Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 20

PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona

Jehofa O a Go Gomotsa

Jehofa O a Go Gomotsa

“A go bakwe . . . Rara yo o kutlwelobotlhoko le Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe.”​—2 BAKOR. 1:3.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore Jehofa o ile a gomotsa jang Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona.

1. Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona ba ne ba tshela jang?

 GO NE go fetile dingwaga di le dintsi Bajuda ba sa ikobele Jehofa. Ka jalo, Jehofa o ile a letla Bababelona gore ba senye naga ya bone le gore ba ba ise botshwarwa kwa Babelona. Botshelo bo ne bo ntse jang kwa Babelona? (2 Ditir. 36:15, 16, 20, 21) Ke boammaaruri gore Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa ba ne ba kgona go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. (Jer. 29:4-7) Le fa go ntse jalo, botshelo bo ne bo se motlhofo e bile ba tshwanetse ba bo ba ne ba sa itumelele go tshela ka tsela e ba neng ba tshela ka yone. Mongwe wa bone o ne a re: “Re ne ra nna fa fatshe fa dinokeng tsa Babelona. Re ne ra lela fa re gakologelwa Siona.” (Pes. 137:1) Ruri Bajuda bao ba ne ba tlhoka go gomodiwa. Ke mang tota yo o neng a ka ba gomotsa?

2-3. (a) Jehofa o ile a direla Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa eng? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Jehofa ke “Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe.” (2 Bakor. 1:3) Jehofa o rata batlhanka ba gagwe e bile o batla go ba gomotsa. O ne a itse gore bangwe ba Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba tla ikwatlhaela se ba se dirileng le gore ba ne ba tla mo direla ka tsela e a e amogelang. (Isa. 59:20) Ka jalo, dingwaga di feta 100 pele Bajuda ba isiwa botshwarwa, o ile a laela moporofeti Isaia gore a kwale buka e e bidiwang ka leina la gagwe. E ne e tla ba thusa jang? Isaia a re: “Modimo wa lona a re, ‘Gomotsang, gomotsang batho ba me.’” (Isa. 40:1) Jehofa o ile a dirisa buka ya Isaia go gomotsa Bajuda bao ba ba neng ba isitswe botshwarwa.

3 Fela jaaka Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa, le rona ka dinako dingwe re tlhoka go gomodiwa. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka ditsela tse tharo tse Jehofa a ileng a gomotsa batshwarwa bao ka tsone. (1) O ile a ba solofetsa gore o tla ba itshwarela fa ba ikwatlhaya, (2) o ile a ba naya tsholofelo, e bile (3) o ile a ba thusa gore ba se ka ba boifa. Gape re tlile go bona gore le rona Jehofa o re gomotsa jang gompieno.

JEHOFA O A RE ITSHWARELA

4. Jehofa o ile a bontsha jang gore ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko? (Isaia 55:7)

4 Jehofa ke “Rara yo o kutlwelobotlhoko.” (2 Bakor. 1:3) O bontshitse gore o kutlwelobotlhoko ka go solofetsa batshwarwa ba ba neng ba ikwatlhaya gore o tla ba itshwarela. (Bala Isaia 55:7.) O ne a re: “Ke tla go utlwela botlhoko ka ntlha ya lorato lwa me lo lo sa kgaotseng lo lo nnetseng ruri.” (Isa. 54:8) O ne a tla dira seo jang? Tota le fa Bajuda ba ne ba tla fetsa dingwaga di le dintsi ba le kwa Babelona ka gonne ba ne ba sa ikobele Jehofa, Jehofa o ne a ba solofeditse gore ba ne ba ka se nnele ruri kwa Babelona. (Isa. 40:2) Ruri mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a gomotsa Bajuda ba ba neng ba ikwatlhaya e bile ba batla go itumedisa Jehofa!

