KGAOLO 13
“Molao wa ga Jehofa o Itekanetse”
1, 2. Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa rate molao, mme gone, re ka ikutlwa jang ka melao ya Modimo?
“MOLAO ke molete o o se nang bofelelo, o . . . kometsa sengwe le sengwe fela.” Mafoko ao a ne a tlhaga mo bukeng e e neng ya gatisiwa bogologolo ka 1712. Mokwadi wa yone o ne a ngongoregela thulaganyo ya molao e mo go yone ka dinako tse dingwe dikgetsi di neng di boaboa kwa dikgotlatshekelong ka dingwagangwaga, di humanegisa batho ba ba batlang go direlwa tshiamiso. Mo dinageng tse dintsi ditsamaiso tsa molao le boatlhodi di raraane thata, di tletse ka tshiamololo, go gobelela le go tlhaola mo e leng gore batho ba le bantsi ba setse ba ila molao.
2 Go farologana le seo, akanya ka mafoko ano a a kwadilweng dingwaga tse 2 700 tse di fetileng: “Ruri ke rata molao wa gago!” (Pesalema 119:97) Ke eng fa mopesalema a ne a o rata thata jaana? Ka gonne molao o a neng a o tlotlomatsa jalo e ne e le wa ga Jehofa Modimo, e seng wa puso nngwe ya lefatshe. Fa o ntse o ithuta melao ya ga Jehofa, o ka nna wa simolola go ikutlwa ka tsela e mopesalema a neng a ikutlwa ka yone. Go e ithuta jalo go tla go thusa go nna le kitso ka motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong mo go tsa boatlhodi.
Moneimolao yo Mogolo
3, 4. Jehofa o itshupile e le Moneimolao ka ditsela dife?
3 Baebele ya re: “Go na le motho a le mongwe yo e leng Moneimolao e bile e le Moatlhodi.” (Jakobe 4:12) Ee ruri, Jehofa ke ene fela Moneimolao wa boammaaruri. Tota le metsamao ya masedi a a kwa legodimong o e laola ka “melao ya kwa legodimong.” (Jobe 38:33, The New Jerusalem Bible) Masomosomo a baengele ba ba boitshepo ba ga Jehofa le bone ba laolwa ka molao wa Modimo ka gonne ba rulagantswe ka ditlhopha mme ba dira e le badiredi ba ba kaelwang ke Jehofa.—Pesalema 104:4; Bahebera 1:7, 14.
4 Batho le bone Jehofa o ba file melao. Mongwe le mongwe wa rona o na le segakolodi, se e leng sesupo sa tsela e Jehofa a lebang tshiamiso ka yone. E re ka go ka twe segakolodi ke molao o o mo teng ga rona, se ka re thusa go farologanya se se molemo mo go se se phoso. (Baroma 2:14) Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba filwe segakolodi se se itekanetseng, ka jalo ba ne ba tlhoka melao e sekae fela. (Genesise 2:15-17) Le fa go ntse jalo, motho yo o sa itekanelang ene o tlhoka melao e mentsinyana go mo kaela gore a dire thato ya Modimo. Ditlhogo tsa lotso tse di jaaka Noa, Aborahame le Jakobe, ba ne ba amogela melao go tswa mo go Jehofa Modimo mme ba fetisetsa melao eno mo malapeng a bone. (Genesise 6:22; 9:3-6; 18:19; 26:4, 5) Jehofa o ne a nna Moneimolao ka tsela e e sa tshwaneng le epe fa a ne a abela setšhaba sa Iseraele thulaganyo ya Molao a dirisa Moshe. Thulaganyo eno ya molao e re naya temogo e e tseneletseng malebana le tsela e Jehofa a leng tshiamiso ka yone.
Tshobokanyo ya Molao wa ga Moshe
5. A Molao wa ga Moshe e ne e le thulaganyo e e gagametseng ya melao e mentsi e e raraaneng, mme ke eng fa o araba jalo?
5 Batho ba le bantsi go bonala ba akanya gore Molao wa ga Moshe e ne e le thulaganyo e e gagametseng ya melao e mentsi e e raraaneng. Kgopolo e e ntseng jalo ga e boammaaruri le e seng. Thulaganyo eno yotlhe e na le melao e feta 600. E ka lebega e le mentsi, mme gone akanya: Fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ne le ya bokhutlong, dibuka tsa molao tsa United States di ne di setse di na le melao e e tladitseng ditsebe di feta 150 000. Dingwaga dingwe le dingwe tse pedi go okediwa ka melao e mesha e ka nna 600! Ka jalo fa re akanya ka mekoakoa ya melao e mentsi e e tlhomilweng ke batho, Molao wa ga Moshe ke dinyana. Le fa go ntse jalo, Molao wa Modimo o ne o laola Baiseraele mo dilong tsa botshelo tse melao ya segompieno e sa di umakeng le go di umaka. Akanya ka e sekae ya yone.
