Ke ka Ntlha Yang fa ke Godisitswe ke Batsadi ba e Seng ba Me?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang fa ke Godisitswe ke Batsadi ba e Seng ba Me?
“Go tshwana le go nna segole botshelo jotlhe jwa gago. Ke bolwetse jwa pelo jo bo sa alafegeng.”—Robert.
ENO ke tsela e monna mongwe yo o godisitsweng ke batsadi ba e seng ba gagwe fa e sa le a tsholwa, a neng a tlhalosa botshelo jwa gagwe ka yone. O tswelela jaana: “Mo e ka nnang letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa gago, o batla go itse dikarabo tsa dipotso tse di jaaka go re, Ba lelapa la gaetsho ba mmatota ke bomang? Ba nna kae? Ke ka ntlha yang fa ba ntatlhile?”
Chantial yo rraagwe a godisitsweng ke batsadi ba e seng ba gagwe o ne a hutsafadiwa ke go sa itse gore rraagwemogolo le nkokoagwe ba mmatota ke bomang. A re: “Ke ikutlwa ke tsieditswe ka gonne ga ke kgone go kopana le bomalome, bommangwane le bontsalake.” Ga se bana botlhe ba ba godisitsweng ke batsadi ba e seng ba bone ba ba ikutlwang jalo. Mme ba bangwe bone ba ikutlwa jalo. Ka ntlha yang?
Selo Se se Ba Galefisang
Ngwana a ka tshwenyega thata mo maikutlong fa a lemoga gore o kgaogantswe le lelapa la gagabo la mmatota. Catrina yo o neng a kgaoganngwa le batsadi ba gagwe a sa ntse a le monnye o bolela jaana: “Ke ne ke na le bothata jwa go galefa thata ka gonne ke ne ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa mmè yo o ntsetseng a ne a letla gore ke godisiwe ke batsadi ba e seng ba me. Ke ne ke akanya gore mmè o ne a ntatlhile ka gonne ke ne ke se montle e bile a sa nthate. Fa fela a ne a ka nnaya sebaka, ke ne ke tla dira gore a ipele ka nna. Sengwe le sengwe se ke neng ke se akanya ka mmè yo o ntsetseng se ne se nkgalefisa thata.”
Ka jalo, seno se ne sa baka mathata a magolo mo kamanong ya ga Catrina le batsadi ba e seng ba gagwe. O bolela jaana: “Ke ne ke akanya gore batsadi bano ba e seng ba me ba nkamogile mmè yo o ntsetseng. Ka jalo, ke ne ka ba galefela thata.” Ee, ka dinako tse dingwe go a galefisa go godisiwa ke batsadi ba e seng ba gago.
Go galefa ka tsela e e ntseng jalo go ka nna kotsi. Fela jaaka go ne go direga ka Catrina, ka dinako tse dingwe, o ka nna wa bontsha kgalefo ya gago ka ditsela tse di sa siamang kgotsa wa galefela batho ba ba seng molato. Baebele e gakolola jaana: “Tlogela Pesalema 37:8) Seo se ka kgonega jang? Gape Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Go tlhaloganya boemo jwa gago go ka nna ga thusa go fokotsa bogale jwa gago. Jang?
bogale mme o lese tšararego.” (Go Baakanya Megopolo e e Phoso
Go tlhaloganya boemo jwa gago go ka go thusa go tlhatlhoba megopolo e e phoso e e go tlhotlheletsang gore o galefe. Ka sekai, fa e le gore o godisiwa ke batsadi ba e seng ba gago, a o tsaya gore batsadi ba gago ba ba go tsetseng ba go neile batsadi ba bangwe ka gonne go ne go na le sengwe se ba sa se rateng ka wena? Ke ka fa Catrina a neng a ikutlwa ka gone. Mme a ka metlha e a bo e le lone lebaka? Gongwe go thata go itse lebaka le le tlhotlheleditseng batsadi ba gago gore ba go neye batsadi ba bangwe, mme gone, go na le mabaka a a utlwalang a gore o se ka wa nna le maikutlo ao a a sa siamang. Mme ke ka ntlha yang fa gantsi batsadi bangwe ba dira gore bana ba bone ba godisiwe ke batsadi ba bangwe? Gantsi, ba a bo ba akanya gore ga go sepe se ba ka se dirang.
