“Ga lo Itse se Botshelo Jwa Lona e Tla Bong e le Sone ka Moso”
Kgang ya Botshelo
“Ga lo Itse se Botshelo Jwa Lona e Tla Bong e le Sone ka Moso”
JAAKA GO BOLETSE HERBERT JENNINGS
“Ke ne ke boela kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Ghana ke tswa kwa motseng wa boemakepe wa Tema mme ka ema gore ke pege lekawana lengwe le le neng le kopa thuso ya sepalangwa go ya toropong. Ke ne ka dirisa tshono eo go mo neela bosupi. Ke ne ke akanya gore ke dira sentle tota! Le fa go ntse jalo, fa re fitlha kwa lefelong le lekawana leno le yang kwa go lone, o ne a tlola ka bonako go tswa mo loring mme a sia.”
TIRAGALO eno e ne ya nnaya lesedinyana la gore go ne go na le sengwe se se sa tlwaelegang se se diragalang mo botshelong jwa me. Pele ga ke tlhalosa gore go diragetseng, mma ke lo bolelele gore go tlile jang gore nna Mo-Canada, ke bo ke le mo Ghana.
E ne e le mo bogareng jwa December ka 1949 kwa motsaneng mongwe o o kwa ntlheng e e kwa bokone jwa Toronto kwa Canada. Re ne re sa tswa go fetsa go epa boteng jwa mo e ka nnang metara mo teng ga mmu o o gatsetseng gore re tsenye mosele wa metsi mo ntlong e ntšha. E re ka setlhopha sa rona se ne se bolailwe ke serame e bile se lapile, se ne sa kgobokana mo molelong o o dirilweng ka diphatsanyana tsa dikgong, se letetse go tla go tsewa ke lori. Re sa lebelela, Arnold Lorton, mongwe wa babereki, o ne a simolola go bua sengwe ka “dintwa le dipego tsa ntwa,” “bokhutlo jwa lefatshe leno,” e bile a dirisa mafoko a mangwe a ke neng ke sa a itse gotlhelele. Gone fela foo, mongwe le mongwe o ne a didimala, ba tlhabiwa ke ditlhong mme ba bangwe ba simolola go mo tenegela. Ke gopola ke akanya gore, ‘Mothaka yono o pelokgale tota! Ga go na ope fano yo o batlang go reetsa mme le fa go ntse jalo o tswelela pele.’ Mme se a neng a se bua se ile sa nkgatlha. Go ne go fetile dingwaga di sekae fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II mme ke ne ke ise ke utlwe ka dilo tse di ntseng jalo mo bodumeding jwa Christadelphia jo lelapa la gaetsho e nnileng karolo ya jone go ralala dikokomane di le mmalwa. Ke ne ka reetsa ka kelotlhoko, ke kgatlhilwe ke ditlhaloso tsa gagwe.
Ga go a ka ga ntsaya nako e telele gore ke atamele Arnold go bona tshedimosetso e e oketsegileng. Fa ke akanya ka gone, ke lemoga kafa ene le mosadi
wa gagwe Jean ba neng ba le pelotelele e bile ba le pelonomi ka teng mo go nna fa ke ne ke le mosha wa dingwaga di le 19. Ke ne ke a tle ke fitlhe kwa ntlong ya bone kgapetsakgapetsa ke sa lalediwa, ke ya go bua le bone. Ba ne ba nthusa go akanya sentle ba bo ba nthusa go tlhaloganya ditekanyetso le melao e ke neng ke sa e tlhaloganye sentle mo mogopolong wa me wa motho yo mosha. Dikgwedi di le lesome morago ga se se diragetseng la ntlha kwa molelong o re neng re o orile fa thoko ga tsela, ke ne ka kolobediwa ka October 22, ka 1950, go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ka kopanela le Phuthego ya Willowdale kwa North York e gone jaanong e leng karolo ya Toronto.Go Tswelela Pele le Baobamedimmogo
Botshelo kwa gae bo ile jwa simolola go nna boima thata fa rre a lemoga gore ke ititeile sehuba go tswelela pele ka bodumedi jwa me jo bosha. Rre o ne a sa tswa go amega mo kotsing ya go thulana ga dikoloi e e neng e bakilwe ke mokgweetsi yo o neng a tagilwe mme ka ntlha ya seo gantsi go ne go se motlhofo go dirisana le ene. Botshelo bo ne bo le boima mo go Mmè, bonnake ba babedi le bokgaitsadiake ba babedi. Bothata jo bo neng bo bakiwa ke boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa gola. Ka jalo go ne go bonala go le botlhale gore ke tswe kwa gae gore ke tle ke nne le kagiso le batsadi ba me le gore ke nitame mo ‘tseleng ya boammaaruri.’—2 Petere 2:2.
