Seabe se se Tlotlegang sa Bommè
Seabe se se Tlotlegang sa Bommè
GANTSI seabe sa bommè ga se anaanelwe e bile se tseelwa kwa tlase. Masome a sekae a dingwaga a a fetileng, batho bangwe ba ne ba simolola go tseela tiro ya go tlhokomela bana kwa tlase. Ba ne ba dumela gore ga e botlhokwa jaaka go nna le tiro e e duelang e bile ba re e a gatelela. Le mororo batho ba le bantsi ba ka tsaya boikutlo joo bo feteletse, gantsi go dirwa gore bommè ba akanye gore tiro ya go tlhokomela legae le bana ke ya maemo a a kwa tlase. E bile bangwe ba akanya gore mosadi o tshwanetse go nna le tiro e nngwe kwa ntle ga ya legae gore a dirise bokgoni jwa gagwe ka botlalo.
Le fa go ntse jalo, banna le bana ba le bantsi ba setse ba tlotla seabe se bommè ba nang le sone mo lelapeng. Carlo yo o direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines, o tlhalosa jaana: “Ke fano gompieno ka ntlha ya thapiso e mmè a e nneileng. Rre e ne e le motho yo o bogale e bile a le bonako go re otlhaya, mme Mmè ene o ne a re thusa ka go re tlhalosetsa dilo le go re beela mabaka. Ruri ke anaanela mokgwa wa gagwe wa go ruta.”
Peter, mo Afrika Borwa, ke mongwe wa bana ba le barataro ba ba godisitsweng ke mmè yo o sa rutegang. Rraabone o ne a ba latlhile. Peter o gakologelwa jaana: “Mmè e ne e le mothapiwa yo o berekelang batho mo matlong e bile e le mophepafatsi, mme o ne a amogela madi a mannye. Go ne go le thata gore a re duelele madi a sekolo rotlhe. Gantsi re ne re robala ka tlala. Go ne go le thata le gore a duele rente. Le fa Mmè
a ne a lebane le mathata ano, ga a ka a latlhela seditse. O ne a re ruta gore le ka motlha re se ka ra ipapisa le batho ba bangwe. Fa e ka bo e ne e se ka bopelokgale jwa gagwe, re ka bo re ile ra se ka ra atlega mo botshelong.”Monna mongwe wa kwa Nigeria e bong Ahmed, o tlhalosa jaana kafa a ikutlwang ka teng malebana le tsela e mosadi wa gagwe a mo thusang ka yone go godisa bana: “Ke anaanela thata seabe sa mogatsake. Fa ke seyo mo gae, ke a itse gore o tlhokometse bana sentle. Go na le gore ke akanye gore o gaisana le nna, ke a mo leboga e bile ke bolelela bana ba rona gore ba tshwanetse go mo tlotla fela jaaka ba ntlotla.”
Monna mongwe wa kwa Palesetina o akgola mosadi wa gagwe jaana a sa okaoke malebana le tiro e e molemo e a e dirang jaaka mmè: “Lina o thusitse morwadiarona thata fela e bile o thusa thata go nonotsha bomoya jwa lelapa la rona. Ke akanya gore dilo tse a di dumelang ke tsone tse di dirang gore a atlege.” Lina ke Mosupi wa ga Jehofa mme o latela melaometheo ya Baebele fa a ruta morwadie.
Mengwe ya melaometheo eno ke efe? Baebele ya reng ka bommè? Bommè mo metlheng ya bogologolo ba ne ba newa seriti le tlotlo jang jaaka barutisi ba bana ba bone?
Go Leba Bommè ka Tsela e e Tshwanetseng
Fa mosadi a ne a bopiwa o ne a newa kabelo e e tlotlegang mo thulaganyong ya lelapa. Buka ya ntlha ya Baebele ya re: “Jehofa Modimo a tswelela a re: ‘Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla Genesise 2:18) Ka jalo, mosadi wa ntlha e bong Efa, o ne a bopiwa gore e nne mothusi kgotsa motlatsi wa ga Adame. O ne a bopilwe ka tsela e e itekanetseng sentle gore e nne mothusi wa gagwe. O ne a tlile go nna le seabe mo boikaelelong jwa Modimo jwa gore ba nne le bana mme ba ba tlhokomele ba bo ba tlhokomele lefatshe le diphologolo tse di mo go lone. O ne a tlile go thusa monna wa gagwe ka botlhale le ka go mo kgothatsa. A bo Adame a ne a itumelela go amogela mpho eno e ntle e e tswang kwa Mmoping thata jang ne!—Genesise 1:26-28; 2:23.
mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.’” (Moragonyana, Modimo o ne a ntsha dikaelo malebana le kafa basadi ba neng ba tshwanetse go tshwarwa ka teng. Ka sekai, basadi ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlotlwa mme ba se ka ba nyadiwa. Fa ngwana wa mosimane a ne a ka ‘hutsa rraagwe le mmaagwe,’ o ne a tla atlholelwa loso. Basha ba Bakeresete ba ne ba kgothalediwa go ‘utlwa batsadi ba bone.’—Lefitiko 19:3; 20:9; Baefeso 6:1; Duteronome 5:16; 27:16; Diane 30:17.
