Go Fenya Bokoa Jwa Nama
Go Fenya Bokoa Jwa Nama
“Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso.”—BAROMA 8:6.
1. Batho bangwe ba leba mmele wa motho jang, mme ke potso efe e re tshwanetseng go ipotsa yone?
“KE TLA go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.” (Pesalema 139:14) Mopesalema Dafide o ile a opela jalo fa a ntse a akanya ka sengwe sa dilo tse Jehofa a di bopileng—mmele wa motho. Mo boemong jwa go naya pako e e tshwanelang jaaka eno, barutisi bangwe ba bodumedi ba tsaya gore mmele ke sekhutlhwana sa boleo le sedirisiwa sa jone. O ile wa tsewa e le “sebipo sa botlhokakitso, motheo wa bosula, dikgole tsa bonweenwee, serubi sa lefifi, loso lo lo tshelang, setopo se se tshelang, le lebitla le le tsamayang.” Ke boammaaruri gore moaposetoloi Paulo o ile a re: “Mo nameng ya me, ga go nne sepe se se molemo.” (Baroma 7:18) A mme seno se bolela gore re iphitlhela fela re na le mmele o o nang le boleo o re ka se kang ra dira sepe ka one?
2. (a) “Go tlhoma mogopolo mo nameng” go kaya eng? (b) Batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba lebana le kgotlhang efe e e leng gone gareng ga “nama” le “moya”?
2 Ka dinako tse dingwe Dikwalo di bitsa mmele wa motho di re ke ‘nama.’ (1 Dikgosi 21:27) Gape di dirisa lefoko “nama” fa di bua ka motho yo o sa itekanelang e re ka e le setlogolwana se se nang le boleo sa ga Adame yo o ileng a tsuologa. (Baefeso 2:3; Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Boswa jo a re tlogeletseng jone bo ile jwa dira gore re nne le “bokoa jwa nama.” (Baroma 6:19) Mme Paulo o ile a tlhagisa jaana: “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso.” (Baroma 8:6) “Go tlhoma mogopolo mo nameng” go raya go laolwa le go tlhotlhelediwa ke dikeletso tsa bosaitekanelang jwa rona. (1 Johane 2:16) Ka jalo fa re leka go itumedisa Modimo, go aga go na le kgotlhang gareng ga bomoya jwa rona le bosaitekanelang jwa rona, kgotlhang e ka metlha e re gatelelang go dira “ditiro tsa nama.” (Bagalatia 5:17-23; 1 Petere 2:11) Fa Paulo a sena go tlhalosa kgotlhang eno e e sa itumediseng e e neng e le mo teng ga gagwe, o ile a ikuela jaana: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” (Baroma 7:24) A Paulo o ne a raelesega fela go se na se a ka se itirang? Baebele e araba ka nnyaa o o tlhamaletseng!
Thaelo le Boleo ke Dilo Tsa Mmatota
3. Batho ba le bantsi ba leba boleo le thaelo jang, mme Baebele e re tlhagisa jang kgatlhanong le boikutlo jo bo ntseng jalo?
3 Gompieno batho ba le bantsi ga ba dumele gore go na le boleo. Bangwe ba tsaya lefoko “boleo” motlhofo fela jaaka lefoko la bogologolo le le kayang makoa a a sa reng sepe a batho. Ga ba lemoge gore “rotlhe re tshwanetse go bonadiwa fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Keresete, gore mongwe le mongwe a tle a bone maduo a gagwe a dilo tse di dirilweng ka mmele, go ya ka dilo tse a neng a tlwaetse go di dira, e ka ne di le molemo kgotsa di le bosula.” (2 Bakorintha 5:10) Ba bangwe ba ka nna ba ipuela fela ba re: “Nna ke raelesega motlhofo fela!” Batho bangwe ba tshela mo gare ga batho ba ba ratang botshelo jwa go batla go kgotsofala ka bonako e ka ne e le ka dijo, tlhakanelodikobo, go ijesa monate kana katlego. Ga se fela gore ba batla sengwe le sengwe, mme mo godimo ga moo, ba se batla gone jaanong! (Luke 15:12) Ba lebile fela go ijesa monate ga gone jaanong, ga ba akanye ka boipelo jwa mo isagweng jwa “botshelo jwa mmatota.” (1 Timotheo 6:19) Le fa go ntse jalo, Baebele e re ruta gore re akanye dilo ka kelotlhoko mme re se ka ra leba fela dilo tsa gone jaanong, le gone re tile dilo dipe fela tse di ka re gobatsang semoyeng kana ka ditsela tse dingwe. Seane sengwe se se tlhotlheleditsweng sa re: “Yo o botlhale yo o boneng masetlapelo o ne a iphitlha; ba ba se nang maitemogelo ba ba fetileng ba bogile matswela a a botlhoko.”—Diane 27:12.
