KGANG YA BOTSHELO
Go Nna “Dilo Tsotlhe mo Bathong ba Mefuta Yotlhe”
“Fa o ka kolobediwa, ke tlile go go tlhala!” Rre o ne a raya mmè mafoko ao ka 1941. Le fa a ne a mo tshosetsa, mmè o ne a kolobediwa ka gonne o ne a batla go bontsha gore o ineetse mo go Jehofa Modimo. Rre o ne a tlhala mmè fela jaaka a ne a buile. Ka nako eo, ke ne ke le dingwaga di le robedi.
PELE rre a tlogela mmè, ke ne ke setse ke kgatlhegela se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng. Mmè o ne a na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Ke ne ke rata dikgatiso tseo mme ditshwantsho tsa tsone di ne di nkgatlha fela thata. Rre o ne a sa batle gore mmè a mpolelele dilo tse a neng a di ithuta. Le fa go ntse jalo, ke ne ke botsa dipotso ka gonne ke batla go itse mo go oketsegileng, ka jalo mmè o ne a ithuta le nna fa rre a seyo mo gae. Seno se ne sa nthusa gore le nna ke ineele mo go Jehofa. Ke ne ka kolobediwa ka 1943 kwa Blackpool, kwa Engelane ke na le dingwaga di le lesome.
KE SIMOLOLA GO DIRELA JEHOFA
Fa e sa le ka nako eo, nna le mmè re ne re ya tshimong ka metlha. Re ne re rera re dirisa difonokerafo. Di ne di le bokete jwa dikilogerama di ka nna 4,5. Akanya fela ke le mosimanyana, ke tsholeditse selo se se bokete jalo!
Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ke batla go nna mmulatsela. Mmè o ne a re ke bue pele le motlhanka wa bakaulengwe (kgotsa molebedi wa potologo). Molebedi wa potologo o ne a nkgothaletsa gore ke ithute tiro nngwe gore ke kgone go itshedisa fa ke le mmulatsela. Ke ne ka dira jalo. Morago ga dingwaga di le pedi ke
ntse ke bereka, ke ne ka bua le molebedi yo mongwe wa potologo ka go nna mmulatsela. O ne a re: “Dira jalo!”Ka jalo, ka April 1949 re ne ra rekisa fanitšhara ya rona mme e nngwe re ne ra e naya batho re bo re fudugela kwa Middleton gaufi le kwa Manchester, kwa re neng ra nna babulatsela gone. Morago ga dikgwedi di le nnè, ke ne ka simolola go bereka le mokaulengwe mongwe wa mmulatsela. Ofisi ya lekala e ne ya re romela kwa phuthegong e e neng e sa tswa go tlhomiwa kwa Irlam. Mmè o ne a bereka le kgaitsadi mongwe wa mmulatsela kwa phuthegong e nngwe.
Le fa ke ne ke le dingwaga di le 17, nna le mokaulengwe yo ke neng ke bereka le ene re ne re na le maikarabelo a go tshwara dipokano ka gonne go ne go na le bakaulengwe ba le mmalwa fela ba ba tshwanelegang mo phuthegong eo. Moragonyana, ke ne ka kopiwa go fudugela kwa phuthegong ya Buxton e e neng e tlhoka thuso ka gonne e ne e na le baboledi ba le mmalwa. Ka metlha ke ne ke leba dikabelo tseo e le thapiso ya dikabelo tse ke neng ke tla di newa mo isagweng.
Ka 1951, ke ne ka tsenya kopo ya go ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Le fa go ntse jalo, ka December 1952 ke ne ka laelwa go tsenela bosole. Ke ne ka kopa gore ke se ka ka tsenela bosole ka gonne ke ne ke le moreri wa nako e e tletseng mme kgotlatshekelo e ne ya gana, ka jalo ke ne ka atlholelwa dikgwedi
di le thataro kwa kgolegelong. Fa ke le koo, ke ne ka lalediwa go ya tlelaseng ya bo22 ya Sekolo sa Gileade. Ka jalo, ka July 1953, ke ne ka ya kwa New York ka sekepe se se bidiwang Georgic.Fa ke goroga koo, ke ne ka ya kwa kopanong ya 1953 ya Mokgatlho wa Lefatshe le Lesha. Ke ne ka tsamaya ka terena go ya kwa sekolo se neng se le gone kwa South Lansing, New York. E re ka e ne e le gone ke tswang kwa kgolegelong, ke ne ke se na madi. Fa ke fologa terena, ke ne ke tshwanetse go palama bese e e yang kwa South Lansing mme ke ne ke se na madi a go duela, ka jalo ke ne ka kopa mongwe mo beseng gore a a nkadime.
