Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Ikgaoganya le Bodumedi Jwa Maaka

Ba ne Ba Ikgaoganya le Bodumedi Jwa Maaka

“Tswang mo go ene, batho ba me.”—TSHEN. 18:4.

PINA: 101, 93

1. Ke eng se se neng se ka dira gore batho ba Modimo ba solofele gore ba tla gololwa mo go Babelona yo Mogolo, mme re tla sekaseka dipotso dife?

MO SETLHOGONG se se fetileng, re ithutile gore go tlile jang gore Bakeresete ba ba ikanyegang e nne batshwarwa ba Babelona yo Mogolo. Se se itumedisang ke gore ba ne ba se kitla ba nnela ruri mo bodumeding jwa maaka. Taelo ya Modimo e e reng, “Tswang mo go ene, batho ba me,” e ne e tla bo e le ya lefela fa go ka bo go se na ope yo o ka kgonang go tswa mo diatleng tsa mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Bala Tshenolo 18:4.) Re lebile pele go utlwa gore ba ne ba gololwa leng mo go Babelona yo Mogolo! Mme pele re tlotla ka seo, re tshwanetse go araba dipotso tseno: Ke eng se Baithuti ba Baebele ba ileng ba se dira pele ga 1914 se se neng se bontsha gore ba kgatlhanong le Babelona yo Mogolo? Ka Ntwa ya Lefatshe I, bakaulengwe ba rona ba ne ba tlhagafetse go le kana kang mo tirong ya go rera? A lebaka la go bo ba ne ba tlhoka go tokafatsa tsela e ba tlhaloganyang ka yone kgang ya go se tseye letlhakore ka nako eo le amana ka tsela nngwe le go tshwarwa ga bone ke Babelona?

GO WA GA BABELONA

2. Baithuti ba Baebele ba ne ba dira eng se se neng se bontsha gore ba kgatlhanong le bodumedi jwa maaka?

2 Pele ga Ntwa ya Lefatshe I, Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba lemoga gore dikereke di ne di sa rute boammaaruri jwa Baebele. E re ka jaanong ba ne ba tlhaloganya botoka se Jehofa a se batlang mo bathong ba gagwe, ba ne ba ititaya sehuba gore ga ba kitla ba ikamanya ka gope le bodumedi jwa maaka. Makasine wa Zion’s Watch Tower wa November 1879, o ne wa bua jaana o tlhalosa tsela e batho ba Modimo ba lebang bodumedi jwa maaka ka gone: “Kereke nngwe le nngwe e e ipitsang lekgarebane le le itshekileng e leng monyadiwa wa ga Keresete, mme tota e le seoposengwe le lefatshe (sebatana), e tshwanetse go tlhalosiwa go ya ka dikwalo e le kereke ya seaka,” e leng polelwana e e tlhalosang Babelona yo Mogolo.—Bala Tshenolo 17:1, 2.

3. Baithuti ba Baebele ba ne ba tsaya kgato efe go bontsha gore ba ikgaoganya le bodumedi jwa maaka? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Batho ba Modimo ba ne ba itse se ba neng ba tshwanetse go se dira. Ba ne ba ka se lebelele gore Modimo a ba segofatse fa ba ne ba ka tswelela ba le mo bodumeding jwa maaka. Ka jalo, ba ne ba kwala makwalo a a tlhalosang gore ba tlogela dikereke tsa bone. Ba bangwe ba ne ba bala makwalo ao phatlalatsa kwa dikerekeng. Kwa dikerekeng tse di neng di sa letlelele gore go balwe phatlalatsa, bakaulengwe bano ba ne ba romelela maloko otlhe a kereke makwalo ao. Ba ne ba sa batle go utlwa sepe ka bodumedi jwa maaka! Mo nakong e e fetileng, fa motho a ne a ka dira jalo, o ne a tla di gama a sa di tlhapela. Mme mo bowelong jwa dingwaga tsa bo1800, Dipuso tsa dinaga tse dintsi di ne di sa tlhole di tshegetsa dikereke go le kalo. Mo dinageng tseo, batho ba ne ba kgona go bua ka bodumedi le go ganetsa dithuto tsa dikereke phatlalatsa ba sa tshabe gore ba tla otlhaiwa.

