Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 20

Tswelela o Itumelela go Rera Le fa O Lebana le Dikgwetlho

Tswelela o Itumelela go Rera Le fa O Lebana le Dikgwetlho

“O jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse.”—MOR. 11:6.

PINA 70 Batlang ba ba Tshwanelegang

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, barutwa ba gagwe ba rera ka matlhagatlhaga kwa Jerusalema le kwa mafelong a mangwe a mantsi (Bona serapa 1)

1. Jesu o ile a tlhomela balatedi ba gagwe sekao sefe, mme ba ile ba dira eng? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

FA Jesu a ne a le mo lefatsheng ga a ka a kgaotsa go rerela batho e bile o ne a nna a solofetse gore ba tla mo reetsa. Mme o ne a batla gore balatedi ba gagwe le bone ba dire se se tshwanang. (Joh. 4:35, 36) Fa Jesu a ne a na le barutwa ba gagwe, ba ne ba rera ba le matlhagatlhaga. (Luke 10:1, 5-11, 17) Mme gone, fa a sena go tshwarwa a bo a bolawa barutwa ba gagwe ba ne ba kgobega marapo ba bo ba tlogela go rera ka nakwana. (Joh. 16:32) Morago ga gore Jesu a tsosiwe, o ile a ba kgothaletsa gore ba tlhome mogopolo mo tirong ya go rera. Mme fa a sena go boela kwa legodimong, ba ile ba rera ka matlhagatlhaga mo e leng gore baba ba bone ba ileng ba ngongorega ba re: “Bonang! lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona.”—Dit. 5:28.

2. Jehofa o ne a segofatsa jang tiro ya go rera?

2 Jesu o ne a kaela Bakeresete ba bogologolo fa ba ntse ba rera, e bile Jehofa o ne a ba segofatsa ka go dira gore ba oketsege. Ka sekai, ka Pentekosete ya 33 C.E., batho ba ka nna 3 000 ba ne ba kolobediwa. (Dit. 2:41) E bile palo ya barutwa e ne ya tswelela e oketsega le go feta. (Dit. 6:7) Mme gone, Jesu o ne a boleletse pele gore mo metlheng ya bofelo batho ba le bantsi ba ne ba tla amogela dikgang tse di molemo.—Joh. 14:12; Dit. 1:8.

3-4. Goreng go le thata go rera mo mafelong mangwe, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Rotlhe re leka go tswelela re rera re itumetse le fa gone re lebana le dikgwetlho. Mo mafelong mangwe, go motlhofo gore bakaulengwe ba tswelele ba rera ba itumetse. Goreng? Ka gonne mo mafelong ao, go na le batho ba le bantsi ba ba batlang go ithuta Baebele, mme bontsi jwa bone ba tshwanelwa ke go leta ka gonne go se na Basupi ba le bantsi! Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe tiro ya go rera ga e motlhofo ka gonne gantsi batho ga ba yo mo magaeng a bone mme ba ba leng teng ga ba kgatlhegele go reetsa molaetsa wa Baebele.

4 Fa e le gore o nna mo lefelong le go leng thata go rerela batho mo go lone, dikakantsho tse di mo setlhogong seno di ka go thusa. Re tla tlotla ka dilo tse bangwe ba ileng ba di dira gore ba kgone go fitlhelela batho ba le bantsi mo bodireding. Gape re tla ithuta gore ke eng fa re ka kgona go tswelela re rera re itumetse fa batho ba reetsa molaetsa wa rona kgotsa ba sa o reetse.

TSWELELA O RERA O ITUMETSE LE FA GO LE THATA GORE O FITLHELE BATHO

5. Basupi ba le bantsi ba lebana le dikgwetlho dife?

5 Go ntse go nna thata le go feta gore Basupi ba le bantsi ba fitlhele batho mo magaeng a bone. Baboledi ba le bantsi ba nna mo mafelong a a nang le dikago tse go seng motlhofo go tsena kwa go tsone kgotsa tse di kampetsweng. Dikago tseo di ka tswa di na le batlhokomedi ba ba letlang motho go tsena fela fa a laleditswe ke motho yo o nnang mo dikagong tseo. Kwa mafelong a mangwe baboledi ba kgona go tsamaya ka ntlo le ntlo, le fa go ntse jalo, ba fitlhela batho ba le mmalwa fela mo magaeng a bone. Mme baboledi bangwe bone ba rera kwa metseng kgotsa kwa mafelong a go nnang batho ba le mmalwa fela kwa go one. Baboledi bangwe ba ka tsamaya sekgala se seleele ba ya kwa mothong a le mongwe ba bo ba mo fitlhela a seyo! Fa e le gore re rera mo mafelong a a ntseng jalo, ga re a tshwanela go itlhoboga. Ke eng se se ka re thusang go fenya dikgwetlho tseno gore re kgone go rerela batho ba le bantsi?

