Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOTLHANO

Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa

Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa
  • Thekololo ke eng?

  • E ne ya duelwa jang?

  • E ka go solegela molemo jang?

  • O ka bontsha jang gore o a e anaanela?

1, 2. (a) Ke eng se se dirang gore mpho e nne botlhokwa thata mo go wena? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore thekololo ke mpho e e botlhokwatlhokwa e o ka e newang?

KE MPHO efe e e botlhokwa thata e o kileng wa e newa? Mpho ga e tlhoke go nna e e tlhwatlhwakgolo gore e nne botlhokwa. Tota e bile, boleng jwa mmatota jwa mpho ga bo a ikaega ka gore e rekilwe ka bokae. Go na le moo, fa mpho e o e neilweng e go itumedisa kgotsa e le selo se o ntseng o se tlhoka, e nna botlhokwa thata mo go wena.

2 Mo gare ga dimpho di le dintsi tse o ka eletsang go di newa, go na le e le nngwe fela mo go tsone e e di gaisang tsotlhe. Ke mpho e Modimo a e neileng batho. Jehofa o re neile dilo di le dintsi, mme mpho e e botlhokwatlhokwa e a re neileng yone ke setlhabelo sa thekololo sa Morwawe, e bong Jesu Keresete. (Mathaio 20:28) Jaaka fa re tlile go bona mo kgaolong eno, thekololo ke mpho e e botlhokwa thata e o ka e newang, ka gonne e ka go tlisetsa boitumelo jo bogolo e bile e ka dira gore o nne le dilo tse di botlhokwa thata tse o di tlhokang. Ruri thekololo eno ke tsela e e molemolemo e Jehofa a go bontshitseng ka yone gore o a go rata.

 THEKOLOLO KE ENG?

3. Thekololo ke eng, mme re tshwanetse go tlhaloganya eng gore re kgone go anaanela botlhokwa jwa yone?

3 Karabo e e motlhofo fela ke gore thekololo ke tsela e Jehofa a e dirisang go golola batho, go ba namola mo boleong le mo losong. (Baefeso 1:7) Go tlhaloganya bokao jwa thuto eno ya Baebele, re tshwanetse go ikgopotsa pele gore go ne ga direga eng kwa tshimong ya Edene. Re ka kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa thekololo e le botlhokwa thata mo go rona fa fela re tlhaloganya gore Adame o ne a latlhegelwa ke eng fa a ne a leofa.

4. Botshelo jo bo itekanetseng e ne e le botshelo jo bo ntseng jang mo go Adame?

4 Fa Jehofa a ne a bopa Adame, o ne a mo naya sengwe se se botlhokwa tota—botshelo jo bo itekanetseng. Akanya fela gore seo se ne se raya eng ka Adame. E re ka a ne a na le mmele le mogopolo o o itekanetseng, o ne a se kitla a lwala, a tsofala kgotsa a swa. E re ka e ne e le motho yo o itekanetseng, o ne a na le kamano e e kgethegileng le Jehofa. Baebele ya re Adame e ne e le “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Ka jalo Adame o ne a na le kamano e e molemo thata le Jehofa Modimo, e e tshwanang le e rre a nang le yone le ngwana wa gagwe. Jehofa o ne a buisana le morwa yono wa gagwe wa mo lefatsheng e bong Adame, a mo naya tiro e e kgotsofatsang le go mmolelela gore o ne a lebeletse eng mo go ene.—Genesise 1:28-30; 2:16, 17.

5. Baebele e kaya eng fa e re Adame o dirilwe “mo setshwanong sa Modimo”?

5 Adame o ne a dirilwe “mo setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Seno se ne se sa kaye gore Adame o ne a na le ditebego tse di tshwanang le tsa Modimo. Jaaka re ithutile mo Kgaolong ya 1 ya buka eno, Jehofa ke moya o o sa bonaleng. (Johane 4:24) Ka jalo, Jehofa ga a na mmele wa nama le madi. Fa go twe Adame o dirilwe mo setshwanong sa Modimo go raya gore o bopilwe a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo, tse di akaretsang lorato, botlhale, tshiamiso le maatla. Tsela e nngwe gape e e botlhokwa e Adame a neng a tshwana le Rraagwe ka yone ke ya gore o ne a na le kgololesego  ya go itlhophela. Ka gone, Adame o ne a sa tshwane le motšhini o o neng o dira fela tiro e o neng o tlhametswe go e dira. Go na le moo, o ne a kgona go itirela ditshwetso, le go tlhopha fa gare ga se se siameng le se se sa siamang. Fa a ka bo a tlhophile go ikobela Modimo, a ka bo a ile a tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.