GO DIRELA KWA NAGENG E NNGWE
Thapiso e re neng ra e newa kwa Sekolong sa Gileade e ne ya re thusa go nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe” fa re le mo tirong ya borongwa. (1 Bakor. 9:22) Ke ne ka abelwa go ya go direla kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippines le Paul Brunn le Raymond Leach. Re ne ra tshwanelwa ke go leta dikgwedi di le mmalwa pele re amogela di-visa; re ne ra tsamaya malatsi a le 47 ka sekepe mme ra feta Rotterdam, Lewatle la Mediterranean, Suez Canal, Lewatle la India, Malaysia le Hong Kong. Kgabagare re ne ra goroga kwa Manila ka November 19, 1954.
Re ne ra tshwanelwa ke go tlwaela lefelo le lesha, go ithuta puo e nngwe le go tshela le batho ba re neng re sa ba itse. Le fa go ntse jalo, kabelo ya rona ya ntlha e ne e le kwa phuthegong e e kwa toropong ya Quezon mme bontsi jwa baagi ba koo ba ne ba bua Seesemane. Ka jalo, morago ga dikgwedi di le thataro, re ne re itse mafoko a se kae fela a Se-Tagalog. Kabelo ya rona e e latelang e ne ya re thusa go itse puo eo.
Letsatsi lengwe ka May 1955 fa re ne re tswa tshimong, nna le Mokaulengwe Leach re ne ra fitlhela makwalo mo phaposing ya rona. Makwalo ao a ne a tlhalosa gore re abetswe go nna balebedi ba potologo. Ke ne ke le dingwaga di le 22 fela, mme kabelo eno e ne ya nthusa “go nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe” ka ditsela tse dingwe.
Ka sekai, ke ne ka neela puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa ke le molebedi wa potologo fa pele ga lebenkele kwa motseng mongwe. Ke ne ka lemoga gore bakaulengwe ba kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippines ba ne ba tlwaetse go neela dipuo tsa phatlalatsa kwa mafelong a batho botlhe. Fa ke ntse ke etela diphuthego mo potologong, ke ne ke neela dipuo tsa phatlalatsa kwa marekisetsong, mo ditenteng, fa pele ga diholo tsa mmasepala, kwa mabaleng a metshameko, kwa diparakeng le mo mebileng. Letsatsi lengwe kwa toropong ya San Pablo, pula e ne ya tshologa mme ke ne ka se ka ka kgona go neela puo kwa marekisetsong, ka jalo ke ne ka akantsha bakaulengwe ba ba ikarabelelang mo phuthegong gore ke e neele kwa Holong ya Bogosi. Morago ga moo, bakaulengwe bao ba ile ba botsa gore a ba ka tsaya puo eo e le ya phatlalatsa e re ka e ne e sa neelwa kwa lefelong la batho botlhe.
Ka metlha ke ne ke nna kwa malapeng a bakaulengwe. Le fa e ne e le a maemo a a kwa tlase, ka metlha a ne a le phepa. Gantsi ke ne ke robala fa fatshe. Ke ne ke tlhapela kwa ntle kwa ke bonwang ke mongwe le mongwe gone, ka jalo ke ne ke tshwanelwa ke go tlhapa ka tsela e e neng e ka se kgopise batho. Ke ne ke tsamaya ka koloi e e bidiwang jeepney kgotsa ka bese mme ka dinako tse dingwe ke ne ke tsamaya ka mokoro fa ke ya kwa ditlhaketlhakeng tse dingwe. Ke gola ke nna kana, ga ke ise ke tsamaye ke nne le koloi!
Ke ithutile puo ya Se-Tagalog ka go ya tshimong le go etela diphuthego. Ga ke ise ke tsenele khoso ya go ithuta puo eo, go na le moo, ke ne ka e ithuta ka go reetsa bakaulengwe kwa tshimong le kwa dipokanong. Bakaulengwe ba ne ba nthusa, mme ke ne ke anaanela bopelotelele le dikgakololo tsa bone.
Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka amogela dikabelo tse di neng di tlhoka gore ke dire diphetogo tse dingwe gape. Fa Mokaulengwe Nathan Knorr a ne a etetse ditlhaketlhake tsa Philippines, ke ne ka abelwa go buisana le babegadikgang kwa kopanong e kgolo ka 1956. E ne e le lekgetlho lantlha ke dira tiro eno, ka jalo, bakaulengwe ba ne ba nthusa. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Mokaulengwe Frederick Franz yo o tswang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe, o ne a etela ditlhaketlhake tsa Philippines mme go ne ga rulaganngwa kopano e nngwe gape. Fa ke ntse ke le molebedi wa kopano, ke ne ka ithuta mo sekaong sa ga Mokaulengwe Franz sa go ikemisetsa go itlwaelanya le batho. Bakaulengwe ba koo ba ne ba itumelela go bona Mokaulengwe Franz a apere diaparo tsa setso tsa kwa Phillipines fa a ne a neela puo ya phatlalatsa.
Fa ke ne ke abelwa go nna molebedi wa kgaolo, ke ne ka tlhoka go dira diphetogo tse dingwe. Ka nako eo, re ne re bontsha batho filimi ya The Happiness of the New World Society, gantsi mo mafelong a batho botlhe. Ka dinako tse dingwe, re ne re tshwenngwa ke ditshenekegi. Di ne di gogelwa ke lesedi la porojeketara mme di kgomarela mo go yone. E ne e le namane e tona ya tiro go phepafatsa porojeketara eo! Le fa go ne go se motlhofo go rulaganya dikokoano tseno, go ne go itumedisa go bona batho ba itumelela go ithuta ka phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe.
Baruti ba kereke ya Katoliki ba ne ba pateletsa balaodi ba puso gore ba se ka ba re naya makwalo a a re letlang go tshwara dikopano. Ka dinako tse dingwe ba ne ba leka go re itaya tsebe ka go letsa tshipi ya kereke fa go ne go neelwa dipuo tsa phatlalatsa gaufi le dikereke tsa bone. Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra emisa e bile batho ba le bantsi ba mo mafelong ao e ne ya nna baobamedi ba ga Jehofa.
GO DIRA DIPHETOGO TSE DINGWE GAPE
Ka 1959, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le tlhalosa gore ke abetswe go ya go direla kwa ofising ya lekala. Go direla koo go ne ga dira gore ke ithute go le gontsi. Moragonyana, ke ne ka kopiwa gore ke etele makala a dinaga tse dingwe. Mo loetong lengwe, ke na ka kopana le morongwa mongwe wa kwa Thailand e bong kgaitsadi Janet Dumond. Re ne re nna re kwalelana makwalo mme moragonyana re ne ra nyalana. Re itumeletse go direla Jehofa mmogo ka dingwaga di le 51.
Ke ile ka itumelela go etela batho ba ga Jehofa mo dinageng di le 33. Ke itumelela gore dikabelo tsa me tsa ntlha di nthusitse gore ke kgone go lebana le dikgwetlho tsa go dirisana le batho ba ba farologaneng. Maeto ano a nthusitse go tokafatsa tsela e ke lebang dilo ka yone le gore ke lemoge gore Jehofa o rata batho ba mefuta yotlhe.—Dit. 10:34, 35.
KE SA NTSE KE DIRA DIPHETOGO
Re itumeletse go dira mmogo le bakaulengwe ba rona kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippines! Gone jaanong palo ya baboledi e oketsegile go feta pele. Nna le Janet re sa ntse re direla kwa ofising ya lekala ya ditlhaketlhake tsa Philippines e e kwa Quezon City. Le fa gone ke na le dingwaga di feta 60 ke dira kabelo eno, ke sa ntse ke tlhoka go dira diphetogo gore ke kgone go dira se Jehofa a se batlang. Diphetogo tsa bosheng tsa mo phuthegong ya Modimo di tlhoka gore re nne re fetofetoga le maemo fa re direla Modimo le bakaulengwe ba rona.
Re ikemiseditse go dira thato ya Modimo, mme seno se dirile gore re tshele botshelo jo bo kgotsofatsang. Gape re dirile diphetogo gore re kgone go direla bakaulengwe ba rona. Fa Jehofa a sa ntse a re neile tshono eno, re tla nna re ikemiseditse go nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.”