6. Tiro ya go rera e tshwana jang le tiro ya go tshwara ditlhapi?

6 Jesu o ile a tshwantsha tiro ya go rera le tiro ya go tshwara ditlhapi. (Mar. 1:17) Batshwaraditlhapi ba ka fetsa malatsi a le mantsi ba sa tshware ditlhapi dipe. Le fa go ntse jalo, ga ba ineele; ba fetola tsela e ba tshwarang ditlhapi ka yone. Ba fetola nako, lefelo le mokgwa o ba o dirisang go tshwara ditlhapi. Le rona re ka dira diphetogo tse di tshwanang mo bodireding. A re tlotle ka dikakantsho tse re ka di dirisang.

Fa o rera kwa mafelong a go leng thata go fitlhela batho mo magaeng a bone, leka go ba rerela ka dinako tse di farologaneng, kwa mafelong a a farologaneng kgotsa o dirisa mekgwa e e farologaneng (Bona dirapa 7-10) *

7. Ke eng se se ka diragalang fa re rera ka dinako tse di farologaneng?

7 Leka go rerela batho ka dinako tse di farologaneng. Re tla kgona go rerela batho ba le bantsi fa re ya kwa magaeng a bone ka nako e ba leng teng ka yone. Le fa batho ba seyo kwa magaeng a bone fa re ba etela, ba boela gae nako nngwe mo letsatsing! Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba rera maitseboa ka gonne ke yone nako e ba fitlhelang batho ba le gone kwa magaeng a bone. Mo godimo ga moo, ka nako eo, batho ba le bantsi ba a bo ba iketlile e bile ba ka re reetsa fa re ba rerela. Kgotsa gongwe o ka leka go dira se mogolwane mongwe yo o bidiwang David a se dirang. A re fa ene le motho yo a tsamayang le ene ba sena go fetsa nako e e rileng ba rera mo tshimong, ba boela kwa matlong a ba neng ba sa fitlhela ope kwa go one. A re, “Go a gakgamatsa gore re fitlhela batho ba le bantsi mo lapeng fa re boela lekgetlo la bobedi.” *

Fa o rera kwa mafelong a go leng thata go fitlhela batho mo magaeng a bone, leka go ba rerela ka dinako tse di farologaneng (Bona dirapa 7-8)

8. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Moreri 11:6 mo bodireding?

8 Ga re a tshwanela go itlhoboga. Seo ke sone se temana ya setlhogo e re kgothaletsang go se dira. (Bala Moreri 11:6.) David yo re buileng ka ene mo serapeng se se fetileng ga a ka a itlhoboga. O ile a fitlhela monna mongwe morago ga gore a boele kwa ntlong ya gagwe makgetlo a le mantsi a sa fitlhele ope. Monna yoo o ne a kgatlhegela go ithuta Baebele mme o ile a re, “Ke na le dingwaga di le robedi ke nna fano mme ga ke ise ke etelwe ke Mosupi wa ga Jehofa.” David a re, “Ke lemogile gore fa ke fitlhela motho kwa lapeng, gantsi o itumelela go reetsa molaetsa wa rona.”

Fa o rera kwa mafelong a go leng thata go fitlhela batho mo magaeng a bone, leka go ba rerela kwa mafelong a a farologaneng (Bona serapa 9)

9. Ke eng se Basupi bangwe ba se dirileng gore ba kgone go rerela batho ba ba sa ba fitlheleng kwa magaeng a bone?

9 Leka go rera mo mafelong a a farologaneng. Baboledi bangwe ba ile ba rera kwa mafelong a mangwe gore ba kgone go fitlhelela batho ba gantsi ba seyong kwa magaeng a bone. Ka sekai, fa ba rera mo mebileng kgotsa ba dirisa dikolotsana, ba kgona go rerela batho ba ba nnang mo dikagong tse Basupi ba sa letlelelwang go rera kwa go tsone. Seno se dira gore Basupi bano ba kgone go tlotla le batho ba go neng go ka nna thata go ba fitlhelela. Baboledi ba bantsi ba lemogile gore batho ba itumelela go tlotla kgotsa go amogela dikgatiso tsa rona fa ba le kwa diphakeng, kwa marekisetsong kgotsa kwa mafelong a kgwebo. Molebedi mongwe wa potologo wa kwa Bolivia yo o bidiwang Floiran, a re: “Gantsi re rera kwa marekisetsong le kwa mafelong a kgwebo ka ura ya bongwe go ya go ura ya boraro thapama, ka nako e go sa tlhanaseleng ka yone. Re tlotla monate le batho e bile re kgona go simolola dithuto tsa Baebele le bone.”