6. Adame o ne a latlhegelwa ke eng ka ntlha ya go tlola molao wa Modimo, mme bana ba gagwe ba ne ba amega jang?

6 Ka jalo, go a utlwala gore fa Adame a sena go tlola molao wa Modimo le go atlholelwa loso, o ne a latlhegelwa ke sengwe se se botlhokwa tota. Boleo jwa gagwe bo ile jwa dira gore a latlhegelwe ke botshelo jo bo itekanetseng le masego otlhe a jone. (Genesise 3:17-19) Gape, go utlwisa botlhoko gore botshelo jono jo bo molemo bo ne jwa se ka jwa latlhegela Adame fela mme gape bo ne jwa latlhegela le bana ba a neng a tla nna le bone mo isagweng. Lefoko la Modimo la re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [e bong Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Ee, rotlhe fela re na le boswa jo re bo filweng ke Adame, e leng boleo. Ke gone ka moo Baebele e reng o ne a ‘ithekisa’ ene le bana ba gagwe, gore ba nne batlhanka ba boleo le loso. (Baroma 7:14) Adame le Efa ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo epe ka gonne ba ne ba tlotse molao wa Modimo ka boomo. Mme go tweng ka bana ba bone, go akaretsa le rona?

7, 8. Lefoko thekololo le akaretsa dilo dife tse pedi?

7 Jehofa o ne a namola batho ka go dirisa thekololo. Thekololo ke eng? Lefoko leno thekololo le akaretsa dilo tse pedi. Sa ntlha, le raya madi a a duelwang go golola sengwe kgotsa go se reka gape. Thekololo e ka bapisiwa le madi a a duelwang go golola legolegwa la ntwa. Sa bobedi, thekololo ke madi a a ntshiwang go phimola kgotsa go duela molato mongwe o o rileng. E tshwana fela le madi a motho a a duelang fa a gobaditse yo mongwe. Ka sekai, fa motho a ka baka kotsi nngwe, o tla tshwanelwa ke go duela madi a a lekanang kgo le boleng jwa selo se se senyegileng.

 8 Ke eng se se neng se ka tlhoka go dirwa gore re boe re nne le se Adame a se latlhileng le gore re gololwe mo botlhankeng jwa boleo le loso? Mma re sekaseke thekololo e Jehofa a re fileng yone le gore e ka re solegela molemo jang.

KAFA JEHOFA A NTSHITSENG THEKOLOLO KA GONE

9. Go ne go tlhokega thekololo e e ntseng jang?

9 E re ka batho botlhe ba ne ba latlhegetswe ke botshelo jo bo itekanetseng, botshelo joo bo ne bo ka se ka jwa rekololwa ka botshelo jwa motho yo o sa itekanelang. (Pesalema 49:7, 8) Go ne go tlhokega thekololo e boleng jwa yone bo lekanang le jwa se se latlhegileng. Seno se dumalana le molaomotheo wa tshiamiso e e molemo o o fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, o o reng: “Moya o tla tswela moya.” (Duteronome 19:21) Ka jalo, botshelo jo bo itekanetseng jo bo latlhegetseng Adame bo ne bo tla duelelwa ka eng? Go ne go tlhokega botshelo jo bongwe jo bo itekanetseng jo e neng e tla nna “thekololo e e lekanang” le jone.—1 Timotheo 2:6.

10. Jehofa o ne a ntsha jang thekololo?

10 Jehofa o ne a ntsha jang thekololo eno? O ne a romela mongwe wa bomorwawe ba ba itekanetseng ba semoya mo lefatsheng. Mme Jehofa ga a ka a romela mongwe le mongwe fela wa semoya. O ne a romela yo a neng a mo rata thata, e leng Morwawe yo o tsetsweng a le esi. (1 Johane 4:9, 10) Morwa yono wa gagwe o ne a dumela go tlogela bonno jwa gagwe kwa legodimong. (Bafilipi 2:7) Jaaka re ithutile mo kgaolong e e fetileng ya buka eno, Jehofa o ne a dira kgakgamatso fa a ne a fetisetsa botshelo jwa Morwawe mo popelong ya ga Marea. Ka moya o o boitshepo wa Modimo, Jesu o ne a belegwa e le motho yo o itekanetseng e bile a se na boleo.—Luke 1:35.

