mo boammaaruring jotlhe.’ Moya o ne o tla ba thusa go tlhaloganya dilo tse di kwa teng tsa Dikwalo le go dira gore ba nne ba utlwana ka mogopolo, ka tlhaloganyo le ka boikaelelo. (1 Bakorintha 2:10; Baefeso 4:3) Ka jalo moya o o boitshepo o ne wa nonotsha Bakeresete bao ba pele gore ba dire e le setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go naya mongwe le mongwe wa Bakeresete ba ba tloditsweng “dijo tsa [semoya] ka nako e e tshwanetseng.”—Mathaio 24:45.

Moya o a Supa

5. (a) Jesu o ne a bulela barutwa ba gagwe tshiamelo efe e ntšha mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E.? (b) Moya o o boitshepo o ne o tla nna le seabe sefe mo go diragatseng tsholofetso ya ga Jesu?

5 Mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore moragonyana o ne a tla ba amogela ba bo ba nna le ene le Rraagwe kwa legodimong. O ne a ba raya a re: “Mo ntlong ya ga Rre go na le manno a le mantsi. Go seng jalo, ke ka bo ke lo boleletse, ka gonne ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo. Gape, fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone.” (Johane 13:36; 14:2, 3) Ba ne ba tla busa le ene mo Bogosing jwa gagwe. (Luke 22:28-30) Gore ba nne le tsholofelo eno ya go ya legodimong, ba ne ba tla tshwanelwa ke go ‘tsalwa ka moya’ e le barwa ba Modimo ba semoya le go tlodiwa gore ba direle e le dikgosi le baperesiti le Keresete kwa legodimong.—Johane 3:5-8; 2 Bakorintha 1:21, 22; Tito 3:5-7; 1 Petere 1:3, 4; Tshenolo 20:6.

6. (a) Pitso ya selegodimo e simolotse leng, mme ke ba le kae ba ba amogelang pitso eno? (b) Ba ba biditsweng ba ne ba kolobelediwa mo go eng?

6 ‘Pitso eno ya selegodimo’ e simologile ka Pentekosete ya 33 C.E. mme go lebega karolo e kgolo ya pitso eno e digetswe mo magareng a bo1930. (Bahebera 3:1) Palo ya ba ba tshwailweng ka moya o o boitshepo gore ba nne karolo ya Iseraele wa semoya ke 144 000, ba ba neng “ba rekwa mo bathong.” (Tshenolo 7:4; 14:1-4) Ba ne ba kolobelediwa mo mmeleng wa semoya wa ga Keresete, mo phuthegong ya gagwe, le mo losong lwa gagwe. (Baroma 6:3; 1 Bakorintha 12:12, 13, 27; Baefeso 1:22, 23) Fa ba sena go kolobediwa ka metsi ba bo ba tlodiwa ka moya o o boitshepo, ba ne ba tsena mo tseleng ya go intsha setlhabelo, e leng botshelo jwa go boloka bothokgami go fitlha ba swa.—Baroma 6:4, 5.

7. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba tloditsweng e le bone fela ba nang le tshwanelo ya go ja ditshwantshetso kwa Segopotsong?

7 Jaaka Baiseraele ba semoya, Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba ne ba le mo kgolaganong e ntšha e e neng e dirilwe fa gare ga ga Jehofa le “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Jeremia 31:31-34) Kgolagano e ntšha e ne ya tlhomamisiwa ka madi a a tsholotsweng a ga Keresete. Jesu o ne a umaka seno fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe. Luke o kwadile jaana: “A tsaya senkgwe, a leboga, a se ngathoganya, mme a se ba naya, a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o ruri o tla ntshiwang mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’ Le senwelo ka tsela e e tshwanang fa ba sena go ja sejo sa maitseboa, a re: ‘Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.’” (Luke 22:19, 20) Masalela, kgotsa maloko a a setseng a ba ba 144 000 a a sa ntseng a le mo lefatsheng, ke bone ba nang le tshwanelo ya go ja senkgwe le beine tsa tshwantshetso kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete.