Fa o rera kwa mafelong a go leng thata go fitlhela batho mo magaeng a bone, leka go ba rerela o dirisa mekgwa e e farologaneng (Bona serapa 10)

10. Ke eng gape se o ka se dirang go fitlhelela batho mo bodireding?

10 Leka go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go rera. A re re o ile kwa ntlong nngwe ka makgetlo a le mantsi mme ga o fitlhele ope. O lekile go boela kwa go yone ka dinako tse di farologaneng mme ga o fitlhele ope. A go na le ditsela tse dingwe tse o ka di dirisang gore o kgone go fitlhelela batho ba ba nnang mo ntlong eo? Katarína a re, “Ke kwala makwalo gore ke a tlogele mo matlong a ke sa fitlhelang ope mo go one. Mme ke kwala se ke neng nka se bolelela motho difatlhego di lebane.” Re ithuta eng mo maitemogelong a ga Katarína? Leka go dirisa ditsela tse di farologaneng gore o kgone go fitlhelela batho mo bodireding.

TSWELELA O RERA O ITUMETSE LE FA BATHO BA SA KGATLHEGELE MOLAETSA

11. Goreng batho bangwe ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona?

11 Batho bangwe ga ba kgatlhegele molaetsa wa rona. Ba akanya gore ga ba tlhoke go ithuta ka Modimo kgotsa go ithuta Baebele. Ga ba dumele mo Modimong ka gonne ba bona batho ba le bantsi ba boga. Ga ba kgatlhegele go ithuta Baebele ka gonne ba bona baeteledipele ba bodumedi ba ba reng ba dira se Baebele e se buang, ba dira dilo tse di sa siamang. Ba bangwe ba nna ba tshwaregile ka ditiro tsa bone, ka malapa a bone le ka mathata a bone mme ga ba akanye gore Baebele e ka kgona go ba thusa. Re ka dira jang gore re tswelele re itumetse le fa batho ba re ba rerelang ba akanya gore molaetsa o re o rerang ga o botlhokwa?

12. Mafoko a a mo go Bafilipi 2:4 a ka re thusa jang fa re le mo bodireding?

12 Bontsha gore o amega ka batho ba o ba rerelang. Batho ba bantsi ba ba neng ba sa batle go reetsa molaetsa wa rona ba ile ba simolola go o reetsa fa ba lemoga gore re amega ka bone. (Bala Bafilipi 2:4.) Ka sekai, David yo re buileng ka ene pelenyana a re, “Fa motho a sa kgatlhegele go reetsa molaetsa, re beela Dibaebele le dikgatiso tsa rona kwa thoko re bo re mmotsa gore: ‘A o ka rata go re bolelela gore ke eng fa o ikutlwa jalo?’” Batho ba kgona go lemoga fa mongwe a amega ka bone. Ba ka nna ba lebala se re ba boleletseng sone, mme gantsi ga ba lebale tsela e re neng re ba tshwere ka yone. Tota le fa motho a sa kgatlhegele go reetsa dikgang tse di molemo, tsela e re itshwarang ka yone e ka mmontsha gore re amega ka ene.

13. Ke eng se re ka se dirang gore mongwe le mongwe yo re mo rerelang a kgatlhegele molaetsa wa rona?

13 Re bontsha gore re amega ka motho yo re mo rerelang fa re fetola se re neng re batla go bua le ene ka sone gore se tshwanele maemo a gagwe kgotsa se a se kgatlhegelang. Ka sekai, a go na le sengwe se se bontshang gore go na le bana mo lapeng? Batsadi ba ka kgatlhegela go utlwa gore Baebele e ka ba thusa jang go godisa bana ba bone le gore ba ka dira jang gore malapa a bone a itumele. A batho ba o ba rerelang ba tsentse dilloko kgotsa dilo dingwe go sireletsa matlo a bone? Fa go le jalo, re ka nna ra bua ka bokebekwa le kafa bo dirang gore batho ba le bantsi ba nne ba tshogile ka gone. Batho bao ba ka itumelela go utlwa gore bokebekwa bo tlile go fedisiwa. Nako le nako fa o kopana le motho yo o batlang go reetsa, leka go mmontsha gore Baebele e ka mo thusa jang. Katarína yo re buileng ka ene pelenyana a re, “Ke leka go ikgopotsa gore Baebele e nthusitse jang mo botshelong.” Seno se thusitse Katarína gore a bue le batho a tlhatswegile pelo, mme batho ba kgona go lemoga seo.