4. Ka Ntwa ya Lefatshe I, batho ba Modimo ba ne ba leba jang Babelona yo Mogolo?

4 Baithuti ba Baebele ba ne ba itse gore ga go a lekana go bolelela ba masika, ditsala le maloko a dikereke gore ba kgatlhanong le bodumedi jwa maaka. Batho botlhe ba ne ba tlhoka go itse gore Babelona yo Mogolo ke seaka sa bodumedi! Ka jalo, ka December 1917 go fitlha kwa tshimologong ya 1918, baithuti ba Baebele ba ne ba anamisa pampitshana e e neng e senola madumedi a a ipitsang a Bokeresete e e neng e na le setlhogo se se buang ka go wa ga Babelona yo Mogolo. Baruti ba ne ba tuka bogale, mme seo ga se a ka sa dira gore baithuti ba Baebele ba tlogele go dira tiro eno ya botlhokwa. Ba ne ba ikemiseditse go ikobela “Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Dit. 5:29) Re ka swetsa ka gore Bakeresete e ne e se makgoba a Babelona yo Mogolo, go na le moo, ba ne ba ikgaoganya le ene e bile ba thusa batho ba bangwe go dira se se tshwanang.

GO BONTSHA TLHAGAFALO KA NTWA YA LEFATSHE I

5. Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore batho ba Modimo ba ne ba tlhagafetse mo tirong ya go rera ka Ntwa ya Lefatshe I?

5 Mo dingwageng tse di fetileng, re ne re dumela gore ka Ntwa ya Lefatshe I, Jehofa o ne a galefela batho ba gagwe ka gonne ba ne ba goga dinao mo tirong ya go rera. Re ile ra akanya gore seno ke sone se neng sa dira gore Jehofa a letlelele gore e nne batshwarwa ba Babelona yo Mogolo ka nakwana. Le fa go ntse jalo, dipego tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba neng ba mo direla ka nako eo ya ntwa (1914-1918) di ne di bontsha gore batlhanka ba Modimo botlhe ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba tsweletse tiro ya go rera. Go na le bosupi jo bo tshegetsang dipego tseno. Go ithuta hisitori ya phuthego ka tsela e e oketsegileng go re thusitse go tlhaloganya botoka dipego dingwe tse di mo Baebeleng.

6, 7. (a) Ka Ntwa ya Lefatshe I, ke dilo dife tse di neng tsa dira gore go nne thata gore Baithuti ba Baebele ba rere? (b) Ke dikai dife tse di bontshang gore Baithuti ba Baebele ba ne ba rera ka tlhagafalo?

6 Tota e bile, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I (1914-1918), Baithuti ba Baebele ba ne ba rera ka tlhagafalo. Mme gone, go na le mabaka mangwe a a neng a dira gore go nne thata gore ba rere. A re sekasekeng a le mabedi a one. Lebaka la ntlha, tiro ya konokono e e neng e dirwa ka nako eo e ne e le go anamisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Fa buka ya The Finished Mystery e ne e thibelwa ke balaodi ba puso ka 1918, go ne ga nna thata gore bakaulengwe ba le bantsi ba rere. Ba ne ba ise ba kgone go rera ba dirisa Baebele fela, ka gonne ba ne ba tlwaetse go dirisa buka eo go rerela batho. La bobedi, batho ba le bantsi ba ne ba tlhaselwa ke bolwetse jwa Spanish flu ka 1918. Bolwetse jono jwa leroborobo bo ne jwa dira gore batho ba Modimo ba se ka ba kgona go rera ka kgololesego mo mafelong a a farologaneng. Le fa Baithuti ba Baebele ba ne ba lebane le maemo ano a a thata, ba ne ba dira ka natla mo tirong ya go rera.

