Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o Ile a Ntshegofatsa Fela Thata

Jehofa o Ile a Ntshegofatsa Fela Thata

KE NE ke itse gore ke tshwanetse go nna mmulatsela. Mme ke ne ke ipotsa gore fa nka nna mmulatsela, a ke tla itumela. Ke ne ke bereka kwa Jeremane e bile ke ne ke rata tiro ya me fela thata. Tiro ya me e ne e le go romela dijo kwa Afrika, kwa mafelong a a jaaka Dar es Salaam, Elisabethville le Asmara. Ke ne ke sa itse gore letsatsi lengwe ke tla bo ke direla Jehofa kwa mafelong ao le a mangwe kwa Afrika.

Ke ne ka feleletsa ke le mmulatsela mme botshelo jwa me bo ile jwa fetoga. (Baef. 3:20) O ka tswa o ipotsa gore go tlile jang gore botshelo jwa me bo fetoge. Mma ke simolole kwa tshimologong.

Ke tsholetswe kwa toropong ya Berlin kwa Jeremane ka 1939, dikgwedi di le mmalwa fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go runya. Ka 1945 fa ntwa e tloga e fela, difofane tsa masole di ne di tlhola di latlhela dibomo mo toropong ya rona. Letsatsi lengwe di ne tsa latlhela bomo mo seterateng sa rona mme nna le ba lelapa la gaetsho re ne ra tshabela kwa lefelong le le sireletsegileng. Moragonyana re ile ra tshabela kwa gaabo mmê kwa Erfurt.

Ke na le batsadi ba me le kgaitsadiake kwa Jeremane ka 1950

Mmê o ne a batla go itse boammaaruri. O ne a tlhola a bala dibuka tsa borafilosofi e bile a ya kwa dikerekeng tse di farologaneng mme gone, o ne a sa bone se a se batlang. Ka 1948, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba re etela. Mmê o ile a ba botsa dipotso di le dintsi. Morago ga metsotso e le mmalwa, o ne a re raya a re o bone boammaaruri. Go ise go ye kae, nna, mmê le kgaitsadiake, re ne ra simolola go ya dipokanong.

Ka 1950 re ile ra boela kwa Berlin mme re ne re kopanela le Phuthego ya Berlin-Kreuzberg. Moragonyana re ne ra fudugela kwa Phuthegong ya Berlin-Tempelhof. Go ise go ye kae, Mmê o ile a kolobediwa mme nna ke ne ke okaoka. Ka ntlha yang?

KE NE KA TLOGELA GO NNA DITLHONG

Ke ne ke sa kgone go direla Jehofa ka botlalo ka gonne ke ne ke le ditlhong. Go ne ga feta dingwaga di le pedi ke ya tshimong mme gone, ke sa kgone go bua le batho. Ke ne ka thusiwa ke go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba le pelokgale e bile ba rata Jehofa. Bangwe ba bone ba ne ba tswa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi mme ba bangwe ba ne ba tswa kgolegelong. Go tlotla le bone go ne ga nkgothatsa. Ke ne ka ipolelela gore, fa ba kgonne go tsenya matshelo a bone mo kotsing ka gonne ba rata Jehofa le bakaulengwe, le nna ke tshwanetse go nna pelokgale.

Go nna le seabe mo letsholong le le kgethegileng ka 1955 go ile ga nthusa. Mokaulengwe Nathan Knorr o ile a kwala lekwalo le le neng la tlhagelela mo kgatisong e e bidiwang Informant. * Mo lekwalong leo, o ile a tlhalosa gore letsholo leno le ne le le legolo tota. O ne a re fa rotlhe re ka nna le seabe mo letsholong leno, re tlile go itumela fela thata. O ne a bua boammaruri. Morago ga letsholo leo ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka 1956, nna, rre le kgaitsadiake re ne ra kolobediwa. Moragonyana, ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe ya botlhokwa.

Ke ne ke itse gore ke batla go nna mmulatsela mme ke ne ke okaoka. Ke ne ka swetsa ka go ya sekolong sa kgwebo kwa Berlin mme ke ne ke batla gore moragonyana, ke simolole ka go bereka pele ke nna mmulatsela. Ka 1961 ke ne ka bona tiro kwa Hamburg. Ke ne ke rata tiro ya me thata mme ke sa batle go e tlogela. Ke ne ka dirang?