Akanya ka sekai sa ga Moshe. Pego ya Baebele e e mo go Ekesodo kgaolo 2 e re bolelela gore fa Faro wa Egepeto a ne a laela gore masea a basimanyana a Baiseraele a bolawe, Jokebede o ne a fitlha morwawe wa losea e bong Moshe dikgwedi di le tharo. Kgabagare, go mo fitlha go ne go sa tlhole go thusa sepe, mme gone o ne a se kitla a kgona go itshokela go leba ngwana wa gagwe a bolawa. Ka jalo, “e rile a sa tlhole a kgona go mo fitlha, foo a mo tseela seroto sa koma a se dila ka bitumena le boka a tsenya ngwana mo go sone mme a se baya mo gare ga matlhaka fa lotshitshing lwa noka ya Nile.”—Ekesodo 2:3.
Ga go pelaelo gore go ne go le thata mo go ene go latlha ngwana wa gagwe jalo. Mme gone go ne go se tsela e nngwe. Lorato lo a neng a rata morwawe ka lone lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a dire se a neng a akanya gore se ne se tla solegela ngwana yoo molemo. Se se kgatlhang ke gore morwadie o ne a nna gaufi a disitse go fitlha a bona gore monnawe o tserwe mme o bolokesegile. O tshwanetse a bo a dirile seno a kopilwe ke mmaagwe yo o neng a tshwenyegile.
Ga se bana botlhe ba ba godisiwang ke batsadi ba e seng ba bone ka ntlha ya lebaka le le ntseng jalo le le bakilweng ke maemo a a ntseng jalo a tshoganyetso, mme gone maikaelelo a a tshwana. Robert a re: “Mmè o ne a ntshola a ise a nyalwe. E ne e tla nna mokgweleo mo lelapeng la gagabo gore a nkgodise e re ka go ne go na le bana ba bangwe mo lelapeng leo. Mmè a ka tswa a ne a ipolelela gore go tla ntsholegela molemo gore ke godisiwe ke batsadi ba bangwe.”
Eleruri, go na le mabaka a le mantsi a go bo bana ba neelwa malapa a mangwe gore a ba godise. Mme jaaka dikai di bontsha, e a bo e se ka ntlha ya gore mmè ga a rate ngwana wa gagwe kgotsa gore o bone bogole bongwe mo go ene. Mo mabakeng a le mantsi, mmè o a bo a dumela gore ngwana o tla gola sentle fa a ka godisiwa ke lelapa le lengwe.
Botlhokwa Jwa go Ratwa
Go nna le temogo go ka go thusa gape fa o akanya gore ke ka ntlha yang fa o ne wa godisiwa ke batsadi ba e seng ba gago. Akanya gape ka sekai sa ga Moshe. Fa nako e ntse e tsamaya, “morwadia Faro a mo itshelela mme a mo godisa jaaka morwawe.” (Ditiro 7:21) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa morwadia Faro gore a sireletse ngwana yo a neng a itse gore ke mongwe wa bana ba Bahebera ba ba atlholetsweng loso? Baebele e bolela jaana: “Mme bona, mosimane o ne a lela. Foo a mo tlhomogela pelo.” (Ekesodo 2:6) Ee, lebaka la go bo Moshe a godisitswe ke batsadi ba e seng ba gagwe ga se ka go bo a ne a tlhoilwe kgotsa a tlhokomologilwe, ke ka gonne a ne a ratwa.
Bana ba le bantsi ba ba godisitsweng ke batsadi ba e seng ba bone kgabagare ba ne ba lemoga gore batsadi ba bone ga ba a ba latlha fela—le mororo seo se direga gantsi gompieno—mme ba ne ba ba isa kwa lefelong lengwe la go tlhokomela bana le ba neng ba tlhomamisegile gore le tla netefatsa gore ba tlhokomelwa sentle. Mme go tsewa ga bone ke batsadi ba e seng ba bone e ne e le ka go bo mongwe a ne a ba rata thata mme a batla go ba tlhokomela. A go ka buiwa se se tshwanang ka wena? Go akanya ka lerato le o le amogetseng le go le anaanela go ka thusa go okobatsa botlhoko jo o ka tswang o bo utlwa.