Baithuti ba Baebele ba ne ba tlhagafetse! (Bona serapa 6 le 7)

7 Le fa Baithuti ba Baebele ba ne ba le mmalwa fela ka 1914, ba ne ba bontsha batho ba feta 9 000 000 bidio ya “Photo-Drama of Creation.” E ne e kopantse ditshwantsho tse di tshikinyegang le modumo o o rekotilweng mme e ne e tlhalosa hisitori ya batho go tloga kwa tshimologong ya popo go fitlha kwa bowelong jwa dingwaga di le sekete tsa Puso ya ga Keresete. E ne e le sedirisiwa se se molemo tota ka nako eo. Ke eng fa re rialo? Palo ya batho ba ba neng ba bogela terama eno ka 1914, e feta palo yotlhe ya baboledi ba Bogosi mo lefatsheng gompieno! Dipego tse dingwe di bontsha gore ka 1916 batho ba le 809 393 ba ne ba nna gone kwa dipokanong kwa United States, mme palo eo e ne ya oketsega ka 1918 ya nna 949 444. Eleruri Baithuti bao ba Baebele ba ne ba tlhagafetse!

8. Bakaulengwe ba ne ba thusiwa jang gore ba tswelele ba na le kamano e e molemo le Jehofa ka nako ya ntwa?

8 Ka nako ya ntwa, bakaulengwe ba ne ba dira ka natla go tlhomamisa gore Baithuti botlhe ba Baebele ba ba neng ba le mo mafelong a a farologaneng ba amogela dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le gore ba a kgothadiwa. Dithulaganyo tseno di ne di nonotsha bakaulengwe gore ba kgone go tswelela ka tiro ya go rera. Richard H. Barber, yo a neng a tlhagafetse ka nako eo a re: “Re ne ra kgona go thusa balebedi ba ba etang ba le mmalwa gore ba kgone go tswelela ka tiro ya bone e bile re ne ra kgona go nna re romelela bakaulengwe makasine wa Tora ya Tebelo le go o romela kwa Canada kwa o neng o thibetswe gone. Ke ne ka kgona go romelela bakaulengwe ba le mmalwa dibuka tse dinnye tsa The Finished Mystery e re ka balaodi ba puso ba ne ba ba tseetse dibuka tsa bone. Mokaulengwe Rutherford o ne a kopa gore re rulaganye dikopano mo ditoropong di le mmalwa tsa kwa bophirima jwa United States le gore re romele bakaulengwe gore ba ye go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mafelo ao.”

DILO DINGWE DI TLHOKA GO TOKAFADIWA

9. (a) Ka 1914 go fitlha ka 1919, ke eng fa batho ba Modimo ba ne ba tlhoka go tokafatsa tsela e ba tlhaloganyang kgang ya go sa tseye letlhakore ka yone? (b) Go tla bo go le phoso go swetsa ka go reng?

9 Ka 1914 go fitlha ka 1919, go ne go na le dilo dingwe tse Baithuti ba Baebele ba neng ba di dira tse di neng di sa dumalane le Dikwalo. Le fa gone ba ne ba na le maitlhomo a a siameng, ba ne ba sa tlhaloganye sentle kgang ya go ikobela dipuso. (Bar. 13:1) Ka ntlha ya seo, ba ne ba tsaya letlhakore ka tsela nngwe mo ntweng. Ka sekai, fa moporesidente wa United States a ne a re letsatsi la May 30, 1918, e tla nna letsatsi la go rapelela kagiso, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa kgothaletsa Baithuti ba Baebele gore ba ikobele taelo eo ya gagwe. Bakaulengwe bangwe ba ne ba adima madi gore ba tshegetse letsholo la ntwa e bile ba le mmalwa ba ne ba ya ntweng ba tshwere ditlhobolo le ditšhaka. Le fa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go swetsa ka gore Baithuti ba Baebele e ne ya nna batshwarwa ba Babelona yo Mogolo fela ka gonne ba ne ba tlhoka go tokafatsa tsela e ba neng ba tlhaloganya kgang ya go sa tseye letlhakore ka yone. Tota e bile, ba ne ba itse gore ba tshwanetse go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka, mme ka Ntwa ya Lefatshe I, ba ne ba tloga ba ikgaoganya gotlhelele le mmusomogolo oo wa lefatshe.—Bala Luke 12:47, 48.

