Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 7

Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo ka Jesu”

Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo ka Jesu”

Filipo o tlhoma sekao mo tirong ya go rera

E tswa mo go Ditiro 8:4-40

1, 2. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, maiteko a go emisa tiro ya go rera dikgang tse di molemo a ne a nna le matswela afe a a neng a sa lebelelwa?

 PHUTHEGO ya Bokeresete e aparetswe ke pogiso e e setlhogo, mme Saulo o simolola go “bogisa phuthego”—lereo le mo puong ya ntlhantlha le kayang bosetlhogo jo bogolo. (Dit. 8:3) Barutwa ba a tshaba, mme mo bathong ba bangwe go ka bonala e kete Saulo o tla atlega mo maitekong a gagwe a go fedisa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, fa Bakeresete ba ntse ba phatlalala jalo, go direga sengwe se se neng se sa lebelelwa. Ke eng seo?

2 Bakeresete bao ba ba gasameng ba simolola go “rera dikgang tse di molemo tsa lefoko la Modimo” mo mafatsheng a ba tshabetseng kwa go one. (Dit. 8:4) Akanya fela ka seno! Pogiso ga e a ka ya palelwa fela ke go emisa tiro ya go rera dikgang tse di molemo, mme gape e thusitse gore molaetsa ono o aname! Fa babogisi bano ba ne ba pateletsa barutwa gore ba tshabe mo magaeng a bone, ba ne ba sa lemoge gore ba thusa gore tiro ya go rera ka Bogosi e aname le kwa dikgaolong tse di kgakala. Jaaka re tla bona, go diragetse sengwe se se tshwanang le seo le mo motlheng wa rona.

“Ba ba Neng ba Gasame” (Ditiro 8:4-8)

3. (a) Filipo e ne e le mang? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi ba kwa Samarea ba ne ba ise ba utlwe dikgang tse di molemo, mme gone Jesu o ne a boleletse pele gore go tla diragala eng ka kgaolo eo?

3 Mongwe wa “ba ba neng ba gasame” e ne e le Filipo. a (Dit. 8:4; bona lebokose le le reng, “ Filipo ‘Moefangele’”.) O ne a ya kwa Samarea, motse o batho ba le bantsi ba one ba neng ba ise ba utlwe dikgang tse di molemo, ka gonne nako nngwe Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa tsena mo motseng ope wa Basamarea; mme go na le moo, lo ye kwa dinkung tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele.” (Math. 10:5, 6) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore fa nako e ntse e ya, batho ba Samarea ba ne ba tla amogela bosupi ka botlalo, ka gonne pele ga a tlhatlogela kwa legodimong o ne a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.”—Dit. 1:8.

4. Basamarea ba ne ba itshwara jang fa Filipo a ba rerela, mme ke eng se se ka tswang se dirile gore ba itshware jalo?

4 Filipo o ne a fitlhela gore ‘masimo a Samarea a ne a le masweu go ka robiwa.’ (Joh. 4:35) Molaetsa wa gagwe o ne o lapolosa batho ba koo, mme go motlhofo go lemoga lebaka la seo. Bajuda ba ne ba sa dirisane le Basamarea, mme bontsi jwa bone ba ne ba bontsha Basamarea le ka ditiro gore ga ba ba rate. Le fa go ntse jalo, Basamarea ba ne ba lemoga gore molaetsa wa dikgang tse di molemo one, o ne o naya batho botlhe tsholofelo go sa kgathalesege maemo a bone, mme seo se ne se dira gore o farologane thata le mokgwa o Bafarasai ba neng ba na le one wa go tlhaola batho. Fa Filipo a ne a rerela Basamarea ka tlhagafalo e bile a sa ba tlhaole, o ne a bontsha gore ga a na mokgwa wa go tlhaola batho ka lotso o Bajuda ba bangwe ba ba neng ba ba nyatsa ba neng ba na le one. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo boidiidi jwa Basamarea bo ne jwa reetsa Filipo.—Dit. 8:6.

5-7. Naya dikai tsa kafa go phatlaladiwa ga Bakeresete go neng ga thusa ka gone go anamisa dikgang tse di molemo.

