Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba bantsintsi ba setse Jesu morago fa a tswa mo legaeng la ga Jairo

KGAOLO 48

O Dira Dikgakgamatso, Mme ga a Amogelwe Kwa Nasaretha

O Dira Dikgakgamatso, Mme ga a Amogelwe Kwa Nasaretha

MATHAIO 9:27-34; 13:54-58 MAREKO 6:1-6

  • JESU O FODISA BATHO BA BA FOUFETSENG LE YO O SA KGONENG GO BUA

  • BATHO BA KWA NASARETHA GA BA MO AMOGELE

Jesu o tlhotse a bereka thata. Fa a sena go boa kwa kgaolong ya Dekapolise, o ne a fodisa mosadi yo o neng a na le bolwetse jwa go elela madi a bo a tsosa morwadia Jairo yo o neng a sule. Mme tiro ya gagwe ga e ise e fele. Fa a tswa mo legaeng la ga Jairo, banna ba babedi ba ba foufetseng ba mo sala morago ba goa ba re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafide.”—Mathaio 9:27.

Fa banna bano ba bitsa Jesu ba re “Morwa Dafide,” ba bontsha gore ba dumela gore Jesu ke moruaboswa wa setulo sa bogosi sa ga Dafide e bile ke Mesia. Go bonala Jesu a ba itlhokomolosa, gongwe a batla go bona gore a ba tla tswelela ba mo kopa, mme ke sone se ba se dirang. Fa Jesu a tsena mo ntlong, ba mo sala morago, ba tsena kwa go ene. Jesu o ba botsa jaana: “A lo a dumela gore nka dira seno?” Ba araba ba tlhatswegile pelo ba re: “Ee, Morena.” Foo Jesu o kgoma matlho a bone a bo a re: “E re ka lo na le tumelo, matlho a lona a tla bulega.”—Mathaio 9:28, 29.

Ka yone nako eo, ba kgona go bona. Jesu o ba laela gore ba se ka ba bolelela batho se a se dirileng, fela jaaka a ile a laela ba bangwe mo makgetlong a a fetileng. Mme e re ka ba phophoma ka boitumelo, moragonyana ba bolelela batho se se diragetseng.

Fa banna bano ba babedi ba tsamaya, batho ba tlisa monna yo mongwe yo o sa bueng ka gonne a na le ledimona. Jesu o leleka ledimona leo, mme ka bonako fela monna yono o simolola go bua. Batho ba gakgamalela seo, ba re: “Ga go ise go ke go direge dilo tse di tshwanang le tseno mo Iseraele.” Bafarasai le bone ba teng foo. Ba a bona gore Jesu o dirile dikgakgamatso tseno, le fa go ntse jalo ba sa ntse ba mo latofatsa ba re: “O leleka madimona ka maatla a a tswang kwa mmusing wa madimona.”—Mathaio 9:33, 34.

Moragonyana ga foo, Jesu o boela kwa motseng wa gaabo wa Nasaretha, mme o tsamaya le barutwa ba gagwe. Mo e ka nnang ngwaga pele ga foo, o ne a ruta mo sinagogeng koo. Kwa tshimologong, batho ba ne ba gakgamadiwa ke se a se buang, mme moragonyana ba ne ba tenegela dithuto tsa gagwe ba bo ba batla go mmolaya. Jaanong Jesu o leka gape go thusa batho bano ba e kileng ya bo e le baagelani ba gagwe.

Ka letsatsi la Sabata, o ya kwa sinagogeng gape go ya go ruta. Batho ba le bantsi ba gakgametse, e bile ba botsa jaana: “Monna yono o tsere kae botlhale jono le maatla a go dira dikgakgamatso tseno?” Ba re: “A yono ga se morwa mmetli? A mmaagwe ga se Marea, e bile a bomorwarraagwe ga se Jakobe le Josefa le Simone le Judase? A bokgaitsadie botlhe le bone ga ba na le rona fano? Jaanong, o tsere kae dilo tseno tsotlhe?”—Mathaio 13:54-56.

Batho ba akanya gore Jesu ke motho fela wa mo motseng wa bone. Ba re, ‘O goletse mo matlhong a rona, go ka tla jang gore e nne Mesia?’ Le fa gone go na le bosupi jo bontsi, go akaretsa botlhale jwa ga Jesu jo bogolo le dikgakgamatso tse a di dirang, ga ba mo amogele. E re ka ba tlwaetse Jesu, tota le ba losika lwa gagwe ba a mo tenegela, mme seno se dira gore a bue mafoko ano: “Moporofeti o tlotliwa gongwe le gongwe ntle le kwa nageng ya gagabo le mo ntlong ya gagwe.”—Mathaio 13:57.

Eleruri, Jesu o gakgamadiwa ke go bo ba se na tumelo. Ka jalo, ga a dire dikgakgamatso dipe koo ntle le go “fodisa fela batho ba le mmalwa ba ba lwalang, a ba baya diatla.”—Mareko 6:5, 6.