GO THUSA LELAPA | LENYALO
Tsela ya go Nna Moreetsi yo o Molemo
KGWETLHO
Molekane wa gago a re: “Ga o a ntheetsa!” Wena o ipolelela jaana: ‘Kana mme ke ne ke reeditse.’ Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore se o se utlwileng se farologane gotlhelele le se molekane wa gago a se buileng. Mme seo se dira gore lo ngangisane gape.
O ka kgona go tila dikgotlhang tseno. Le fa go ntse jalo, sa ntlha o tshwanetse go tlhaloganya gore ke eng se se ka dirang gore o se ka wa utlwa dintlha tsa botlhokwa tse molekane wa gago a di buang—le fa tota o akanya gore o mo reeditse.
LEBAKA LA GO BO GO DIREGA
O iteega tsebe, o lapile kgotsa tsoopedi. Bana ba a goa, thelebishene e lelela kwa godimo mme o akantse ka bothata bongwe jwa kwa tirong. Jaanong molekane wa gago o simolola go bua le wena—sengwe malebana le gore go na le baeng ba ba tlang maitseboa. O koma ka tlhogo o re “Go siame,” a mme gone o utlwile se a se buileng? O ka tswa o sa mo utlwa.
O a fopholetsa. Seno se a tle se tlhalosiwe e le mofuta o o kotsi wa “go bala mogopolo.” O fopholetsa gore se molekane wa gago a se buang se ka tswa se kaya sengwe mme tota go sa nna jalo. Ka sekai, a re re molekane wa gago a re: “O feditse nako e ntsi o bereka morago ga tiro beke eno.” O tsaya gore mosadi wa gago o go tshwaya phoso, mme wa re: “Ga se molato wa me! Ke tshwanetse go bereka nako e e oketsegileng ka gonne o senya madi.” Molekane wa gago—yo tota a neng akantsha gore lo fetse mafelobeke mmogo lo iketlile—o goa jaana: “Nna ke ne ke sa go tshwaye phoso!”
O batla ditharabololo o ise o itse bothata. Marcie * a re: “Ka dinako tse dingwe ke batla fela go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka teng, mme Mike o batla go mpolelela gore nka rarabolola seo jang. Ga ke batle go se rarabolola. Ke batla fela gore a itse gore ke ikutlwa jang.” Bothata ke eng fano? Mike o itlhaganeletse go bona tharabololo. Mme seo se ka nna sa felela ka gore a se ka a utlwa dilo dingwe, kgotsa a se ka a utlwa sepe se Marcie a se buang.
Le fa bothata bo ka tswa bo bakwa ke eng, o ka nna jang moreetsi yo o botoka?
SE O KA SE DIRANG
Reetsa ka kelotlhoko. Molekane wa gago o batla go go bolelela sengwe sa botlhokwa, a mme o siametse go mo reetsa? Gongwe ga o a ipaakanya. Gone jaanong mogopolo wa gago o ka tswa o akantse ka dilo tse dingwe. Fa go ntse jalo, o se ka wa dira e kete o reeditse. Fa go kgonega, tlogela se o se dirang mme o reetse molekane wa gago ka kelotlhoko kgotsa o mo kope gore a lete go fitlha o kgona go dira jalo.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 1:19.
A go bue motho a le mongwe ka nako e le nngwe. Fa e le nako ya gore o reetse, o se ka wa itetla go tsena yo mongwe ganong kgotsa go mo ganetsa. Tshono ya gago ya go bua e tla tla. Ga jaana, reetsa fela.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 18:13.
Botsa dipotso. Seno se tla dira gore o kgone go tlhaloganya botoka se molekane wa gago a se buang. Marcie, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ke a itumela fa Mike a botsa dipotso. Seno se bontsha gore o kgatlhegela se ke se buang.”
Se reetse mafoko fela, reetsa le se a se kayang. Leka go tlhaloganya gore molekane wa gago a reng o lebile tsela e a itshikinyang mmele ka yone, a tsamaisang matlho ka yone le segalo sa lentswe la gagwe. Mafoko a a reng “Go siame” a ka tswa a kaya “Ga go a siama”—go ikaegile ka gore a buiwa jang. Mafoko a a reng “Ga o ke o ithaopa go nthusa” tota a ka tswa a kaya gore “Ke ikutlwa e kete ga o ntseye ke le botlhokwa.” Leka go tlhaloganya se tota se kaiwang, le fa se sa buiwe. Go seng jalo, lo ka felela lo ngangisana ka se se builweng go na le go tlhoma mogopolo mo go se se neng se kaiwa.
Tswelela o ntse o reeditse. O se ka wa tlhokomologa kgang kgotsa wa tsamaya, tota le fa o sa rate se o se utlwang. Ka sekai, o ka dirang fa molekane wa gago a go tshwaya phoso? Gregory, yo o nang le dingwaga di feta 60 a nyetse o gakolola jaana: “Tswelela o ntse o reeditse. Reetsa ka pelo yotlhe se molekane wa gago a se buang. Seno se tlhoka gore o bo o godile mo tlhaloganyong, mme se solegela molemo.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 18:15.
Bontsha gore o kgatlhegela molekane wa gago go tswa pelong. Go reetsa ka kelotlhoko ga se sengwe fela se o ka se dirang mme ke tsela ya go bontsha lorato. Fa o kgatlhegela go tswa pelong se molekane wa gago a se buang, go reetsa e tla nna sengwe se se itlelang motlhofo fela. Ka tsela eno o tla bo o latela kgakololo eno ya Baebele: “Elang tlhoko dilo tse di amang ba bangwe, e seng tse di amang lona fela.”—Bafilipi 2:4, Good News Translation.
^ ser. 9 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.