14. Go ya ka Diane 27:17, batho ba ba dirang mmogo mo bodireding ba ka thusana jang?

14 Solegelwa molemo ke go bereka le batho ba bangwe. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo o ile a ruta Timotheo mekgwa e a neng a e dirisa fa a rera le fa a ruta, a bo a mo kgothaletsa gore le ene a e rute ba bangwe. (1 Bakor. 4:17) Fela jaaka Timotheo, le rona re ka ithuta mo bakaulengweng le mo bokgaitsading ba ba nang le maitemogelo mo phuthegong ya rona. (Bala Diane 27:17.) A re tlotle ka sekai sa mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Shawn. O ile a fetsa nako e telele e le mmulatsela kwa motseng o batho ba one ba neng ba rata bodumedi jwa bone thata. Ke eng se se neng sa mo thusa gore a tswelele a itumetse? A re, “Fa go kgonega, ke ne ke bereka le mongwe mo bodireding. Fa re tswa mo ntlong e nngwe re ya kwa go e nngwe, re ne re dirisa nako eo go bona gore re ka thusana jang go tokafatsa tsela e re rerang ka yone. Ka sekai, re tlotla ka tsela e re buileng le mong wa ntlo ka yone. Go tswa foo, re tlotla ka gore re tla dira jang fa re ka kopana le boemo jo bo tshwanang mo nakong e e tlang.”

15. Goreng thapelo e le botlhokwa gore re atlege mo bodireding?

15 Rapela Jehofa o mo kope gore a go thuse. Nako le nako fa o rera, kopa Jehofa gore a go thuse. Re tlhoka moya o o boitshepo wa ga Jehofa gore o re thuse mo go sengwe le sengwe se re se dirang. (Pes. 127:1; Luke 11:13) Fa o kopa gore Jehofa a go thuse, mmolelele se tota o se tlhokang. Ka sekai, mo kope gore a go thuse go bona motho yo o batlang go ithuta le yo o ikaeletseng go reetsa. Go tswa foo, leka ka natla go rerela mongwe le mongwe yo o kopanang le ene.

16. Go ipha nako ya go ithuta go tla re thusang jang gore re atlege mo bodireding?

16 Iphe nako ya go ithuta o le nosi. Baebele e a re: “Lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Bar. 12:2) Fa re ipha nako ya go ithuta, seo se dira gore re itse Modimo botoka. Mme fa re bolelela batho ba bangwe ka ene, ba tla lemoga gore re dumela se re se buang. Katarína yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Mo nakong e e fetileng ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go nonotsha tumelo ya me mo dithutong tsa motheo tsa Baebele. Ka jalo, ke ne ka batla bosupi jo bo oketsegileng jo bo bontshang gore go na le Mmopi, gore Baebele ke Lefoko la Modimo le gore Modimo o na le phuthego mo lefatsheng.” Katarína a re go ipha nako ya go ithuta go ile ga nonotsha tumelo ya gagwe e bile go ile ga mo thusa gore a itumelele tiro ya go rera.

MABAKA A GO BO RE TSWELELA RE RERA LE FA RE LEBANA LE DIKGWETLHO

17. Ke eng se se thusitseng Jesu gore a tswelele a rera le fa a ne a lebane le dikgwetlho?

17 Jesu o ile a tswelela a rera le fa batho ba bangwe ba ne ba sa batle go reetsa molaetsa wa gagwe. Ka ntlha yang? O ne a itse gore batho ba tlhoka go itse boammaaruri e bile o ne a batla go thusa batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone. Gape o ne a itse gore batho ba bangwe ba pele ba neng ba sa batle go mo reetsa, ba ne ba tla mo reetsa fa nako e ntse e ya. Akanya ka se se diragetseng mo lelapeng la gagabo. Jesu o ile a fetsa dingwaga di le tharo le dikgwedi di le thataro a ntse a rera mme ka nako eo, bomorwarraagwe ga ba a ka ba nna balatedi ba gagwe. (Joh. 7:5) Mme fa a sena go tsosiwa, ba ile ba nna Bakeresete.—Dit. 1:14.

