Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 7

Go Utlwa Go a Go Sireletsa

Go Utlwa Go a Go Sireletsa

A O NE o ka itumela fa o ne o ka kgona go dira sengwe le sengwe se o se batlang? A ka dinako tse dingwe o tle o eletse e kete go ka bo go se na ope yo o go bolelelang gore o direng? Bua boammaaruri fela, o mpolelele se o se akanyang.—

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go reetsa batho ba ba godileng?

Mme ke eng se se go siametseng? A ruri ke selo se se botlhale go itirela jaaka o rata? Kgotsa a dilo di go tsamaela sentle fa o utlwa rrago le mmago?— Modimo a re o utlwe batsadi ba gago, ka jalo go tshwanetse ga bo go na le lebaka le le molemo la go dira jalo. E re re bone gore a re ka kgona go bona lebaka la teng.

O na le dingwaga tse kae?— A o a itse gore rrago o na le dingwaga tse kae?— Mmago kgotsa nkukuago kgotsa rragomogolo bone ba na le dingwaga tse kae?— Ba tshedile lobaka lo loleele thata go go feta. Mme fa motho a tshela lobaka lo loleelenyana, o nna le nako e ntsinyana ya go ithuta dilo. O utlwa dilo tse dintsi e bile o bona dilo tse dintsi e bile o dira dilo tse dintsi ngwaga le ngwaga. Ka jalo batho ba babotlana ba ka ithuta mo go ba ba godileng.

A o itse mongwe yo monnye mo go wena?— A o itse dilo tse dintsi go mo feta?— Ke ka ntlha yang fa o itse dilo tse dintsi go mo feta?— Ke ka gonne o tshedile lobaka lo loleele go mo feta. O nnile le nako e ntsinyana ya go ithuta dilo go feta motho yo monnye mo go wena.

Ke mang yo o tshedileng lobaka lo loleele go go feta kgotsa go mpheta kgotsa go feta motho ope yo mongwe?— Ke Jehofa Modimo. O itse dilo di le dintsi go go feta, e bile o itse dilo di le dintsi go mpheta. Fa a re bolelela gore re dire sengwe, re ka tlhomamisega gore ke selo se se siameng, le fa go ka nna ga nna thata go se dira. A o ne o itse gore tota le Morutisi yo Mogolo o kile a fitlhela go le thata go dira jaaka a kopiwa?—

Ka nako nngwe Modimo o ne a kopa Jesu go dira sengwe se se thata tota. Jesu o ne a rapela ka gone, jaaka fa re bona fano. O ne a rapela jaana: “Fa o eletsa, tlosa senwelo seno mo go nna.” Fa Jesu a ne a rapela jaana o ne a bontsha gore go ne go se motlhofo ka metlha go dira se Modimo a se batlang. Mme Jesu o ne a fetsa jang thapelo ya gagwe? A o a itse?—

Re ka ithuta eng mo thapelong ya ga Jesu?

Jesu o ne a e fetsa ka gore: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:41, 42) Ee, o ne a batla gore go dirwe thato ya Modimo, e seng ya gagwe. Mme o ne a dira se Modimo a neng a se batla, e seng se ene a neng a akanya gore se molemo.

Re ka ithuta eng mo go seno?— Re ithuta gore ka metlha go molemo go dira se Modimo a reng re se dire, le fa go ka nna ga bo go se motlhofo go se dira. Mme re ithuta selo se sengwe gape. A o itse gore ke eng seo?— Re ithuta gore Modimo le Jesu ga se motho a le mongwe fela, jaaka batho bangwe ba bua. Jehofa Modimo o mogolo e bile o itse dilo di le dintsi go feta Morwawe, e bong Jesu.

Fa re utlwa Modimo, re bontsha gore re a mo rata. Baebele ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” (1 Johane 5:3) O ka bona gore rotlhe re tshwanetse go utlwa Modimo. A ke re le wena o batla go mo utlwa?—

A re bule Baebele re bone gore Modimo a re bana ba dire eng. Re tlile go bala se Baebele e se buang mo go Baefeso kgaolo 6, ditemana tsa 1, 2, le 3. Ya re: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’”

A o a bona jaanong gore ke Jehofa Modimo ka boene yo o go bolelelang gore o utlwe rrago le mmago. Go ba “tlotla” go raya eng? Go raya gore o ba tshware sentle. Mme Modimo o solofetsa gore fa o utlwa batsadi ba gago, ‘dilo di tla go tsamaela sentle.’