Kwa bofelong jwa selemo sa 1951, ke ne ka kopanela le phuthego e nnye kwa Coleman kwa Alberta. Go ne go na le makawana a mabedi koo, e bong Ross Hunt le Keith Robbins, ba tshwaregile ka tiro ya go rera phatlalatsa ya nako e e tletseng, e e itsiweng e le bobulatsela jwa nako e e tletseng. Ba ne ba nthusa gore le nna ke tsenele bodiredi joo jwa boithaopo. Ka March 1, 1952, ke ne ka nna mongwe wa badiredi ba babulatsela ba ka metlha.
Ke gakologelwa ka boitumelo kgothatso e ke neng ka e amogela. Go ne go na le dilo tse dintsi tse ke neng ke tshwanetse go di ithuta, mme eno e ne e le tsela e ke neng ke tla itshupa ka yone. Moragonyana, fa ke sena go nna mmulatsela ka sebaka sa ngwaga mo Phuthegong ya Lethbridge, kwa Alberta, ke ne ka amogela taletso e ke neng ke sa e lebelela ya gore ke nne molebedi yo o etang. Ke ne ke tshwanetse go etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di phatlaletse kafa ntlheng ya botlhaba jwa lobopo lwa Canada go tloga kwa Moncton, kwa New Brunswick, go ya kwa Gaspé, kwa Quebec.
E re ka ke ne ke le dingwaga di le 24 fela e bile ke sa le mosha mo boammaaruring, ke ne ke ikutlwa ke tlhaela thata, segolobogolo fa ke ipapisa le Basupi ba ba godileng ba ke neng ke tshwanetse go ya go ba thusa. Ke ne ka dira maiteko a magolo mo dikgweding di le mmalwa tse di neng tsa latela. Morago ga foo ga latela selo se sengwe gape se ke neng ke sa se lebelela.
Sekolo sa Gileate Le go Ya Kwa Gold Coast
Ka September 1955, ke ne ka lalediwa go kopanela le baithuti ba bangwe ba ba ka nnang lekgolo go bopa setlhopha sa bo26 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate kwa South Lansing, kwa New York. Go thapisiwa ka tsela e e tseneletseng dikgwedi tse tlhano le go ithuta e ne e le sone fela se ke neng ke se tlhoka. Tlhagafalo ya me e ne ya nonotshiwa ke go nna le setlhopha se se tlhagafetseng thata jaana. Ka nako eno go ne go na le selo se sengwe se se neng sa direga se se ileng sa itumedisa botshelo jwa me go fitlha gompieno.
Mo gare ga baithuti ba ba neng ba ipaakanyetsa tiro ya borongwa, go ne go na le kgaitsadi mongwe yo mosha e bong Aileen Stubbs. Se ke neng ka se bona mo go Aileen e ne e le dinonofo tsa motho yo o ritibetseng, yo o masisi, yo o bori le yo o itumetseng. Gongwe ke ile ka mo tshosa fa ke ne ke tlhamalala fela ke mmolelela gore ke batla go mo nyala. Le fa go ntse jalo, ga a ka a gana! Re ne ra dumalana gore Aileen o tla ya kwa kabelong ya gagwe ya borongwa kwa Costa Rica mme nna ke tla ya kwa go ya me kwa Gold Coast (e jaanong e leng Ghana), kwa Afrika Bophirima.