5 Le gompieno, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go bogisiwa ga batho ba Modimo ga go a dira gore ba tlogele go rera. Gantsi fa Bakeresete ba patelediwa gore ba fudugele kwa mafelong a mangwe—kwa dikgolegelong kgotsa kwa dinageng tse dingwe—seo se ile sa dira gore batho ba ba mo mafelong ao ba utlwe molaetsa wa Bogosi. Ka sekai, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kgona go neela bosupi mo dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi. Mojuda mongwe yo o neng a kopana le Basupi koo a re: “Bopelokgale jwa bagolegwa ba Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa ntlhomamisetsa gore tumelo ya bone e ne e theilwe mo Dikwalong—mme le nna ke ne ka nna Mosupi.”

6 Ka dinako tse dingwe, tota le babogisi ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo mme ba di amogela. Ka sekai, fa Mosupi mongwe yo o bidiwang Franz Desch a ne a fudusediwa kwa kampeng ya pogisetso ya Gusen kwa Austria, o ne a kgona go tshwara thuto ya Baebele le mookamedi wa sesole sa SS. Akanya fela kafa banna bano ba babedi ba neng ba itumetse ka gone dingwaga moragonyana fa ba kopana gape kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa mme boobabedi e le bareri ba dikgang tse di molemo!

7 Sengwe se se tshwanang se ne sa direga fa Bakeresete ba ne ba tshabela kwa dinageng tse dingwe ka ntlha ya go bogisiwa. Ka sekai, ka bo1970, go ne ga neelwa bosupi jo bogolo kwa Mozambique fa Basupi ba kwa Malawi ba ne ba patelesega go tshabela koo. Tota le fa pogiso e sena go runya kwa Mozambique moragonyana, tiro ya go rera e ne ya tswelela. Francisco Coana a re: “Ke boammaaruri gore bangwe ba rona re ne ra tshwarwa makgetlo a le mmalwa ka ntlha ya go rera. Le fa go ntse jalo, fa batho ba le bantsi ba amogela molaetsa wa Bogosi, re ne re tlhomamisegile gore Modimo o ne a re thusa fela jaaka a ile a thusa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.”

8. Maemo a a ntseng a fetoga a dipolotiki le a ikonomi a ile a ama jang tiro ya go rera?

8 Ke boammaaruri gore ga se pogiso fela e e neng ya dira gore palo ya Bakeresete e oketsege kwa dinageng di sele. Mo dingwageng tsa bosheng, go fetoga ga maemo a dipolotiki le a ikonomi le gone go ne ga thusa gore molaetsa wa Bogosi o aname mo bathong ba dipuo tse di farologaneng le ba ditšhaba tse di farologaneng. Bangwe ba ba tswang mo mafelong a a aparetsweng ke dintwa le mathata a ikonomi ba ne ba fudugela kwa mafelong a maemo a teng a botshelo a leng botoka, mme ba ne ba simolola go ithuta Baebele kwa mafelong ao. Gone jaanong go na le ditshimo tsa batho ba ba buang puo e sele ka ntlha ya batshabi ba le bantsi ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe. A o leka ka natla go rerela batho ba ba mo tshimong ya lona ba ‘ba tswang mo merafeng yotlhe, mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe e bile ba bua dipuo tse di farologaneng’?—Tshen. 7:9.

“Le Nna Nneyeng Taolo Eno” (Ditiro 8:9-25)

“Jaanong fa Simone a bona gore batho ba ne ba amogela moya fa baaposetoloi ba ba baya diatla, o ne a ba naya madi.”—Ditiro 8:18

9. Simone e ne e le mang, mme ke eng se tota se neng sa dira gore a atamalane le Filipo?

9 Filipo o ne a dira ditshupo di le dintsi kwa Samarea. Ka sekai, o ne a fodisa batho ba ba golafetseng a bo a leleka le meya e e boikepo. (Dit. 8:6-8) Monna mongwe o ne a kgatlhwa thata ke mpho e Filipo a neng a na le yone ya go dira dikgakgamatso. E ne e le Simone, monna yo o neng a dira ditiro tsa maselamose yo o neng a tlotlwa ke batho mo ba ileng ba bua jaana ka ene: “Monna yono o na le maatla a magolo a a tswang kwa Modimong.” Simone o ne a iponela ka matlho maatla a mmatota a Modimo, a a neng a bonala mo dikgakgamatsong tse Filipo a neng a di dira, mme o ne a nna modumedi. (Dit. 8:9-13) Le fa go ntse jalo, moragonyana Simone o ne a lekwa. Jang?

