KGAOLO 10
“Lo Tla Tshela”
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Ponatshegelo e e buang ka go tsosiwa ga “marapo a a omeletseng” le kafa e diragadiwang ka gone ka tsela e nngwe
1-3. Ke eng se se neng sa dira gore Bajuda ba ba neng ba le kwa Babelona ba kgobege marapo? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)
BAJUDA ba ba neng ba le kwa Babelona ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo, go na le moo, ba ne ba kgobegile marapo. Go ne go fetile dingwaga di le tlhano Esekiele a ba bolelela gore Jerusalema e tlile go senngwa mme ba ne ba sa mo dumele. Esekiele o ile a dira dilo di le dintsi tse di bontshang gore Jehofa o ne a tla letla Jerusalema gore e senngwe. Ka sekai, o ne a dira dilo tse di emelang se se tla diregang, a dira dikai a bo a ba bolelela melaetsa e e tswang kwa Modimong ka tlhamalalo, mme ba ne ba sa ntse ba sa mo dumele. Tota le fa ba sena go utlwa gore masole a Babelona a kampile go dikologa motse wa Jerusalema, ba ne ba sa ntse ba dumela gore Bajuda ba ba koo, ba sireletsegile.
2 Morago ga dingwaga di le pedi Bababelona ba kampile go dikologa Jerusalema, monna mongwe yo o neng a falotse o ne a ya kwa Babelona mme a bolelela Bajuda ba ba neng ba le koo a re: “Motse o sentswe!” Dikgang tseo di ile tsa ba utlwisa botlhoko fela thata. Go ne go le thata gore ba dumele gore motse wa bone o ba o ratang thata, tempele ya ga Jehofa le lefatshe la bone le ba le ratang di ne di sentswe. Tsholofelo e ba neng ba na le yone e ne ya fetoga khutsafalo.—Esek. 21:7; 33:21.
3 Mme gone, ka nako eo e e thata, Jehofa o ne a dira gore Esekiele a bone ponatshegelo e e neng e tla dira gore ba boe ba nne le tsholofelo. Ponatshegelo eo, e ne e ba tshwaretse molaetsa ofe? E tsamaisana jang le se se diragaletseng batho ba Modimo ba motlha wa rona, mme e ka re tswela mosola jang? Gore re itse dikarabo tsa dipotso tseno, mma re tlotle ka se Jehofa a ileng a se senolela Esekiele.
“Porofetela Marapo Ano” O bo O ‘Porofetele Phefo’
4. Esekiele o ne a lemoga eng ka marapo a a ileng a a bona mo ponatshegelong?
4 Bala Esekiele 37:1-10. Mo ponatshegelong, Esekiele o ne a le mo mokgatšheng o o tletseng marapo. Jehofa o ne a mo laela gore “a dikologe” marapo ao a a gasameng. Fa Esekiele a ne a tsamaya mo mokgatšheng oo, o ne a lemoga dilo di le pedi ka marapo ao. O ne a lemoga gore a ne a le “mantsi thata” e bile “a ne a omeletse thata.”
5. Jehofa o ne a laela Esekiele gore a dire dilo dife tse pedi, mme go ile ga direga eng fa a sena go di dira?
5 Go tswa foo, Jehofa o ne a laela Esekiele gore a dire dilo tse pedi tse di neng di tla dira gore marapo ao a boe a tshele, mme seno se ne se tla direga ka bonya ka bonya. O ne a simolola ka go mo raya a re: “Porofetela marapo ano, mme o a reye o re” a ‘tshele.’ (Esek. 37:4-6) Fela fa Esekiele a simolola go porofeta, “go ne ga utlwala modumo wa go tlharakana, mme marapo a ne a simolola go kopana mmogo,” go tswa foo, “mesifa le nama di [ne tsa] tla mo go one, mme letlalo le ne la a apesa.” (Esek. 37:7, 8) Go tswa foo, o ne a mo raya a re: “Porofetela phefo,” mme o e reye o re e “budulele” ditopo. Fa Esekiele a ne a porofeta, “mohemo o ne wa tsena mo go bone, mme ba ne ba simolola go tshela ba bo ba ema ka dinao, e ne e le mophato o mogolo thata wa masole.”—Esek. 37:9, 10.
