Paradaise ya Semoya ke Eng?
Paradaise ya Semoya ke Eng?
GUSTAVO o goletse kwa motseng o monnye kwa Brazil. * Go tloga bongwaneng jwa gagwe o ne a rutwa gore batho ba ba siameng ba ya legodimong fa ba sena go swa. O ne a sa itse sepe ka maikaelelo a Modimo a gore ka letsatsi lengwe batho ba ba ikanyegang ba tla itumelela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 21:3, 4) Mme go ne go na le selo se sengwe gape se a neng a sa se itse. O ne a sa lemoge gore tota le gone jaanong, a ka kgona go nna mo paradaiseng ya semoya.
A o kile wa utlwa ka paradaise eo ya semoya? A o a itse gore ke eng le gore go batlega eng gore o nne karolo ya yone? Mongwe le mongwe yo o batlang go itumela tota o tlhoka go itse ka paradaise eo.
Go Bona Paradaise ya Semoya
Go bolela gore tota le gompieno motho a ka kgona go tshela mo paradaiseng go ka utlwala go se boammaaruri. Lefatshe leno ga se paradaise gotlhelele. Batho ba le bantsi thata ba diragalelwa ke se se tlhalosiwang fano ke kgosi nngwe ya bogologolo ya Mohebera: “Bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla, mo ba neng ba se na mogomotsi.” (Moreri 4:1) Dimilione di le dintsi tsa batho di a boga mo ditsamaisong tse di bodileng tsa bopolotiki, tsa bodumedi le tsa ikonomi mme ga go na sepe se se ka ba namolang, ga ba na “mogomotsi.” Ba bangwe ba le bantsi ba kgaratlhela go duela melato ya bone, go godisa bana le go dira dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di tlhokegang gore ba tshele. Gongwe le bano ba ka itumelela go bona mogomotsi, mongwe yo o ka fokotsang mokgweleo wa bone go sekae. Batho bano botlhe, ga ba bone fa botshelo e le jwa sekaparadaise le e seng.
Ka gone he, paradaise ya semoya e kae? Lefoko la Seesemane la “paradise” le amana le mafoko a Segerika, Seperesia le Sehebera ao otlhe a nang le kgopolo ya lefelo le le jaaka paraka kana tshimo, lefelo le le lapolosang le le iketlileng. Baebele e solofetsa gore ka letsatsi lengwe lefatshe le tla nna paradaise ya mmatota, legae la sekaparadaise la batho ba ba se nang boleo. (Pesalema 37:10, 11) Re akantse ka seno, re bona gore paradaise ya semoya ke tikologo e e itumedisang matlho le e e ritibatsang, e e dirang gore motho a nne le kagiso le monkaene le Modimo. Gompieno, jaaka Gustavo a ile a bona, paradaise e e ntseng jalo e teng mme e akaretsa batho ba bantsi ba ba ntseng ba oketsega.
Fa Gustavo a ne a le dingwaga di le 12, o ne a swetsa gore o batla go nna moruti wa Roma Katoliki. Ka tumelelo ya batsadi ba gagwe, o ne a ya sekolong sa boruti sa bodumedi. Fa a le koo, o ne a simolola go ithuta mmino, go tshameka terama, bopolotiki, e leng dilo tse di neng di rotloediwa ke kereke go ngoka basha. O ne a itse gore moruti o tshwanetse go ineela go direla batho le gore ga a tshwanela go nyala. Le fa go ntse jalo, bangwe ba baruti le baithuti ba bangwe ba sekolo sa boruti ba Gustavo a neng a ba itse ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Mo tikologong e e ntseng jalo, go ise go ye kae Gustavo o ne a simolola go nwa thata. Ka mo go phepafetseng, o ne a ise a bone paradaise ya semoya.