10. (a) Petere le Johane ba ne ba dira eng kwa Samarea? (b) Simone o ne a dira eng fa a bona gore barutwa ba basha ba amogela moya o o boitshepo fa Petere le Johane ba sena go ba baya diatla?

10 Fa baaposetoloi ba lemoga kafa tiro ya go rera e neng e gola ka gone kwa Samarea, ba ne ba romela Petere le Johane koo. (Bona lebokose le le reng, “ Petere o Dirisa ‘Dilotlolo Tsa Bogosi.’”) Fa ba goroga koo, baaposetoloi bano ba babedi ba ne ba baya barutwa ba basha diatla, mme mongwe le mongwe wa barutwa bao o ne a amogela moya o o boitshepo. b Fa Simone a bona seno, o ne a kgatlhega fela thata. O ne a raya baaposetoloi a re: “Le nna nneyeng taolo eno, gore motho ope yo ke mmayang diatla a amogele moya o o boitshepo.” Simone o ne a bo a ba naya madi gonne a batla go reka tshiamelo eno e e boitshepo!—Dit. 8:14-19.

11. Petere o naya Simone kgakololo efe, mme Simone o itshwara jang?

11 Petere o ne a kgalema Simone ka bogale. Moaposetoloi o ne a re: “E kete selefera ya gago e ka nyelela le wena, ka gonne o ne o akanya gore o ka reka mpho ya Modimo ya mahala ka madi. Ga o na karolo kgotsa kabelo epe mo kgannyeng eno, ka gonne pelo ya gago ga e a tlhamalala mo matlhong a Modimo.” Morago ga moo, Petere o ne a kgothaletsa Simone gore a ikwatlhaye le go rapelela gore a itshwarelwe. Petere o ne a re: ‘Rapela Jehofa ka tlhoafalo gore fa go kgonega, a go itshwarele ka ntlha ya maitlhomo a a bosula a pelo ya gago.’ Go bonala sentle gore Simone e ne e se motho yo o boikepo; o ne a batla go dira se se siameng, mme mo nakong eo o ne a se ka a leba dilo sentle. Ka jalo, o ne a kopa baaposetoloi jaana: “Ke kopa gore lo nthapeleleng ka tlhoafalo mo go Jehofa gore sepe sa dilo tse lo di buileng se se ka sa ntiragalela.”—Dit. 8:20-24.

12. Lefoko “bosimone” le kaya eng, mme mokgwa ono o itshupile jang e le serai mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete?

12 Kgalemelo e Petere a neng a e naya Simone ke tlhagiso mo Bakereseteng gompieno. Tota e bile, lefoko “bosimone” le tlhamilwe go tswa mo tiragalong eo. “Bosimone” bo kaya go reka kgotsa go rekisa maemo, segolobogolo mo bodumeding. Batlhanogi ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba itsege thata ka mokgwa ono. Tota e bile, kgatiso ya borobongwe ya The Encyclopædia Britannica (1878) e ile ya re: “Patlisiso nngwe e e tlhalosang kafa Bomopapa ba neng ba tlhophiwa ka gone e dirile gore baithuti ba dumele gore ka metlha maemo a bopapa a ne a rekwa ka madi, le gore gantsi mokgwa ono o ne o dirwa ka selekanyo se segolo, se se tlhabisang ditlhong le se se bofitlha.”