5. Goreng re tlhatswegile pelo go feta Bajuda ba ba neng ba le kwa Babelona gore Jehofa o itshwarela maleo a rona?

5 Re ithuta eng? Jehofa o ikemiseditse go itshwarela batlhanka ba gagwe ka bopelotshweu. Re tlhatswegile pelo go feta Bajuda ba ba neng ba le kwa Babelona gore Jehofa o itshwarela maleo a rona. Goreng re rialo? Ka gonne re a itse gore Jehofa o ile a dira eng gore a re itshwarele maleo. Dingwaga di le dintsi fa Isaia a sena go tlhalosa gore Jehofa o a itshwarela, Jehofa o ile a romela Morwawe yo a mo ratang mo lefatsheng gore a ntshetse baleofi botlhe ba ba ikwatlhayang setlhabelo ka botshelo jwa gagwe. Setlhabelo seo se ile sa dira gore Jehofa a ‘phimole’ maleo a rona kgotsa a a tlose gotlhelele. (Dit. 3:19; Isa. 1:18; Baef. 1:7) Ruri Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko!

6. Go itse gore Jehofa o a re itshwarela, go re tswela mosola jang? (Bona le setshwantsho.)

6 Molaetsa o Jehofa a ileng a o bolelela Bajuda mo go Isaia 55:7, le rona o ka re gomotsa fa e le gore re ikutlwa molato ka ntlha ya diphoso tse re ileng ra di dira mo nakong e e fetileng le fa gone re ile ra ikwatlhaya. Re ka ikutlwa jalo segolobogolo fa re sa ntse re utlwa manokonoko a diphoso tse re di dirileng. Mme gone, fa e le gore re ile ra ipolela maleo a rona re bo re tlogela go dira dilo tse di sa siamang, re ka tlhomamisega gore Jehofa o re itshwaretse. Fa Jehofa a re itshwarela, ga a nnele go gakologelwa diphoso tse re di dirileng. (Bapisa le Jeremia 31:34.) E re ka Jehofa a sa nnele go akanya ka diphoso tse re di dirileng, le rona ga re a tshwanela go dira jalo. Selo sa botlhokwa mo go ene ke se re se dirang gone jaanong, e seng diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng. (Esek. 33:14-16) Go ise go ye kae, Rara yo o kutlwelobotlhoko o tla tlosa ditlamorago tsotlhe tsa diphoso tse re di dirileng.

Selo sa botlhokwa mo go Jehofa ga se diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng, mme ke se re se dirang gone jaanong (Bona serapa 6)


7. Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re kope thuso fa e le gore re ntse re fitlhile boleo jo bo masisi jo re bo dirileng?

7 Re tshwanetse go dira eng fa e le gore re ikutlwa molato ka gonne re dirile maleo a a masisi mme re ile ra a fitlha? Baebele e a re re tshwanetse go kopa bagolwane gore ba re thuse. (Jak. 5:14, 15) Go ka tswa go se motlhofo gore re ba bolelele se re se dirileng. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa o dirisa banna bano go re thusa. Ba tla re utlwela botlhoko fela jaaka Jehofa e bile ba tla dirisana le rona ka lorato. Fa re gopola seo e bile re ikwatlhaya, re tla tlhotlheletsega go ba bolelela se re se dirileng. Se se diragaletseng mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Arthur, a se re bontsha gore Jehofa o dirisa bagolwane go re gomotsa fa re ikutlwa re le molato ka ntlha ya se re se dirileng. Arthur a re: “Ke ile ka fetsa ngwaga ke lebelela ditshwantsho le dibidio tsa tlhakanelodikobo, mme fa ke sena go utlwa puo nngwe e e neng e bua ka segakolodi, ke ile ka bolelela mosadi wa me le bagolwane se ke neng ke se dira. Seo se ile sa dira gore ke imologe. Mme gone, ke ne ke sa ntse ke ikutlwa molato. Bagolwane ba ile ba nkgopotsa gore Jehofa o sa ntse a batla gore ke nne tsala ya gagwe le gore o re kgalemela ka gonne a re rata. Seo se ile sa nkama tota, e bile se ile sa nthusa gore ke akanye sentle.” Gompieno Arthur ke mmulatsela e bile ke motlhanka wa bodiredi. Ruri go a gomotsa go itse gore Jehofa o a re itshwarela fa re ikwatlhaya!