4. Paulo o ne a ntsha tlhagiso efe mo go 1 Bakorintha 10:12, 13?
4 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba ba nnang kwa Korintha—motse o o neng o itsege ka boitsholo jo bo maswe—o ile a ntsha tlhagiso e e sa feteletseng dilo malebana le thaelo le maatla a boleo. O ile a re: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa. Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong. Mme Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:12, 13) Rotlhe fela—basha le bagolo, banna le basadi—re lebana le dithaelo tse dintsi kwa sekolong, kwa tirong, kana go sele. Ka gone, a re sekasekeng mafoko a ga Paulo mme re bone gore a na le bokao bofe mo go rona.
Se Itshepe Thata
5. Ke eng fa go le kotsi go itshepa thata?
5 Paulo a re: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” Go kotsi go itshepa thata malebana le go nonofa ga rona mo boitsholong. Go supa gore motho o a bo a sa tlhaloganye tsela e boleo bo leng ka yone le maatla a jone. E re ka batho ba ba jaaka Moshe, Dafide, Solomone le moaposetoloi Petere ba kile ba leofa, a re tshwanetse go ikutlwa re ka se diragalelwe ke se se tshwanang? (Dipalo 20:2-13; 2 Samuele 11:1-27; 1 Dikgosi 11:1-6; Mathaio 26:69-75) Diane 14:16 ya re: “Yo o botlhale o a boifa mme o fapoga bosula, mme sematla se a shakgala e bile se a itshepa.” Mo godimo ga moo, Jesu o ile a re: “Moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” (Mathaio 26:41) E re ka go se na motho ope yo o sa itekanelang yo o se keng a nna le dikeletso tse di bosula, re tshwanetse go tsaya tlhagiso ya ga Paulo tsia mme ra tila dithaelo go seng jalo re ka tloga ra wa.—Jeremia 17:9.
6. Re tshwanetse go ipaakanyetsa thaelo leng mme jang?
6 Go botlhale go ipaakanyetsa mathata a a ka tlhagang re sa a lebelela. Kgosi Asa o ile a lemoga gore nako e e neng e tshwanela sentle gore a age mafelo a tshireletso e ne e le fa go sa ntse go le kagiso. (2 Ditiragalo 14:2, 6, 7) O ne a itse gore go ne go tla bo go le thari go ipaakanya ka nako ya fa a tlhaselwa. Go ntse jalo le ka ditshwetso tse di malebana le gore re tshwanetse go dira eng fa re lebana le dithaelo, go botlhale go di dira ka mogopolo o o tlhapogileng sentle ka nako ya fa dilo di sa ntse di tsamaya sentle. (Pesalema 63:6) Daniele le ditsala tsa gagwe tse di boifang Modimo ba ile ba dira tshwetso ya gore ba tla ikobela molao wa ga Jehofa pele ga ba gatelelwa gore ba je dijo tse di monate tsa kgosi. Ka gone, ba ne ba kgomarela se ba neng ba se dumela kwantle ga go okaoka mme ba se ka ba ja dijo tse di itshekologileng. (Daniele 1:8) A re direng tshwetso pele ga re welwa ke diteko gore re tla ipoloka re le phepa mo boitsholong. Fa re dira jalo, re tla kgona go fenya boleo.
7. Ke eng fa go gomotsa go itse gore batho ba bangwe ba ile ba fenya dithaelo?
7 A bo mafoko ano a ga Paulo a re gomotsa jang ne: “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong”! (1 Bakorintha 10:13) Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana: “Ganetsanang le [Diabolo], lo nonofile mo tumelong, lo itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba lona mo lefatsheng.” (1 Petere 5:9) Ee, batho ba bangwe ba ile ba lebana le tsone dithaelo tseno mme ba ile ba kgona go di fenya ka thuso ya Modimo mme le rona re ka kgona. Le fa go ntse jalo, e re ka rona Bakeresete ba boammaaruri re tshela mo lefatsheng le le boikepo, rotlhe re ka lebelela dithaelo nako nngwe le nngwe. Ka gone, ke eng se se ka re thusang go tshepa gore re ka kgona go fenya bokoa jwa rona jwa nama le dithaelo tsa boleo?