Ka letsatsi lengwe, Gustavo o ne a bala pampitshana ya Baebele e e neng e bua ka paradaise ya mo lefatsheng. E ne ya dira gore a akanye ka bokao jwa botshelo. O bolela jaana: “Ke ne ka simolola
go bala Baebele gangwe le gape, mme ke ne ke sa e tlhaloganye. Ke ne ke sa kgone le go bona gore Modimo o na le leina.” O ne a tswa kwa sekolong sa boruti mme a ya go Basupi ba ga Jehofa, a batla gore ba mo thuse go tlhaloganya Baebele. Morago ga foo, o ne a gatela pele ka bonako mme go ise go ye kae o ne a ineela go Modimo. Gustavo o ne a ithuta ka paradaise ya semoya.Batho ba Leina la Modimo
Gustavo o ne a ithuta gore leina la Modimo e leng Jehofa, ga se fela selo se baithuti ba Baebele ba ka se ithutang fa ba batla. (Ekesodo 6:3) Ke karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Fa morutwa Jakobe a ne a bua ka Baditšhaba ba ba neng ba nna Bakeresete, o ne a bolela jaana: “Modimo [o ne a] lebisa tlhokomelo ya gagwe . . . kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone.” (Ditiro 15:14) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “batho ba leina la gagwe” e ne e le phuthego ya Bokeresete. A go na le batho ba leina la Modimo gompieno? Ee, mme Gustavo o ne a lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ke bone batho bao.
Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo dinageng le mo mafelong a le 235. Ke badiredi ba ba fetang dimilione di le thataro, mme dimilione tse dingwe tse robedi tsa batho ba ba kgatlhegang ba ile ba nna teng kwa dipokanong tsa bone. E re ka ba itsege gongwe le gongwe ka bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa, ba diragatsa mafoko ano a ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Gone ke ka ntlha yang fa Gustavo a ile a akanya gore o bone paradaise ya semoya ka go kopanela le Basupi ba ga Jehofa? O bolela jaana: “Ke ne ka bapisa se ke se boneng kwa lefatsheng, segolobogolo se ke se boneng kwa sekolong sa boruti, le se ke se boneng mo Basuping ba ga Jehofa. Pharologano e kgolo ke lorato lo Basupi ba nang le lone.”
Ba bangwe ba ile ba dira dikakgelo tse di tshwanang ka Basupi ba ga Jehofa. Miriam, mosadi mongwe yo mosha wa kwa Brazil, o ne a bolela jaana: “Ke ne ke sa itse gore boitumelo ke eng, tota le mo lelapeng la me. Lekgetlo la ntlha le ke neng ke bona lorato ka lone e ne e le mo Basuping ba ga Jehofa.” Monna mongwe yo o bidiwang Christian o ne a bolela jaana: “Gangwe le gape ke ne ke nna le seabe mo tirisabadimong, mme bodumedi bo ne bo se botlhokwa mo go nna. Ke ne ke tseela boemo jwa me le tiro ya me ya go nna moenjeniri kwa godimo thata. Le fa go ntse jalo, fa mosadi wa me a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka bona pharologano mo go ene. Mme ke ne ke kgatlhwa gape ke go bona boipelo le tlhoafalo e basadi ba Bakeresete ba ba neng ba mo etela ba neng ba na le yone.” Ke eng fa batho ba bolela dilo tse di ntseng jalo ka Basupi ba ga Jehofa?
Paradaise ya Semoya ke Eng?
Selo se le sengwe se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologe ke kafa ba anaanelang kitso ya Baebele ka teng. Ba dumela gore Baebele e boammaaruri le gore ke Lefoko la Modimo. Ka gone, ga ba kgotsofalele fela go itse dilo tsa motheo mo bodumeding jwa bone. Ba na le thulaganyo e e tswelelang pele ya go ithuta ka namana le go bala Baebele. Fa motho a nna le nako e ntsinyana a kopanela le Basupi ba ga Jehofa, o ithuta mo go oketsegileng ka Modimo le go rata ga Gagwe jaaka go senotswe mo Baebeleng.
Kitso e e ntseng jalo e golola Basupi ba ga Jehofa mo dilong tse di amogang batho boitumelo, tse di jaaka tumelabotlhodi le dikgopolo tse di gobatsang. Jesu o ne a bolela jaana: “Boammaaruri bo tla lo golola,” e bile Basupi ba ga Jehofa ba fitlhela seno se le boammaaruri. (Johane 8:32) Fernando, yo ka nako nngwe a neng a dirisa tirisabadimo, o bolela jaana: “Go ithuta ka botshelo jo bo sa khutleng go ne ga nkgolola thata. Ke ne ke boifa gore nna kana batsadi ba me ba tla swa.” Boammaaruri bo ile jwa golola Fernando mo go boifeng meya le sengwe se go tweng ke botshelo morago ga loso.