Moso mongwe ka May 1956, ke ne ka iphitlhela ke le mo ofising ya ga Mokaulengwe Nathan Knorr mo boalong jwa bolesome kwa Brooklyn, kwa New York. Ka nako eo e ne e le ene poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower. Ke ne ke fiwa kabelo ya go nna motlhanka wa lekala go ya go okamela tiro ya go rera kwa Gold Coast, Togoland (e jaanong e leng Togo), Ivory Coast (e jaanong e leng Côte d’Ivoire), Upper Volta (e jaanong e leng Burkina Faso), le Gambia.
Ke gakologelwa mafoko a ga Mokaulengwe Knorr jaaka e kete o ne a a bua maabane fela. O ne a bolela jaana: “Ga o tlhoke go tsaya marapo gone jaanong, o se ka wa itlhaganela; ithute mo bakaulengweng ba ba nang le maitemogelo ba ba koo. Fa o ikutlwa gore o setse o siame, o ka nna wa simolola go dira jaaka motlhanka wa lekala. . . . Lekwalo la gago la go
tlhomiwa ke leno. O tseye marapo morago ga malatsi a le supa o sena go goroga.”Ke ne ka ipotsa jaana ‘Malatsi a le supa fela, go diragetse eng ka kgakololo ya gore “o se ka wa itlhaganela”?’ Fa ke sena go buisana le ene ke ne ka tswa ke gakgametse.
Malatsi a mangwe a a latelang a ne a feta ka bonako. Go ise go ye kae ke fa ke eme mo sekepeng, se se neng se tsamaya mo Nokeng ya East River se feta mo diofising tsa Mokgatlho tsa Brooklyn, ke simolola loeto lwa malatsi a le 21 ka sekepe go ya kwa Gold Coast.
Nna le Aileen re ne re boloka poso ya moseja e tshwaregile. Re ne ra kopana gape ka 1958 mme ra nyalana ka August 23 ka one ngwaga oo. Ga nke ke lebala go lebogela Jehofa molekane yo o molemo jaana.
Ke ne ka anaanela tshiamelo ya go dira le barongwakanna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba kwa Afrika kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho ka dingwaga di le 19. Lelapa la Bethele le ile la gola go tswa mo setlhotswaneng ya nna batho ba le 25 ka nako eo. Dinako tseo mo go rona e ne e le tse di gwetlhang tse di nang le ditiragalo tse dintsi e bile di na le matswela a mantsi. Le fa go ntse jalo, ke tshwanetse go bua boammaaruri. Mo go nna, maemo a bosa a a mogote e bile a le bongola e ne e le kgwetlho e kgolo. Go bonala ke ne ke fufula ka dinako tsotlhe, ke le metsi ka metlha mme ka dinako tse dingwe ke fela pelo. Le fa go ntse jalo, go ne go le monate tota go dira koo, e re ka dipalo tsa rona kwa Ghana di ile tsa gola go tswa go baboledi ba Bogosi ba ba fetang 6 000 go se kae fela ka 1956 go ya go 21 000 ka 1975. Mme go itumedisa le go feta go bona Basupi ba ba tlhoafetseng ba ba fetang 60 000 gone jaanong koo.
‘Bokamoso’ jo re Neng Re sa Bo Lebelela
Mo e ka nnang ka 1970, ke ne ka simolola go nna le bothata jwa botsogo jo go neng go bonala go le thata go itse gore e ne e le jwa eng. Ke ne ka tlhatlhobiwa ke ba kalafi ka mo go feletseng, morago ga foo ka bolelelwa gore “ke itekanetse.” Fa go le jalo ke eng fa ke ne ke sa ikutlwe monate ka metlha, ke lapile, ke tlhobaela jaana? Go na le dilo tse pedi tse di neng tsa nkaraba mme di ne tsa diragala ke sa di lebelela. Ebu, jaaka Jakobe a kwadile: “[Ga lo itse] se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.”—Jakobe 4:14.