JEHOFA O RE NAYA TSHOLOFELO

8. (a) Jehofa o ile a naya batshwarwa tsholofelo efe? (b) Go ya ka Isaia 40:29-31, tsholofelo e ne e tla ama jang Bajuda ba ba neng ba ikwatlhaya?

8 Bajuda ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba ka se kgone go boela kwa nageng ya bone ka gonne go ne go tlwaelegile gore Bababelona ga ba letlelele batshwarwa go boela kwa nageng ya bone. (Isa. 14:17) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a naya batho ba gagwe tsholofelo. O ile a ba solofetsa gore o tla ba golola e bile go ne go se na sepe se se neng se ka mo ema kwa pele. (Isa. 44:26; 55:12) Bababelona ba ne ba tshwana le lerolenyana fela mo go Jehofa. (Isa. 40:15) Fa o butswela lerole, le a nyelela. Seo se bontsha gore go ne go tla nna motlhofo gore Jehofa a golole batho ba gagwe kwa Babelona. Tsholofelo e Jehofa a neng a e naya batshwarwa e ne e tla ba thusa jang? E ne e tla ba gomotsa. Mme ga go felele foo. Isaia o ne a re: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape.” (Bala Isaia 40:29-31.) Ba ne ba tla tshwana le bontsu ba ba phaphaselang mo loaping ka gonne tsholofelo eo e ba naya maatla.

9. Ke eng se se neng se ka tlhatswa Bajuda pelo gore Jehofa o ne a tla ba golola kwa Babelona?

9 Gape Jehofa o ile a naya batshwarwa bao bosupi jo bo neng bo tla ba thusa go dumela gore o tla dira se a se solofeditseng. Ke bosupi bofe joo? Go ne go na le boporofeti jo bo neng bo setse bo diragaditswe jo ba neng ba itse ka jone. Ka sekai, ba ne ba itse gore Asiria e ne ya fenya bogosi jwa bokone jwa Iseraele le gore e ile ya isa Baiseraele kwa botshwarwa. (Isa. 8:4) Gape ba ne ba bone fa Bababelona ba senya motse wa bone wa Jerusalema e bile ba ba tlisa botshwarwa mo Babelona. (Isa. 39:5-7) Mo godimo ga moo, ba ne ba itse gore Kgosi ya Babelona e ne ya gonya Kgosi Sedekia matlho e bo e mo isa kwa Babelona. (Jer. 39:7; Esek. 12:12, 13) Sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se boleletse pele se ne sa direga. (Isa. 42:9; 46:10) Ga go pelaelo gore boporofeti joo bo ne jwa dira gore ba dumele gore Jehofa o ne a tla ba golola kwa Babelona.

10. Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re na le tsholofelo mo malatsing ano a bofelo?

10 Re ithuta eng? Fa re kgobegile marapo, re ka gomodiwa ke go akanya ka dilo tse Jehofa a tla re direlang tsone mo nakong e e tlang. Ke boammaaruri gore maemo a lefatshe leno a ntse a nna maswe le go feta, e bile batho ba ba sa rateng Jehofa ba a re ganetsa. Mme gone, ga re a tshwanela go kgobega marapo. Jehofa o re solofetsa gore re tla tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Ka nako eo, re tla bo re sireletsegile e bile re tshela ka kagiso. Ka jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re na le tsholofelo. Fa re sa dire jalo, re tla bo re tshwana le motho yo o lebang lefelo le lentle ka fensetere mme le sa bonale sentle ka gonne e le leswe. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re na le tsholofelo? Re ka thusiwa ke go ipha nako ya go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa lefatsheng le lesha. Gape re ka thusiwa ke go bala ditlhogo, go lebelela dibidio le go reetsa dipina tse di buang ka tsholofelo e re nang le yone. Mo godimo ga moo, fa re rapela re ka bolelela Jehofa gore ke eng se re lebileng pele go bona se direga kwa Paradaiseng.

