Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela O na le Kagiso ya Mogopolo Le fa O Lebana le Diphetogo

Tswelela O na le Kagiso ya Mogopolo Le fa O Lebana le Diphetogo

“Ke ritibaditse ka ba ka didimatsa moya wa me.”—PES. 131:2.

PINA: 128, 129

1, 2. (a) Fa go direga dilo tse re neng re sa di lebelela, seno se ka re ama jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Go ya ka Pesalema 131, ke eng se se ka re thusang go nna le kagiso ya mogopolo?

FA LLOYD le Alexandra ba ne ba kopiwa go boela kwa tshimong, ba ne ba utlwile botlhoko. Kana gone, ba ne ba feditse dingwaga di feta 25 ba direla kwa Bethele. Lloyd a re: “Bethele le kabelo e ke neng ke e dira e ne e le botshelo jwa me. Ke ne ke tlhaloganya mabaka a go bo go dirilwe diphetogo tseo, mme mo dikgweding tse di latelang, ke ne ke ikutlwa ke se botlhokwa. Nako nngwe ke ne ke siame mme ka nako e nngwe ke ne ke kgobegile marapo.”

2 Fa botshelo jwa rona bo fetoga re sa lebelela, seo se ka dira gore re tlhobaele. (Dia. 12:25) Tota e bile, ka dinako tse dingwe go ka nna thata gore re amogele diphetogo tseo. Fa re le mo maemong ao, ke eng se se ka re thusang go nna re ritibetse? (Bala Pesalema 131:1-3.) Mma re bone kafa batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le ba mo nakong ya rona ba ileng ba nna le kagiso ya mogopolo ka gone fa ba lebane le diphetogo.

GO NNA LE “KAGISO YA MODIMO”

3. Josefa o ile a lebana le maemo afe?

3 Josefa o ne a na le dingwaga di ka nna 17 fa bomorwarraagwe ba ne ba mo rekisa gore e nne lekgoba. Ba ne ba mo tlhoile ka gonne rraabone o ne a mo rata thata. (Gen. 37:2-4, 23-28) Go ne ga feta dingwaga di le 13 a boga e le lekgoba kwa Egepeto a bo a tsenngwa mo kgolegelong. Mo godimo ga moo, o ne a le kgakala le rraagwe yo a neng a mo rata thata. Go ne go ka nna motlhofo gore a tlalelwe kgotsa a galefe, le fa go ntse jalo, ga a ka a dira jalo. Ke eng se se mo thusitseng?

4. (a) Josefa o ne a tlhomile mogopolo mo go eng fa a ne a le kwa kgolegelong? (b) Jehofa o ile a araba dithapelo tsa ga Josefa jang?

4 Fa Josefa a ne a bogisiwa kwa kgolegelong, o ile a tlhoma mogopolo mo dilong tse di neng di bontsha gore Jehofa o a mo segofatsa. (Gen. 39:21; Pes. 105:17-19) Go akanya ka ditoro tse a ileng a nna le tsone fa a le mosha go ne go mo tlhomamisetsa gore Jehofa o a mo rata. (Gen. 37:5-11) Ga go pelaelo gore o ile a rapela Jehofa mo makgetlong a le mantsi. (Pes. 145:18) Jehofa o ne a mo araba ka go mo thusa gore a tlhomamisege gore o “na le ene.”—Dit. 7:9, 10. *

5. “Kagiso ya Modimo” e ka re thusa jang gore re fitlhelele mekgele e re ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa?

5 Le fa re ka lebana le maemo a a boima, re ka kgona go nna le “kagiso ya Modimo” e e tla sireletsang megopolo ya rona. (Bala Bafilipi 4:6, 7.) Ka jalo, fa re kopa Jehofa gore a re thuse fa re tlaletswe, kagiso ya Modimo e tla re nonotsha gore re fitlhelele mekgele e re ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa le go re thusa gore re se ka ra ineela. Mma re tlotle ka dikai tsa mo nakong ya rona tse di bontshang boammaaruri jwa seno.

KOPA JEHOFA GORE A GO THUSE

6, 7. Go rapela ka dilo tse di re tshwenyang go ka re thusa jang gore re nne le kagiso ya mogopolo? Naya sekai.