Ke itumelela gore Jehofa o ile a dirisa bakaulengwe go nthusa go lemoga gore go botlhokwa go mo direla ka botlalo. Gape ke ile ka kgothadiwa ke Mokaulengwe Erich Mundt yo o kileng a isiwa kwa kampeng ya pogisetso. O ile a re kwa kampeng, tumelo ya bakaulengwe ba ba neng ba itshepa thata e ne ya koafala. Mme ba ba neng ba tshepa Jehofa ba ile ba tswelela ba ikanyega e bile ba ile ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe.

Fa ke ne ke simolola bobulatsela ka 1963

Gape Mokaulengwe Martin Poetzinger, yo moragonyana a ileng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlhola a kgothatsa bakaulengwe a re: “Go nna pelokgale go tla re thusa fela thata.” Fa ke sena go akanya thata ka mafoko a gagwe ke ne ka tlogela mmereko ke bo ke nna mmulatsela ka June 1963. Ga ke ikwatlhaele tshwetso eo. Morago ga dikgwedi tse pedi ke ne ka nna mmulatsela yo o kgethegileng. Morago ga dingwaga di le mmalwa, Jehofa o ne a ntshegofatsa ka tsela e ke neng ke sa e lebelela. Ke ne ka lalediwa kwa sekolong sa Gileade.

GO ITHUTA THUTO YA BOTLHOKWA KWA GILEADE

Thuto nngwe ya botlhokwa e ke ileng ka ithuta yone mo go Mokaulengwe Nathan Knorr le Mokaulengwe Lyman Swingle e ne e le gore, ke se ka ka ineela ka bonako fa ke lebana le mathata. Ba ne ba re re se ka ra tlogela kabelo ya rona, le fa go ka nna thata jang. Mokaulengwe Knorr o ne a re: “O tlile go tlhoma mogopolo mo go eng? Dilo tse o sa di rateng ka lefelo leo kgotsa dilo tse di ntle tsa lefelo leo? Ithute go rata batho ba lefelo leo.” Letsatsi lengwe fa Mokaulengwe Swingle a leka go tlhalosa gore ke eng fa bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba tlogela kabelo ya bone, o ne a utlwile botlhoko thata e bile a ikgeletse dikeledi. O ne a tshwanelwa ke go ema go se kae gore a wele makgwafo. Ke ne ke amegile tota, ka jalo, ke ne ka ititaya sehuba gore ga nkitla ke swabisa Keresete kgotsa bomorwarraagwe.—Math. 25:40.

Ke na le Claude le Heinrich kwa Lubumbashi, Congo ka 1967

Fa re sena go amogela dikabelo tsa rona, bakaulengwe bangwe ba kwa Bethele ba ne ba re botsa gore re ya go direla kae. Ba ile ba bua bontle ka mafelo a ba bangwe ba neng ba abetswe go ya kwa go one mme e rile ke ba bolelela gore ke abetswe go ya kwa Congo, ba ne ba didimala go se kae ba bo ba re: “A Jehofa a nne le wena!” Ka nako eo, Congo e ne e itsege ka dintwa. Seo ga se a ka sa nkgoba marapo ka gonne ke ne ke nna ke akantse ka dilo tse ke di ithutileng kwa Gileade. Ka September 1967, nna, Heinrich Dehnbostel le Claude Lindsay re ne ra ya kwa Kinshasa.

GO ITHUTA THUTO YA BOTLHOKWA MO TIRONG YA BORONGWA

Fa re goroga kwa Kinshasa, re ile ra fetsa dikgwedi di le tharo re ithuta Sefora. Morago ga moo re ile ra fudugela kwa Lubumbashi mme re ne re nna mo ntlong ya barongwa.

E re ka go ne go se na Basupi kwa mafelong a le mantsi kwa Lubumbashi, bontsi jwa batho e ne e le la ntlha ba utlwa dikgang tse di molemo. Go ise go ye kae, re ne re ithuta Baebele le batho ba le bantsi. Gape re ne re rerela badiredipuso le mapodise. Ba ne ba rata Baebele e bile ba re tlotla ka ntlha ya tiro e re neng re e dira. Bontsi jwa batho ba kwa Lubumbashi ba ne ba bua Se-Swahili ka jalo, nna le Claude Lindsay re ne ra tshwanelwa ke go se ithuta. Moragonyana re ile ra fudugela kwa phuthegong ya Se-Swahili.