13. Ke ka ditsela dife Bakeresete ba tlhokang go ikela tlhoko mo mokgweng wa bosimone?

13 Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba leofa ka go dirisa mokgwa ono wa bosimone. Ka sekai, ga ba a tshwanela go batla ditshiamelo tse di oketsegileng mo phuthegong ka go naya banna ba go lebegang ba ka ba naya ditshiamelo tseo dimpho tse dintsi kgotsa ka go ba akgola ka tsela e e feteletseng. Banna bano ba go akanngwang gore ke bone ba abang ditshiamelo tseno le bone ba tshwanetse go ela tlhoko gore ga ba gobelele, le go di abela fela ba ba humileng. Maemo ano ka bobedi a bontsha mokgwa wa bosimone. Boammaaruri ke gore, batlhanka botlhe ba Modimo ba tshwanetse go itshwara jaaka ‘ba ba ikokobeditseng,’ ba emele gore moya wa ga Jehofa e nne one o tlhophang ba ba tshwanelwang ke go nna le ditshiamelo tseno tsa tirelo. (Luke 9:48) Batho ba ba ‘ipatlelang kgalalelo’ ga ba batlege mo phuthegong ya Modimo.—Diane 25:27.

“A Tota o Tlhaloganya Se o Se Balang?” (Ditiro 8:26-40)

14, 15. (a) “Moopafadiwa wa Moethiopia” e ne e le mang, mme Filipo o kopane jang le ene? (b) Monna wa Moethiopia o ne a tsibogela jang molaetsa wa ga Filipo, mme ke eng fa go kolobediwa ga gagwe e ne e se ga go tseega maikutlo fela? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

14 Jaanong moengele wa ga Jehofa o laela Filipo gore a tsamaye mo tseleng e e tswang kwa Jerusalema e ya kwa Gasa. Fa e le gore Filipo o ne a ipotsa gore ke eng fa a ne a tshwanetse go ya koo, o ne a bona karabo fela fa a sena go kopana le moopafadiwa wa Moethiopia, yo o neng a “balela mekwalo ya ga moporofeti Isaia kwa godimo.” (Bona lebokose le le reng, “ A e Ne e Le ‘Moopafadiwa’ Kgotsa ‘Modiredimogolo wa Ntlo ya Kgosi’?”) Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa Filipo gore a atamele kara ya monna yono. Fa a ntse a taboga go bapa le kara eno, o ne a botsa Moethiopia yono jaana: “A tota o tlhaloganya se o se balang?” Moethiopia o ne a araba ka go re: “Tota nka tlhaloganya jang go se na mongwe yo o ntlhalosetsang?”—Dit. 8:26-31.

15 Moethiopia o ne a kopa Filipo gore a palame mo kareng. Ruri ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna le motlotlo o o itumedisang! Go ne go setse go fetile lobaka lo loleele batho ba sa tlhaloganye gore “nku” kgotsa “motlhanka” yo boporofeti jwa ga Isaia bo neng bo bua ka ene e ne e le mang. (Isa. 53:1-12) Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba le mo loetong, Filipo o ne a tlhalosetsa moopafadiwa wa Moethiopia gore boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu Keresete. Fela jaaka batho ba ba neng ba kolobediwa ka Pentekosete ya 33 C.E., Moethiopia—yo o neng a setse a sokologetse mo Sejudeng—o ne a itse ka yone nako eo se a neng a tshwanetse go se dira. O ne a raya Filipo a re: “Bona! Metsi ke ano; ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Kwantle ga go senya nako, Filipo o ne a kolobetsa Moethiopia yono! c (Bona lebokose le le reng, “ Go Kolobetsa mo ‘Metsing.’”) Morago ga moo, Filipo o ne a isiwa kwa kabelong ya gagwe e ntšha kwa Ashedoda, kwa a neng a tswelela a rera dikgang tse di molemo gone.—Dit. 8:32-40.

16, 17. Baengele ba nna le seabe ka tsela efe mo tirong ya go rera gompieno?