10. Baithuti ba Baebele ba ile ba dira eng go bontsha gore ba tlotla botshelo?

10 Le fa gone Baithuti ba Baebele ba ne ba sa tlhaloganye sentle kgang ya go sa tseye letlhakore jaaka rona, ba ne ba itse gore Baebele ya re go phoso go bolaya motho yo mongwe. Ka jalo, tota le bakaulengwe ba ba neng ba tsaya dibetsa mme ba ya kwa ntweng, ba ne ba gana go dirisa dibetsa tseo go bolaya batho ba bangwe. Bangwe ba bone ba ne ba bewa kwa pele ga masole a mangwe otlhe, go lebeletswe gore ba bolawe.

11. Balaodi ba puso ba ne ba dira eng fa Baithuti ba Baebele ba ne ba gana go tsaya letlhakore mo ntweng?

11 Diabolo o ne a galefa ka gonne Baithuti ba Baebele ba ne ba sa tseye letlhakore mo ntweng, le fa gone ba ne ba sa dire jalo ka tsela e e feletseng. Ka ntlha ya seo, o ne a “rera mathata ka taelo.” (Pes. 94:20) Mojenerale yo Mogolo wa sesole sa United States e bong James Franklin Bell, o ne a bolelela Mokaulengwe J. F. Rutherford le Mokaulengwe W. E. Van Amburgh gore Lephata la Tshiamiso la United States, le ne la leka go buelela go tlhomiwa ga Molao wa gore ope fela yo o ganang go ya ntweng o tshwanetse go atlholelwa loso. Tota o ne a bua jalo a akantse ka Baithuti ba Baebele. Mojenerale Bell o ne a bua jaana a galefile: “Molao oo ga wa ka wa letlelelwa ka gonne Wilson [Moperesidente wa United States ka nako eo] o ne a o thibela; mme gone, re a itse gore re ka lo fenya jang e bile re tlile go dira jalo!”

12, 13. (a) Ke eng fa bakaulengwe ba le robedi ba ba eteletseng pele ba ne ba atlholelwa dingwaga di le dintsi kwa kgolegelong? (b) A go tsenngwa mo kgolegelong go ne ga dira gore bakaulengwe bao ba se ka ba ikanyega? Tlhalosa.

12 Balaodi ba ne ba diragatsa matshosetsi ao ka gonne baemedi ba Watch Tower Society e bong Mokaulengwe Rutherford, Mokaulengwe Van Amburgh le ba bangwe ba le barataro ba ne ba tshwarwa. Moatlhodi wa kgetsi eo o ne a bua jaana fa a ne a ba atlhola: “Thuto e banna bano ba e rerang e kotsi go feta masole a Jeremane. . . . Ga ba a nyatsa fela tiro ya badiredi ba puso le ba sesole, mme gape ba ne ba kgala baruti botlhe ba dikereke. Ba tshwanetse go otlhaiwa botlhoko.” (Kgang eno e ne ya tlhagelela mo kgatisong ya Faith on the March, ts. 99, e e kwadilweng ke A. H. Macmillan.) Go ne ga nna fela jalo. Baithuti bao ba Baebele ba le robedi ba ne ba atlholelwa dingwaga di le dintsi kwa kgolegelong ya kwa Atlanta, kwa Georgia. Le fa go ntse jalo, fa ntwa e fela ba ne ba gololwa mme kgetsi ya bone e ne ya tshololwa.