11. Ke eng se se thusang kgaitsadi Joy gore a nne le maatla le fa a lwala thata?

11 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Joy o lwala thata mme tsholofelo e re nang le yone e a mo gomotsa e bile e mo naya maatla. A re: “Fa ke na le mathata a le mantsi, ke bolelela Jehofa ka one ka gonne ke itse gore o a ntlhaloganya. Go tswa foo, Jehofa o nnaya ‘maatla a a sa tlwaelegang.’” (2 Bakor. 4:7) Sengwe gape se Joy a se dirang ke go akanya ka gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa lefatsheng le lesha fa go tla bo go se na “motho ope yo o nnang mo lefatsheng . . . yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’” (Isa. 33:24) Ka jalo, fa re bulela Jehofa mafatlha e bile re akanya ka tsholofelo e re nang le yone, re ka kgona go nna le maatla gape.

12. Ke eng se se re tlhatswang pelo gore Jehofa o tla dira dilo tse a re solofetsang tsone? (Bona le setshwantsho.)

12 Fela jaaka Jehofa a ile a thusa Bajuda ba ba neng ba le kwa Babelona go dumela gore o tla dira se a ba solofeditseng sone, le rona o a re thusa gompieno. Go na le boporofeti jo re itseng gore bo diragaditswe. Ka sekai, re tshela mo nakong e go busang Mmusomogolo wa Maesemane le Maamerika. “Karolo e nngwe ya bogosi jono e nonofile mme karolo e nngwe e bokoa.” (Dan. 2:42, 43) Gape go na le “dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” Mo godimo ga moo, re rerela batho mo “ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:7, 14) Boporofeti jono le jo bongwe bo dira gore re dumele gore Jehofa o tla dira dilo tse a re solofetsang tsone.

Boporofeti jo re bo bonang bo direga gompieno, bo dira gore re tshepe gore Jehofa o tla dira dilo tse a di solofetsang (Bona serapa 12)


JEHOFA O RE THUSA GORE RE SE KA RA TSHOGA

13. (a) Bajuda ba ne ba tla lebana le mathata afe pele ba gololwa? (b) Go ya ka Isaia 41:10-13, Jehofa o ile a gomotsa Bajuda ba ba neng ba nna kwa Babelona jang?

13 Jehofa o ile a naya Bajuda ba ba neng ba nna kwa Babelona tsholofelo ya gore o tla ba golola. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore ba ne ba tla lebana le mathata pele a ba golola. O ile a bolelela pele gore kgosi nngwe e e maatla e ne e tla tlhasela ditšhaba tse di neng di nna gaufi le Babelona. Go tswa foo, e ne e tla tlhasela Babelona. (Isa. 41:2-5) A Bajuda ba ne ba tshwanetse go tshoga? Dingwaga di le dintsi pele seo se direga, Jehofa o ile a gomotsa batho ba gagwe. O ile a re: “O se ka wa boifa, ka gonne ke na le wena. O se ka wa tlhobaela, ka gonne ke Modimo wa gago.” (Bala Isaia 41:10-13.) Jehofa o ne a raya jang fa a ne a re: “Ke Modimo wa gago”? O ne a sa gopotse Bajuda bao gore ba mo obamele ka gonne ba ne ba itse gore ba tshwanetse go dira jalo. Go na le moo, o ne a ba gopotsa gore o na le bone le gore o ne a tla ba thusa.​—Pes. 118:6.

