Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

Banna bangwe ba babedi ba botsolotsa mosadi mongwe yo o batlang tiro kwa feketering ya dikoloi. O lebega a sa phuthologa.

Itse Motho

Itse Motho

Go Senyegile Kae?

Go le gantsi re tlhaola ba bangwe mme re se na dintlha tsotlhe ka kgang nngwe. Ela tlhoko dikai tseno tse di latelang:

  • Bathapi ba le bantsi ba tsaya gore basadi ba tshwanelwa ke tiro ya maemo a a kwa tlase fela e e sa reng sepe.

  • Ka nako ya puso ya Banasi, Bajuda ba ne ba latofadiwa ka gore ba tshela botlhole mo didibeng le gore ba phasalatsa malwetse.

  • Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a na le bokoa bongwe mo mmeleng o nna fela a sa itumela e bile ga a botsalano.

Fa motho a dumalana le dilo tseno, seno se ka bontsha gore o na le mokgwa wa go tlhaola ba bangwe. Mme batho ba ba ntseng jalo ba akanya gore batho ba ba sa lebeng dilo ka tsela e bone ba di lebang ka yone ga ba botlhale.

Molaomotheo wa Baebele

“Ga go molemo gore moya o tlhoke kitso.”DIANE 19:2.

Lekwalo leno le re ruta eng? Re dira ditshwetso tse di sa siamang ka gonne re sa itse dintlha tsotlhe. Fa re dumela maaka a re a utlwang ka batho ba bangwe, re ka feleletsa re tlhaola batho bao.

Tlhomamisa Gore a Se o Se Utlwang ke Nnete

Fa re simolola go itse batho mme re bo re bona gore ke batho ba mofuta ofe, ga re kitla re dumela sengwe le sengwe se se buiwang ka bone. Fa re simolola go lemoga gore dilo tse di neng di buiwa ka batho ba bangwe ga e se nnete, ga re kitla re dumela sengwe le sengwe se re utlwang se buiwa ka bone.

Se o Ka se Dirang

  • Batho bangwe ba ka tswa ba akanya gore batho ba ba mo setlhopheng sengwe ga ba a siama mme se wena o tshwanetseng go se gopola ke gore ga e se batho botlhe mo setlhopheng seo ba ba nang le mekgwa e e sa siamang.

  • Nna o gopotse gore ga o itse go le kalo ka setlhopha seo sa batho.

  • O se ka wa tshepa sengwe le sengwe se o se utlwang gongwe le gongwe.