Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Utlwela ba Bangwe Botlhoko

Utlwela ba Bangwe Botlhoko

Go Senyegile Kae?

Fa re simolola go akanya gore batho ba bangwe ga ba tshwane le rona, re ka simolola go ba tshwara ka tsela e e sa siamang mme seno se tla dira gore re feleletse re ba tlhaola. Fa re akanya ka tsela eno, seno se ka dira gore go nne thata gore re ba utlwele botlhoko. Fa re sa bontshe batho ba bangwe kutlwelobotlhoko, seno se ka bontsha gore re na le tlhaolele.

Molaomotheo wa Baebele

“Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang.”BAROMA 12:15.

Lekwalo leno le re ruta eng? Lekwalo leno le re ruta gore re tshwanetse go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko. Go utlwela ba bangwe botlhoko go tshwana le go ipaya mo seemong se ba leng mo go sone.

Go Utlwela ba Bangwe Botlhoko Go ka Re Thusa Jang?

Fa re utlwela ba bangwe botlhoko re tla kgona go lemoga gore rotlhe re le batho re a tshwana e bile re tla kgona go lemoga gore le bone ba ikutlwa fela ka tsela e le rona re ikutlwang ka yone. Gape re tla lemoga gore go sa kgathalesege gore ba goletse kae, rotlhe fela re lelapa le le lengwe. Fa re sa tlhome mogopolo thata mo go reng re farologana thata jang le bone, ga re kitla re ba tlhaola.

Go utlwela ba bangwe botlhoko go tla dira gore re ba tlotle. Anne-Marie yo o nnang kwa Senegal a re o kile a bo a ne a tseela batho ba ba tswang mo ditlhopheng tse di nyatsegang kwa tlase. A re: “Fa ke bona tsela e batho bano ba neng ba sotlega ka yone, ke ne ka ipotsa gore tota ke ne ke tla ikutlwa jang fa ke ne ke le mo seemong seo. Go akanya jalo go ile ga nthusa go bona gore ga ke botoka go feta batho bano.” Sekai sa ga Anne-Marie se re ruta gore fa re leka go tlhaloganya gore batho ba bangwe ba tshela jang, seo se tla dira gore re se ka ra ba tlhaola.

Se o Ka se Dirang

Fa o simolola go nna le dikakanyo tsa go tlhaola batho bangwe, ipotse gore wena le bone lo tshwana ka tsela efe. Gongwe o ka ipotsa gore ba ikutlwa jang fa ba dira dilo tse di latelang:

Fa re utlwela ba bangwe botlhoko re tla kgona go lemoga gore rotlhe re lelapa le le lengwe

  • fa ba ja dijo le ba lelapa la bone

  • fa ba fetsa go bereka ka thata

  • fa ba na le ditsala tsa bone

  • fa ba reeditse mmino o ba o ratang

Go tswa foo, leka go itsenya mo seemong sa bone. Ipotse gore:

  • ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa mongwe a ntseela kwa tlase?’

  • ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa batho ba ntsaya jaaka motho yo o sa siamang mme gone ba sa itse gore ke motho yo o ntseng jang?’

  • ‘Fa ke ne ke le mongwe wa batho bao ba ba tlhaolwang, ke ne ke tla batla gore batho ba bangwe ntseye jang?’