Mo Baebeleng, kitso ya Modimo e amana thata le paradaise. Moporofeti Isaia o ne a bolela jaana: “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Gone ke boammaaruri, kitso ka boyone ga e a lekana go tlisa kagiso e e boleletsweng pele ke Isaia. Motho o tshwanetse go dira se a se ithutang. Fernando o ne a akgela jaana: “Fa motho a tlhagolela maungo a moya, o thusa go bopa paradaise ya semoya.” Fernando o ne a lebisitse mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a re dinonofo tse dintle tse Mokeresete a tshwanetseng go di tlhagolela ke “maungo a moya.” O ne a di balolola a re ke “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.
A o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa go kopanela le batho ba ba lekang go tlhagolela maungo a a ntseng jalo go ka tshwana le paradaise tota? Paradaise ya semoya e moporofeti Sefania a ileng a bolelela pele ka yone e ne e tla nna gare ga batho ba ba ntseng jalo. O ne a bolela jaana: “Ga ba ne ba dira tshiamololo epe, le fa e le go bua maaka, le gone ga go ne go fitlhelwa loleme lwa tsietso mo melomong ya bone; gonne bone ba tla ja ba bo ba robala ba namaletse, mme ga go na ope yo o tla ba boifisang.”—Sefania 3:13.
Seabe se se Botlhokwa sa Lorato
O ka tswa o lemogile gore lwa ntlha lwa maungo a moya lo Paulo a lo umakileng ke lorato. Ke nonofo e Baebele e buang thata ka yone. Jesu o ne a bolela jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Gone ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ga ba a itekanela. Ka dinako tse dingwe ba nna le dikgotlhang fela jaaka go ne go ntse ka baaposetoloi ba ga Jesu. Le fa go ntse jalo ba ratana ka mmatota, e bile ba rapelela kemonokeng ya moya o o boitshepo fa ba ntse ba tlhagolela nonofo eno.
Ka ntlha ya seo, botsalano jwa bone ga bo tshwane le bope. Mo gare ga bone ga ba na bomorafe kana bosetšhaba jo bo ba kgaoganyang. Tota e bile, Basupi ba le bantsi ba ba ileng ba amega mo dipolaong tsa ditso le mo kgailong ya merafe kwa bofelong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga ba ile ba sireletsana le fa seno se ne se baya matshelo a bone mo kotsing. Le fa gone ba tswa mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,” ba na le kutlwano e go leng thata go e tlhaloganya fa o ise o e bone.—Tshenolo 7:9.
Paradaise Gare ga Bao ba Dirang go Rata ga Modimo
Mo paradaiseng ya semoya ga go letlelelwe bogagapa, boitsholo jo bo sa siamang le bopelotshetlha. Bakeresete ba bolelelwa jaana: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Fa re tshela matshelo a a phepa a boitsholo jo bo siameng mme re dira go rata ga Modimo ka ditsela tse dingwe, re thusa go bopa paradaise ya semoya e bile re oketsa boitumelo jwa rona ka borona. Carla o ne a bona seno se le boammaaruri. O bolela jaana: “Rre o ne a nthuta go dira ka natla gore ke kgone go itlamela ka madi. Mme le fa dithuto tsa me tsa yunibesithi di ile tsa dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile, ke ne ke tlhoka kutlwano ya lelapa le tshireletsego e kitso e e tswang mo Lefokong la Modimo e ka re neelang yone.”
Pesalema 55:22; Pesalema 86:16, 17) Modimo o solofetsa gore o tla tshegetsa baobamedi ba gagwe tota le mo “mokgatšheng wa moriti o montsho.” (Pesalema 23:4) Go tshepa gore Modimo o iketleeditse go re tshegetsa go re thusa gore re boloke “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe,” e e leng motheo wa paradaise ya semoya.—Bafilipi 4:7.