Jehofa o ne a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi go re rekolola

11. Motho a le mongwe fela o ne a ka nna jang thekololo ya batho ba le dimilionemilione?

11 Motho a le mongwe fela o ne a ka kgona jang go nna thekololo ya ba le bantsi—ya dimilionemilione tsa batho? Kana go ne ga tla jang gore dimilionemilione tsa batho e nne baleofi? Gakologelwa gore Adame o ne a latlhegelwa ke mpho e e  rategang thata ya botshelo jo bo itekanetseng fa a ne a leofa. Ka jalo, ga a ka a kgona go e fetisetsa mo baneng ba gagwe. Go na le moo, se a neng a kgona go se fetisetsa mo go bone fela e ne e le boleo le loso. Jesu, yo Baebele e mmitsang “Adame wa bofelo,” o ne a itekanetse, e bile ga a ise a ko a leofe. (1 Bakorintha 15:45) Re ka re Jesu o ne a tsaya boemo jwa ga Adame gore a re boloke. Ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo le go ikobela Modimo ka botlalo, Jesu o ne a duelela boleo jwa ga Adame. Ka go dira jalo, o ne a dira gore bana ba ga Adame ba nne le tsholofelo.—Baroma 5:19; 1 Bakorintha 15:21, 22.

12. Go boga ga ga Jesu go ne ga supa eng?

12 Baebele e tlhalosa ka botlalo tsela e Jesu a ileng a boga ka yone pele a swa. O ne a itewa le go bapolwa setlhogo, a bo a swa loso lo lo botlhoko mo koteng ya tlhokofatso. (Johane 19:1, 16-18, 30; Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 204-6) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tshwanelwa ke go boga go le kana kana? Mo kgaolong nngwe e e kwa pele mo bukeng eno, re tlile go bona gore Satane o ne a re ga go na motho ope yo o neng a ka nna a ikanyega mo go Jehofa fa a lebane le diteko. Jesu o ne a bontsha sentle gore se Satane a neng a se bua ga se boammaaruri fa a ne a itshoka ka boikanyegi a itshokela pogo e e seng kana ka sepe e a neng a lebana le yone. Jesu o ne a supa gore motho yo o itekanetseng yo o neilweng kgololesego ya go itirela ditshwetso a ka kgona go ikanyega ka botlalo mo Modimong le fa Diabolo a ka dirang. Jehofa o tshwanetse a bo a ile a itumela fela thata ka ntlha ya boikanyegi jwa Morwawe yo o rategang!—Diane 27:11.

13. Thekololo e ne ya duelwa jang?

13 Thekololo e ne ya duelwa jang? Mo letsatsing la bo14, la kgwedi ya Sejuda ya Nisane ka 33 C.E., Modimo o ile a letla gore Morwawe yo o itekanetseng yo o se nang boleo a bolawe. Ka go dira jalo, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng gore e nne setlhabelo, a se ntsha “gangwe felafela.” (Bahebera 10:10) Mo letsatsing la boraro morago ga loso lwa ga Jesu, Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing e le  motho wa semoya. Fa Jesu a le kwa legodimong, o ne a naya Modimo boleng jwa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jo bo ntshitsweng setlhabelo gore a rekolole bana ba ga Adame. (Bahebera 9:24) Jehofa o ne a amogela boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu se e neng e le thekololo e e tlhokegang go golola batho mo botlhankeng jwa boleo le loso.—Baroma 3:23, 24.

KAFA THEKOLOLO E KA GO SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

14, 15. Re tshwanetse go dira eng gore re ‘itshwarelwe maleo’?

14 Le fa re ka tswa re leofa go le kana kang, thekololo e ka dira gore re bone masego a a seng kana ka sepe. Mma re sekaseke melemo mengwe ya gone jaanong le ya mo isagweng ya mpho eno e e botlhokwatlhokwa e e tswang kwa Modimong.

15 Boitshwarelo jwa maleo. Ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng, re tshwanetse go lwa ka natla gore re dire se se siameng. Rotlhe fela re leofa ka mafoko le ka ditiro. Mme ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, re ka kgona go ‘itshwarelwa maleo.’ (Bakolosa 1:13, 14) Le fa go ntse jalo, gore re itshwarelwe, re tshwanetse ra bo re ikwatlhaile e le tota. Gape, re tshwanetse go kopa Jehofa ka boikokobetso gore a re itshwarele ka gonne re bontshitse tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa Morwawe.—1 Johane 1:8, 9.

16. Ke eng se se dirang gore re kgone go obamela Modimo ka segakolodi se se phepa, mme mosola wa segakolodi seo ke ofe?

16 Segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo. Go motlhofo gore segakolodi se se molato se dire gore re felelwe ke tsholofelo le go ikutlwa re se batho ba sepe. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya boitshwarelo jo re bo bonang ka thekololo, Jehofa ka bopelonomi o dira gore re kgone go mo obamela ka segakolodi se se phepa le fa re le batho ba ba sa itekanelang. (Bahebera 9:13, 14) Seno se dira gore re kgone go bua le Jehofa re gololesegile. Ka jalo, re ka kgona go mo rapela re gololesegile. (Bahebera 4:14-16) Go ipoloka re na le segakolodi se se phepa go dira gore re ritibale mo mogopolong, re itebe ka tsela e e tshwanetseng e bile go dira gore re itumele.