8. Batlodiwa ba itse jang gore ba amogetse pitso ya selegodimo?

8 Batlodiwa ba itse jang gore ba amogetse pitso ya selegodimo? Ba amogela bosupi jo bo phepafetseng jwa moya o o boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela bano a re: “Botlhe ba ba gogwang ke moya wa Modimo, bano ke bana ba Modimo. . . . Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo. Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.” (Baroma 8:14-17) Bosupi jono jwa moya bo maatla mo e leng gore ba ba nang le dipelaelo le fa e le tse dinnye fela tsa gore ba ka tswa ba se na pitso ya selegodimo ba ka konela sentle gore ga ba na yone, mme ka jalo ga ba ne ba ja ditshwantshetso kwa Segopotsong.

Moya le Dinku Tse Dingwe

9. Go umakwa ditlhopha dife tse pedi tse di tlhomologileng mo Diefangeleng le mo bukeng ya Tshenolo?

9 E re ka Jesu a ne a akantse ka palo e nnye ya Bakeresete ba ba neng ba bidiwa gore ba bope Iseraele wa semoya, o ne a ba bitsa “letsomanyane.” Ba tsenngwa mo ‘lesakeng’ la kgolagano e ntšha, go fapaana le “dinku tse dingwe” tse di se nang palo tse Jesu a neng a re le tsone o tshwanetse a di phutha. (Luke 12:32; Johane 10:16) Ba dinku tse dingwe ba ba phuthiwang ka nako ya bokhutlo ba tla bopa “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang ‘pitlagano e kgolo,’ ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Se se kgatlhang ke gore, pono e Johane a e amogetseng kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. e bontsha pharologanyo fa gare ga boidiidi jono jo bogolo le maloko a a 144 000 a Iseraele wa semoya. (Tshenolo 7:4, 9, 14) A dinku tse dingwe le tsone di amogela moya o o boitshepo, mme fa go le jalo, o ama matshelo a bone jang?

10. Ba dinku tse dingwe ba kolobediwa jang “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo”?

10 Moya o o boitshepo ruri o na le seabe sa botlhokwa mo matshelong a ba setlhopha sa dinku tse dingwe. Ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Mathaio 28:19) Ba tlotla bolaodi jwa ga Jehofa, ba ineela mo go Keresete e le Kgosi le Mogolodi wa bone, mme ba ineela gore moya wa Modimo kgotsa maatla a gagwe a a dirang, a dire mo matshelong a bone. Letsatsi le letsatsi, ba leka gore mo matshelong a bone ba nne le “maungo a moya,” e leng “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.

11, 12. (a) Batlodiwa ba itshepisiwa jang ka tsela e e kgethegileng? (b) Dinku tse dingwe di itshepisiwa le go dirwa boitshepo ka tsela efe?

11 Ba dinku tse dingwe gape ba tshwanetse ba letla Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo go ba itshekisa, kgotsa go ba itshepisa. Batlodiwa ba setse ba itshepisitswe ka tsela e e kgethegileng tota, ba boletswe ba siame e bile ba le boitshepo jaaka monyadiwa wa ga Keresete. (Johane 17:17; 1 Bakorintha 6:11; Baefeso 5:23-27) Moporofeti Daniele o bua ka bone a re ke “baitshepi ba Mogodimodimo,” bao ba amogelang Bogosi kafa tlase ga “morwa motho,” Keresete Jesu. (Daniele 7:13, 14, 18, 27) Pele ga foo, Jehofa o ne a dirisitse Moshe le Arone go bolelela setšhaba sa Iseraele jaana: “Ke nna Jehofa Modimo wa lona; mme lo iitshepise lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne ke boitshepo.”—Lefitiko 11:44.

12 Lefoko “go itshepisa” tota le kaya “kgato ya go dira sengwe gore se nne boitshepo, go se beela kwa thoko kgotsa go se lomolola gore se dirisediwe Jehofa Modimo kgotsa gore a se dirise; go nna boitshepo, go itshepisiwa, kgotsa go itshekisiwa.” Bogologolo ka 1938, Tora ya Tebelo e ne ya bolela gore BoJonadabe, kgotsa dinku tse dingwe, “ba tshwanetse ba itse gore mongwe le mongwe yo o tla nnang karolo ya boidiidi jo bogolo a bo a tshela mo lefatsheng o tshwanetse a ineela a ba a itshepisiwa.” Mo ponatshegelong ya boidiidi jo bogolo, e e kwadilweng mo bukeng ya Tshenolo, ba tlhalosiwa ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana” e bile ba direla Jehofa “tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.” (Tshenolo 7:9, 14, 15) Ka thuso ya moya o o boitshepo, ba dinku tse dingwe ba dira gotlhe mo ba go kgonang go diragatsa dilo tse di batlwang ke Jehofa gore ba nne boitshepo.—2 Bakorintha 7:1.