18. Goreng re tswelela re rera?

18 Ga re itse gore ke bomang ba ba tla nnang batlhanka ba ga Jehofa. Batho ba bangwe ba ka tsaya lobaka go amogela molaetsa wa rona. Tota le batho ba ba sa batleng go re reetsa ba ka bona tsela e re itshwarang ka yone le e re dirang dilo ka yone ba bo ba simolola go ‘galaletsa Modimo.’—1 Pet. 2:12.

19. Go ya ka 1 Bakorintha 3:6 le 7, re tshwanetse go gopola eng?

19 Le fa gone re jala e bile re nosetsa, re tshwanetse go gopola gore Modimo ke ene a dirang gore tiro ya rona e atlege. (Bala 1 Bakorintha 3:6, 7.) Mokaulengwe mongwe wa kwa Ethiopia yo o bidiwang Getahun a re: “Go fetile dingwaga di le 20 e le nna fela Mosupi mo lefelong le ke nnang mo go lone. Gone jaanong, go na le baboledi ba le 14. Ba le 13 ba bone ba ile ba kolobediwa, go akaretsa mosadi wa me le bana ba me ba bararo. E bile batho ba ka nna 32, ba nna gone kwa dipokanong.” Getahun a re o itumeletse go bo a ile a tswelela a rera a le pelotelele fa a ntse a letetse Jehofa gore a thuse batho ba ba batlang go mo itse gore ba mo obamele!—Joh. 6:44.

20. Re tshwana jang le setlhopha se se falotsang batho ba ba gaeletsweng?

20 Jehofa o tsaya batho botlhe ba le botlhokwa. O re neile tshiamelo ya go dira mmogo le Morwawe mo tirong ya go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe pele bokhutlo bo tla. (Hag. 2:7) Tiro ya go rera e ka tshwantshiwa le tiro ya go falotsa batho. Mme rona re tshwana le setlhopha sa batho ba ba falotsang batho ba ba gaeletsweng mo moepong. Le fa gone e le ba le mmalwa fela ba ba ka fitlhelang batho ba ba sa ntseng ba tshela, botlhe mo setlhopheng seo ba dira tiro ya botlhokwa. Go ntse jalo le ka tiro e re e dirang ya go rera. Ga re itse gore ke batho ba le bakae ba ba sa ntseng ba ka gololwa mo lefatsheng leno la ga Satane. Mme Jehofa a ka dirisa mongwe le mongwe wa rona go ba thusa. Andreas yo o nnang kwa Bolivia a re, “Fa ke bona motho a ithuta boammaaruri a bo a kolobediwa, ke a itse gore o thusitswe ke baboledi ba le bantsi gore a dire tshwetso eo.” E kete le rona re ka leba bodiredi ka tsela e Andreas a bo lebang ka yone. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa, e bile tiro ya go rera e tla dira gore re itumele.

PINA 66 Bolelang Dikgang Tse di Molemo

^ ser. 5 Re ka dira jang gore re se ka ra kgobega marapo mme re tswelele re rera le fa batho ba le bantsi mo tshimong ya rona ba seyo mo magaeng a bone kgotsa ba sa batle go reetsa molaetsa wa rona? Setlhogo seno se tla re thusa go bona ditsela tse di farologaneng tsa go tswelela re rera le fa re lebana le dikgwetlho le gore re itumelele bodiredi.

^ ser. 7 Baboledi ba tshwanetse go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go rera tse go tlotliwang ka tsone mo setlhogong seno go ikaegile ka melao ya mo lefelong la bone.

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (go tloga kwa godimo go ya kwa tlase): Banyalani ba rera mo lefelong le mo go lone go leng thata go fitlhela batho mo magaeng a bone. Mo ntlong ya ntlha mong wa ntlo o kwa tirong, mo ntlong ya bobedi o kwa ngakeng, mme mo go ya boraro o kwa dishopong. Ba fitlhela mongwe mo ntlong ya ntlha fa ba ya maitseboa. Ba kopana le motho yo o nnang mo ntlong ya bobedi fa ba le mo bodireding jwa phatlalatsa gaufi le kwa ngakeng. Ba kgona go rerela motho yo o nnang mo ntlong ya boraro ka founu.