16 Gompieno Bakeresete ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong e e neng e dirwa ke Filipo. Gantsi le fa ba se mo bodireding, jaaka fa ba tsere loeto, ba bolelela batho ba ba kopanang le bone molaetsa wa Bogosi. Mo makgetlong a le mantsi, go bonala sentle gore ga go a itiragalela fela gore ba kopane le motho yo o kgatlhegang. Re ka lebelela gore seno se direge ka gonne Baebele e bontsha sentle gore baengele ba kaela tiro ya go rera gore molaetsa o kgone go fitlha kwa ‘bathong ba ditšhaba tsotlhe le ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe le ba merafe yotlhe.’ (Tshen. 14:6) Jesu o ne a bolelela pele gore baengele ba tla kaela tiro ya go rera. Mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mofero, Jesu o ne a re mo nakong ya thobo—bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo—“barobi ke baengele.” O ne a oketsa ka gore dibopiwa tseno tsa semoya di ne di tla “tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba leofe le batho ba ba dirang dilo tse di bosula mo Bogosing jwa gagwe.” (Math. 13:37-41) Mo go yone nako eo, baengele ba ne ba tla phutha ba e neng e tla nna baruaboswa ba Bogosi jwa kwa legodimong—mme morago ba phuthe ba “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe”—ba Jehofa a batlang go ba gogela mo phuthegong ya gagwe.—Tshen. 7:9; Joh. 6:44, 65; 10:16.

17 Go bontsha gore seno se a direga, bangwe ba batho ba re kopanang le bone mo bodireding ba re bolelela gore ba ne ba ntse ba rapela Modimo gore a ba thuse. Akanya ka maitemogelo a baboledi ba babedi ba Bogosi ba ba neng ba tsamaya le ngwana yo monnye mo bodireding. Fa tadi e amusa, Basupi bano ba babedi ba ne ba tloga ba emisa tiro ya go rera, mme ngwana ene o ne a tlhoafaletse go tsena mo ntlong e e latelang. Tota e bile, o ne a tsamaya a le nosi mme a kokota mo kgorong ya ntlo eo! Fa lekgarebe lengwe le bula kgoro, Basupi bano ba babedi ba ne ba ya go bua le ene. Ba ne ba gakgamala fa mosadi yono a ne a ba bolelela gore o ne a ntse a rapelela gore mongwe a tle go mo thusa go tlhaloganya Baebele. Ba ne ba rulaganya go mo tshwarela thuto ya Baebele!

“Modimo, fa e le gore o teng, ke kopa o nthuse”

18. Ke eng fa le ka motlha re sa tshwanela go tseela bodiredi jwa rona kwa tlase?

18 E re ka o le karolo ya phuthego ya Bokeresete, o na le tshiamelo ya go dira mmogo le baengele mo tirong eno ya go rera e e dirwang mo motlheng wa rona ka selekanyo se segolo go feta le fa e leng pele. O se ka wa tseela tshiamelo eno kwa tlase. Fa o ntse o iteka ka natla mo tirong eno, o tla nna le boitumelo jo bogolo fa o ntse o bolela “dikgang tse di molemo ka Jesu.”—Dit. 8:35.

a Yono ga se moaposetoloi Filipo. Go na le moo, ke Filipo yo Kgaolo 5 ya buka eno e reng e ne e le mongwe wa ‘banna ba le supa ba ba itiretseng leina le lentle,’ ba ba neng ba tlhongwa go rulaganya kabo ya letsatsi le letsatsi ya dijo mo batlholagading ba Bakeresete ba ba buang Segerika le ba ba buang Sehebera ba kwa Jerusalema.—Dit. 6:1-6.

b Go bonala sentle gore ka nako eo gantsi barutwa ba basha ba ne ba tlodiwa kgotsa ba amogela moya o o boitshepo fa ba kolobediwa. Seno se ne se dira gore ba nne le tsholofelo ya go busa le Jesu kwa legodimong e le dikgosi le baperesiti. (2 Bakor. 1:21, 22; Tshen. 5:9, 10; 20:6) Le fa go ntse jalo mo kgannyeng eno, barutwa ba basha ba ne ba sa tlodiwe fa ba kolobediwa. Go amogela moya o o boitshepo—le go nna le dimpho tsa go dira dikgakgamatso tse motho a neng a nna le tsone fa a sena go amogela moya oo—go ne go direga fela fa Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa ba ne ba bewa diatla ke Petere le Johane.

c Eno e ne e se tshwetso e a e dirileng ka go tseega maikutlo fela. E re ka Moethiopia yono a ne a sokologetse mo Sejudeng, o ne a setse a itse Dikwalo, go akaretsa le boporofeti jo bo buang ka Mesia. E re ka jaanong a ne a setse a itse seabe sa ga Jesu mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo, o ne a ka kolobediwa ka yone nako eo.