Go Ikanyega Go Bolelang?
Go Ikanyega Go Bolelang?
BAHASID ba Bajuda ba lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. ba ne ba tsaya gore ba ikanyega tota. Leina la bone le tswa mo lefokong la Sehebera le le rayang “boikanyegi” e leng cha·sidhʹ. Le tswa mo go cheʹsedh, e leng leina le gantsi le ranolwang go twe “bopelonomi jo bo lorato,” “lorato lo lo ikanyegang,” “bopelonomi,” “bomolemo,” “bopelotlhomogi.” Go ya ka Theological Dictionary of the Old Testament, lefoko cheʹsedh “le akaretsa go tsaya kgato, go dirisana le batho le go itshoka [mme] ga le kaye boikutlo jwa motho fela, mme gape le kgato e e tsewang ka ntlha ya boikutlo jono. Ke kgato e e bolokang kgotsa e e tsweledisang botshelo pele. Ke go thusa motho yo o mo mathateng kgotsa mo tlalelong. Ke go bontsha botsalano.”
Go phepafetse gore mo dipuong di le dintsi ga go na lefoko le le lengwe fela le le ka ntshang bokao jotlhe jwa lefoko leno la Sehebera jaaka le dirisiwa mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng boikanyegi ga bo kaye fela go diragatsa maitlamo ka boikanyegi. Bo akaretsa le kgopolo ya go rata mmogo le go tsaya kgato e e bonalang gore o direle ba bangwe molemo. Gore re tlhaloganye se boikanyegi jwa boammaaruri bo se kayang, a re tlhatlhobeng kafa Jehofa a bo bontshitseng ka teng fa a dirisana le Aborahame, Moshe, Dafide, setšhaba sa Iseraele, le batho ka kakaretso.
Jehofa o Bontshitse Boikanyegi
Jehofa o ne a raya Aborahame tsala ya gagwe a re: “Ke nna thebe ya gago.” (Genesise 15:1; Isaia 41:8) O ne a sa bue ka molomo fela. Jehofa o ne a sireletsa Aborahame a bo a mo golola le ba lelapa la gagwe mo go Faro le mo go Abimeleke. O ne a thusa Aborahame go golola Lote mo kgolaganong ya dikgosi tse nnè. Jehofa o ne a tsosolosa maatla a go tshola a ga Aborahame wa dingwaga tse 100 le a ga Sara wa dingwaga tse 90 gore Losika lo lo solofeditsweng lo kgone go tla ka bone. Jehofa o ne a buisana ka metlha le Aborahame a dirisa diponatshegelo, ditoro le barongwa ba baengele. E bile tota, Jehofa o ne a bontsha go ikanyega mo go Aborahame fa a ne a sa ntse a tshela le morago thata ga loso lwa gagwe. Ka makgolokgolo a dingwaga, Jehofa o ne a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo ditlogolwaneng tsa ga Aborahame, setšhaba sa Iseraele, le fa ba ne ba le diganana. Tirisano ya ga Jehofa le Aborahame e ne e bontsha se boikanyegi jwa boammaaruri e leng sone—lorato lo lo bontshiwang ka ditiro.—Genesise, kgaolo 12 go ya go kgaolo 25.
Gatwe “Jehofa [o ne] a bua le Moshe ba lebane difatlhego, fela jaaka motho a ka bua le mongwe ka ene.” (Ekesodo 33:11) Ee ruri, kamano ya ga Moshe le Jehofa e ne e le gaufi thata go feta ya moporofeti ope fela o sele pele ga ga Jesu Keresete. Jehofa o ne a bontsha Moshe boikanyegi jang?
Moshe e ne e le monna wa dingwaga tse 40 yo o nang le maatla le bokgoni, mme o ne a ipagololela mogodu a re o golola batho ba gagabo. Mme e ne e ise e nne nako. O ne a tshwanelwa ke go tshaba gore a iphalotse. O ne a disa dinku Ditiro 7:23-30) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a mo latlha. Ka nako e e tshwanetseng, Moshe o ne a tlisiwa gore a tle go ntsha Iseraele kwa Egepeto.
kwa Midiana dingwaga di le 40. (Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a bontsha Dafide boikanyegi, kgosi ya bobedi ya Iseraele e e itsegeng thata. Fa Dafide a ne a sa le mosha, Jehofa o ne a raya moporofeti Samuele a re: “Nanoga, mo tlotse, gonne yo ke ene!” Go tloga ka nako eo go ya pele, Jehofa o ne a sireletsa a ba a kaela Dafide ka boikanyegi fa a ntse a gola jaaka ene yo e neng e tla nna kgosi ya Iseraele yotlhe. Jehofa o ne a mo golola “mo leroong la tau le mo leroong la bera” le mo seatleng sa mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe. O ne a thusa Dafide go fenya baba ba Iseraele gantsintsi, mme Jehofa o ne a golola Dafide mo lerumong le le neng le fulwa ke Saulo yo o lefufa le yo o letlhoo.—1 Samuele 16:12; 17:37; 18:11; 19:10.