6, 7. (a) Ke eng se se dirang gore Molao wa ga Moshe o farologane le melao e mengwe, mme taelo ya botlhokwa thata go gaisa tsotlhe mo Molaong oo ke efe? (b) Baiseraele ba ne ba ka bontsha jang gore ba amogela bolaodi jwa ga Jehofa?
6 Molao o ne o tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Ka tsela eno, Molao wa ga Moshe o gaisa melao e mengwe yotlhe. Taelo ya botlhokwa thata go gaisa tsotlhe mo go one e ne e le eno: “Reetsa, wena Iseraele: Jehofa, Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela. O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go bontsha jang gore ba a mo rata? Ba ne ba tshwanetse go mo direla, ba ikokobeletsa bolaodi jwa gagwe.—Duteronome 6:4, 5; 11:13.
7 Moiseraele mongwe le mongwe o ne a bontsha go amogela bolaodi jwa ga Jehofa ka go ikokobeletsa batho ba ba neng ba tlhomilwe go mo laola. Batsadi, dikgosana, baatlhodi, baperesiti mme moragonyana kgosi, botlhe fela ba ne ba emela bolaodi jwa Modimo. Jehofa o ne a tsaya go tsuologela batho ba a ba tlhomileng go laola e le go tsuologela ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba nang le taolo ba ne ba ipaya mo kotsing ya go galefelwa ke Jehofa fa ba ne ba ka se direle batho ba gagwe ka tshiamo kana ba le makgwakgwa mo go bone. (Ekesodo 20:12; 22:28; Duteronome 1:16, 17; 17:8-20; 19:16, 17) Ka gone, matlhakore ano oomabedi a ne a na le boikarabelo jwa go tshegetsa bolaodi jwa Modimo.
8. Molao wa ga Moshe o ne o tshegetsa jang maemo a ga Jehofa a go nna boitshepo?
8 Molao o ne o tshegetsa maemo a ga Jehofa a go nna boitshepo. Lefoko “boitshepo” le tlhaga ka makgetlo a a fetang 280 mo Molaong wa ga Moshe. Molao oo o ne o thusa batho ba Modimo go farologanya se se phepa mo go se se seng phepa le se se itshekileng mo go se se sa itshekang ka go umaka dilo di ka nna 70 tse di farologaneng tse di neng di ka itshekolola Moiseraele. Melao eno e ne e bua kaga go nna phepa mo mmeleng, dijo, le go latlha leswe. Melao e e ntseng jalo e ne e ba solegela molemo tota mo botsogong. a Mme gone boikaelelo jwa yone jo bogolo e ne e le go boloka batho ba amogelwa ke Jehofa ba itlhaotse mo mekgweng e e bosula ya ditšhaba tse di bosula tse di neng di ba dikologile. Akanya ka sekai seno.
9, 10. Kgolagano ya Molao e ne e akaretsa ditaelo dife tse di malebana le tlhakanelodikobo le tsalo, mme melao eo e ne e solegela batho molemo jang?
9 Ditaelo tsa kgolagano ya Molao di ne di tlhalosa gore tlhakanelodikobo—tota le mo bathong ba ba nyalaneng—le go tsholwa ga bana di ne di dira gore motho a itshekologe ka nakwana. (Lefitiko 12:2-4; 15:16-18) Melao eo e ne e sa nyenyefatse dimpho tseno tse di phepa tse di tswang mo Modimong. (Genesise 1:28; 2:18-25) Go na le moo, melao eo e ne e tshegetsa go nna boitshepo ga ga Jehofa e bile e boloka kobamelo ya gagwe e sa leswafala. Re tla tlhokomela gore ditšhaba tse di neng di dikologile Baiseraele di ne di tle di tswakanye kobamelo le tlhakanelodikobo le meetlo ya tsalo. Bodumedi jwa Bakanana bo ne bo akaretsa boaka jwa banna le jwa basadi. Seno se ne se dira gore go nne le boitshwaro jo bo maswe thata le gore bo aname. Go farologana le seo, Molao o ne o dira gore kobamelo ya ga Jehofa e itlhaole gotlhelele mo dilong tsa tlhakanelodikobo. b Go ne go na le melemo e mengwe gape.
