Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go leba jang mokgwa o o tlwaelegileng wa go naya ba bangwe dikhopi tsa dithulaganyo tsa khomputara (software programs)?
Ka phoso, bangwe ba ka nna ba leka go dira gore e nne e kete mokgwa ono ga o phoso ka go umaka mafoko ano a ga Jesu: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” Gone mme, Jesu o ne a sa bue ka go aba mahala dikhopi tsa dikgatiso kana dithulaganyo tsa khomputara tse di nang le ditshwanelo tsa beng ba tsone, tse go dirisiwa ga tsone go laolwang ke molao. O ne a raya go aba mo bodireding. Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba ya kwa metseng le kwa metsaneng e e farologaneng gore ba ne ba tshwanetse go rera ka Bogosi gone, ba fodise balwetse le go leleka badimona. Go na le gore baaposetoloi ba kope madi go dira seno, ba ne ba tshwanetse go “naya mahala.”—Mathaio 10:7, 8.
E re ka go na le dikhomputara tse dintsi tsa batho ka namana le tse di dirisiwang mo dikgwebong, batho ba le bantsi ba ile ba tlhoka dithulaganyo tsa tsone. Gantsi di tshwanetse go rekwa. Gone ke boammaaruri gore batho bangwe ba kwala dithulaganyo tse ba di nayang batho mahala mme bo ba ba bolela gore go ka nna ga dirwa
dikhopi tsa tsone mme tsa fiwa ba bangwe gape. Mme le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithulaganyo tsa khomputara di a rekisiwa. Go sa kgathalesege gore a motho o batla go di dirisa ka namana kwa gae kana mo kgwebong, go lebeletswe gore batho ba ba dirisang dithulaganyo tsa khomputara ba di reke, ba di duelele. Fa motho a ka tsaya khopi ya thulaganyo ya khomputara a sa e duelela kana a e itirela, o tla bo a dira sengwe se se seng kafa molaong, fela jaaka go ntse ka go dira difotokhopi tse dintsi tsa dibuka, tota le go aba dikhopi tseo tsa teng mahala.Bontsi jwa dithulaganyo tsa khomputara (go akaretsa le metshameko ya tsone) di na le laesense, e mong wa yone/modirisi wa yone a tshwanetseng go latela melao le ditekanyetso tsa yone tse di kgethegileng. Dilaesense tse dintsi tse di ntseng jalo di bolela gore ke motho a le mongwe fela yo o tshwanetseng go tsenya kana go dirisa thulaganyo eo—gantsi a e tsenya mo khomputareng e le nngwe fela, e ka tswa e le khomputara e e kwa gae kana e e dirisiwang mo kgwebong kana kwa sekolong. Dilaesense dingwe di tlhalosa gore mong wa yone o ka nna a nna le khopi e nngwe gape ya yone, mme ga a tshwanela go direla batho ba bangwe dikhopi. Fa mong wa thulaganyo eo a batla go e aba yotlhe (go akaretsa le laesense le makwalo a yone), a ka nna a dira jalo. Le fa go ntse jalo, fa a dira jalo o ikamoga tshwanelo ya go e dirisa. Dilaesense di a farologana, ka gone motho yo o rekang thulaganyo e e ntseng jalo kana a e fiwa o tshwanetse go batlisisa gore dipatlafalo tsa laesense eo ke eng.
Ditšhaba tse dintsi di kopanela ditumalano tsa ditshwanelo tse di sireletsang “dilwana tse di rutang” tse di jaaka dithulaganyo tsa khomputara mme di leka go tlhoma melao ya ditshwanelo tsa tsone. Ka sekai, The New York Times ya January 14, 2000, e ile ya bega gore “badiredibagolo ba sepodise ba kwa Jeremane le kwa Denmark ba ile ba tshwara bangwe ba ba neng ba ba tlhalosa e le segopa se segolo se se dirisang dithulaganyo tsa khomputara kwantle ga tetla” se se neng se dira dikhopi tsa dithulaganyo tsa khomputara tse di nang le metshameko le go di anamisa, se bo se rekisa dingwe tsa tsone ka Internet.
Boemo jwa phuthego ya Bokeresete ke eng malebana le seno? Jesu o ne a bolela jaana: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Seo se raya gore Bakeresete ba ikobela melao ya naga e e sa thulaneng le molao wa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le mebuso: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo . . . Yo o ganetsang taolo o ganetsana le thulaganyo ya Modimo; ba ba ganetsanang le yone ba tla ikamogelela katlholo.”—Baroma 13:1, 2.
Ga se boikarabelo jwa bagolwane ba phuthego ya Bokeresete go sekaseka dikhomputara tsa batho ba bangwe, jaaka e kete ba na le taolo ya go tlhalosa le go tlhoma melao ya ditshwanelo tsa yone. Mme le fa go ntse jalo, ba dumela e bile ba ruta gore Bakeresete ba tshwanetse go tila go tsaya dilo tse e seng tsa bone mme ba tshwanetse go leka go nna batho ba ba ikobelang molao. Se se sireletsa Bakeresete gore ba se ka ba otlhaiwa jaaka batho ba ba tlolang molao e bile go ba thusa gore ba nne le segakolodi se se siameng mo pele ga Modimo. Paulo o ne a kwala jaana: “Jalo go na le lebaka le le patelelang gore lona lo nne mo taolong, e seng fela ka ntlha ya tšhakgalo eo mme le ka ntlha ya segakolodi sa lona.” (Baroma 13:5) Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ne a tlhalosa tsela e Bakeresete ba boammaaruri ba ikutlwang ka yone ka mafoko ano: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Dikgwebo le dikolo dingwe di reka dilaesense tse di akaretsang batho ba le bantsi tse di tlhalosang gore ke batho ba ba kana kang ba ba letleletsweng go dirisa thulaganyo eo. Ka 1995, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa sekaseka setlhogo se se neng se gatisitswe go Tirelo ya Rona ya Bogosi (kgatiso ya United States) se se neng se na le kgakololo eno:
“Bontsi jwa dikhampani tse di dirang le go rekisa dithulaganyo tsa khomputara di na le melao ya ditshwanelo tsa tsone, mme ba ntsha dilaesense tse di tlhalosang kafa dithulaganyo tseno di tshwanetseng go dirisiwa ka teng go ya kafa molaong. Gantsi laesense eo e tlhalosa gore mong wa yone a ka se ka a kgona go direla batho ba bangwe dikhopi tsa dithulaganyo tseo; tota e bile, molao wa ditshwanelo tsa mo lefatsheng lotlhe o supa gore go dira jalo ke go tlola molao. . . . Difeme dingwe tse dikgolo di rekisa dikhomputara tse di setseng di tsentswe dithulaganyo tse di nang le laesense. Le fa go ntse jalo, mabenkele mangwe a dikhomputara ga a ntshe dilaesense ka gonne dithulaganyo tse ba di tsenyang ke dikhopi tse di seng kafa molaong, se se rayang gore motho yo o e rekang o tlola molao fa a dirisa dithulaganyo tseo. Malebana le seno, Bakeresete ba tshwanetse go tila go tsenya kana go khopia dikgang mo motsweding wa tsone o o mo khomputareng tse di nang le melao ya ditshwanelo (jaaka dikgatiso tsa mokgatlho) tse go dirwang dikhopi tsa tsone kwantle ga tetla e e kafa molaong go tswa go beng ba tsone.”