E re ke go bolelele ka batho bangwe ba ba neng ba bolokwa ke gore ba ne ba utlwa. Batho bano ba ne ba tshela bogologolo mo motseng o mogolo wa Jerusalema. Batho ba le bantsi ba motse oo ba ne ba sa reetse Modimo, ka jalo Jesu o ne a ba tlhagisa gore Modimo o ne a tlile go senya motse wa bone. Gape Jesu o ne a ba bolelela gore ba ne ba tla falola jang fa ba ne ba rata se se siameng. O ne a re: ‘Fa lo bona masole go dikologa Jerusalema, lo itse gore o tloga a senngwa. E tla bo e le nako ya gore lo tswe mo Jerusalema mme lo tshabele kwa dithabeng.’—Luke 21:20-22.

Go utlwa taelo ya ga Jesu go bolokile batho bano jang?

Fela jaaka Jesu a ne a buile, masole a ne a tla go tlhasela Jerusalema. Masole a Roma a ne a dikologa motse ono. Mme ka lebaka lengwe le le sa itsiweng, masole ano a tswa a tsamaya. Batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore kotsi e fetile. Ka jalo ba nna mo motseng. Mme Jesu o ne a rile ba direng?— O ne o tla dirang fa o ne o nna kwa Jerusalema?— Batho ba tota ba neng ba dumela Jesu ba ne ba tswa mo matlong a bone mme ba tshabela kwa dithabeng tse di kgakala le Jerusalema.

Ga go a ka ga direga sepe mo Jerusalema ngwaga otlhe. Mo ngwageng wa bobedi, ga go a direga sepe. Le mo ngwageng wa boraro, ga go a direga sepe. Batho bangwe ba ka nna ba bo ba ile ba akanya gore batho ba ba duleng mo motseng e ne e le dieleele. Mme mo ngwageng wa bonè, masole a Roma a ne a boa. A boa a dikologa Jerusalema gape. Mme jaanong go ne go se na nako ya go tshaba. Mo lobakeng lono masole a ne a senya motse. Bontsi jwa batho ba ba neng ba le mo go one ba ne ba swa, mme ba bangwe botlhe ba dirwa magolegwa.

Mme go ne ga diregang ka ba ba neng ba utlwa Jesu?— Ba ne ba bolokega. Ba ne ba le kgakala thata le Jerusalema. Ka jalo ga ba a ka ba gobala. Go utlwa go ne ga ba sireletsa.

A le wena fa o utlwa o tla sireletsega?— Batsadi ba gago ba ka nna ba go bolelela gore o se ka wa tshamekela mo tseleng. Ke ka ntlha yang fa ba bua jalo?— Ke ka gonne o ka nna wa thulwa ke koloi. Mme nako nngwe o ka nna wa akanya jaana: ‘Ga go na dikoloi gone jaanong. Ga ke na go gobala. Bana ba bangwe ba tshamekela mo tseleng, mme ga ke ise ke ba bone ba gobala.’

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go utlwa ditaelo fa o sa bone kotsi epe?

Batho ba le bantsi kwa Jerusalema ba ne ba ikutlwa ka tsela eo. Fa masole a Roma a sena go tsamaya, go ne go bonala go se na kotsi. Batho ba bangwe ga ba a ka ba tswa mo motseng. Ka jalo le bone ba nna. Ba ne ba tlhagisitswe, mme ga ba a ka ba reetsa. Ka ntlha ya moo, ba ne ba swa.

A re sekaseke sekai se sengwe. A o kile wa tshameka ka mmetšhise?— O ka nna wa kgatlhwa ke go bona molelo fa o tshuba mmetšhise. Mme go tshameka ka mmetšhise go ka nna kotsi. Ntlo yotlhe e ka sha, le wena o ka swa!

Gakologelwa gore go utlwa ka dinako dingwe fela ga go a lekana. Mme fa o utlwa ka dinako tsotlhe, seno se tla go sireletsa tota. Mme ke mang yo o go rayang a re, “Bana, utlwang batsadi ba lona”?— Ke Modimo. Mme gakologelwa gore o bua jalo ka gonne a go rata.

Jaanong bala ditemana tseno tse di bontshang gore go botlhokwa go utlwa: Diane 23:22; Moreri 12:13; Isaia 48:17, 18; le Bakolosa 3:20.