Go Direla Bomonnawe Keresete Molemo

13, 14. (a) Go ya ka setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi, dinku di ka bolokwa fa di dira eng? (b) Mo motlheng ono wa bokhutlo, dinku tse dingwe di diretse bomorwarraagwe Keresete molemo jang?

13 Jesu o ne a bontsha kafa ba dinku tse dingwe le ba letsomanyane ba nang le botsalano jo bogolo ka gone mo setshwantshong sa gagwe sa dinku le dipodi, se se mo boporofeting jwa gagwe jo bo buang ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Mo setshwantshong seo, Keresete o ne a bontsha ka phepafalo gore go bolokwa ga dinku tse dingwe go amana thata le tsela e ba tshwarang batlodiwa ka yone, ba a neng a ba bitsa “bomorwarre.” O ne a re: “Kgosi e tla raya ba ba ka fa mojeng wa yone e re, ‘Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa. . . . Ammaaruri ke a lo raya, Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa bomorwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.’”—Mathaio 24:3; 25:31-34, 40.

14 Polelwana e e reng “go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira” e kaya ditiro tsa go tshegetsa ka lorato bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ka moya, ba lefatshe la ga Satane le ileng la ba tshwara jaaka batswakwa, la ba la latlhela bangwe ba bone mo kgolegelong. Ba ile ba tlhoka dijo, diaparo tse di lekaneng, le tlhokomelo ya botsogo. (Mathaio 25:35, 36, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Mo motlheng ono wa bokhutlo, fa e sa le ka 1914, batlodiwa ba le bantsi ba ile ba nna mo maemong a a ntseng jalo. Hisitori ya motlha wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa e supela gore ba ntse ba tshegediwa ke balekane ba bone ba ba ikanyegang, dinku tse dingwe, ba tlhotlhelediwa ke moya.

15, 16. (a) Dinku tse dingwe di thusitse bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ka tiro efe segolobogolo? (b) Batlodiwa ba ile ba bontsha jang gore ba anaanela dinku tse dingwe?

15 Bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng mo motlheng ono wa bokhutlo ba ile ba tshegediwa thata ke dinku tse dingwe gore ba diragatse thomo e ba e neilweng ke Modimo ya go ‘rera dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.’ (Mathaio 24:14; Johane 14:12) Fa palo ya batlodiwa mo lefatsheng e ntse e fokotsega fa dingwaga di ntse di feta, ya dinku tse dingwe e ile ya oketsega go fitlha le go dimilione tota. Diketekete tsa bone di ile tsa direla e le bareri ba nako e e tletseng—babulatsela le barongwa—ba anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ba bangwe ba nna le seabe mo tirong ya go naya bosupi ka botlalo ka mo ba ka kgonang ka teng mme ba itumelela go tshegetsa tiro eno ya botlhokwa ka madi.

16 Bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba itumelela thata go bo ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe di ba tshegetsa ka boikanyegi jaana! Maikutlo a bone a tlhalositswe sentle mo bukeng ya Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgosana ea Kagishō,” e e kwadilweng ke setlhopha sa motlhanka ka 1986. Ya re: “Fa esale ka Ntwa ya Lefatshe II, tiragatso ya polelelopele ya ga Jesu ya ‘bofelo jwa tsamaiso ya dilo’ e gone segolo-bogolo ka ntlha ya seabe seo boidiidi jo bogolo jwa ‘dinku di sele’ bo nang le sone. . . . Ka gone, malebogo a magolo, a isiwa go ‘boidiidi yo bogolo’ jwa merafe yotlhe le dipuo tsotlhe ka ntlha ya seabe se segolo thata seo ba ileng ba nna le sone mo go diragatseng polelelopele ya [ga Jesu] go Mathaio 24:14!”