Re ka Fenya Thaelo!
8. Tsela ya konokono e re ka tilang thaelo ka yone ke efe?
8 Tsela ya konokono ya go tlogela go nna “batlhanka ba boleo” ke go tila thaelo fa go kgonega. (Baroma 6:6) Diane 4:14, 15 e re kgothatsa jaana: “O se ka wa tsena mo tselaneng ya baikepi, mme o se ka wa tsamaya wa tlhamalalela mo tseleng ya ba ba bosula. E tile, o se ka wa feta ka yone; e fapoge, mme o fetele pele.” Gantsi re tle re itse go sa le gale fa e le gore maemo mangwe a ka gogela mo boleong. Ka gone, selo se rona Bakeresete re tshwanetseng go se dira ke gore re “fetele pele,” re tsamaela kgakala le motho ope le selo sepe fela kana lefelo lepe le le ka tsosang dikeletso tse di bosula le go re tlhotlheletsa go dira dilo tse di maswe.
9. Dikwalo di gatelela jang kgang ya gore motho a tshabe a tswe mo maemong a a raelang?
9 Go tshaba o tswa mo seemong se se go tsenyang mo thaelong ke tsela e nngwe ya konokono e e ka go thusang go fenya thaelo. Paulo o ile a gakolola jaana: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) O ile a kwala jaana: “Tshabang kobamelo ya medingwana.” (1 Bakorintha 10:14) Gape moaposetoloi o ne a tlhagisa le Timotheo gore a tshabe keletso e e feteletseng ya dikhumo le “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.”—2 Timotheo 2:22; 1 Timotheo 6:9-11.
10. Ke dikai dife tse pedi tse di sa tshwaneng tse di bontshang botlhokwa jwa gore motho a tshabe a tswe mo thaelong?
10 Akanya ka kgang ya ga Kgosi Dafide wa Iseraele. Fa a ntse a lebile a le mo marulelong a ntlo ya gagwe ya segosi, o ne a bona mosadi yo montle a tlhapa, mme keletso e e bosula ya tlala ka pelo ya gagwe. O tshwanetse a ka bo a ile a tswa mo borulelong gore a tshabe thaelo. Mo boemong jwa seo, o ile a botsa ka mosadi yono—Bathesheba—mme matswela ya nna a a botlhoko. (2 Samuele 11:1–12:23) Kafa letlhakoreng le lengwe, Josefa o ile a itshwara jang fa mosadi wa mongwagwe yo o nang le boitsholo jo bo maswe a ne a mo kgothaletsa go lala le ene? Pego e re bolelela jaana: “Ga diragala gore fa a ne a ntse a bua le Josefa letsatsi le letsatsi ga a ise a ke a mo reetse gore a lale fa thoko ga gagwe, a tswelele a na le ene.” Josefa o ne a mo araba ka go bua jaana tota le pele ga go nna le ditaelo dipe tsa Molao wa ga Moshe: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” Letsatsi lengwe o ne a mo phamola, a re: “Lala le nna!” A Josefa o ne a nna foo a leka go akantshana le ene? Nnyaa. O ile “a tshaba, a tswela kwa ntle.” Josefa o ile a se ka a naya thaelo ya go tlhakanela dikobo sebaka sa go mo fenya. O ile a tshaba!—Genesise 39:7-16.
11. Ke eng se re ka kgonang go se dira fa re lebana le thaelo e e sa kgaotseng?
11 Ka dinako tse dingwe go tshaba go tsewa e le bogatlapa, mme gone, gantsi go tshaba o tswa mo seemong se se rileng ke kgato e e botlhale. Gongwe re lebana le thaelo e e sa kgaotseng kwa tirong. Le fa gone re ka nna ra se ka ra kgona go bona tiro go sele, go ka nna ga bo go na le ditsela tse dingwe tse re ka di latelang go tswa mo maemong ao a a raelang. Re tshwanetse go tshabela sepe fela se re itseng se le phoso, mme re tshwanetse go ititaya sehuba go dira fela se re itseng se siame. (Amose 5:15) Ka dinako tse dingwe go tshaba o tswa mo thaelong go ka tlhoka gore o tile mafelo mangwe a ditshwantsho tse di hepisang mo Internet kana mafelo mangwe a a belaetsang a boitlosobodutu. Gape go ka re tlhoka gore re gagole makasine mongwe kana re senke ditsala tse disha—tse di ratang Modimo e bile e le tse di ka re thusang. (Diane 13:20) Le fa e ka tswa e le eng se se re raelang go dira boleo, go ka nna molemo fa re se fularela re ititeile sehuba.—Baroma 12:9.
