Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matshwao a madumedi a a farologaneng. Bobuda, Bohindu, Ditumelo tsa semorafe, Bojuda, Bokeresete, Bomoseleme le Bo-Confucius.

Se Batho Ba Ba Bangwe Ba Se Dumelang

Se Batho Ba Ba Bangwe Ba Se Dumelang

Bahindu

Letshwao le le emelang Bohindu.

ba akanya gore batho ba boga ka ntlha ya dilo tse di maswe tse ba di dirang le tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. Ba dumela gore motho a ka kgona go tsalwa sesha fa fela a akanya ka dilo tse di amanang le bodumedi mme ba bitsa seo ba re ke moksha.

Bamoseleme

Letshwao le le emelang Bomoseleme.

ba re go boga ke kotlhao ya boleo jo motho a bo dirileng mme gape fa motho a boga go raya gore tumelo ya gagwe e a lekwa. Dr. Sayyid Syeed yo o etelelang pele mokgatlho wa Islamic Society of North America a re: “Masetlapelo a re gopotsa gore re tshwanetse go leboga Modimo ka masego a re nang le one le gore re tshwanetse go thusa batho ba ba tlhokang.”

Ngwao ya Sejuda

Letshwao le le emelang Bojuda.

ya re batho ba boga ka ntlha ya ditiro tsa bone. Bajuda ba re go tla nna le tsogo ya baswi, mme batho botlhe ba ba bogisitsweng ba se na molato pele ba swa, ba tla direlwa tshiamiso. Tumelo eno e ruta ka go tsalwa sesha, gore fa motho a swa o tsalwa sesha gore a kgone go baakanya diphoso tse a di dirileng pele a swa.

Babuda

Letshwao le le emelang Bobuda.

ba dumela gore go boga ke selo se se sa feleng, le fa motho a ka tsalwa sesha, o tla tswelela a ntse a boga fa a sa fetole ditiro tsa gagwe, maikutlo a gagwe le dikeletso tsa gagwe tse di sa siamang. Go ya ka tumelo eno motho a ka kgona go fitlhelela boemo jo ba bo bitsang nirvana mo go rayang go tshela o sa boge fa fela o le botlhale kgotsa o na le kitso e ntsi ka tumelo eo, o dira dilo tse di molemo le fa o kgona go laola dikakanyo tsa gago.

Ba-Confucius

Letshwao le le emelang Bo-Confucius.

Dikishinare ya Comparative Religion ya re ba-confucius ba dumela gore go boga go bakiwa ke go “palelwa ga batho le diphoso tsa bone.” Dithuto tsa yone di a re le fa gone motho a ka kgona go fokotsa go boga ga gagwe ka go tshela botshelo jo bo siameng, gantsi go boga go bakiwa ke “ditshedi dingwe tse di maatla tsa moya tse di ka utlwisang motho botlhoko. Mme mo maemong a a ntseng jalo, motho o tshwanetse go amogela sengwe le sengwe se ditshedi tseo di se dirang ka botshelo jwa gagwe.”

Ditumelo tsa semorafe

Letshwao le le emelang Ditumelo tsa semorafe.

di dumela gore pogo e bakiwa ke boloi. Go ya ka tumelo eno, baloi ba ka go tlisetsa masego kgotsa masetlapelo mme masetlapelo a baloi ba go tlisetsang one, a ka kgona go fokodiwa fa o dira moletlo mongwe wa setso. Fa motho a lwala, ba dumela gore go na le meetlo le melemo e e tswang kwa ngakeng ya setso e e ka mo thusang kgotsa go mo sireletsa mo baloing.

Bakeresete

Letshwao le le emelang Bokeresete.

ba dumela gore pogo e simologile fa batho ba babedi ba ntlha mo lefatsheng ba ne ba leofa jaaka go tlhalosiwa mo Baebeleng mo bukeng ya Genesise. Le fa go ntse jalo, batho ba ile ba tsenyeletsa dikgopolo tsa bone mo go se Baebele e se rutang. Ka sekai, Bakatoliki bangwe ba dumela gore fa ba boga Modimo o tsaya go boga goo e le setlhabelo se se thusang kereke kgotsa e le setlhabelo se se ntshediwang go nonotsha tumelo ya modumedi yo mongwe mo kerekeng.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Leba bidio e e reng A Modimo o Amogela Tsela Nngwe le Nngwe E re Mo Obamelang ka Yone? mo jw.org.