Go feta foo, o ka tswa o ratwa ke ba bangwe kwantle ga batsadi ba e seng ba gago. Fa e le gore o mo phuthegong ya Bokeresete, o ka itumelela go nna le bommè ba le bantsi ba semoya, borre, bokgaitsadio le bomonnao ba ba go ratang. (Mareko 10:29-30) Bagolwane ba Bakeresete ba “nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” (Isaia 32:2) O se ke wa okaoka go batla Bakeresete mmogo le wena ba ba godileng sentle mme o ba bulele mafatlha. Dira gore ba itse se o se akanyang le tsela e o ikutlwang ka yone.
Robert o akanya gore go botlhokwa go nna le ditsala tsa mmatota mo phuthegong ya Bokeresete. O bolela jaana: “Ke sa ntse ke ikutlwa ke latlhegile.
Le fa go ntse jalo, lerato le lelapa la me la semoya le nthatang ka lone, le fokotsa botlhoko jo ke bo utlwang.”O ka Atlega
Jaanong, tila go akanya ka tsela e e phoso. Seno se akaretsa go akanya gore o ka nna wa se ka wa atlega mo botshelong ka gonne o godisitswe ke batsadi ba e seng ba gago. Eleruri, go akanya ka tsela e e ntseng jalo e e phoso go ka go kgoba marapo tota! (Diane 24:10) Tota e bile, ga go na sepe se se tshwanetseng go go dira gore o akanye jalo.
Gakologelwa gore Moshe o ne a dirisa ditshono tse a neng a di newa ka tsela e e molemo. Baebele ya re: “Ka gone Moshe o ne a rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto. Tota e bile, o ne a le maatla mo mafokong a gagwe le mo ditirong.” (Ditiro 7:22) Se se botlhokwa le go feta ke gore Moshe o ne a rutwa dilo tsa semoya—mo e leng gore Rraagwe wa selegodimo, Jehofa, e ne e le wa mmatota mo go ene. (Bahebera 11:27) A o ne a atlega mo botshelong?
Totatota, kgabagare Moshe o ne a nna moeteledipele wa setšhaba gongwe e le sa batho ba ka nna dimilione di le tharo kgotsa go feta. O ne a nna moporofeti, moatlhodi, molaodi, mokwalahisitori, motsereganyi wa kgolagano ya Molao le mokwadi wa dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. Mo godimo ga moo, gantsi go tsewa gore ke ene a kwadileng buka ya Jobe le Pesalema 90. Ee, Moshe o ne a atlega tota mo botshelong. Bana ba le bantsi ba ba godisiwang ke batsadi ba e seng ba bone ba a atlega, le wena o ka atlega.
Robert o ne a kgona go godisa bana ba le babedi ka katlego mme jaanong ke mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete. Fa a leba kwa morago mo dingwageng tse e neng e le ngwana yo o godisiwang ke batsadi ba e seng ba gagwe, o bolela jaana: “Ke ithutile gore ke se ke ka nna ke akantse ka dilo tse nka se kang ka kgona go di baakanya, mme ke lebogele masego a ke nang le one.”
Fa e le gore o nna mo legaeng le le tlhokomelang bana ba ba latlhilweng kgotsa o godisiwa ke batsadi ba e seng ba gago, ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwenngwa ke megopolo e e phoso. Mme leka go akanya ka dilo tse di ka go kgothatsang. Bafilipi 4:8, 9 e solofetsa gore ‘Modimo wa kagiso o tla nna le wena’ fa o ‘tswelela o akanya’ ka dilo tseno tse di kgatlhang Modimo. Mme ke dilo dife tse dingwe tse o ka di dirang gore o atlege fa o ntse o nna mo lelapeng le o godisiwang ke batsadi ba e seng ba gago mo go lone? Setlhogo se se latelang mo motseletseleng wa ditlhogo tseno se tla tlotla ka kgang eno.
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.
[Ditshwantsho mo go tsebe 32]
Go tsewa ke batsadi ba e seng ba gago gore ba go godise go bontsha gore mongwe o ne a go rata thata mo a neng a batla gore o nne karolo ya lelapa la gagwe mme a go tlhokomele