Gone mme, go ipelela paradaise ya semoya ga go tlose mathata a nama mo botshelong. Bakeresete ba sa ntse ba lwala. Setšhaba se ba tshelang mo go sone se ka nna sa amega mo ntweng ya selegae. Ba le bantsi ba itshokela lehuma. Le fa go ntse jalo, go nna le botsala jo bo gaufi le Jehofa Modimo—e leng karolo e e botlhokwa ya paradaise ya semoya—go raya gore re ikaege ka ene gore a re tshegetse. Ebu, o re laletsa gore re ‘latlhele mekgweleo ya rona mo go ene,’ mme ba le bantsi ba ka supa tsela e e gakgamatsang e a ileng a ba tshegetsa ka yone ka nako ya fa ba ne ba le mo boemong jo bo boima thata. (Go Thusa go Bopa Paradaise ya Semoya
Batho ba le bantsi ba rata go etela kwa parakeng kana mo tshimong. Ba rata go tsamaya mo go yone kana go dula mo bankeng ba lebe tikologo ya yone. Ka tsela e e tshwanang, ba le bantsi ba itumelela go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ba fitlhela botsalano jwa bone bo lapolosa, e le jwa kagiso e bile bo tsosolosa. Le fa go ntse jalo, tshimo e ntle e tlhoka go tlhokomelwa gore e tswelele e ntse e tshwana le paradaise. Ka mo go tshwanang, paradaise ya semoya e teng mo lefatsheng leno le e seng la paradaise fela ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba a e tlhagolela le gore Modimo o segofatsa maiteko a bone. Ka gone he, motho a ka thusa jang ka tsela e e molemo go bopa paradaise eno?
Sa ntlha, o tshwanetse go kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa, o ithute Baebele le bone mme o nne le kitso ya Baebele e e leng motheo wa paradaise ya semoya. Carla o ne a bolela jaana: “Go ka se ka ga nna le paradaise ya semoya fa go se na dijo tsa semoya.” Se se akaretsa go bala Lefoko la Modimo ka metlha le go akanya ka se o se balang. Kitso e o e bonang e tla dira gore o atamele gaufi thata le Jehofa Modimo mme o tla kgona go mo rata. Mme gape o tla kgona go ithuta go bua le ene ka thapelo le go mo kopa gore a go kaele le gore moya wa gagwe o go tshegetse fa o ntse o dira go rata ga gagwe. Jesu o ne a re re ineele mo thapelong. (Luke 11:9-13) Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Rapelang lo sa kgaotse.” (1 Bathesalonika 5:17) Tshiamelo ya go bua le Modimo ka thapelo o tlhatswegile pelo tota gore o a go utlwa ke karolo e e botlhokwa ya paradaise ya semoya.
Fa nako e ntse e tsamaya, botshelo jwa gago bo tla fetoga bo nna botoka ka ntlha ya se o se ithutang mme kgabagare o tla batla go bua le ba bangwe ka gone. Go tswa foo o tla kgona go diragatsa taelo eno ya ga Jesu: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Mathaio 5:16) Go bolelela ba bangwe ka kitso ya ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete le go tlotlomatsa lorato le ba le bontshitseng batho go lere boitumelo jo bogolo.
Nako e a tla e ka yone lefatshe lotlhe e tla bong e le paradaise ya mmatota—lefelo le le tshwanang le tshimo le le se nang kgotlelo e bile e le legae le le tshwanelang batho ba ba ikanyegang. Go nna teng ga paradaise ya semoya mo “[dinakong tseno] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone” go supa maatla a Modimo e bile ke sesupo sa gore o kgona go dira eng le gore o tla dira eng mo isagweng.—2 Timotheo 3:1.
Tota le gone jaanong, bao ba leng mo paradaiseng ya semoya ba bona go diragadiwa ga semoya ga Isaia 49:10 e e reng: “Ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala, e bile ga ba kitla ba tshwarwa ke lenyora, le fa e le go itewa ke mogote o o phaphalatsang kgotsa letsatsi. Gonne Yo o ba tlhomogelang pelo o tla ba etelela pele, mme o tla ba isa fa metsweding ya metsi.” José o tla supa boammaaruri jwa seo. O ne a eletsa go nna rammino yo o tumileng, mme le fa go ntse jalo o ne a bona kgotsofalo e e oketsegileng ka go direla Modimo le phuthego ya Bokeresete. O bolela jaana: “Gone jaanong ke na le botshelo jo bo nang le bokao. Ke ikutlwa ke sireletsegile mo gare ga bokaulengwe jwa Bokeresete e bile ke itse Jehofa e le Rre yo o lorato yo re ka mo ikanyang.” Boitumelo jwa ga José—le jwa ba bangwe ba ba dimilione ba ba tshwanang le ene—bo tlhalosiwa sentle jaana mo go Pesalema 64:10: “Yo o siameng o tla ipela mo go Jehofa mme ruri o tla tshabela mo go ene.” A bo e le tlhaloso e ntle jang ne ya paradaise ya semoya!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 2 Batho ba ba umakilweng ke batho ba mmatota mme mangwe a maina a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Fa o ntse o ipelela paradaise ya semoya, thusa go e godisa!