Le fa go ne go le monate, re ile ra kopana le dikgwetlho. Ka sekai, mapodise le masole ba ne ba rata go re latofatsa ka dilo tse re sa di dirang. Letsatsi lengwe mapodise a ne a tsena kwa re neng re tshwaretse dipokano teng a bo a tshwara bakaulengwe botlhe. Ba ne ba re isa kwa seteisheneng sa mapodise ba bo ba re nnisa mo fatshe go fitlha ka ura ya lesome bosigo.

Ke ne ka nna molebedi wa potologo ka 1969. Ke ne ke tlhola ke tsamaya sekgala se se leele mo nageng le mo ditseleng tse di tletseng seretse. Nako nngwe koko e e nang le dikokwana e ne e robala ka fa tlase ga bolao jwa me. E ne e tlhola e ntsosa makuku. Ke rata go akanya ka dinako tsa fa ke ne ke itisa le bakaulengwe mo molelong re tlotla ka Jehofa.

Kgwetlho nngwe e re ileng ra kopana le yone e ne e le batho ba ba neng ba itira e kete ke Basupi mme gone e le ba mokgatlho wa Kitawala. * Bangwe ba bone ba ile ba kolobediwa e bo e nna bagolwane. Mme gone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba ile ba kgona go lemoga batho bano ba ba neng ba tshwana le “mafika [kgotsa matlapa] a a fitlhegileng.” (Jude 12) Jehofa o ile a ba ntsha mo phuthegong ya gagwe mme morago ga moo phuthego e ile ya gola.

Ka 1971, ke ne ka abelwa go ya go direla kwa ofising ya lekala kwa Kinshasa. Ke ne ke dira ditiro tse di farologaneng tse di jaaka go araba makwalo, go otara dikgatiso gape ke ne ke bereka kwa lefapheng la tirelo. Ke ne ka ithuta go rulaganya tiro ya rona mo nageng eo le fa gone go ne go na le dikgwetlho. Ka sekai, makwalo a ne a tsaya nako e e telele go fitlha kwa diphuthegong. Makwalo ao a ne a ntshiwa mo difofaneng a bo a tsenngwa mo dikepeng ka jalo go ne go tsaya nako gore a fitlhe kwa diphuthegong. Mme gone re ne re kgona go wetsa tiro le fa go ne go na le dikgwetlho.

Bakaulengwe ba ne ba kgona go rulaganya dikopano tse dikgolo ba dirisa madi a mannye. Ba ne ba dira serala ka mmu wa seolo. Gape ba ne ba dirisa bojang go dira mesamo e ba dulang mo go yone. Ba ne ba aga lobota ka dipale tsa ditlhare ba bo ba rulela ka lotlhaka. Gape ba ne ba lo dirisa go dira ditafole. Ke ne ke kgatlhiwa tota ke maano a ba neng ba a dira fa ba lebane le maemo a a jaaka ano. Ke ne ke ba rata tota. Fa ke ne ke le kwa kabelong e ntšha, ke ne ke ba gopola tota.

GO DIRELA KWA KENYA

Ka 1974 ke ile ka isiwa kwa ofising ya lekala ya kwa Kenya. Tiro e ne e le ntsi ka gonne ofisi ya lekala ya Kenya e ne e tlhokomela tiro ya go rera mo dinageng tse dingwe di le lesome. Dingwe tsa dinaga tseo di ne di thibetse tiro ya rona. Ke ne ke tlhola ke etela dinaga tseo, segolobogolo Ethiopia. Bakaulengwe ba kwa Ethiopia ba ne ba bogisiwa e bile ba ne ba na le mathata a le mantsi. Bontsi jwa bone ba ne ba itewa kgotsa ba tsenngwa mo dikgolegelong mme bangwe ba ile ba bolawa. Ba ile ba kgona go itshoka ka gonne ba ne ba rata Jehofa e bile ba utlwana.

Ka 1980 ke ne ka nyala Gail Matheson. Re ne re le kwa Gileade mmogo. Gail e ne e le morongwa kwa Bolivia mme re ne re tlhola re kwalelana makwalo. Re ile ra kopana gape kwa New York morago ga dingwaga di le 12. Moragonyana re ile ra nyalana kwa Kenya. Ke rata Gail fela thata ka gonne o rata Jehofa e bile ga nke a ngongorega fa re lebana le dikgwetlho. Le gompieno o sa ntse a nkeme nokeng.

Ka 1986 ke ne ka abelwa go nna molebedi wa kgaolo mme gape ke ne ke le leloko la Komiti ya Lekala. Ke ne ke etela dinaga di le dintsi tse di neng di tlhokometswe ke ofisi ya lekala ya Kenya.