‘Ga ba A Itekanedisiwa Kwantle ga Rona’

17. Batho ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba tla tsosiwang mo lefatsheng ga ba ne ba “itekanedisiwa kwantle ga” batlodiwa ka tsela efe?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana e le mongwe wa batlodiwa mme a bua ka banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela pele ga ga Keresete: “Bano botlhe, le mororo go ne ga neelwa bosupi ka ga bone ka tumelo ya bone, ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga tsholofetso, e re ka Modimo a ne a re bonelapele sengwe se se botoka [rona batlodiwa], gore ba se ka ba itekanedisiwa kwantle ga rona.” (Bahebera 11:35, 39, 40) Ka nako ya Mileniamo, Keresete le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng ba ba 144 000 kwa legodimong ba tla direla e le dikgosi le baperesiti mme ba diragatse melemo ya setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo mo lefatsheng. Ka gone ba dinku tse dingwe ba tla “itekanedisiwa” mo mmeleng le mo mogopolong.—Tshenolo 22:1, 2.

18. (a) Dintlha tse di mo Baebeleng di tshwanetse tsa thusa dinku tse dingwe go tlhaloganya eng? (b) Dinku tse dingwe di letetse “go senolwa ga bana ba Modimo” ka tsholofelo efe?

18 Seno sotlhe se tshwanetse sa bontsha dinku tse dingwe gore ke ka ntlha yang fa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bua thata jaana ka ga Keresete le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng le seabe sa bone sa konokono mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa. Ka gone dinku tse dingwe di go tsaya e le tshiamelo go tshegetsa setlhopha sa motlhanka sa batlodiwa ka tsela nngwe le nngwe e ba ka e kgonang fa ba sa ntse ba emetse “go senolwa ga bana ba Modimo” ka Haramagedona le ka Mileniamo. Ba ka solofela go “gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme [ba] nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:19-21.

Go Kopanngwa ke Moya Kwa Segopotsong

19. “Moya wa boammaaruri” o diretse batlodiwa le ditsala tsa bone eng, mme ba tla kopanngwa jang ka tsela e e kgethegileng mo maitseboeng a March 28?

19 Jesu mo thapelong ya gagwe e e konelang mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., o ne a re: “Ke a kopa . . . gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona, gore lefatshe le dumele gore o nthomile.” (Johane 17:20, 21) Modimo ka lorato o ne a romela Morwawe gore a ntshe botshelo jwa gagwe gore a boloke batlodiwa le lefatshe la batho ba ba kutlo. (1 Johane 2:2) “Moya wa boammaaruri” o kopantse bomorwarraagwe Keresete le ditsala tsa bone. Mo maitseboeng a March 28, fa letsatsi le sena go phirima, ditlhopha tseno ka bobedi di tla kopana mmogo go tla go keteka loso lwa ga Keresete le go gopola sotlhe se Jehofa a se ba diretseng ka setlhabelo sa Morwawe yo o rategang, Keresete Jesu. E kete go nna teng ga bone mo tiragalong eo ya botlhokwa go ka nonotsha kutlwano ya bone mme ga dira gore ba ititeye sehuba le go feta pele gore ba tswelele ba dira thato ya Modimo, ka jalo ba naya bosupi jwa gore ba itumelela go nna bangwe ba batho ba Jehofa a ba ratang.

Poeletso

• “Moya wa boammaaruri” o ne wa romelelwa Bakeresete ba bogologolo leng, mme o ne wa nna “mothusi” ka tsela efe?

• Batlodiwa ba itse jang gore ba amogetse pitso ya selegodimo?

• Moya wa Modimo o dira mo dinkung tse dingwe ka ditsela dife?

• Dinku tse dingwe di diretse bomorwarraagwe Keresete molemo jang, mme k

e jang ‘ba se kitlang ba itekanedisiwa kwantle’ ga batlodiwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

“Moya wa boammaaruri” o ne wa tshololelwa mo barutweng ka Pentekosete ya 33 C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dinku tse dingwe di diretse bomorwarraagwe Keresete molemo ka go ba tshegetsa gore ba diragatse thomo ya Modimo ya gore ba rere