10 Melao eo e ne e ruta boammaaruri jwa botlhokwa. c Kana e bile, boleo jwa ga Adame bo ne jwa fetela jang go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe? A ga se ka tlhakanelodikobo le ka tsalo? (Baroma 5:12) Ee, Molao wa Modimo o ne o gakolola batho ba gagwe ka ga boleo jo bo nnang bo le teng ka dinako tsotlhe. Tota e bile rotlhe re tsholelwa mo boleong. (Pesalema 51:5) Re tlhoka go itshwarelwa maleo le go rekololwa e le gore re atamalane le Modimo wa rona yo o boitshepo.
11, 12. (a) Molao wa ga Moshe o ne o buelela molaomotheo ofe o o botlhokwa wa tshiamiso? (b) Molao oo o ne o akaretsa dilo dife tse di neng di tlhomamisa gore tshiamiso e se ka ya sokamisiwa?
11 Molao o ne o tshegetsa tshiamiso e e molemo ya ga Jehofa. Molao wa ga Moshe o ne o buelela molaomotheo wa tekatekano mo dilong tse di amanang le tshiamiso. Ke gone ka moo Molao o neng o re: “Botshelo bo tla duelelwa ka botshelo, leitlho ka leitlho, leino ka leino, seatla ka seatla, lonao ka lonao.” (Duteronome 19:21) Ka gone, mo dilong tse di amanang le bokebekwa, kotlhao e ne e tshwanetse go lekana molato. Kgang eno ya tshiamiso ya Modimo e ne e le selo sa konokono mo Molaong otlhe, mme le gompieno e sa ntse e le selo sa botlhokwa se se ka re thusang go tlhaloganya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete Jesu, jaaka fa Kgaolo 14 e tla bontsha.—1 Timotheo 2:5, 6.
12 Molao gape o ne o sireletsa gore tshiamiso e se ka ya sokamisiwa. Ka sekai, bobotlana go ne go tshwanetse ga nna le basupi ba babedi go tlhomamisa tatofatso e e rileng. Motho o ne a otlhaiwa botlhoko fa a dira maikano a maaka. (Duteronome 19:15, 18, 19) Tsietso le pipamolomo le tsone di ne di ilediwa fela thata. (Ekesodo 23:8; Duteronome 27:25) Tota le mo dilong tsa kgwebo batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go tshegetsa ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa maemo a a kwa godimo tsa tshiamiso. (Lefitiko 19:35, 36; Duteronome 23:19, 20) Ruri Molao wa ga Moshe o ne o siame e bile o ne o solegela Baiseraele molemo fela thata!
Melao e e Neng e Gatelela Kutlwelobotlhoko Le go Se Gobelele
13, 14. Molao o ne o buelela jang gore legodu le motho yo le mo utsweditseng ba se ka ba gobelelwa?
13 A Molao wa ga Moshe e ne e le ditaelo tse di gagametseng tse di se nang kutlwelobotlhoko? Le e seng! Kgosi Dafide o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse.” (Pesalema 19:7) Jaaka fa re itse, Molao o ne o buelela bopelotlhomogi le go se gobelele. O ne o dira seo jang?