“Marapo a Rona a Omeletse, e Bile Tsholofelo ya Rona e Nyeletse”
6. Jehofa o ile a thusa Esekiele jang go tlhaloganya gore ponatshegelo eno e ne e kaya eng?
6 Go tswa foo, Jehofa o ne a tlhalosetsa Esekiele gore ponatshegelo eno e kaya eng. O ne a re: “Marapo ano ke batho botlhe ba Iseraele.” Seno ke boammaaruri ka gonne, fa Bajuda ba sena go utlwa gore Jerusalema e sentswe, ba ne ba ikutlwa e kete go tshwana fela le fa ba sule. Ka jalo, ba ne ba re: “Marapo a rona a omeletse, e bile tsholofelo ya rona e nyeletse. Re kgaotswe mo go sengwe le sengwe.” (Esek. 37:11; Jer. 34:20) E re ka ba ne ba utlwile botlhoko, Jehofa o ile a tlhalosa gore ponatshegelo eno e go lebegang e kgoba marapo, tota e na le molaetsa o o itumedisang o o neng o tla naya Baiseraele tsholofelo.
7. Mo go Esekiele 37:12-14, Jehofa o ile a netefaletsa batho ba gagwe ba ba neng ba le kwa botshwarwa eng?
7 Bala Esekiele 37:12-14. Mo ponatshegelong eno, Jehofa o ne a netefaletsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore o tla dira gore ba boe ba tshele, o tla ba busetsa kwa lefatsheng la bone e bile o tla dira gore ba nne mo go lone. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ba bitsa a re, “batho ba me.” Ruri mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a kgothatsa Bajuda ba ba neng ba kgobegile marapo ba ba neng ba le kwa botshwarwa. Ke eng fa ba ne ba ka tlhatswega pelo gore tsholofetso eno e ne e tla direga? Ka gonne Jehofa ke ene a ba solofeditseng. O ne a re: “Nna Jehofa, ke buile e bile ke dirile seo.”
8. (a) Ke eng fa re ka re “batho botlhe ba Iseraele” ba ne ba katogetse kgakala le Jehofa? (b) Marapo a go buiwang ka one mo go Esekiele 37:9 e ne e le a bomang? Tlhalosa. (Bona Ntlha e e Kwa Tlase.)
8 Karolo e go neng go lebega e kgoba marapo mo ponatshegelong eno ya ga Esekiele, e ile ya diragadiwa jang mo setšhabeng sa bogologolo sa Iseraele? Ka 740 B.C.E. fa bogosi jwa ditso di le lesome bo ne bo senngwa e bile batho ba bogosi joo ba isiwa botshwarwa, ba ne ba setse ba katogetse kgakala le Jehofa. Dingwaga di ka nna 130 moragonyana, batho ba Juda le bone ba ne ba isiwa botshwarwa. Ka jalo, “batho botlhe ba Iseraele” ba ne ba feleletsa ba le kwa botshwarwa. (Esek. 37:11) Batho ba setšhaba seo ba ne ba sa tlhole ba atamalane le Jehofa. Botsala jwa bone le Jehofa bo ne bo tshwana fela le marapo a Esekiele a neng a a bona mo ponatshegelong. a Gape, gopola gore marapo a Esekiele a neng a a bona, a ne a “omeletse thata.” Seno se raya gore Baiseraele ba ne ba tla tswelela ba katogetse kgakala le Jehofa lobaka lo loleele. Go ne ga nna fela jalo ka gonne, fa re kopanya nako e Baiseraele ba e feditseng ba le kwa botshwarwa le nako e Bajuda ba e feditseng ba le kwa botshwarwa, ke dingwaga di feta 200, go simologa ka 740 B.C.E. go fitlha ka 537 B.C.E.—Jer. 50:33.
9. “Iseraele wa Modimo” o ile a diragalelwa ke eng se se tshwanang le se se ileng sa diragalela setšhaba sa Iseraele wa bogologolo?
9 Dilo tse Jehofa a ileng a di solofetsa Baiseraele, tse di jaaka tse Esekiele a ileng a bua ka tsone, di ile tsa diragadiwa ka tsela e nngwe gape. (Dit. 3:21) Fela jaaka go ne ga feta lobaka lo loleele setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se katogetse kgakala le Jehofa, “Iseraele wa Modimo” e leng Bakeresete ba ba tloditsweng, le bone go ne ga feta lobaka lo loleele ba le mo botshwarwa mo Babelona yo Mogolo. (Bagal. 6:16) Tota e bile, Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ne ba fetsa lobaka lo loleele thata ba le mo botshwarwa mo e leng gore botsala jwa bone le Jehofa bo ne bo ka tshwantshiwa le marapo a Esekiele a neng a a bona a a neng a “omeletse thata.” (Esek. 37:2) Fela jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go nna mo botshwarwa mo masimologong a bo100 C.E. Ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsi thata ba le mo botshwarwa fela jaaka Jesu a ile a tlhalosa mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero.—Math. 13:24-30.
“Marapo A ne A Simolola go Kopana”
10. (a) Esekiele 37:7 le 8 e ile ya bolelela pele eng? (b) Ke dilo dife tse di neng tsa dira gore Bajuda ba ba boifang Modimo ba boe ba nne le tsholofelo?