17. Re tlile go bona masego afe ka ntlha ya go bo Jesu a re swetse?

 17 Tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Baroma 6:23 ya re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” Yone temana eno e oketsa jaana: “Mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” Mo Kgaolong ya 3 ya buka eno, re ile ra tlotla ka masego a lefatshe le le tlang la Paradaise. (Tshenolo 21:3, 4) Masego ao otlhe a mo isagweng, go akaretsa le botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng, a tlile go nna teng ka ntlha ya go bo Jesu a re swetse. Gore re amogele masego ao, re tshwanetse go bontsha gore re anaanela mpho ya thekololo.

O KA BONTSHA JANG KANAANELO YA GAGO?

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leboga Jehofa go bo a re file mpho eno ya thekololo?

18 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leboga Jehofa thata ka thekololo e a re neileng yone? Mpho e nna ya botlhokwa jo bogolo segolobogolo fa motho yo o go e neileng a ile a tshwanelwa ke go dirisa nako e ntsi ya gagwe, maatla kgotsa madi go go direla yone. Go re ama pelo fa re bona gore mpho e re e newang e bontsha kafa motho yo o re e nayang a re ratang thata ka gone. Thekololo ke mpho e e rategang go di gaisa tsotlhe, ka gonne Modimo o ntshitse setlhabelo se segolo go di gaisa tsotlhe gore a re e neye. Johane 3:16 ya re: “Modimo  o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi.” Thekololo ke tsela e e tlhomologileng thata e Jehofa a re bontshang ka yone gore o a re rata. Gape e bontsha gore Jesu le ene o a re rata, ka gonne o ne a iketleeletsa go re ntshetsa botshelo jwa gagwe. (Johane 15:13) Ka jalo, mpho ya thekololo e tshwanetse go re tlhatswa pelo gore Jehofa le Morwawe ba rata mongwe le mongwe wa rona.—Bagalatia 2:20.

Go ithuta go le gontsi ka Jehofa ke nngwe ya ditsela tse re bontshang ka tsone gore re anaanela mpho ya gagwe ya thekololo

19, 20. O ka bontsha ka ditsela dife gore o anaanela mpho ya Modimo ya thekololo?

19 O ka bontsha jang he gore o anaanela mpho ya thekololo e Modimo a re e neileng? Sa ntlha, ithute go le gontsi ka Jehofa yo e leng Ene a re fileng mpho eno. (Johane 17:3) Go ithuta Baebele o thusiwa ke yone buka eno, go tla go thusa go dira jalo. Fa kitso ya gago ka Jehofa e ntse e gola, lorato lwa gago mo go ene le lone lo tla gola. Mme lorato loo lo tla dira gore le wena o batle go mo itumedisa.—1 Johane 5:3.

20 Nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. Go ne ga buiwa jaana ka Jesu: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:36) Re ka supa jang tumelo mo go Jesu? Tumelo e e ntseng jalo ga e bontshiwe ka mafoko fela. Jakobe 2:26 ya re: “Tumelo kwantle ga ditiro e sule.” Ee, re supa tumelo ya boammaaruri ka “ditiro” tse re di dirang. Tsela nngwe e ka yone re ka bontshang gore re dumela mo go Jesu ke ka go dira bojotlhe jwa rona go mo etsa e seng fela ka se re se buang mme gape le ka ditiro tsa rona.—Johane 13:15.

21, 22. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna teng kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitseboa? (b) Kgaolo ya 6 le ya 7 di tla tlhalosa eng?

21 Nna gone kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mo maitseboeng a Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a simolola moletlo mongwe o o kgethegileng o Baebele e o bitsang “dijo tsa maitseboa tsa Morena.” (1 Bakorintha 11:20; Mathaio 26:26-28) Moletlo ono gape o bidiwa Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Jesu o ne a o tlhoma gore a thuse  baaposetoloi ba gagwe le Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba ba neng ba tla nna gone morago ga bone go nna ba gakologetswe gore ka loso lwa gagwe jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a ba ntshetsa moya wa gagwe, kgotsa botshelo go nna thekololo. Jesu o ne a bua jaana ka moletlo ono: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Go keteka Segopotso go re gakolola ka lorato lo logolo lo Jehofa le Jesu ba re bontshitseng lone ka thekololo. Re ka kgona go bontsha gore re anaanela thekololo eno ka go nna gone kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Segopotso sa loso lwa ga Jesu. *

22 Ruri thekololo eno e Jehofa a re neileng yone ke mpho e e botlhokwatlhokwa e re e filweng. (2 Bakorintha 9:14, 15) Mpho e e botlhokwa eno tota e ka solegela molemo le batho ba ba tlhokafetseng. Kgaolo ya 6 le ya 7 di tla tlhalosa gore seo se tla direga jang.

^ ser. 21 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka bokao jwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, bona Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 206-8.