6 Fa Ryan le Juliette ba ne ba bolelelwa gore ga e tlhole e le babulatsela ba ba kgethegileng, ba ne ba utlwile botlhoko tota. Ryan a re: “Re ne ra rapela ka kgang eno. Eno e ne e le tshono ya go bontsha gore re tshepa Jehofa go le kae. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya rona ba ne ba le basha mo boammaaruring, ka jalo, re ile ra kopa Jehofa gore a re thuse gore re ba tlhomele sekao se se molemo sa go nna le tumelo.”

7 Jehofa o ne a araba thapelo ya bone jang? Ryan a re: “Fa re sena go rapela, re ne re sa tlhole re utlwile botlhoko. Kagiso ya Modimo e ne ya sireletsa dipelo le megopolo ya rona. Re ne ra lemoga gore re ka kgona go tswelela re direla Jehofa fa fela re leba dilo sentle.”

8-10. (a) Moya wa Modimo o ka re thusa jang fa re tlhobaela? (b) Jehofa a ka re segofatsa jang fa re nna re tlhomile mogopolo mo tirelong ya gagwe?

8 Moya wa Modimo ga o re thuse fela gore re ritibale, gape o re thusa gore re gopole ditemana tse di tla re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo dilong tsa botlhokwa. (Bala Johane 14:26, 27.) Ka sekai, akanya ka banyalani bangwe ba ba feditseng dingwaga di ka nna 25 kwa Bethele, e bong Philip le Mary. Mo dikgweding di le nnê fela, bommaabone ba ne ba tlhokafala, mongwe wa losika lwa ga Philip le ene o ne a tlhokafala. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanelwa ke go tlhokomela rraagwe Mary yo o neng a na le bolwetse jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo.

9 Philip a re: “Ke ne ke akanya gore ke siame, mme gone, go ne go na le sengwe se se tlhaelang. Nako nngwe fa ke ne ke bala Tora ya Tebelo, ke ile ka bona Lekwalo la Bakolosa 1:11. Ke boammaaruri gore ke ne ke itshokile, mme go ne go tlhaela sengwe. Ke ne ke tlhoka go ‘itshoka ka botlalo ka bopelotelele le ka boipelo.’ Temana eno e ile ya nkgopotsa gore boitumelo jwa me ga bo a ikaega ka maemo a me, go na le moo, bo ikaegile ka gore a ke letla moya wa Modimo o dira mo botshelong jwa me.”

10 E re ka Philip le Mary ba ne ba dira bojotlhe go tswelela ba tlhomile mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa, o ile a ba segofatsa ka ditsela di le dintsi. Fa ba sena go tswa kwa Bethele, ba ile ba nna le batho ba ba ithutang Baebele le bone ba ba neng ba batla go ithuta makgetlo a le mmalwa mo bekeng. Mary a re: “Batho bano ba ne ba dira gore re itumele e bile e le tsela e Jehofa a neng a re bontsha ka yone gore dilo tsotlhe di tlile go siama.”

DIRA SENGWE SE JEHOFA A KA SE SEGOFATSANG

Re ka etsa jang sekao sa ga Josefa mo maemong mangwe le mangwe? (Bona serapa 11-13)

11, 12. (a) Josefa o ile a dira eng se Jehofa a neng a ka se segofatsa? (b) Jehofa o ile a segofatsa Josefa jang?

11 Fa re lebana le diphetogo, go ka nna motlhofo gore re tlhobaele le go akanya fela ka mathata a rona. Seno se ne se ka nna sa diragalela Josefa. Mme gone, Josefa ga a ka a itetla go tlhoma mogopolo mo mathateng a gagwe, go na le moo, o ile a dira sengwe se Jehofa a neng a ka se segofatsa. Le fa gone a ne a le kwa kgolegelong, o ne a dira ka natla mo tirong nngwe le nngwe e a neng a e neilwe ke modiredi yo mogolo wa kgolegelo fela jaaka a ne a dira kwa ntlong ya ga Potifaro.—Gen. 39:21-23.