Lesedinyana la ntlha le ke ileng ka nna le lone ke se se ileng sa diragala fa ke ne ke neela lekawana lele bosupi fa ke ne ke mo thusa ka sepalangwa sa go ya toropong. Ke ne ke sa lemoge gore ke ne ke ntse ke nnela go bua ke sa kgaotse, ke buela ka bofefo e bile ke gatelela sengwe le sengwe. Fa re fitlha kwa lekawana leno le yang gone, ke ne ka makala fa a tlola mo loring a bo a sia. Ba-Ghana ba le bantsi ka tlholego ke batho ba ba iketlileng le ba ba ritibetseng, ba ba sa kgopisegeng ka bonako. Tsela e a neng a itshwara ka yone e ne e sa tlwaelega. Ke ne ka nna foo ke ntse ke akanya. Ke ne ka lemoga gore ke na le bothata. Gore ke eng, ke ne ke sa itse. Mme le fa go ntse jalo tota ke ne ke na le bothata.
Sa bobedi, morago ga motlotlo o moleele wa go batlisisa, Aileen o ne a akantsha jaana: “Gone mme, fa e le gore bothata jono ga se jwa mmele, e tshwanetse ya bo e le jwa tlhaloganyo.” Ke ne ka kwala matshwao otlhe a ke neng ke na le one ka kelotlhoko mme ka ya kwa ngakeng ya malwetse a tlhaloganyo. Fa ke ntse ke mmalela lenaane la me, o ne a nkaraba jaana: “Ke kgang e e masisi eno. O na le bolwetse jo bo masisi jwa go nna le bothata jwa go fetofetoga maikutlo.”
Ke ne ke gakgametse tota! Bolwetse bo ne jwa golela pele fa ke ntse ke leka go kgaratlha mo dingwageng di le mmalwa tse di neng tsa latela. Ke ne ka
tswelela ke batla tharabololo. Mme go ne go se na ope yo o neng a itse gore a direng. A bo e ne e le ntwa e e kgobang marapo jang ne!Re ne re eletsa gore re dire tshiamelo eno ya tirelo ya nako e e tletseng tiro ya botshelo jwa rona jotlhe, e bile go ne go na le dilo tse dintsi tse di neng di tlhoka go dirwa. Gantsi ke ne ke rapela go tswa pelong jaana ka tlhoafalo: “Jehofa fa o rata, ke ‘tla tshela ke bo ke dira seno gape.’” (Jakobe 4:15) Mme ga go a ka ga nna jalo. Ka jalo, fa re lebana le boammaaruri, re ne ra rulaganya go tswa kwa Ghana le go tlogela ditsala tsa rona tse dikgolo mme ra boela kwa Canada ka June 1975.
Jehofa o re Thusa ka Batho ba Gagwe
Ke ne ka ithuta ka bonako gore ga se nna fela ke kgonang go dira tiro, e bile e ne e se nna fela ke neng ke na le bothata jono. Mafoko ano a ga 1 Petere 5:9 a ne a nna le bokao jo bogolo mo go nna: “Itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebang le dipogo di a diragadiwa mo lesomong lotlhelotlhe la bakaulengwe ba lona mo lefatsheng.” Fa ke sena go tlhaloganya seno, ke ne ka simolola go lemoga kafa Jehofa a ileng a tshegetsa bobedi jwa rona ka gone le mororo go ne go na le phetogo e re neng re sa e rate. A bo ‘lesomo lotlhe la bakaulengwe’ le ile la re thusa jang ne ka ditsela tse dintsi!
Le mororo re ne re se na dilo tse dintsi tse di bonalang, Jehofa ga a ka a re latlha. O ne a tlhotlheletsa ditsala tsa rona kwa Ghana gore di re thuse ka dilo tse di bonalang le ka ditsela tse dingwe. Re ne ra tsamaya re na le maikutlo a a kopakopaneng, re tlogela batho ba re neng re ba rata thata mme ra tsamaya gore re ye go lebana le ‘bokamoso’ jono jo re neng re sa bo lebelela.
Kgaitsadiagwe Aileen e bong Lenora, le monna wa gagwe e bong Alvin Friesen ba ne ba re amogela ka bopelonomi gore re nne le bone mme ba re thusa ka dilo tse re di tlhokang ka bopelotshweu mo dikgweding di le mmalwa. Ngaka nngwe e e itsegeng ya malwetse a tlhaloganyo e ne ya bolelela pele jaana ka tsholofelo: “O tla fola mo dikgweding di le thataro.” Gongwe o ne a dira jalo a dira gore ke nne le tsholofelo, mme se a neng a se bolela ga se a ka sa direga tota le morago ga dingwaga di le thataro. Go fitlha gompieno, ke sa ntse ke itshokela se gone jaanong fa se tlhofofadiwa go tweng ke bolwetse jo bo masisi jwa go fetofetoga maikutlo. Gone ke tlhaloso e e bonolonyana mme ba ba nang le bolwetse jono ba itse sentle gore tlhaloso e e bonolonyana ga e tlhofofatse matshwao a a utlwisang botlhoko a bolwetse jono.
