Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa O ka Laolang Madi a Gago ka Teng

Kafa O ka Laolang Madi a Gago ka Teng

Kafa O ka Laolang Madi a Gago ka Teng

TOTA go na le ditsela tse tharo tsa go laola tsela e o ka dirisang madi ka yone: (1) A dirise, (2) a boloke kgotsa (3) o a abe. Mma re tlotleng pele ka kafa o ka dirisang madi ka botlhale ka gone.

Selo sa botlhokwa se Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi e se bontshitseng ke botlhokwa jwa go dira tekanyetso ya madi e e rulagantsweng sentle. Tekanyetso ya madi ke eng? Re ka re ke go fopholetsa kafa lotseno lo tla dirisiwang ka teng, e ka tswa le dirisiwa ke motho a le mongwe, lelapa, kgwebo kgotsa puso.

Thulaganyo e e Dirwang ke Lelapa Lotlhe

Lo ka rulaganya jang tekanyetso ya madi? Buka ya Budgeting, e e kwadilweng ke Denise Chambers ya re: “Botlhe mo lelapeng ba tshwanetse go akarediwa fa go rulaganngwa tekanyetso mme botlhe ba tshwanetse go latela thulaganyo e e dirilweng.” Gangwe le gape lelapa lotlhe le tshwanetse go kopana go bona gore a tekanyetso ya bone ya madi e sa ntse e bereka sentle. Go dira tekanyetso ya madi e e atlegileng go ka solegela lelapa lotlhe molemo fa mongwe le mongwe a ntse a leka go tshela ka tsela e e tsamaisanang le tekanyetso ya lelapa ya madi.

Batho bangwe ba dirisa thulaganyo ya khomputara go dira tekanyetso ya madi. Ba bangwe ba dirisa pene le pampiri fela mme ba bo ba e kgaoganya ka dikholomo tse pedi. Kholomo e nngwe ke ya lotseno mme e nngwe ke ya ditshenyegelo. Gape go botlhokwa gore kgwedi le kgwedi mo tekanyetsong ya madi, lo akaretse madi a a tla duelelang ditshenyegelo tse di nnang gone gangwe mo ngwageng, tse di jaaka lekgetho gongwe le madi a lo tla a dirisang go ya malatsing a boikhutso.

Mokgwa o o sa bolong go dirisiwa wa go lekanyetsa madi ke wa go dirisa dienfelopo kgotsa difaele tse di kwadilweng “Dijo,” “Rente,” “Sepalangwa,” “Motlakase,” “Dikoloto Tsa Kalafi,” jalo le jalo. Mo nakong e e fetileng, batho ba ne ba tsenya madi mo dienfelopong tseo kgwedi le kgwedi go duelela ditshenyegelo. Gone jaanong batho ba le bantsi ba bona go le botoka e bile go le motlhofo go tsenya madi mo bankeng le go a goga fa o a tlhoka.

Gantsi Jonathan le Anne ba ba nnang mo Afrika Borwa le bomorwadiabone ba babedi, ba dirisa mokgwa wa go dira tekanyetso ya madi ka difaele. Jonathan a re: “Fa o tsenya madi a o a amogelang mo bankeng, go botlhokwa fela jalo gore o nne kelotlhoko thata gore o kgaoganya madi a gago jang. Ka sekai, fa e le gore madi a o a beetseng kwa thoko go reka nama a fedile, ga o a tshwanela go tsaya madi a o a bolokileng gore o reke nama gape.”

Jonathan o kile a bo a na le kgwebo mme gone jaanong ene le ba lelapa la gagwe ba tlhophile go nna badiri ba baithaopi mme gone jaanong ba aga mafelo a kobamelo. E re ka ba rata tirelo eno ya boithaopo, ba tshwanetse go tswelela go dirisa tekanyetso ya madi go feta le fa e le leng pele. Lelapa le kopana ka metlha go bona gore tekanyetso ya bone ya madi e ntse e dira jang le go dira diphetogo tse di tlhokegang.

Boitumelo jo Bogolo

Dipatlisiso di bontsha gore fa o abela batho ba bangwe dilo tsa gago, go akaretsa nako le maatla a gago mmogo le madi mangwe, o tla bona boitumelo jo bogolwane. Go ikaegile ka gore o na le dilo tse di kana kang, seno e ka nna sengwe sa dilo tse di molemo go gaisa mo go tse tharo tse go builweng ka tsone kwa tshimologong ya setlhogo seno.

Chris Farrell, mo bukeng ya gagwe ya The New Frugality, o bolela gore, go boloka madi “ke tsela e e molemo ya go dirisa madi sentle.” O akantsha jaana: “Sengwe se se botlhokwa le se se botlhale se o ka se dirang ka madi a gago ke go a aba.” * Farrell o oketsa jaana: “Fa o akanya ka gore ke eng se se botlhokwa thata, gantsi ke dikamano tse o nang le tsone le batho ba bangwe, dilo tse di go diragaletseng le go itse gore o thusa batho ba bangwe, e seng madi le dithoto.”

Go lebega fa Michael Wagner, yo e leng moitse wa ikonomi a dumalana le seno. Mo bukeng ya gagwe ya Your Money, Day One, e mo go yone a neng a batla go rotloetsa basha go boloka madi, o ne a bolela jaana: “Fa o tsaya kgato ya go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane, batho le bone ba tla go bontsha bopelontle le bopelotshweu ka ditsela tse di siameng tse di farologaneng mme se se itumedisang le go feta ke tsela e o tla ikutlwang ka yone ka go bo o thusitse batho ba bangwe.”

Baebele e bontsha gore go aba go dira gore motho a itumele. Jaaka go bontshitswe pelenyana Baebele e na le dikgakololo tse di ka go thusang go laola madi a gago ka botlhale. Jaanong, ela tlhoko dikgakololo tse dingwe tse supa tse di botlhale.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Madi a ka abiwa ka go aba dimpho kgotsa go bontsha moya wa go amogela baeng jaaka go apeela ditsala le ba lelapa dijo.