13 Le fa banna bao ba le robedi ba ne ba le mo kgolegelong, ba ne ba tswelela ba ikanyega. Ba ne ba kwalela moporesidente wa kwa United States jaana ba kopa gore a ba utlwele botlhoko: “Mo Dikwalong, Modimo o re laela go re, ‘Lo se ka lwa bolaya,’ ka jalo, motho ope yo e leng leloko la Baithuti ba Baebele e bile a ineetse mo Moreneng, ga a ka ke a tlola maikano a gagwe ka boomo, ka gonne fa a ka dira jalo, ga a kitla a amogelwa ke Modimo e bile o tla nyelediwa. Ke ka moo maloko a rona a neng a sa kgone go bolaya batho ba bangwe.” Mafoko ano a ne a bontsha bopelokgale! Go bonala sentle gore bakaulengwe bao ba ne ba ikemiseditse go tswelela ba ikanyega!

KGABAGARE BA A GOLOLESEGA!

14. Dirisa Baebele go tlhalosa se se neng sa direga ka 1914 go fitlha ka 1919.

14 Malaki 3:1-3 e bua ka nako (1914 go fitlha ka 1919) e mo go yone “bomorwa Lefi” ba ba tloditsweng ba neng ba tla itshekisiwa. (E bale.) Ka nako eo, Jehofa Modimo e bong “Morena wa boammaaruri” a na le Jesu Keresete e bong “morongwa wa kgolagano,” ba ne ba tla go tlhatlhoba ba ba direlang mo tempeleng ya gagwe. Fa batho ba ga Jehofa ba sena go thusiwa go tokafatsa tsela e ba tlhaloganyang dilo dingwe ka yone, ba ne ba siametse go amogela maikarabelo a a oketsegileng. Ka 1919, go ne ga tlhomiwa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a neye ba ntlo ya tumelo dithuto tsa boammaaruri. (Math. 24:45) Batho ba Modimo ba ne ba sa tlhole ba tlhotlhelediwa ka tsela epe ke Babelona yo Mogolo. Go tloga ka nako eo, bopelonomi jo bogolo jwa ga Jehofa bo ne jwa thusa batho ba gagwe gore ba itse mo go oketsegileng ka thato ya gagwe le gore ba mo rate le go feta. Ruri ba itumelela go bo a ba segofaditse! [1]

15. E re ka re golotswe mo go Babelona yo Mogolo, seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go dira eng?

15 Ruri re itumelela gore Jehofa o golotse batho ba gagwe mo go Babelona yo Mogolo! Maiteko a ga Satane a go nyeletsa Bokeresete jwa boammaaruri a iteile sefololetse. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala lebaka la go bo Jehofa a re neile kgololesego eno. (2 Bakor. 6:1) Go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke bodumedi jwa maaka. Ba tlhoka go gololwa. Re ka kgona go ba thusa. Ka jalo, fela jaaka bakaulengwe ba rona ba bogologolo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa gore ba tswe mo bodumeding jwa maaka!

^ [1] (serapa 14) Go tshwarwa ga Bajuda dingwaga di le 70 kwa Babelona go tshwana ka ditsela di le dintsi le se se neng sa diragalela Bakeresete fa botlhanogi bo sena go nna gone. Le fa go ntse jalo, ga go lebege go tshwarwa ga Bajuda go tshwantshetsa se se neng sa diragalela Bakeresete. Lebaka lengwe ke gore dingwaga tse Bajuda e neng e le batshwarwa ka tsone ga di lekane le tse Bakeresete e neng e le batshwarwa ka tsone. Ka jalo, ga re a tshwanela go leka go tshwantsha dintlha tsotlhe tsa botshwarwa jwa Bajuda le dilo tse di neng tsa diragalela Bakeresete ba ba tloditsweng pele ga 1919.