Kafa Thapelo e ka Thusang ka Teng
12. Re a bo re kopa eng mo Modimong fa re rapela jaana: “O se ka wa re tsenya mo thaelong”?
12 Paulo o re tlhomamisetsa jaana ka tsela e e nametsang pelo: “Modimo o boikanngo, e bile ga o na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa e le gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:13) Tsela nngwe e Jehofa a re thusang ka yone ke ka go araba dithapelo tsa rona fa re mo kopa gore a re thuse go itshokela thaelo. Jesu Keresete o ne a re ruta go rapela jaana: “O se ka wa re tsenya mo thaelong, mme o re golole mo go yo o boikepo.” (Mathaio 6:13) Fa Jehofa a araba thapelo e e ntseng jalo e e tswang pelong, ga a kitla a re lesa re tsena mo thaelong; o tla re namola mo go Satane le mo ditirong tsa gagwe tsa boferefere. (Baefeso 6:11, mokwalo o o kwa tlase mo NW) Re tshwanetse go kopa Modimo gore a re thuse go lemoga dithaelo le go nna le nonofo ya go di fenya. Fa re mo kopa gore a se ka a letla gore re palelwe fa re lekwa, o tla re thusa gore re se ka ra fekeediwa ke Satane, “yo o boikepo.”
13. Re tshwanetse go dira eng fa re lebane le dithaelo tse di sa kgaotseng?
13 Re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo segolobogolo fa re lebana le dithaelo tse di sa kgaotseng. Dithaelo dingwe di ka re kgobera maikutlo thata di re dira gore re nne le dikakanyo le maikutlo a a re gopotsang kafa re leng bokoa ka teng. (Pesalema 51:5) Ka sekai, re ka dira eng fa re tshwenngwa ke go nna re gopola mekgwa ya rona e e maswe ya nako e e fetileng? Go tweng fa e le gore re raelesega go e boela? Go na le gore o leke go gatelela maikutlo a a ntseng jalo, bolelela Jehofa kgang eo ka thapelo—fa go kgonega, gangwe le gape. (Pesalema 55:22) Ka maatla a Lefoko la gagwe le moya o o boitshepo, a ka re thusa go itshekisa megopolo ya rona le go tlosa ditshekamelo tse di leswe.—Pesalema 19:8, 9.
14. Ke eng fa thapelo e le botlhokwa mo go re thuseng go fenya thaelo?
14 Jesu o ile a kgothatsa jaana fa a ne a lemoga gore baaposetoloi ba gagwe ba a otsela mo tshimong ya Gethesemane: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong. Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” (Mathaio 26:41) Tsela nngwe e e ka re thusang go fenya thaelo ke go ela tlhoko mekgwa e e farologaneng e thaelo e ka tlang ka yone le go lemoga kafa e ka nnang bofitlha ka teng. Gape go botlhokwa gore re rapelele thaelo kwantle ga go diega e le gore re e ipaakanyetse sentle semoyeng go e lwantsha. E re ka thaelo e re tlhasela mo re leng bokoa teng, re ka se e fenye ka borona fela. Thapelo e botlhokwa ka gonne nonofo e e tswang mo Modimong e ka re thusa gore re kgone go itshireletsa kgatlhanong le Satane. (Bafilipi 4:6, 7) Gape re ka nna ra tlhoka thuso ya semoya le go rapelelwa ke “banna ba bagolwane ba phuthego.”—Jakobe 5:13-18.
