SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 11
PINA 129 Re Tla Tswelela re Itshoka
O ka Tswelela o Direla Jehofa Le fa O Kgobegile Marapo
“O ne wa nna o itshokile ka ntlha ya leina la me.”—TSHEN. 2:3.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re ka kgona go tswelela re direla Jehofa fa go nna le maemo mangwe a a re kgobang marapo.
1. Ke masego afe a re itumelelang one ka gonne re le mo phuthegong ya ga Jehofa?
RE ITUMELELA go bo re le mo phuthegong ya ga Jehofa mo malatsing ano a bofelo a a tletseng mathata. Maemo a lefatshe leno a ntse a sulafalela go ya pele, mme Jehofa o re neile bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re thuse. (Pes. 133:1) Gape o re thusa gore re itumele mo malapeng. (Baef. 5:33–6:1) Mo godimo ga moo, o re naya botlhale jo bo re thusang gore re se ka ra tlhobaela thata le gore re nne le kagiso.
2. Re tshwanetse go dira eng, mme ka ntlha ya eng?
2 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira ka natla gore re tswelele re direla Jehofa ka boikanyegi ka gonne ka dinako tse dingwe batho bangwe ba ka re kgopisa. Gape re ka kgobega marapo fa re dira diphoso, segolobogolo fa re nna re di boaboeletsa. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore re ka kgona go tswelela re direla Jehofa (1) fa mongwe mo phuthegong a re kgopisa, (2) fa motho yo re nyalaneng le ene a re thatafaletsa botshelo le (3) fa re kgobegile marapo ka gonne re dirile phoso. Gape re tla tlotla ka batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng.
TSWELELA O IKANYEGA FA MONGWE MO PHUTHEGONG A GO KGOPISA
3. Batho ba ga Jehofa ba lebana le bothata bofe?
3 Bothata jo re ka nnang le jone. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba na le botho jo re sa bo rateng. Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba re tshwara sentle kgotsa ba ka re kgopisa. Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe bagolwane ba dira diphoso. Dilo tseno di ka dira gore batho bangwe ba ipotse gore a mme ruri phuthego eno ke ya Modimo. Ka sekai, fa bangwe ba ba kgopisitse, go na le gore ba tswelele ba direla Jehofa mmogo le bone ba le “seoposengwe,” ba ka nna ba simolola go ba itlhokomolosa kgotsa ba tlogela go tla dipokanong. (Sefa. 3:9) Mme gone go dira jalo ga go thuse ka sepe. Mma re tlotle ka mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo o ileng a lebana le maemo ano.
4. Paulo o ile a lebana le mathata afe?
4 Mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira diphoso. Ka sekai, fa a sena go nna morutwa wa ga Jesu, bangwe mo phuthegong ba ne ba sa ntse ba mo tshaba. (Dit. 9:26) Moragonyana, bangwe ba ile ba bua dilo tse di sa siamang ka ene ba mo senya leina. (2 Bakor. 10:10) Gape Paulo o ile a bona mogolwane mongwe mo phuthegong a dira sengwe se se neng se ka kgopisa batho ba bangwe. (Bagal. 2:11, 12) Mo godimo ga moo, tsala nngwe ya ga Paulo e bong Mareko o ile a dira sengwe se se neng sa mo swabisa. (Dit. 15:37, 38) Go ne go ka nna motlhofo gore Paulo a simolole go itlhokomolosa bakaulengwe bano, mme gone ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ne a tswelela a ba rata e bile a direla Jehofa ka boikanyegi. Ke eng se se ileng sa mo thusa?
5. Ke eng se se ileng sa thusa Paulo gore a se ka a tlhoboga bakaulengwe le bokgaitsadi? (Bakolosa 3:13, 14) (Bona le setshwantsho.)
5 Paulo o ne a rata bakaulengwe le bokgaitsadi. Seno se ile sa mo thusa gore a tlhome mogopolo mo dilong tse dintle tse ba di dirang, e seng mo diphosong tsa bone. Gape go rata batho go ile ga thusa Paulo gore a dirise kgakololo e a neng a e kwadile mo go Bakolosa 3:13, 14. (E bale.) Ka sekai, nako nngwe Mareko o ile a phuaganya Paulo fa ba ne ba le mo loetong lwa borongwa. Mme gone, ga a ka a mo tshwarela sekgopi, go na le moo o ile a mo itshwarela. Moragonyana fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya kwa Kolosa, o ile a bua dilo tse dintle ka Mareko a bo a re ke modirimmogo le ene yo a neng a mo ‘gomotsa thata.’ (Bakol. 4:10, 11) Mo godimo ga moo, fa Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma, o ne a kopa Mareko gore a ye go mo thusa. (2 Tim. 4:11) Seno se bontsha gore Paulo ga a ka a tlhoboga bakaulengwe le bokgaitsadi. Re ka ithuta eng mo go ene?