Ke neela puo kwa kopanong kwa Asmara ka 1992

Ka 1992 tiro ya rona e ne e sa tlhole e thibetswe kwa Asmara mme re ne re baakanyetsa kopano ya tikologo. Ka maswabi, ga re a ka ra bona lefelo le le siametseng kopano. Re ne ra kgona go bona fela lefelo le le neng le sa kgatlhe gotlhelele. Ka letsatsi la kopano, ke ne ka kgatlhiwa ke go bona kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba baakantse lefelo leno ka gone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tlile ka matsela a mantle ba bo ba kgabisa ka one. Kopano eo e ne e le monate mme go ne go tlile batho ba le 1 279.

Mo tirong ya go eta, re ne re nna mo mafelong a a farologaneng beke le beke. Nako nngwe re ne re nna mo ntlong ya maphatsiphatsi gaufi le lewatle mme nako nngwe re ne re nna mo mokhukhung e bile ntlwana ya boithomelo e le kgakala. Mme re ne re itumelela thata go bereka le babulatsela le baboledi ba ba tlhoafetseng. Fa re ne re amogela kabelo e nngwe, re ne ra kgaogana le ditsala tsa rona tse re neng re di rata thata.

JEHOFA O SEGOFADITSE TIRO YA RONA KWA ETHIOPIA

Go simolola ka bo1980, tiro ya rona e ne e sa tlhole e thibetswe kwa dinageng di le mmalwa tse di neng di tlhokomelwa ke ofisi ya lekala ya Kenya. Ka jalo go ile ga agiwa diofisi tse dingwe kwa dinageng tseo. Ka 1993, re ile ra abelwa go ya go direla kwa ofising ya lekala kwa Ethiopia.

Re le mo tirong ya go eta kwa Ethiopia ka 1996

Jehofa o segofaditse tiro ya rona kwa Ethiopia. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba nna babulatsela. Mo godimo ga moo bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba ya kwa dikolong tsa Bogosi mme go ile ga agiwa Diholo Tsa Bogosi di feta 120. Ka 2004 re ile ra fudugela kwa ofising e ntšha ya lekala e e nang le Holo ya Dikopano.

Re na le ditsala di le dintsi kwa Ethiopia. Re ba rata tota. Bosheng jaana re ne ra simolola go lwala ka jalo re ne ra kopiwa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala kwa Central Europe. Ba re tlhokometse tota mme gone re gopotse ditsala tsa rona tsa kwa Ethiopia.

JEHOFA O NE A GODISA

Re iponetse kafa Jehofa a segofaditseng tiro ya gagwe ka gone. (1 Bakor. 3:6, 9) Ka sekai, fa ke ne ke simolola go rerela batho ba kwa Rwanda ba ba neng ba bereka mo meepong kwa Congo, go ne go se na Basupi kwa Rwanda. Gone jaanong go na le Basupi ba feta 30 000 kwa nageng eo. Ka 1967 go ne go na le baboledi ba le 6 000 kwa Congo. Gone jaanong ba feta 230 000 mme batho ba feta milione ba ile ba ya Segopotsong ka 2018. Dinaga tsotlhe tse di neng di tlhokometswe ke ofisi ya lekala ya Kenya di na le baboledi ba feta 100 000.

Dingwaga di feta 50 tse di fetileng, Jehofa o ile a dirisa bakaulengwe gore ba nkgothaletse go nna mmulatsela. Ke sa ntse ke le ditlhong mme gone ke ithutile go tshepa Jehofa. Go direla kwa Afrika go nthusitse go nna pelotelele le go kgotsofalela dilo tse ke nang le tsone. Nna le Gail re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ratang batho, ba ba kgonang go itshokela mathata e bile ba tshepa Jehofa. Ke lebogela bopelonomi jo Jehofa a re bontshitseng jone. Eleruri Jehofa o ntshegofaditse fela thata.—Pes. 37:4.

^ ser. 11 Moragonyana e ne ya bidiwa Tirelo ya Rona ya Bogosi mme gone jaanong e bidiwa Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona.

^ ser. 23 “Kitawala” e tswa mo lefokong la Se-Swahili le le kayang “go rena kgotsa go laola.” Mokgatlho ono o ne o batla gore Congo e se ka ya tlhola e busiwa ke Belgium. Mokgatlho wa Kitawala o ne o dirisa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa e bile ba sokamisa dithuto tsa Baebele gore di dumalane le mekgwa ya bone e e sa siamang.