Ka nako eo, Mokaulengwe Knorr o ne a setse a tshwerwe ke bolwetse jo kgabagare bo neng jwa baka loso lwa gagwe ka June 1977. Le fa go ntse jalo, o ne a na le nako le maatla a go nkwalela makwalo a matelele a a kgothatsang a a nang le mafoko a a gomotsang le a a gakololang. Ke sa ntse ke bolokile makwalo ao. Mafoko a gagwe a ne a thusa thata go fedisa maikutlo a a sa siamang a go ikutlwa ke palelwa a ke neng ke nna le one gangwe le gape.
Kwa bofelong jwa 1975, re ne ra tshwanela gore re tlogele tshiamelo ya rona e e botlhokwa ya tirelo ya nako e e tletseng le go tlhoma mogopolo wa rona mo go direng gore ke nne le botsogo jo bo ritibetseng. Lesedi le le tlwaelegileng la letsatsi le utlwisa matlho a me botlhoko. Medumo e e kwa godimo e ke sa e lebelelang e ne e duma jaaka go thunya ga tlhobolo. Go tlhanasela ga batho go ne go ntlhakanya tlhogo. Go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete e ne e le kgwetlho tota. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse sentle gore bokopano jwa semoya bo botlhokwa thata. Gore ke tle ke kgone go emelana le seno, gantsi ke ne ke tsena mo Holong ya Bogosi fa bontsi jwa batho ba setse ba dutse mme ke bo ke tsamaya pele ga ba simolola go suta kwa bofelong jwa thulaganyo.
Go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa e ne e le kgwetlho e nngwe e kgolo. Ka dinako tse dingwe, le fa ke setse ke fitlhile mo ntlong, ke ne ke sa kgone go kokota mo lebating. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa tlogele, ka gonne ke ne ke lemoga gore bodiredi jwa rona bo raya poloko mo go rona le mo bathong ba ba arabelang sentle. (1 Timotheo 4:16) Morago ga nakwana, ke ne ke kgona go laola maikutlo a me, ke bo ke ya kwa ntlong e e latelang ke bo ke leka gape. Ka go tswelela pele ke nna le seabe mo bodireding, ke ne ka nna le boitekanelo jo bo tshwanetseng jwa semoya mme seo se ile sa nthusa gore ke kgone go itshoka botoka.
Ka ntlha ya bomasisi jwa bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo, ke ne ka lemoga gore bolwetse jono e tshwanetse ya bo e tla nna selo sa botshelo jwa me jotlhe mo tsamaisong eno ya dilo. Ka 1981 go ne ga tlhaga metseletsele ya ditlhogo tse di kgatlhang thata mo go Tsogang! * Ka ntlha ya tsone, ke ne ka simolola go tlhaloganya bolwetse jono botoka mme ka ithuta ditsela tse di oketsegileng tse di mosola tsa go bo itshokela.
Go Ithuta go Itshoka
Seno sotlhe se ile sa tlhoka gore mosadi wa me a intshe setlhabelo le go dira diphetogo. Fa o tlhokomela mongwe yo o mo maemong a a tshwanang le ano, o tla anaanela dikakgelo tseno tsa gagwe:
“Go bonala fa bolwetse jwa maikutlo bo dira gore go nne le phetogo e e sa lebelelwang mo bothong jwa motho. Mo diureng di sekae, motho yo o nang le bolwetse joo a ka fetoga go tswa mo go nneng motho yo o matlhagatlhaga, yo o kgothatsang yo o nang le dithulaganyo le megopolo e mesha a bo a nna motho yo o lapileng, yo o nang le mogopolo o o sa siamang e bile a le bogale. Fa motho a sa tseye seno e le bolwetse, go ka mo dira gore a nne le maikutlo a mangwe a go galefa le go akabala. Kwantle ga pelaelo, dithulaganyo di tshwanetse go fetolwa ka bonako, mme o tshwanetse go simolola go lwa le boikutlo jwa gago jwa go kgobega marapo le go ikutlwa o latlhegile.”