Mmè, a kaelwa ke monna wa gagwe, o ne a tshwanetse go ruta bana ba gagwe, ba basetsana le ba basimane. Ngwana wa mosimane o ne a laetswe gore ‘a se ka a latlha molao wa ga mmaagwe.’ (Diane 6:20) Gape, Diane kgaolo 31 e bua ka “molaetsa o o botlhokwa thata o mmaagwe [Kgosi Lemuele] a o mo neileng a mo gakolola.” O ne a kaela morwawe ka botlhale gore a se ka a dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang, a re: “Ga se ga dikgosi go nwa beine kgotsa ga badiredi ba ba kwa godimo go re: ‘Bojalwa jo bo tagang bo kae?’ gore motho a se ka a nwa mme a lebala se se laoletsweng a bo a sokamisa maikaelelo a ope wa bomorwa pogisego.”—Diane 31:1, 4, 5.
Mo godimo ga moo, lekawana lengwe le lengwe le le neng le akanyetsa go nyala le ne le tla tshwanelwa ke go akanya ka se mmaagwe Kgosi Lemuele a neng a se bua fa a ne a tlhalosa “mosadi yo o nang le bokgoni,” a re: “Tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya dikorale kgakala.” Go tswa foo fa mmaagwe kgosi eno a sena go tlhalosa tsela ya botlhokwa e mosadi yono a thusang ka yone mo lelapeng, o ne a re: “Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.” (Diane 31:10-31) Ga go pelaelo gore Mmopi wa rona o bopile basadi gore ba nne le seabe se se tlotlegang le maikarabelo mo lelapeng.
Basadi le bommè ba a tlotliwa le mo phuthegong ya Bokeresete e bile ba tsewa ba le botlhokwa. Baefeso 5:25 ya re: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona.” Lekawana Timotheo, yo mmaagwe le nkokoagwe ba neng ba mo godisitse gore a tlotle “mekwalo e e boitshepo,” o ne a newa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: ‘Rapela basadi ba bagolwane jaaka bommaago.’ (2 Timotheo 3:15; 1 Timotheo 5:1, 2) Ka jalo, monna o tshwanetse go tlotla mosadi yo mogolwane jaaka e kete ke mmaagwe. Ga go pelaelo gore Modimo o tsaya basadi ba le botlhokwa e bile o ba naya seriti.
Mmolelele Gore O a Mo Anaanela
Monna mongwe yo o godiseditsweng mo setsong se mo go sone basadi ba neng ba tseelwa kwa tlase a re: “Ke rutilwe gore monna ke ene yo o botlhokwa, mme ke ile ka bona tsela e basadi ba neng ba sa tshwarwe sentle ka yone le kafa ba neng ba sa tlotliwe ka teng. Ka jalo, ke ile ka tshwanelwa ke go dira ka natla gore ke lebe basadi ka tsela e Mmopi a ba lebang ka yone—e le balekane, kgotsa bathusi mo lelapeng e bile e le batho ba ba re thusang go ruta bana. Le mororo go le thata gore ke akgole mosadi wa me, ke lemoga gore ke ene a dirileng gore banake ba nne le dinonofo tse di molemo.”
Ee ruri, bommè ba ba dirang boikarabelo jwa bone jwa go ruta bana ba ka nna motlotlo ka seabe sa bone. Ke tiro e e molemo tota. Ba tshwanelwa ke go akgolwa le go bolelelwa go tswa pelong gore ba a anaanelwa. Bommè ba re ruta dilo di le dintsi—mekgwa e e ka re solegelang molemo botshelo jotlhe jwa rona, maitseo a a tlhokegang thata gore motho a dirisane sentle le ba bangwe mme gantsi ba ruta basha boitsholo le dilo tsa semoya tse di dirang gore ba tsamaye mo tseleng e e siameng. A bosheng jaana o kile wa bolelela mmè wa gago gore o anaanela dilo tse a di go diretseng?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Mmaagwe Peter o ne a mo ruta gore a se ka a latlhela seditse
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ahmed o leboga mosadi wa gagwe thata ka tsela e a mo thusang ka yone go godisa bana ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Monna wa ga Lina o dumela gore bana ba bone ba na le boitshwaro jo bontle ka ntlha ya dilo tse mosadi wa gagwe a di dumelang