Gone ke boammaaruri, Dafide e ne e se monna yo o itekanetseng. E bile o ne a dira boleo jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go latlha Dafide yo o neng a ikwatlhaya tota, Jehofa o ne a mmontsha lorato lwa boikanyegi. Mo botshelong jotlhe jwa ga Dafide, gangwe le gape Jehofa o ne a tsaya kgato go boloka le go tsweledisa botshelo pele. O ne a thusa motho yo o mo tlalelong. Se e ne e le bopelonomi jo bo lorato ruri!—2 Samuele 11:1–12:25; 24:1-17.
Setšhaba sa Iseraele sotlhe fela se ne sa nna le kamano e e kgethegileng ya go ineela mo go Jehofa fa se ne se amogela melao ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe kwa Thabeng ya Sinai. (Ekesodo 19:3-8) Ka gone, Iseraele o tshwantshiwa a le mo lenyalong le Jehofa. Go ne ga tewa Iseraele ga twe: “Jehofa o ne a go bitsa jaaka e kete o mosadi.” Mme Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke tla go utlwela botlhoko ka bopelonomi jwa lorato ka bosakhutleng.” (Isaia 54:6, 8) Jehofa o ne a bontsha boikanyegi jang mo kamanong eno e e kgethegileng?
Jehofa o ne a tsaya kgato pele go tlhokomela Baiseraele ka se ba neng ba se tlhoka le go nonotsha botsala jwa bone le ene. O ne a ba golola kwa Egepeto, a ba rulaganya go nna setšhaba, mme a ba tlisa “kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Ekesodo 3:8) O ne a ba naya thuto ya semoya ka metlha ka baperesiti, Balefi le baporofeti le barongwa ka go tlhomagana ga bone. (2 Ditiragalo 17:7-9; Nehemia 8:7-9; Jeremia 7:25) Fa setšhaba se ne se simolola go direla medimo e mengwe, Jehofa o ne a ba gakolola. Fa ba ikwatlhaya, o ne a ba itshwarela. Ee gone, setšhaba sa Iseraele e ne e le “mosadi” wa tshwantshetso yo o sokodisang. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a itlhaganelela go mo latlha. Ka ntlha ya dilo tse a neng a di solofeditse Aborahame, O ne a tswelela pele le Baiseraele ka boikanyegi go fitlha maikaelelo a Gagwe ka bone a diragadiwa. (Duteronome 7:7-9) A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo banyalaning gompieno!
Jehofa gape o bontsha batho ka kakaretso boikanyegi ka gonne o neela batho botlhe dilo tse ba di tlhokang gore ba tshele, ba ba siameng le ba ba sa siamang. (Mathaio 5:45; Ditiro 17:25) Mo godimo ga moo, o ntshitse setlhabelo sa thekololo ka Morwawe gore batho botlhe ba kgone go gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso le go ipelela tsholofelo e ntle ya botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng mo Paradaiseng. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Mpho ya thekololo e ne e le kgato ya konokono ya go boloka le go tsweledisa botshelo pele. Eleruri e ne e le go “thusa motho yo o mo mathateng kgotsa mo tlalelong.”
Supa Boikanyegi Jwa Gago ka Ditiro Tse di Siameng
Boikanyegi ke lekaelagongwe le bopelonomi jo bo lorato, ka jalo gape bo na le kgopolo ya go bontshana boikutlo jo. Fa o bontshiwa bopelonomi jo bo lorato, go ka lebelelwa gore le wena o dire se se tshwanang. Boikanyegi bo duelwa ka boikanyegi. Se se bontshang gore Dafide o ne a tlhaloganya bokao jwa cheʹsedh ke mafoko a gagwe a a reng: “Ke tla ikobela tempele ya gago e e boitshepo, mme ke tla baka leina la gago.” Ka ntlha yang? “Ka ntlha ya bopelonomi jwa gago jwa lorato le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago.” (Pesalema 138:2) E re ka Jehofa a ne a bontshitse Dafide bopelonomi jo bo lorato, go bonala sentle gore o ne a ikutlwa a batla go mo obamela le go mmaka. Ka gone, fa re ntse re akanya kafa Jehofa a re bontshitseng bopelonomi jo bo lorato ka teng, a re ikutlwa re batla go mo direla se se tshwanang? Ka sekai, fa leina la ga Jehofa le tlhapadiwa, a go amega ka lone go go rotloetsa gore o mmuelele?