14 Gompieno mo dinageng dingwe molao o bonala o repisitse letsogo e bile o amega thata ka dikebekwa go na le go amega ka batho ba ba direlwang bokebekwa. Ka sekai, magodu a ka fetsa nako a le mo kgolegelong. Mme batho ba ba utsweditsweng ba ka nna ba ntse ba amogilwe dithoto tsa bone, le fa gone ba sa ntse ba tshwanelwa ke go duela makgetho a a duelelang bonno le dijo tsa tsone dikebekwa tseno. Kwa Iseraele wa bogologolo go ne go se na dikgolegelo tse di leng teng gompieno. Go ne go na le dithulaganyo tse di gagametseng tsa go lekanyetsa bogolo jwa kotlhao. (Duteronome 25:1-3) Legodu le ne le tshwanetse go duela motho yo le mo utsweditseng. Mo godimo ga moo, legodu leo le ne le tshwanetse go duela tlhwatlhwa e nngwe gape. Tlhwatlhwa e e kana kang? Go ne go ya ka maemo. Go bonala fa baatlhodi ba ne ba neilwe tshwanelo ya go sekaseka dilo di le mmalwa, tse di jaaka gore a moleofi o a ikwatlhaya. Seno se ka re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo tuelo e legodu le neng le tshwanelwa ke go e duela e go buiwang ka yone mo go Lefitiko 6:1-7 e le nnye thata fa e bapisiwa le e e tlhalositsweng mo go Ekesodo 22:7.
15. Molao o ne o tlhomamisa jang gore go nne le kutlwelobotlhoko le tshiamiso fa motho a bolaile yo mongwe ka phoso?
15 Molao ka kutlwelobotlhoko o ne o sa itlhokomolose kgang ya gore diphoso tse dingwe ga se tsa ka boomo. Ka sekai, fa motho a ne a ka bolaya mongwe ka phoso, o ne a sa tlhoke go duelela botshelo joo ka botshelo jwa gagwe fa a ne a ka tsaya kgato e e siameng ya go tshabela kwa go mongwe wa metse ya botshabelo e e neng e phatlaletse mo Iseraele. Fa baatlhodi ba ba tshwanelegang ba sena go sekaseka kgang ya motho yoo, o ne a tshwanelwa ke go nna mo motseng oo go fitlha moperesiti yo mogolo a swa. Morago ga moo o ne a gololesegile go nna gongwe le gongwe kwa a ka ratang go nna gone. Ka gone o ne a solegelwa molemo ke kutlwelobotlhoko ya Modimo. Le fa go ntse jalo, molao ono o ne o gatelela gore botshelo jwa motho bo botlhokwa thata.—Dipalo 15:30, 31; 35:12-25.
16. Molao o ne o sireletsa ditshwanelo dingwe tsa motho jang?
16 Molao o ne o sireletsa ditshwanelo tsa motho. Ela tlhoko gore o ne o sireletsa batho ba ba kolotang jang. Molao o ne o thibela motho go tsena mo ntlong ya motho yo a mo kolotang go tsaya thoto ya gagwe go beeletsa sekoloto ka yone. Go na le moo, motho yo o kolotiwang o ne a tshwanetse go ema kwa ntle mme a letle motho yono yo o mo kolotang go tlisa se a beeletsang sekoloto ka sone kwa go ene. Ka gone monna o ne a sa tsenelelwe mo legaeng la gagwe. Fa motho yo o kolotiwang a ne a ka tsaya seaparo sa kafa ntle sa motho yo a mo kolotang, o ne a tshwanetse go se mmusetsa fa go nna bosigo, ka gonne go ne go ka direga gore motho yo o kolotang a se tlhoke gore a se ka a sitwa bosigo.—Duteronome 24:10-14.
17, 18. Baiseraele ba ne ba farologane jang le ditšhaba tse dingwe mo dilong tse di amanang le ntwa, mme ka ntlha yang?
17 Tota le ntwa e ne e beetswe ditaelo mo Molaong. Batho ba Modimo ba ne ba sa tshwanela go lwa fela ka gonne ba rata go laola kana go gapa, go na le moo, ba ne ba tshwanetse go dira jalo e le baemedi ba Modimo mo ‘Dintweng Tsa ga Jehofa.’ (Dipalo 21:14) Gantsi Baiseraele ba ne ba simolola pele ka go kgothaletsa baba gore ba ineele. Fa motse oo o ne o gana go dumalana le seo, Baiseraele ba ne ba ka o tlhasela—mme gone e le ka go dumalana le ditaelo tsa Modimo. Go farologana le masole a le mantsi go ralala hisitori, masole a Iseraele a ne a sa letlelelwe go betelela basadi kana go kgemetha batho go sa tlhokege. Ba ne ba tshwanetse go rekegela le tikologo, ba sa letlwe go kgaola ditlhare tsa maungo tsa baba. d Masole a mangwe one a ne a se na dithibelo tse di ntseng jalo.—Duteronome 20:10-15, 19, 20; 21:10-13.
