Go Gololwa mo Matshwenyegong a me Otlhe
Go Gololwa mo Matshwenyegong a me Otlhe
Jaaka go boletse Jean-Claude François
Ka ntlha ya segakolodi sa me se se thapisitsweng ka go ithuta Baebele, ke ne ka boga ka dingwaga di le supa mo dikgolegelong di le mmalwa. Le fa ke ne ke boga jalo, ke tsaya gore ke segofetse. mma ke tlhalose.
KE NE ka tsholelwa kwa Algiers, Algeria, ka January 9, 1937. Fora e ne e laola Algeria ka nako eo mme rre e ne e le modiredimogolo wa sesole sa Fora. Tiro ya gagwe e ne e dira gore a ye Egepeto, Iraq, Lebanona le Siria ka dikgwedi di le dintsi, mme seno se ne se sa mo neye nako ya go bona bana ba gagwe ba batlhano.
Ke ne ke rata sekolo mme ke nna le maduo a mantle kwa sekolong. Mme ke ne ke tlhakanngwa tlhogo ke dipotso tse di jaaka, Ke eng fa re swa mme go tla jang gore go nne le bosula fa e le gore go na le Modimo yo o maatlaotlhe, yo o molemo? Ga ke a ka ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang. Mme gape ke ne ke batla go itse gore botshelo bo nnile gone jang. Kgopolo ya ga Darwin ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe e ne e bonala e le yone fela tlhaloso e e utlwalang, ka jalo, fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka nna molatolamodimo.
Kgabagare ka Bona Dikarabo!
Ka 1954 tsala nngwe ya me e e bidiwang Georges, yo o neng a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nnaya bukana e e nang le setlhogo se se reng Evolution Versus the New World. * Ke ne ka e bala ka kgatlhego. Mo godimo ga gore bukana eno e senole kafa kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe e seng boammaaruri ka teng, e ne ya bontsha gape gore pego ya dilo tsa bogologolo e tlhomamisa gore pego ya Genesise e e bolelang gore Modimo o bopile sengwe le sengwe “kafa mofuteng wa one,” e boammaaruri. (Genesise 1:12, 25) Mme kgang ya boikepo e ne ya nna e ntse e saletse mo mogopolong wa me.
Georges e ne e le mmulatsela, kgotsa modiredi wa nako e e tletseng, mme o ne a dirisa bontsi jwa nako ya gagwe go ruta batho Baebele, buka e ke neng ke ise nko ke e bale. A o ne a ka kgona go araba dipotso tsa me? Ke ne ka ya kwa foleteng ya gagwe e nnye, kwa a neng a nna le babulatsela ba bangwe teng, mme ke ne ka amogela dikarabo tse di tswang mo Dikwalong tse di neng di araba dipotso tse dintsi tse ke neng ke na le tsone. Morago ga foo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka metlha mme go ne go le monate. Fa e sa le ka nako eo, ga ke ise nko ke lape go fatolola Lefoko la Modimo go batla letlotlo la lone le le nonotshang tumelo.—Diane 2:1-5.
Ke ne ka simolola le go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, tse di neng di tshwarelwa kwa phaposing e e kafa tlase ga resetšhurente e e neng e le kwa gare ga Algiers. Basupi ba ne ba nkamogela ka lorato mme fa nako e tsamaya ke ne ka simolola go ya ka metlha. Fa go dirwa kitsiso ya gore go tla kopanelwa kwa seterateng se se rileng, ke ne ka swetsa go ya. Fa ke fitlha, ke ne ka utlwa gore Basupi ba ne ba kopane foo go ya go dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Le fa go ntse jalo ke ne ka nna, mme ke kafa ke ileng ka simolola tiro ya go rera phatlalatsa ka teng.
Ka lekgetlho la boraro fa ke ya go rera, ke ne ke ipuela ka bonna le beng ba matlo. Kwa ntlong e nngwe ke ne ka palelwa ke go bona temana ya Baebele e ke neng ke e nopotse. Mong wa ntlo o ne a nthaya a re: “Lekawana, o tle go ruta batho ba bangwe fa o setse o kgona go dira jalo.” Go tswa foo o ne a tswala lebati. Ke kgobegile marapo ke ne ka ya go nna mo bankeng ke batlana le temana e ke neng ke sa kgone go e bona. Fa ke sena go e bona metsotso e se kae moragonyana, ke ne ka boela koo mme ka e bontsha monna yole.