Ke sone se se neng sa direga ka Mokeresete mongwe yo o neng a sa le mosha mo phuthegong le mosadi wa gagwe fa ba ne ba ile phitlhong ya mongwe wa losika yo o neng a bolailwe ke kotsi ya sekuta. E ne e se tirelo ya bodumedi, ka jalo botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba letlelelwa go bua sengwe ka moswi. Sebui sengwe se ne sa simolola go pega Modimo molato ka loso lwa tshoganyetso lwa lekawana leno se re, ‘Modimo o ne a mmatla kwa legodimong, jaanong o mo tsere.’ Mokaulengwe wa rona wa Mokeresete o ne a palelwa ke go didimala fela. O ne a palama serala, le fa a ne a se na Baebele le fa e le dintlha. O ne a botsa jaana: “A o akanya gore Modimo yo o kutlwelobotlhoko, yo o pelotlhomogi, yo e leng mothatayotlhe o rata maemo a a ntseng jaana?” Go tswa foo o ne a tswelela ka puo ya metsotso e e lesome e e sa baakanyediwang a etla a nopola mo Dikwalong go tlhalosa lebaka la go bo re swa, se Modimo a se dirileng go golola batho mo losong, mmogo le tebelelo e e gakgamatsang ya go tsosediwa mo botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Batho ba ba fetang 100 ba ba neng ba le teng ba ne ba opa legofi ka lobakanyana. Moragonyana mokaulengwe o ne a gakologelwa jaana: “Ke ne ka ikutlwa ke itumela thata mo pelong go feta le fa e le leng pele. Ke ne ka lebogela Jehofa go bo a nthutile botlhale jwa gagwe le go bo a nneile sebaka sa go femela leina la gagwe le le boitshepo.”
Boikanyegi mo go Jehofa bo akaretsa boikanyegi mo Lefokong la gagwe, Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o dirisa Baebele go re ruta kafa re tshwanetseng ra tshela ka teng. Melao le melaometheo e e kwadilweng mo go yone ruri ke dikaelo tse di molemo le tse di mosola go gaisa tsotlhe mo botshelong. (Isaia 48:17) O se ka wa itlogelela gore o fapoge melao ya ga Jehofa ka ntlha ya go gatelelwa ke batho ba bangwe kgotsa ka ntlha ya makoa a gago. Nna o ikanyega mo Lefokong la Modimo.
Go ikanyega mo Modimong go akaretsa le go ikanyega mo phuthegong ya gagwe. Go ile ga tlhokega gore fa dingwaga di ntse di ya go nne le dipaakanyo le diphetogo mo tseleng e re tlhaloganyang ditemana dingwe ka yone. Boammaaruri ke gore ga go na ope yo o fepiwang sentle semoyeng jaaka rona. (Mathaio 24:45-47) Ga go pelaelo gore Jehofa o ntse a tshegetsa phuthego ya gagwe ya motlha wa gompieno ka metlha. A re ka se ka ra dira se se tshwanang? A. H. Macmillan o ne a dira jalo. Nakwana fela pele a tlhokafala, o ne a re: “Ke bone phuthego ya ga Jehofa e gola go tswa bonyenyaneng, fa ke ne ke ineela mo Modimong ke na le dingwaga di le somaamabeditharo ka September 1900, ya ba ya nna mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa batho ba ba itumetseng ba ba bolelang boammaaruri jwa gagwe ka tlhoafalo. . . . Fa ke ntse ke bona ke ya bowelong jwa tiro e ke e direlang Modimo mo lefatsheng, ke dumela go feta le fa e le leng pele gore Jehofa o kaetse batho ba gagwe a bo a ba naya sone fela se ba se tlhokang ka nako e e tshwanetseng.” Mokaulengwe Macmillan o ne a direla ka boikanyegi ka dingwaga di ka nna 66, go fitlha a tlhokafala ka August 26, 1966. E ne e le sekao se se molemo sa boikanyegi mo phuthegong ya Modimo e e bonalang.