Tlhagafalela go Lwantsha Thaelo
15. Go lwantsha thaelo go akaretsa eng?
15 Kwantle ga go tila thaelo fa go kgonega, re tshwanetse go tlhagafalela go e lwantsha go fitlha e feta kana maemo a fetoga. Fa Jesu a ne a raelwa ke Satane, o ne a ganetsa Diabolo go fitlha a mo tlogela. (Mathaio 4:1-11) Morutwa Jakobe o ile a kwala jaana: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Go mo ganetsa go simolola ka gore re nonotshe mogopolo wa rona ka Lefoko la Modimo le go swetsa ka tlhomamo gore re tla kgomarela melao ya gagwe. Go ka nna molemo fa re ka tshwara ka tlhogo dikwalo tsa konokono tse di buang ka bothata jo bo rileng jo re nang le jone le go tlhatlhanya ka tsone. Go ka nna molemo go senka Mokeresete yo o godileng semoyeng—gongwe e le mogolwane—yo re ka mmolelelang dilo tse di re tshwenyang le yo re ka kopang thuso mo go ene fa re lebana le thaelo.—Diane 22:17.
16. Re ka nna jang re le phepa mo boitsholong?
16 Dikwalo di re kgothaletsa go apara botho jo bosha. (Baefeso 4:24) Seno se bolela gore re letle Jehofa a re bopa le go re fetola. Paulo o ile a bua jaana a kwalela modirikaene e bong Timotheo: “Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo. Tlhabana tlhabano e e molemomogolo ya tumelo, tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata jo o neng wa bo bilediwa.” (1 Timotheo 6:11, 12) Re ka “latelela tshiamo” ka go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo e le gore re nne le kitso e e boteng kaga botho jwa gagwe mme go tswa foo re bo re tshela ka tsela e e dumalanang le se a batlang re se dira. Gape go botlhokwa thata gore re nne le seabe ka botlalo mo ditirong tsa Bokeresete, tse di jaaka go rera dikgang tse di molemo le go nna gone kwa dipokanong. Go atamelana le Modimo le go dirisa ka botlalo dithulaganyo tsa gagwe tsa semoya go tla re thusa go gola semoyeng le go nna re le phepa mo boitsholong.—Jakobe 4:8.
17. Re itse jang gore Modimo ga a na go re latlha fa re lebane le thaelo?
17 Paulo o re tlhomamisetsa gore thaelo epe fela e re lebanang le yone e ka se palele maatla a Modimo a re nayang one go lebana le yone. Jehofa o tla ‘re direla tsela ya go tswa e le gore re kgone go e itshokela.’ (1 Bakorintha 10:13) Ee ruri, fa re tswelela pele re ikanya Modimo ga a kitla a letla gore re welwe ke thaelo e e ka re fekeetsang mo re se kitlang re nna le nonofo e e lekaneng ya semoya go nna re thokgame. O batla gore re atlege fa re ntse re tlhagafaletse go lwantsha thaelo e e re pateletsang go dira se se sa siamang mo matlhong a gagwe. Mo godimo ga moo, re ka ikanya tsholofetso eno ya gagwe: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope lefa e le go go latlha ka gope.”—Bahebera 13:5.
18. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore re ka fenya bokoa jwa rona jwa nama?
18 Paulo o ne a se na ketsaetsego epe malebana le matswela a go lwa ga gagwe le bokoa jwa gagwe jwa nama. O ne a sa itseye e le motho yo o tlhomolang pelo yo o ka se kang a kgona go dira sepe ka dikeletso tsa gagwe tsa nama. Go na le moo o ile a re: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege; tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke e le gore ke se ka ka itaya phefo; mme ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka, gore, fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.” (1 Bakorintha 9:26, 27) Le rona re ka kgona go fenya bosaitekanelang jwa rona. Rraarona yo o lorato wa selegodimo o re neela dikgakololo ka metlha tse di re thusang go latela tsela e e siameng a dirisa Dikwalo, dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng, dipokano tsa Bokeresete le Bakeresetekarona ba ba godileng semoyeng. Ka thuso ya gagwe re ka kgona go fenya bokoa jwa nama!
A o A Gakologelwa?
• “Go tlhoma mogopolo mo nameng” go kaya eng?
• Re ka ipaakanyetsa thaelo jang?
• Ke eng se re ka se dirang go lepalepana le thaelo?
• Thapelo e na le seabe sefe mo go re thuseng go lebana le thaelo?
• Re itse jang gore go a kgonega gore re fenye bokoa jwa nama?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Baebele ga e rute gore ga go sepe se re ka se dirang ka dikeletso tsa rona tsa nama
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Go tshaba o tswa mo thaelong ke tsela e nngwe ya konokono ya go tila boleo