14. Jehofa o ile a thusa Bajuda jang gape gore ba se ka ba boifa?

14 Gape Jehofa o ile a thusa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore ba se ka ba boifa ka go ba gopotsa gore o na le maatla le kitso e e sa lekaneng le ya ga ope. O ile a ba kopa gore ba lebe dinaledi. Go tswa foo, o ne a ba bolelela gore ke ene a bopileng dinaledi tseo le gore o itse maina a tsone tsotlhe. (Isa. 40:25-28) Fa e le gore Jehofa o itse dinaledi tsotlhe ka maina, ga go pelaelo gore o itse maina a batlhanka ba gagwe botlhe. Gape, fa e le gore Jehofa o na le maatla a go bopa dinaledi, seo se raya gore o na le maatla a go thusa batlhanka ba gagwe. Ruri Bajuda ba ne ba se na lebaka lepe la go boifa!

15. Jehofa o ile a thusa jang Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore ba ipaakanyetse se se neng se tla direga mo nakong e e tlang?

15 Gape Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe gore ba ipaakanyetse se se neng se tla direga mo nakong e e tlang. Mo dikgaolong dingwe tsa buka ya Isaia, Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re: “Tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo bo lo tswala dikgoro fa lo sena go tsena. Iphitlheng ka nakwana go fitlha tšhakgalo e fetile.” (Isa. 26:20) Gongwe Bajuda bao ba ile ba ikobela taelo eno fa Kgosi Kurose a ne a tlhasela Bababelona. Rahisitori mongwe wa Mogerika a re fa Kurose a ne a tsena kwa Babelona, o ile a “laela [masole a gagwe] gore a bolaye batho botlhe ba ba neng ba fitlhelwa ba le kwa ntle ga matlo a bone.” Batho ba ba nnang kwa Babelona ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshogile tota. Mme Bajuda bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba sireletsega ka gonne ba ile ba ikobela ditaelo tse Jehofa a neng a ba neile tsone.

16. Goreng re sa tshwanela go tshoga fa re akanya ka se se tla diregang ka nako ya pitlagano e kgolo? (Bona le setshwantsho.)

16 Re ithuta eng? Go ise go ye kae, pitlagano e kgolo e tla simologa. Ka nako eo batho ba tla tshoga, mme rona ga re kitla re tshoga. Re a itse gore Jehofa ke Modimo wa rona. Re tla nna pelokgale ka gonne re itse gore “kgololo ya [rona] e atametse.” (Luke 21:28) Tota le fa ditšhaba tse di ikopantseng di re tlhasela, re tla tswelela re ikanya Jehofa. Jehofa o tla dirisa baengele go re sireletsa e bile o tla re naya ditaelo tse di tla bolokang matshelo a rona. Mme gone, re tla amogela ditaelo tseo jang? Tota ga re itse. Re ka nna ra di newa mo diphuthegong tsa rona. Gongwe diphuthego tseno e tla nna ‘diphaposi tsa rona tse di kwa teng.’ Ka jalo, re ka ipaakanyetsa jang se se tla diregang mo nakong e e tlang? Re tshwanetse go atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi, go ikemisetsa go ikobela ditaelo tse re di newang le go itlhatswa pelo gore Jehofa o kaela phuthego eno.​—Baheb. 10:24, 25; 13:17.

Go itse gore Jehofa o na le maatla le bokgoni jwa go re boloka, go tla re thusa gore re se ka ra boifa ka nako ya pitlagano e kgolo (Bona serapa 16) b


17. Re ka letla Jehofa jang gore a re gomotse?

17 Le fa botshelo jwa Bajuda ba ba neng ba nna kwa Babelona bo ne bo se motlhofo, Jehofa o ne a ba gomotsa. Le rona o tla re gomotsa. Ka jalo, le fa go ka direga eng mo nakong e e tlang, letla Jehofa gore a go gomotse. Nna o gopotse gore o itshwarela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bile o a ba tlhokomela. Tswelela o na le tsholofelo e bile o se ka wa boifa sepe ka gonne Jehofa o na le wena.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

a Maina mangwe a fetotswe.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa ba ntse mmogo. Fa ba ntse ba lebile dinaledi, ba a gopola gore Jehofa o na le maatla le bokgoni jwa go sireletsa batho ba gagwe mo lefatsheng lotlhe.