18 A o kgopisiwa ke go utlwa gore kwa dinageng dingwe bananyana ba katisediwa go nna masole? Kwa Iseraele wa bogologolo go ne go se na monna ope wa dingwaga tse di kwa tlase ga 20 yo o neng a tsenngwa mo sesoleng. (Dipalo 1:2, 3) Tota le monna yo o godileng o ne a sa tsenngwe mo sesoleng fa a ikutlwa a boifa thata. Monna yo o sa tswang go nyala o ne a fetsa ngwaga otlhe a sa akarediwe mo tirong ya sesole e le gore a tle a nne le tshono ya go bona moruaboswa wa gagwe a tsholwa pele ga a dira tiro eo e e diphatsa. Molao o ne o tlhalosa gore fa monna yo o sa tswang go nyala a dira jalo o ne a tla kgona go ‘nna kwa gae, mme a itumedise mosadi wa gagwe.—Duteronome 20:5, 6, 8; 24:5.
19. Molao o ne o akaretsa dithulaganyo dife tse di neng di sireletsa basadi, bana, malapa, batlholagadi le masiela?
19 Molao gape o ne o sireletsa basadi, bana le malapa, e bile o ne o ba tlamela. O ne o laela batsadi go tlhokomela bana ba bone sentle ka metlha le gore ba ba rute ka Jehofa. (Duteronome 6:6, 7) O ne o thibela mekgwa yotlhe ya go tlhakanela dikobo le mongwe wa losika ka katlholo ya loso. (Lefitiko, kgaolo 18) Gape o ne o thibela boaka, jo gantsi bo thubang malapa e bile bo senya tshireletsego le seriti sa one. Molao o ne o tlhokomela batlholagadi le masiela mme o ne o na le ditaelo tse di gagametseng tse di thibelang gore ba se ka ba tshwarwa makgwakgwa.—Ekesodo 20:14; 22:22-24.
20, 21. (a) Ke eng fa Molao wa ga Moshe o ne o letlelela Baiseraele go nyala lefufa? (b) Ke eng fa Molao o ne o farologana le molao o Jesu a neng a o busetsa moragonyana malebana le kgang ya tlhalo?
20 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana malebana le seno, ‘Ke eng fa Molao o ne o letlelela go nyala lefufa?’ (Duteronome 21:15-17) Re tshwanetse go sekaseka melao eo go ya ka maemo a nako eo. Batho ba ba lebang Molao wa ga Moshe go ya ka kgopolo le tsela ya go tshela ya segompieno ruri ga ba ne ba o tlhaloganya sentle. (Diane 18:13) Melao e Jehofa a neng a e tlhoma bogologolo kwa Edene e ne e dira gore lenyalo e nne kgolagano e e nnelang ruri gareng ga monna a le mongwe le mosadi a le mongwe. (Genesise 2:18, 20-24) Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa Jehofa a ne a naya Baiseraele Molao, ditlwaelo tse di jaaka go nyala lefufa di ne di setse di na le makgolokgolo a dingwaga di nweleletse. Jehofa o ne a itse sentle gore ‘batho ba gagwe ba ba tlhogoethata’ ba ne ba tla palelwa ke go ikobela le e leng ditaelo tsa gagwe tsa motheo, jaaka tse di thibelang kobamelo ya ditshwantsho. (Ekesodo 32:9) Ka gone, ka botlhale o ile a tlhopha go se fetole mekgwa yotlhe ya bone e e malebana le lenyalo mo motlheng oo. Mme gone, o se lebale gore ga se Jehofa yo o neng a simolola kgang ya go nyala lefufa. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa Molao wa ga Moshe go laola kgang eno ya go nyala lefufa mo bathong ba gagwe le go thibela gore e se ka ya dirisiwa ka tsela e e sa siamang.
21 Ka tsela e e tshwanang, Molao wa ga Moshe o ne o letla monna go tlhala mosadi ka mabaka a le mmalwa a a masisi. (Duteronome 24:1-4) Jesu o ne a bitsa seno gore ke selo se Modimo a neng a letla gore batho ba gagwe ba Bajuda ba se dire ka gonne a ne “a akanyetsa dipelo tsa [bone] tse di thata.” Le fa go ntse jalo, o ne a letla seo ka nakwana fela. Jesu o ne a busetsa molao wa ga Jehofa wa kwa tshimologong malebana le lenyalo mo balateding ba gagwe.—Mathaio 19:8.