10 Mo motlheng wa ga Esekiele, Jehofa o ne a bolelela pele gore batho ba gagwe ba tla boa ba atamalana le ene ka bonya ka bonya. (Esek. 37:7, 8) Ka jalo, ke dilo dife tse di neng di dira gore batho ba ba boifang Modimo ba boe ba nne le tsholofelo ya gore ba tla boela kwa Iseraele? E ka tswa e ne e le dilo tse di ileng tsa buiwa ke baporofeti bangwe ba Modimo. Ka sekai, Isaia o ile a bolelela pele gore batho ba le mmalwa, e leng “losika lo lo boitshepo,” lo ne lo tla boela kwa lefatsheng la lone. (Isa. 6:13; Jobe 14:7-9) Gape Esekiele o ile a kwala boporofeti bo le bontsi jwa gore Baiseraele ba ne ba tla boela kwa lefatsheng la bone. Ka jalo, ga go pelaelo gore seno se ile sa dira gore ba tswelele ba na le tsholofelo. Mo godimo ga moo, kwa Babelona go ne go na le banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka moporofeti Daniele, mme seno se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore batho ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba nne le tsholofelo ya gore ba tla boela kwa lefatsheng la bone. Tsholofelo ya bone e ile ya oketsega gape fa ba bona motse wa Babelona o senngwa ka 539 B.C.E.
11, 12. (a) “Iseraele wa Modimo” o ne a boa jang a obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang? (Bona le lebokoso le le reng, “Batho ba Boa ba Obamela Jehofa ka Tsela E e Mo Itumedisang—Ka Bonya ka Bonya.”) (b) Mafoko a a mo go Esekiele 37:10, a dira gore re ipotse potso efe?
11 Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa jang ka tsela e nngwe mo Bakereseteng ba ba tloditsweng e leng “Iseraele wa Modimo”? Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsi ba le mo botshwarwa mo Babelona yo Mogolo. Mme moragonyana, “go ne ga utlwala modumo wa go tlharakana.” Modumo oo e ne e le wa fa batho ba ba boifang Modimo ba ne ba simolola go emela kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai, ka bo1500, William Tyndale o ile a ranolela Baebele mo Seesemaneng. Baruti ba kereke ya Roma Katoliki, ba ne ba galefetse gore jaanong Baebele e kgona go balwa ke mongwe le mongwe. Ka jalo, Tyndale o ile a bolawa. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba pelokgale, ba ne ba tswelela ba ranolela Baebele mo dipuong tse dingwe mme batho ba le bantsi ba ile ba kgona go bala Lefoko la Modimo.
12 Moragonyana Charles T. Russell le ditsala tsa gagwe, ba ne ba dira ka natla go ruta batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Go ne go ntse jaaka e kete “mesifa le nama” di tla mo marapong. Kgatiso ya Zion’s Watch Tower le tse dingwe, di ile tsa thusa batho ba ba ratang Modimo gore ba itse dithuto tsa boammaaruri tse di mo Baebeleng. Mme seno se ne sa dira gore ba simolole go kopana le batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng. Mo masimologong a bo1900, “Photo-Drama of Creation” le buka ya The Finished Mystery di ne tsa dira gore batho ba Modimo ba ba tloditsweng ba dire ka natla le go feta. Moragonyana, Modimo o ne a dira gore batho ba gagwe ba ‘eme ka dinao.’ (Esek. 37:10) Seno se ne sa direga jang, mme se ne sa direga leng? Dilo tse di ileng tsa direga kwa Babelona wa bogologolo, di re thusa go bona karabo.
“Ba ne Ba Simolola go Tshela Ba bo Ba Ema ka Dinao”
13. (a) Mafoko a a mo go Esekiele 37:10 le 14, a ile a diragadiwa jang mo masimologong a ngwaga wa 537 B.C.E.? (b) Ke ditemana dife tse di re thusang go bona gore batho bangwe ba bogosi jwa ditso di le lesome ba ile ba boela kwa Iseraele?
13 Ponatshegelo ya ga Esekiele e ne ya diragadiwa mo masimologong a ngwaga wa 537 B.C.E. E ne ya diragadiwa jang? Jehofa o ne a golola Bajuda kwa botshwarwa mme a dira gore ba boele kwa Iseraele. Go ne go ntse jaaka e kete o dira gore ba tshele le gore ba ‘eme ka dinao.’ Bajuda ba le 42 360 le batho ba e seng Bajuda ba ka nna 7 000, ba ne ba boela kwa Iseraele gore ba age motse wa Jerusalema le tempele ya yone sesha. (Esera 1:1-4; 2:64, 65; Esek. 37:14) Go tswa foo, morago ga dingwaga di ka nna 70, Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ka nna 1 750 ba ne ba boela kwa Jerusalema le Esera. (Esera 8:1-20) Ka jalo, Bajuda ba ba fetang 44 000, ba ile ba boela kwa lefatsheng la bone. Ruri e ne e le “mophato o mogolo thata wa masole.” (Esek. 37:10) Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le tlhalosa gore batho ba bogosi jwa ditso di le lesome, ba borrabonemogolo ba neng ba isitswe kwa Asiria ka bo700 B.C.E., le bone ba ne ba boela kwa Iseraele gore ba ye go thusa go aga tempele sesha.—1 Ditir. 9:3; Esera 6:17; Jer. 33:7; Esek. 36:10.