6-7. Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re rata bakaulengwe le bokgaitsadi le fa ba dira diphoso? (1 Johane 4:7)
6 Se re se ithutang. Jehofa o batla gore re tswelele re rata bakaulengwe le bokgaitsadi. (Bala 1 Johane 4:7.) Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a sa re tshware sentle, re tshwanetse go nna re gopotse gore ga a dire jalo ka boomo, le gore o leka ka natla go tshela ka melaometheo e e mo Baebeleng. (Diane 12:18) Jehofa o a re rata. Ga a re latlhelele matsogo fa re dira diphoso, go na le moo o a re itshwarela. (Pes. 103:9) Ka jalo re tshwanetse go mo etsa ka go itshwarela ba bangwe.—Baef. 4:32–5:1.
7 Re tshwanetse go nna re gopotse gore fa bokhutlo bo ntse bo atamela, batho ba ba sa re rateng ba tlile go re thatafaletsa botshelo le go feta, ka jalo re tshwanetse go nna re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka sekai, re ka nna ra isiwa kgolegelong ka ntlha ya se re se dumelang. Fa seo se direga, re tlile go tshwanelwa ke go thusana. (Diane 17:17) Akanya ka se se ileng sa diragalela mogolwane mongwe wa kwa Spain yo o bidiwang Josep. a Ene le bakaulengwe bangwe ba ile ba isiwa kgolegelong ka gonne ba sa batle go tsenela bosole. A re: “Re ne re nna mo seleng e le nngwe, ka jalo go ne go le motlhofo gore re kgopisane. Mme gone re ne re itshokelana e bile re itshwarelana ka pelo yotlhe. Seno se ile sa re thusa go utlwana. Re ne re sireletsana ka gonne re ne re nna le batho ba ba sa direleng Jehofa. Nako nngwe ke ile ka gobala mo letsogong, ka jalo ke ne ke sa kgone go itirela sepe. Mokaulengwe mongwe o ne a ntlhatswetsa diaparo e bile a nthusa ka dilo tse dingwe tse ke di tlhokang. Ke ile ka lemoga gore eleruri re a ratana.” Fa go na le mongwe yo re sa nosaneng metsi le ene, re tshwanetse go tsaya matsapa go dira kagiso gone jaanong.
TSWELELA O IKANYEGA FA MOLEKANE WA GAGO A GO THATAFALETSA BOTSHELO
8. Batho ba ba nyalaneng ba na le mathata afe?
8 Bothata jo re ka nnang le jone. Go na le seane se se reng, ‘Ga go na ntlo e e sa neleng.’ Seno se raya gore ga go na lenyalo le le se nang mathata. Tota e bile, Baebele e a re batho ba ba nyalaneng “ba tla nna le mathata a mantsi.” (1 Bakor. 7:28) Ka ntlha ya eng? Ka gonne ba dira diphoso, ba na le botho jo bo sa tshwaneng e bile ba rata dilo tse di sa tshwaneng. Gape ba ka tswa ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng kgotsa ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Mo godimo ga moo, fa nako e ntse e tsamaya, motho a ka nna a lemoga gore motho yo a nyalaneng le ene o na le mekgwa mengwe e a sa e lemogang pele ba nyalana. Se se gakatsang dilo le go feta ke gore ka dinako tse dingwe fa banyalani ba na le mathata, ga ba leke go a rarabolola, go na le moo ba supana ka menwana. Seno se ka dira gore ba feleletse ba akanya gore go kgaogana kgotsa go tlhalana ke gone go tla rarabololang mathata a bone. Mme gone ga go a nna jalo. b Mma re tlotle ka mosadi mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo o ileng a tswelela a ikanyega mo go Jehofa le fa monna wa gagwe a ne a mo thatafaletsa botshelo.
9. Abigaile o ile a lebana le bothata bofe?
9 Mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Abigaile o ne a nyetswe ke monna mongwe yo o bidiwang Nabale yo Baebele e reng o ne a le bogale e bile a itshwara ka tsela e e sa siamang. (1 Sam. 25:3) Monna yono o tshwanetse a bo a ne a thatafaletsa Abigaile botshelo tota. Nako nngwe Nabale o ile a tlhapatsa Dafide le banna ba gagwe fa ba ne ba mo kopa gore a ba thuse. Ka jalo Dafide o ne a tswa letsholo a ya go bolaya Nabale le banna botlhe ba ntlo ya gagwe. (1 Sam. 25:9-13) Abigaile o ne a ka tsaya seno e le tshono ya go tswa mo lenyalong leno le le seng monate. A ka bo a ile a sia, gore Dafide a kgone go bolaya Nabale. Mme gone ga a ka a dira jalo, go na le moo o ile a kopa Dafide gore a se ka a bolaya Nabale. (1 Sam. 25:23-27) Goreng a ile a dira jalo?
10. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Abigaile a sireletse Nabale le fa a ne a mo thatafaletsa botshelo?
10 Abigaile o ne a rata Jehofa e bile o ne a tlotla lenyalo fela jaaka ene. O ne a itse se Jehofa a ileng a se bua fa a ne a nyadisa Adame le Efa, e bile o ne a itse gore Jehofa o tsaya lenyalo le le boitshepo. (Gen. 2:24) E re ka a ne a batla go itumedisa Jehofa, o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang go sireletsa ba lelapa la gagwe, go akaretsa le Nabale. Ka sekai, o ile a thibela Dafide gore a se ka a bolaya Nabale e bile o ile a ikopela maitshwarelo mo go ene le fa a ne a sa dira sepe se se phoso. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a rata mosadi yono yo o pelokgale, yo a sa ikakanyetseng a le nosi. Banna le basadi ba ka ithuta eng mo go Abigaile?
11. (a) Jehofa o batla gore banyalani ba dire eng? (Baefeso 5:33) (b) O ithutile eng mo go Carmen? (Bona le setshwantsho.)
11 Se re se ithutang. Jehofa ga a batle gore batho ba ba nyalaneng ba kgaogane, tota le fa go ka tswa go le thata. O tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona banyalani ba leka ka natla go rarabolola mathata a bone e bile ba bontshana lorato le tlotlo. (Bala Baefeso 5:33.) Akanya ka se se ileng sa diragalela Carmen. Dingwaga di le thataro fa a sena go nyalwa, o ile a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme moragonyana o ne a kolobediwa. A re: “Monna wa me o ne a sa itumela. O ne a sa batle ke nna Mosupi. O ne a tlhola a ntlhapatsa e bile a re o tla ntlogela.” Mme gone, Carmen ga a ka a ineela. Go ile ga feta dingwaga di le 50 a dira ka natla go bontsha monna wa gagwe gore o a mo rata le gore o a mo tlotla. A re: “Fa dingwaga di ntse di ya, ke ile ka leka go tlhaloganya gore monna wa me o ikutlwa jang, e bile ke ne ke bua le ene ka bonolo. E re ka ke rata Jehofa e bile ke itse gore o tsaya lenyalo le le boitshepo, ke ile ka dira sotlhe se nka se kgonang gore lenyalo la me le se ka la thubega.” c Fa e le gore motho yo o nyalaneng le ene o go thatafaletsa botshelo, itse gore Jehofa o tla go ema nôkeng e bile o tla go thusa gore o itshoke.
TSWELELA O IKANYEGA FA O DIRILE PHOSO
12. Re ka lebana le bothata bofe fa re dirile boleo jo bo masisi?
12 Bothata jo re ka nnang le jone. Re ka kgobega marapo thata fa re dirile boleo jo bo masisi. Baebele e a re go dira boleo go ka re utlwisa botlhoko thata. (Pes. 51:17) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Robert o ne a dira ka natla mo phuthegong ka dingwaga di le mmalwa a bo a tshwanelega go nna motlhanka wa bodiredi. Le fa go ntse jalo, o ile a dira boleo jo bo masisi. A re: “Fa ke lemoga se ke se dirileng, segakolodi se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne ke utlwile botlhoko thata, ka jalo ke ile ka rapela. Mme gone, ke ne ke tsaya gore Jehofa a ka se reetse dithapelo tsa me ka gonne ke ne ke mo utlwisitse botlhoko.” Fa re dirile boleo jo bo masisi, re ka utlwa botlhoko thata jaana mo re ka akanyang gore Jehofa o re latlhile, re bo re ipolelela gore ga go tlhokege gore re tswelele re mo direla. (Pes. 38:4) Fa e le gore o kile wa ikutlwa jalo, akanya ka mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo o ileng a tswelela a direla Jehofa le fa a ne a dirile boleo jo bo masisi.