Kwantle ga go ikanyega mo phuthegong, a re tla ikanyega mongwe go yo mongwe? Fa re tshosediwa ka pogiso e e setlhogo, a re tla nna re ikanyega mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi ba rona? Ka Ntwa ya Lefatshe II, bakaulengwe ba rona kwa Netherlands ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa boikanyegi. Mogolwane mongwe go tswa kwa Phuthegong ya Groningen, Klaas de Vries, o ne a botsolodiwa setlhogo ke Ba-Gestapo ba Banasi, a tsenngwa mo kgolegelong a le esi mo seleng malatsi a le 12 a filwe borotho le metsi fela, a bo a botsolodiwa gape. O ne a supiwa ka tlhobolo e bile a tshosediwa go twe o a bolawa, a newa metsotso e le mebedi fela go bolela gore bakaulengwe ba ba ikarabelang ba kae, mmogo le tshedimosetso e nngwe ya botlhokwa. Selo se le sosi se Klaas a neng a ka se bua e ne e le: “Ga ke na go tlhola ke bua sepe gape. . . . Ga nkitla ke nna mooki.” O ne a tshosediwa gararo ka tlhobolo. Kgabagare Ba-Gestapo ba ne ba itlhoboga, mme Klaas o ne a isiwa kwa kgolegelong e nngwe. Ga a ka a oka bakaulengwe ba gagwe le ka motlha.
A re tla bontsha boikanyegi le mo mothong yo o gaufi le rona ka losika go gaisa botlhe—molekane wa rona wa lenyalo? Fela jaaka Jehofa a ne a tlotla kamano ya gagwe ya go nna le kgolagano le setšhaba sa Iseraele, a re ikanyega mo maikanong a rona a lenyalo? Ga re tlhoke fela go ikanyega mme re tshwanetse ra dira maiteko a go nna le kamano e e gaufi le molekane wa rona. Tsaya kgato go nonotsha lenyalo la gago. Nnang le nako ya go dira dilo mmogo, buisanang ka kgololesego, tshegetsanang lo bo lo kgothatsane, reetsanang, tshegang mmogo, lelang mmogo, tshamekang mmogo, dirang mmogo gore lo fitlhelele mekgele ya lona loobabedi, mongwe le mongwe wa lona a dire se se itumedisang yo mongwe, nnang ditsala. Itiseng thata gore lo se ka lwa nna le maikutlo a lorato mo bathong ba sele. Le fa go siame e bile go se na molato go tsalana le batho ba o sa nyalanang le bone le go nna ditsala tse dikgolo le bone, maikutlo a lorato one a tshwanetse a bontshiwa molekane wa gago wa lenyalo fela. O se ka wa letla ope o sele a tsena fa gare ga gago le molekane wa gago.—Diane 5:15-20.
Ikanyege mo badumeding ka wena ba e leng ditsala tsa gago le ba e leng ba lelapa la gago. Fa dingwaga di ntse di feta, o se ka wa ba lebala. Nna o buisana le bone, ba kwalele, ba founele, ba etele. Kae le kae kwa botshelo bo ka go isang teng, leka gore o se ka wa ba swabisa. Dira gore ba itumelele go bolelela batho gore ba a go itse kgotsa gore lo masika. Go ikanyega mo go bone go tla dira gore o nne o nonofile go dira se se siameng e bile go tla go kgothatsa.—Esethere 4:6-16.
Ee, boikanyegi jwa boammaaruri bo akaretsa dikgato tse di tsewang go dibela dikamano le batho ba botlhokwa. Dira sotlhe se o ka se kgonang go duela bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Etsa boikanyegi jwa ga Jehofa fa o dirisana le phuthego ya Bokeresete, le molekane wa gago wa lenyalo, le lelapa la gago mmogo le ditsala tsa gago. Bolelela baagelani ba gago dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa ka boikanyegi. Mopesalema o ne a nepile fa a ne a re: “Ke tla opela ka bosakhutleng kaga dipontsho tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jwa lorato. Ke tla itsise boikanyegi jwa gago ka molomo wa me kokomana morago ga kokomana.” (Pesalema 89:1) A ga re ikutlwe re rata Modimo yo o ntseng jalo? Eleruri, “bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.”—Pesalema 100:5.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
A. H. Macmillan