Molao O ne O Rotloetsa Lorato
22. Molao wa ga Moshe o ne o rotloetsa lorato ka ditsela dife, mme o ne o rotloetsa gore go ratiwe bomang?
22 A o ka akanya ka thulaganyo epe ya molao ya segompieno e e rotloetsang lorato? Molao wa ga Moshe o ne o rotloetsa lorato go gaisa dilo tsotlhe. Ebu, mo bukeng ya Duteronome fela, lefoko “lorato” le tlhaga ka makgetlo a a fetang 20 ka dipopego tse di farologaneng. Taelo ya bobedi e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo Molaong e ne e re: “O tshwanetse go rata motho yo mongwe jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18; Mathaio 22:37-40) Batho ba Modimo ba ne ba sa tshwanela go rata bagabone fela, mme ba ne ba tshwanetse go rata le batswakwa ba ba tshelang le bone, ba gopola gore le Baiseraele ba kile ba bo ba le batswakwa. Ba ne ba tshwanetse go rata bahumanegi le batho ba ba sotlegang, ba ba thusa ka dithoto tse ba di tlhokang gape ba tila go ba gatelela ka ntlha ya maemo a ba mo go one. Ba ne e bile ba laelwa go tshwara diphologolo tse di belesiwang ka bopelonomi le ka go di akanyetsa.—Ekesodo 23:6; Lefitiko 19:14, 33, 34; Duteronome 22:4, 10; 24:17, 18.
23. Mokwadi wa Pesalema 119 o ne a tlhotlheletsega go dira eng, mme rona re ka ikaelela go dira eng?
23 Ke setšhaba sefe se sengwe se se neng se na le melao e e ntseng jalo? Ga go gakgamatse go bo mopesalema a ile a re: “Ruri ke rata molao wa gago!” Le fa go ntse jalo, lorato loo lwa gagwe e ne e se maikutlo fela. Lo ne lwa mo tlhotlheletsa go dira sengwe, ka gonne o ne a lwela go ikobela molao oo le go tshela ka one. O ne a tswelela a re: “Ke akanyetsa kwa teng ka one letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:11, 97) Ee, ka metlha o ne a ipha nako ya go ithuta melao ya ga Jehofa. Ga go pelaelo gore fa a ntse a dira jalo, tsela e a e ratang ka yone e ne ya gola. Mme gape, tsela e a ratang Jehofa Modimo, Moneimolao ka yone le yone e ne ya oketsega. Fa o ntse o tswelela ka go ithuta molao wa Modimo, e kete le wena o ka atamalana thata le Jehofa, Moneimolao yo Mogolo le Modimo wa tshiamiso.
a Ka sekai, melao e e neng e laela gore batho ba epele mantle a bone, gore balwetse ba beelwe kwa thoko le gore motho ope yo o kgomileng setopo a tlhape, e ne e seyo mo ditšhabeng tsa metlha eo mme e simolotse go nna teng makgolokgolo a dingwaga morago ga foo.—Lefitiko 13:4-8; Dipalo 19:11-13, 17-19; Duteronome 23:13, 14.
b Le fa ditempele tsa Kanana di ne di na le diphaposi tse di neng di diretswe ditiro tsa tlhakanelodikobo, Molao wa ga Moshe one o ne o laela gore batho ba ba neng ba itshekologile ba ne ba sa tshwanela go tsena mo tempeleng. Ka gone, e re ka tlhakanelodikobo e ne e dira gore motho a itshekologe ka nakwana, go ne go se na ope yo o neng a ka dira gore tlhakanelodikobo e nne karolo ya kobamelo semolao kwa ntlong ya ga Jehofa.
c Boikaelelo jo bogolo jwa Molao wa ga Moshe e ne e le go ruta batho. Tota e bile Encyclopaedia Judaica e tlhalosa gore lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “molao,” toh·rahʹ, le kaya “thuto.”
d Molao o ne o botsa jaana ka tlhamalalo: “A o tla tlhasela setlhare sa naga jaaka e kete o tlhasela motho?” (Duteronome 20:19) Philo yo e neng e le mokanoki wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a nopola molao ono, a bolela gore Modimo o go tsaya e le “tshiamololo gore motho a galefele dilo tse di se nang molato ope ka kgalefo e a galefelang batho ka yone.”