13. Petere o ile a dira boleo bofe jo bo masisi, mme o ile a dira diphoso dife pele ga moo?
13 Mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, moaposetoloi Petere o ile a dira diphoso di le mmalwa tse di ileng tsa dira gore a feleletse a dirile boleo jo bo masisi. Sa ntlha, o ile a bontsha gore o boikgogomoso ka gonne o ne a re le fa baaposetoloi ba bangwe ba ka tlhanogela Jesu, ene a ka se mo tlhanogele. (Mar. 14:27-29) Sa bobedi, fa ba ne ba le kwa tshimong ya Gethesemane, o ile a palelwa ke go nna a disitse. (Mar. 14:32, 37-41) Go tswa foo, fa batho ba ne ba tswela Jesu letsholo ba tshwere ditšhaka le melamu, Petere o ile a le botsa phokoje. (Mar. 14:50) Kwa bofelong, o ile a itatola Jesu gararo. Tota e bile, o ile a ikana a re ga a itse Jesu. (Mar. 14:66-71) Petere o ile a ikutlwa jang fa a lemoga boleo jo bo masisi jo a neng a bo dirile? O ile a lela mo go botlhoko ka gonne o ne a ikutlwa molato thata. (Mar. 14:72) Akanya fela gore a ka tswa a ne a utlwile botlhoko jang moragonyana fa Jesu a ne a bolawa. Ga go pelaelo gore o ne a ikutlwa e se motho wa sepe.
14. Ke eng se se thusitseng Petere gore a tswelele a direla Jehofa ka boikanyegi? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)
14 Le fa gone Petere a ne a dirile boleo jo bo masisi, o ile a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi. O ile a thusiwa ke eng? Ga a ka a itira motshelanosi, go na le moo, o ne a ya kwa barutweng ba bangwe, mme ba ile ba mo gomotsa. (Luke 24:33) Mo godimo ga moo, fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a ya kwa go Petere a bo a mo kgothatsa. (Luke 24:34; 1 Bakor. 15:5) Moragonyana Jesu ga a ka a omanya Petere ka ntlha ya se a neng a se dirile. Go na le moo, o ne a mo kopa gore a tlhokomele dinku tsa gagwe. (Joh. 21:15-17) Petere o ne a itse gore o dirile boleo jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, ga a ka ineela ka gonne o ne a itse gore Jesu o sa ntse a mo rata. Mo godimo ga moo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba tswelela ba eme Petere nôkeng. Re ka ithuta eng mo go Petere?
15. Jehofa o batla gore re itse eng? (Pesalema 86:5; Baroma 8:38, 39) (Bona le setshwantsho.)
15 Se re se ithutang. Jehofa o batla gore re itse gore o a re rata le gore o tla re itshwarela fa re dirile diphoso. (Bala Pesalema 86:5; Baroma 8:38, 39.) Fa re dirile boleo, re ikutlwa molato. Mme gone, ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o re latlhile. Go na le moo, re tshwanetse go kopa bagolwane gore ba re thuse. Robert yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Ke ile ka dira boleo ka gonne ke ne ke itshepa thata.” O ne a lemoga gore o tshwanetse go ya go bua le bagolwane. A re: “Fa ke ne ke bua le bagolwane, ba ile ba nthusa go lemoga gore Jehofa o a nthata le gore ga a ntatlha. Gape ke ile ka bona gore le bone ba a nthata.” Le rona re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o a re rata e bile o tla re itshwarela fa re ikwatlhaya, re kopa bagolwane gore ba re thuse e bile re leka ka natla gore re se ka ra boeletsa diphoso tse re di dirileng. (1 Joh. 1:8, 9) Fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o a re rata e bile o tla re itshwarela, re tla tswelela re mo direla ka boikanyegi le fa re dirile diphoso.
16. Goreng o ikemiseditse go tswelela o direla Jehofa ka boikanyegi?
16 Jehofa o lebogela matsapa a re a tsayang go mo direla mo malatsing ano a bofelo. Re ka kgona go tswelela re mo direla le fa re dira diphoso, e bile bangwe mo phuthegong ba sa re tshware sentle kgotsa ba re kgopisa. Gape re ka kgona go tlotla lenyalo fela jaaka Jehofa le go dira sotlhe se re ka se kgonang gore manyalo a rona a se ka a thubega. Mo godimo ga moo, fa re dirile boleo, re ka kopa Jehofa gore a re thuse le gore a re itshwarele re bo re tswelela re mo direla ka boikanyegi. Eleruri Jehofa o tla re segofatsa fa re sa ‘lese go dira se se molemo.’—Bagal. 6:9.
KE ENG SE SE KA GO THUSANG GO TSWELELA O DIRELA JEHOFA . . .
-
fa mongwe mo phuthegong a go kgopisa?
-
fa motho yo o nyalaneng le ene a go thatafaletsa botshelo?
-
fa o dirile boleo?
PINA 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha
a Maina mangwe a fetotswe.
b Baebele e a re monna le mosadi ga ba a tshwanela go kgaogana, e bile e tlhalosa gore fa ba kgaogana, ga ba a tshwanela go nyala gape. Le fa go ntse jalo, go na le maemo mangwe a a masisi a a ileng a dira gore Bakeresete bangwe ba akanyetse go kgaogana le balekane ba bone. Bona ntlha e e kwa bofelong 4 e e reng, “Go Kgaogana ga Banyalani” mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!