12 Letsatsi lengwe Josefa o ne a tlhomiwa gore a tlhokomele banna bangwe ba ba kileng ba bo ba na le maemo a a kwa godimo kwa ntlong ya segosi ya ga Faro. Banna bano ba ile ba lemoga gore Josefa o pelonomi, ka jalo, ba ile ba mmolelela mathata a bone le ditoro tsa bone tse di tlhakanyang tlhogo. (Gen. 40:5-8) Le fa gone Josefa a ne a sa itse, go tlotla le banna bao go ne go tla dira gore a feleletse a golotswe mo kgolegelong. Le fa gone a ile a fetsa dingwaga tse pedi kwa kgolegelong, morago ga moo o ile a gololwa mme a dirwa molaodi yo o nang le taolo kwa Egepeto. Tota e bile, Faro ke ene fela a neng a na le taolo go mo feta.—Gen. 41:1, 14-16, 39-41.

13. Re ka dira jang sengwe se Jehofa a ka se segofatsang le fa re lebane le diphetogo?

13 Fela jaaka Josefa, le rona re ka iphitlhela re le mo maemong a re ka se kgoneng go a fetola. Mme gone, fa re nna re itshokile e bile re dira ka natla mo maemong ao, Jehofa o tla re segofatsa. (Pes. 37:5) Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re ka nna ra ‘akabala,’ mme gone, fela jaaka Paulo a ile a bua, ga re kitla re ‘tlhoka kgoro ya botso gotlhelele.’ (2 Bakor. 4:8) Jehofa o tla re thusa go emelana le maemo mangwe le mangwe, segolobogolo fa re nna re tlhomile mogopolo mo tirelong ya gagwe.

TSWELELA O TLHOMILE MOGOPOLO MO BODIREDING

14-16. Filipo wa moefangele o ne a tswelela jang a tlhomile mogopolo mo bodireding le fa a ne a lebana le diphetogo?

14 Filipo wa moefangele o re tlhometse sekao se se molemo. O ne a tswelela a tlhomile mogopolo mo bodireding le fa a ne a lebane le diphetogo. Fa Setefane a sena go bolawa, Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba simolola go bogisiwa. * Ka nako eo, Filipo o ne a itumelela kabelo ya gagwe e ntšha kwa motseng oo. (Dit. 6:1-6) Bakeresete ba le bantsi ba ne ba tshabela kwa mafelong a mangwe ka gonne ba ne ba bogisiwa mme Filipo ene o ne a batla go tswelela a tshwaregile mo tirelong ya Modimo. O ne a ya go rera kwa Samarea. Batho ba le bantsi kwa motseng oo ba ne ba ise ba ko ba utlwe dikgang tse di molemo.—Math. 10:5; Dit. 8:1, 5.

15 Filipo o ne a iketleeleditse go ya gongwe le gongwe fela kwa moya wa Modimo o neng o mo kaela gone, ka jalo, Jehofa o ne a mo dirisa go rerela batho ba le bantsi ba ba neng ba sa itse dikgang tse di molemo. Bajuda ba le bantsi ba ne ba tseela Basamarea kwa tlase e bile ba sa ba tshware sentle. Filipo ene o ne a sa nna jalo, o ne a ba tshwara sentle e bile a ba rerela dikgang tse di molemo. Ka ntlha ya seo, Basamarea ba le bantsi ba ne ba mo reetsa.—Dit. 8:6-8.

16 Go tswa foo moya wa Modimo o ne wa kaela Filipo kwa Ashedoda le kwa Kaesarea, metse e e neng e na le Baditšhaba ba bantsi. (Dit. 8:39, 40) E re ka go ne go setse go fetile dingwaga di le dintsi Filipo a rera, maemo a gagwe a ne a fetogile. Jaanong o ne a na le lelapa. Le fa gone botshelo jwa ga Filipo bo ne bo fetogile, o ne a tswelela a tlhomile mogopolo mo bodireding mme ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a mo segofatsa le ba lelapa la gagwe.—Dit. 21:8, 9.

17, 18. Go tlhoma mogopolo mo bodireding go ka re thusa jang gore re tswelele re ritibetse le fa re lebana le diphetogo?