Ke ne ka kolobediwa ka March 4, 1956, go bontsha boineelo jwa me mo Modimong. Dikgwedi di le thataro morago ga foo, ke ne ka tshwanelwa ke go dira
tshwetso e e masisi. A ke ke nne mmulatsela kgotsa ke amogele tiro ya go nna morutabana mo karolong nngwe ya Algeria mme ke nne le seabe se sennye mo bodireding? Ke ne ka tlhopha go nna mmulatsela.Rre o ne a galefa thata ka ntlha ya tshwetso e ke e dirileng mme a baya thipa mo mometsong wa me a ba a ntaela gore ke boele gae maitseboa mangwe le mangwe. O bile a bo a re ke se ka ka tlhola ke lebelela gore ke tla fiwa dijo mo gae, le fa gone ke ne ke ikaeletse go duelela ditshenyegelo tsa me tsotlhe. Ka jalo, ke ne ke tswa kwa gae mo mosong ke tshwerwe ke tlala, ke je dijo tsa motshegare le babulatsela ba bangwe mme ke bo ke ja sementšhisi maitseboa pele ga ke boela gae.
Go Tila Dibomo le Marumo
Ka nako eo, go ne go fagile ntwa kwa Algeria e le ya go lwela boipuso go tswa kwa Fora, mme Ba-Algeria ba ne ba tlhasetswe ke dibomo le dintwa tsa go ipusolosetsa. Mo kgweding nngwe go ile ga thunya dibomo di feta 100. Dibomo di ne di tlhomiwa mo dibeseng, dibareng le kwa ditadiamong. Tiro ya go rera e ne e le kgwetlho. Batho ba ne ba tshaba go bula mabati a bone mme gantsi go ne go tle go tlhomiwe molao o o gagametseng wa tshipi, go sekasekiwa makwalo a boitshupo e bile go phuruphutshiwa.
Ka Sontaga ya September 30, 1956, fa nna le babulatsela ba bangwe re ne re ntse re phepafatsa lefelo le re kopanelang mo go lone, go ne ga thunya bomo mo resetšhurenteng e e kwa godimo, mme ya bolaya le go golafatsa batho ba le bantsi. Mme go ne go se na ope wa rona mo phaposing e e kafa tlase yo o neng a gobetse. Ka December, nna le kgaitsadi mongwe re ne re ntse re rera mo mmileng o o nang le batho ba bantsi fa go feta koloi ka lobelo, e ntse e thuntsha batho ka marumo go tswa mo difensetereng tse di bulegileng. Re ne ra sianela mo kgorong e e butsweng mme ka digela kgaitsadi fa fatshe le nna ka wela fa fatshe. Marumo a ne a feta mo godimo ga ditlhogo tsa rona. Morago ga foo, rotlhe re ne ra simolola go nna kelotlhoko thata fa re rera.
Ke ne Ka Gana go Tshola Dibetsa
Ka March 1, 1957, ke ne ka bidiwa go tsenela tiro ya sesole. E re ka segakolodi sa me sa Bokeresete se ne se sa ntetle gore ke dirise dibetsa, ke ne ka rapela gore ke nne le nonofo ya go ka dirisana le balaodi. Mme ke ne ka rapelela gore ke se ka ka tshwanelwa ke go ya go ipega kwa go rre. Ke ne ka wela makgwafo thata fa ke ne ke bolelelwa gore ke ye kwa Lille, kwa Fora, kgakala le kwa gae.