14. (a) Mafoko a a mo go Esekiele 37:24, a re thusa jang go lemoga gore boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa ka tsela e e kgolwane? (b) Go ne ga direga eng ka 1919? (Bona le lebokoso le le reng, “Boporofeti jo bo Buang ka ‘Marapo a a Omeletseng’ bo Amana Jang le Jwa ‘Basupi ba Babedi’?”)
14 Boporofeti jono jwa ga Esekiele bo ile jwa diragadiwa jang ka tsela e nngwe? Jaaka Jehofa a ile a bontsha Esekiele mo boporofeting bongwe, boporofeti jono bo ne bo tla diragadiwa nakonyana fa Jesu Keresete a sena go tlhomiwa go nna Kgosi. b (Esek. 37:24) Go ile ga nna fela jalo, ka gonne ka 1919, Jehofa o ne a tsenya moya wa gagwe mo bathong ba gagwe. Ka jalo, ba ne ba gololwa mo Babelona yo Mogolo. Go ne go ntse jaaka e kete ba boa ba “tshela” gape. (Isa. 66:8) Morago ga moo, Jehofa o ne a dira gore ba nne mo “lefatsheng” la bone. Seno se raya gore Jehofa o ne a dira gore ba kgone go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Mme go tlile jang gore batho ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona, e nne “mophato o mogolo thata wa masole”?
15, 16. (a) Go tlile jang gore batho ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona e nne “mophato o mogolo thata wa masole”? (b) Boporofeti jono jwa ga Esekiele bo re thusa jang gore re itshokele mathata a re kopanang le one mo botshelong? (Bona lebokoso le le reng, “Re Thusiwa Gore re Boe re Eme.”)
15 Nakwana fa Keresete a sena go tlhoma motlhanka yo o boikanyego ka 1919, batlhanka ba Modimo ba ne ba simolola go diragalelwa ke se se ileng sa bolelelwa pele ke Sekarea yo e neng e le moporofeti ka nako ya fa Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarwa. O ne a re: “Ditšhaba di le dintsi le merafe e e maatla e tla tla go direla Jehofa wa masomosomo.” Sekarea o ile a re batho bao ba ba batlang go direla Jehofa ke “batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba.” Ba ile ba tshwara seaparo se seleele sa “Mojuda” e bong “Iseraele wa Modimo” mme ba re: “Re batla go tsamaya le lona, ka gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—Seka. 8:20-23.
16 Gone jaanong, go na le “mophato o mogolo thata wa masole” o o nang le batho ba le dimilione. (Esek. 37:10) Mophato ono ke “Iseraele wa Modimo” (Bakeresete ba ba tloditsweng). Gape o akaretsa “batho ba le lesome” (ba dinku tse dingwe). E re ka re le masole a ga Keresete mo mophatong ono o o nnang o gola, re ikobela Kgosi ya rona e bong Jesu, yo o tla re thusang gore re bone masego mo nakong e e tlang.—Pes. 37:29; Esek. 37:24; Bafil. 2:25; 1 Bathes. 4:16, 17.
17. Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?
17 E re ka jaanong batho ba Modimo ba ne ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang, go ne go na le sengwe sa botlhokwa se ba neng ba tshwanetse go se dira. Ba ne ba tshwaretse go dira eng? Gore re bone karabo, re tlhoka go sekaseka kabelo e Jehofa a neng a e neile Esekiele pele Jerusalema e senngwa. Re tla tlotla ka kgang eno mo kgaolong e e latelang.
a Marapo a Esekiele a neng a a bona mo ponatshegelong, e ne e se a batho ba ba neng ba itshwetse fela mme e ne e le a batho “ba ba bolailweng.” (Esek. 37:9) “Batho botlhe ba Iseraele” ba ne ba sa tlhole ba atamalane le Jehofa. Go ne go ntse jaaka e kete ba bolailwe. Seno se ile sa direga fa batho ba Iseraele ba bogosi jwa ditso di le lesome le batho ba Juda ba bogosi jwa ditso di le pedi ba ne ba isiwa botshwarwa ke Baasiria le Bababelona.