17 Bakeresete ba le bantsi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba re go tlhoma mogopolo mo bodireding go ile ga ba thusa gore ba tswelele ba ritibetse le fa ba ne ba lebana le diphetogo. Fa banyalani bangwe ba kwa Afrika Borwa e bong Osborne le Polite ba ne ba tswa kwa Bethele, ba ne ba akanya gore go tla nna motlhofo gore ba bone tiro le kwa ba ka dulang gone. Osborne a re: “Ka maswabi, go ne go le thata go bona tiro.” Polite a re: “Go ne ga feta dikgwedi di le tharo re sa bone tiro e bile re se na madi. Go ne go le thata.”

18 Ke eng se se neng sa ba thusa mo maemong ao a a thata? Osborne a re: “Go ya bodireding ka metlha go ne go re thusa gore re se ka ra kgobega marapo. Re ne ra dira tshwetso ya gore re tlhome mogopolo mo bodireding go na le go nna kwa gae re tshwenyegile, mme seo se ile sa dira gore re itumele. Re ne ra tswelela re batla tiro mme kwa bofelong, re ne ra e bona.”

LETA JEHOFA KA BOPELOTELELE

19-21. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re nne le kagiso ya mogopolo? (b) Go leba dilo sentle fa re lebane le diphetogo go ka re solegela molemo jang?

19 Se se diragaletseng Bakeresete bano se re bontsha gore fa re nna re tlhomile mogopolo mo dilong tsa botlhokwa e bile re leta Jehofa ka bopelotelele, re tla tswelela re na le kagiso ya mogopolo. (Bala Mika 7:7.) Tota e bile, morago ga nako re ka nna ra lemoga gore go lebana le diphetogo tseo go ile ga nonotsha tumelo ya rona. Polite a re: “Se se re diragaletseng se ile sa nthuta gore go ikanya Jehofa go kaya eng tota le fa maemo a le thata. Ke ile ka atamalana le Jehofa fela thata.”

20 Mary yo re buileng ka ene pelenyana o sa ntse a tlhokometse rragwe mme gape ke mmulatsela. A re: “Ke ithutile gore fa ke tlhobaela, ke tlhoka go rapela le go leka go ritibala. Sengwe sa botlhokwa thata gape se ke se ithutileng ke gore ke tshwanetse go tlogelela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa.”

21 Lloyd le Alexandra ba re buileng ka bone kwa tshimologong ba re diphetogo tse ba ileng ba lebana le tsone di ile tsa leka tumelo ya bone ka ditsela tse ba neng ba sa di lebelela. Mme gone ba re: “Diteko di dira gore go bonale gore a tumelo ya rona e nonofile le gore a e ka kgona go re nonotsha le go re gomotsa ka dinako tsa mathata. Di dira gore re nne batho ba ba botoka.”

Diphetogo di ka dira gore re bone masego! (Bona serapa 19-21)

22. Fa re leka go leba dilo sentle le fa re lebane le diphetogo, re ka tlhomamisega ka eng?

22 Botshelo jwa rona bo ka fetoga re sa lebelela. Re ka nna ra newa kabelo e ntšha mo phuthegong, ra lwala kgotsa ra nna le maikarabelo a masha mo lelapeng. Fa seo se direga, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o a re rata le gore o tla re thusa ka nako e e tshwanetseng. (Baheb. 4:16; 1 Pet. 5:6, 7) Mme fa seo se ise se direge, leka go leba dilo sentle. Atamela Jehofa ka thapelo mme o ithute go tlogelela dilo mo diatleng tsa gagwe. Fa o dira jalo, o tla tswelela o na le kagiso ya mogopolo le fa o lebana le diphetogo.

^ ser. 4 Nako nngwe fa Josefa a sena go gololwa kwa kgolegelong, o ile a re Jehofa o ne a mo gomotsa ka mo naya morwa. O ne a mmitsa Manase, ka gonne o ne a re: “Modimo o dirile gore ke lebale matshwenyego a me otlhe.”—Gen. 41:51.

^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng “A o Ne o Itse?” mo makasineng ono.