Mme nna, fa ke ikutlwa botoka thata, ke simolola go tlhobaela. Ke itse sentle gore morago ga go ikutlwa ke “tlhagafetse” ke tla bo ke nna le maikutlo a go “kotlomana pelo.” Mme mo go nna, go botoka go “kotlomana pelo” go na le fa ke “tlhagafetse,” ka gonne fa ke kotlomane pelo jalo ke nna ke ritibetse ka malatsi a le mmalwa mme nka se dire sepe se ke sa tshwanelang go se dira. Aileen o nthusa thata ka go ntlhagisa gore ke se ka ka feteletsa dilo le go nkgomotsa le go nkema nokeng fa ke ngomoga pelo.
Go kotsi thata go itlhaola o sa batle sepe fa bolwetse bo gaketse thata. Motho a ka itlhaola thata fa a tshwenyegile mo maikutlong kana a ka se ka a kgona go bona gore ba bangwe ba itshwara jang kana ba ikutlwa jang ka nako ya botsenwa. Mo nakong e e fetileng, go ne go le thata gore ke dumele gore ke na le bothata jwa tlhaloganyo le jwa maikutlo. Ke ne ka tshwanela gore ke lwantshane le kakanyo ya gore bothata ke gore ke paletswe ke go dira sengwe kana ke molato wa motho mongwe o sele. Gangwe le gape, ke ne ke tshwanetse go ikgakolola gore, ‘Ga go na sepe se se fetogileng. Bothata bo mo teng e seng kafa ntle.’ Tsela e ke akanyang ka yone e ne ya fetoga ka bonya ka bonya.
Go ralala dingwaga, bobedi jwa rona re ile ra ithuta go bua boammaaruri le gore re se ka ra fitlhelana sepe le gore re se ka ra fitlhela batho ba bangwe sepe ka boemo jwa me. Re leka go nna le boikutlo jwa go nna le tsholofelo mme ga re letle bolwetse jono bo laole botshelo jwa rona.
‘Bokamoso’ jo bo Botoka
Ka dithapelo tse dintsi le ka boiteko jo bontsi, re ne ra solegelwa molemo ke masego le tshegetso ya ga Jehofa. Bobedi jwa rona re setse re godile gone jaanong. Ke mo tlhokomelong ya ka metlha ya kalafi mme ke na le selekanyo se se lekaneng sa ditlhare tse ke di nwang ka metlha mme botsogo jwa me bo ritibetse sentle. Re anaanela ditshiamelo dipe fela tsa tirelo tse re nang natso. Ke sa ntse ke le mogolwane wa phuthego. Ka metlha re leka go ema ba bangwe nokeng mo tumelong.
Go ntse fela jaaka Jakobe 4:14 e bolela: “[Ga lo itse] se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.” Seno se tla tswelela se ntse jalo fa fela tsamaiso eno ya dilo e sa ntse e le teng. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jakobe 1:12 le one a boammaaruri: “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo, se Jehofa a neng a se solofetsa ba ba tswelelang ba mo rata.” E kete rotlhe re ka ema re nitame gompieno mme re bone masego a Jehofa a re a beetseng ka moso.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 35 Bona ditlhogo tse di reng “O ka Itshokela Botshelo,” mo makasineng wa August 8, 1981, wa Tsogang!; “Kafa o ka Lwantshang go Tshwenyega mo Maikutlong ka Teng,” mo makasineng wa September 8, 1981; le “Go Lwantsha go Tshwenyega Thata mo Maikutlong,” mo makasineng wa October 22, 1981, (tsa Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke batla go nna ke le nosi mo sitidiong sa me sa go taka
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le mosadi wa me e bong Aileen
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Kwa Kopanong ya “Dikgang Tse di Molemo Tse di Nnetseng Ruri” e e neng e tshwaretswe kwa Tema, kwa Ghana, ka 1963