Malatsi a le marataro morago ga foo ke ne ka fitlha kwa Citadel of Lille, e e leng kago ya phemelo e e neng e sa le e nna teng go tloga ka nako ya Kgosi Louis XIV wa lekgolo la bo17 la dingwaga. Ke dirisa Baebele, ke ne ka tlhalosetsa balaodi boemo jwa me jwa boitlhaodi, mme ba ne ba ntsenya mo kgolegelong. Moso mongwe, balebedi ba kgolegelo ba ne ba nkgoga go tswa mo seleng ya me, mme ba phuruphutsha ba fitlhela Baebele e nnye. Morago ga foo ba ne ba dira gore ke rapame ka dimpa mo kapokong, mme ba latlhela Baebele ya me mo kapokong fa thoko ga me, mme ba ne ba gatisetsa matshwaro a tlhobolo mo morago ga tlhogo ya me, mme ka nna foo ka metsotso e le 30. Morago ga foo, ke ne ka itumela fa balebedi ba ne ba ntetla gore ke tseye Baebele ya me mme e sa ntse e le teng mo shelofong ya me ya dibuka go fitlha le gompieno. Le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba ntshotla ka yone ka letsatsi leo e ne ya dira gore ke feleletse ke tshwenngwa ke dikerempe mo maleng ka dingwaga di le dintsi.
Malatsi a se kae moragonyana, molaodi o ne a mpalela lekwalo le a le kwaletsweng ke rre. O ne a re: “Lo tshwanetse lwa dira gore a ineele. Lo mo robe fa go tlhokega gore lo dire jalo. E re ka ke ne ke sa batle go ineela, molaodi o ne a ntatlhela mo seleng e e lefifi, mo ke neng ka robala mo godimo ga khateboto mme ke ikhurumeditse ka kobonyana. Go ne go se na ntlwana ya boithomelo, ka jalo ke ne ka ithusetsa mo khoneng ya sele. Ke ne ke sa kgone go tlhapa, go tlhapa meno kgotsa go phepafatsa sejana se ke jelang mo go sone. Dibeke tse pedi morago ga foo, ke ne ka romelwa kwa kgolegelong ya Fresnes kwa Paris.
Mo dingwageng tse thataro tse di latelang, ke ne ka atlholelwa ganè gore ke tsenngwe mo kgolegelong mme ka tsenngwa mo dikgolegelong di le 14. Mo nakong nngwe ya mariga, ke ne ka tswalelwa kwa Fontevrault, ntlo ya baitlami ya lekgolo la bo12 la dingwaga e e neng e le kwa Loire Valley, e e neng e dirisiwa jaaka kgolegelo. Ke ne ka amogwa dithoto tsa me fa ke fitlha. E re ka ke ne ke nnela go kopa Baebele ya me, balebedi ba ne ba ntatlhela mo seleng e ke neng ke nna ke le nosi mo go yone ka sebaka sa kgwedi. Fa ke le koo, ke ne ka sotliwa ke serame sengwe se le sone go neng go le thata go emelana le sone, mme ke ne ka simolola go tlhatsa madi.
Morago ga foo ke ne ka fudusediwa kwa kgolegelong e nngwe e e botoka—ya Château de Turquant, gaufi le Saumur, koo bagolegwa ba neng ba berekela bommakaseterata ba ba tlogetseng tiro. Mongwe wa bagolegwa e ne e le Ahmed Ben Bella, yo e neng e tla nna poresidente ya kwa repaboliking ya kwa Algeria mo isagweng. Ke ne ka mo rerela ka dikgwedi di le mmalwa. Nako nngwe o ne a nthaya a re: “O moagi wa Algeria mme o fano ka go bo o ne o gana go lwa kgatlhanong le Ba-Algeria ba bangwe.” O ne a ntlotla ka ntlha ya kgato e ke e tsereng.
Go Nonotshiwa ke Diteko Tse Dingwe
Ke ne ka koafala mo botsogong mme go ne ga lemogiwa gore ke na le thiibi mme ka romelwa kwa kokelong ya bolwetse jwa thiibi kwa borwa jwa Fora mo ke neng ka nna fela mo bolaong ka ntlha ya bolwetse ka dikgwedi di le dintsi. Ngaka ya me e ne ya akantsha karo go ntsha lekgwafo le le tshwaeditsweng mme ke ne ka dumela go ariwa, fa fela ba tla dumela gore ke ‘ithibe mo mading.’ (Ditiro 15:29) Ngaka e ne ya galefa mme ya gana go nkara. E ne e setse jaanong e le ngwaga wa borataro ke le mo kgolegelong.
Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke tswe kwa kokelong mo gare ga mariga, ke na le fela tsone diaparo tse ke neng ke di apere. Mme fela jaaka Jehofa a ne a roma Onesiforo go ya go thusa moaposetoloi Paulo, le nna o ne a nthomelela mothusi—Mokaulengwe Adolphe Garatoni, yo o neng a ntsaya gore ke nne le ene mme a nna “thuso e e nonotshang” mo go nna. (Bakolosa 4:11; 2 Timotheo 1:16-18) Ka thuso ya gagwe le ya ngaka nngwe go tswa kwa borwa jwa Fora, botsogo jwa me bo ne jwa tokafala ka iketlo.
Ka nako eno, ke ne ke na le ditshenyegelo tse dingwe tse dikgolo mme ke ne ke tlhoka madi go di duelela. Ke ne ke sa itse gore ke tla kgona jang. Mme ka letsatsi lengwe ke ne ka etelwa ke motho yo ke sa mo itseng. O ne a re “Ke mmueledi, mme poresidente ya kwa Algeria e bong Rre Ben Bella, o nthomile gore ke tle go go naya seno.” O ne a nnaya enfelopo e e nang le madi a a fetang a ke neng ke a tlhoka go duelela ditshenyegelo tsa me. Ke ne ka leboga Jehofa “moutlwi wa thapelo,” go tswa pelong.—Pesalema 65:2.
Ditshiamelo Tse di Itumedisang le Molekane yo Montle
E re ka jaanong ke ne ke tswile kwa kgolegelong, ke ne ka simolola gape tirelo ya nako e e tletseng. Mo phuthegong ya Melun, gaufi le Paris, ke ne ka kopana le motlholagadi wa dingwaga di le 35 e bong Andrée Morel. Monna wa gagwe wa ntlha, yo le ene e neng e le Mosupi o ne a tlhokafala mo kotsing ya koloi. Re ne ra nyalana ka September 26, 1964. Ka August 1, 1965, re ne ra amogela kabelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Le fa gone botsogo jwa ga Andrée bo ne bo se bontle, o ne a itumelela tirelo ya nako e e tletseng ka dingwaga di le 28!
Ka 1967, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo, modiredi yo o tsamayang a etela le go kgothatsa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra direla kwa borwa jwa Fora go tloga kwa Bordeaux go ya kwa Monaco mme ra ya go direla ngwaga kwa Paris. Ka ntlha ya botsogo jwa rona, tiro ya go eta e ne e se motlhofo, mme ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra direla bakaulengwe ba rona ka dingwaga di le 20, go fitlha ka 1986, fa re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng gape.
Botshelo Jwa me Gompieno
Gone jaanong ke batla ke tshwara dingwaga di le 70 mme ke ithutile gangwe le gape gore Jehofa ka metlha o naya batlhanka ba gagwe nonofo ya gore ba itshokele diteko. Gone ke boammaaruri gore nonofo e nngwe re e bona ka go ithuta Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le ke lekang go le bala go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bofelong ngwaga le ngwaga.—Isaia 40:28-31; Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16.
Nna le Andrée re a kgothatsega fa re bona batho ba tsibogela dikgang tse di molemo le go neela botshelo jwa bone mo go Jehofa. Ee, go ralala dingwaga, re ile ra bona batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba le 70 ba dira jalo, mme go ile ga re tlisetsa boitumelo jo bogolo. Fa ke akanya ka botshelo jwa rona, ke akanya gore mopesalema o ne a buelela mongwe le mongwe wa rona fa a ne a re: “Yo o bogisiwang yono o ne a bitsa, mme Jehofa a utlwa. Mme a mmoloka mo matshwenyegong otlhe a gagwe.”—Pesalema 34:6.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ke le kwa kgolegelong kwa Château de Turquant, gaufi le Saumur
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le mosadi wa me ka 1967 le gompieno