KGAOLO 24
Ga go Na Sepe Se se Ka Dirang “Gore Modimo A se Ka a Tlhola a re Rata”
1. Ke maikutlo afe a a kgobang marapo a batho ba bantsi ba nang le one, go akaretsa le Bakeresete bangwe ba boammaaruri?
A JEHOFA MODIMO o a go rata, wena ka namana? Batho bangwe ba a dumela gore Modimo o rata batho botlhe ka kakaretso, jaaka fa Johane 3:16 e bolela. Le fa go ntse jalo, ba akanya gore: ‘Nna Modimo a ka se ka a nthata.’ Ka dinako dingwe tota le Bakeresete ba boammaaruri ba ka nna le dipelaelo tse di ntseng jalo. Monna mongwe yo o neng a kgobegile marapo o ne a re: “Ruri ga ke dumele gore Modimo o a nkgathalela.” A le wena ka dinako dingwe o a tle o nne le dipelaelo tse di ntseng jalo?
2, 3. Ke mang yo o batlang go dira gore re akanye gore Jehofa ga a re rate e bile ga a re tseye re le botlhokwa, mme re ka fenya maikutlo ao jang?
2 Satane o tlhoafaletse go dira gore re dumele gore Jehofa Modimo ga a re rate e bile ga a re tseye re le botlhokwa. Ke boammaaruri gore, gantsi Satane o raela batho ka go dirisa maikutlo a bone a go itseela kwa godimo le go ikgogomosa. (2 Bakorintha 11:3) Mme gape o itumelela go dira gore batho ba a ka ba tlhaselang motlhofo ba nne le maikutlo a go inyatsa. (Johane 7:47-49; 8:13, 44) O dira jalo segolobogolo mo ‘malatsing ano a bofelo’ a a kotsi. Gompieno batho ba le bantsi ba golela mo malapeng a a ‘se nang lorato.’ Ba bangwe gangwe le gape ba lebana le batho ba ba bogale, ba ba bogagapa le ba ba tlhogoethata. (2 Timotheo 3:1-5) Dingwaga tse dintsi tse batho bano ba di feditseng ba tshwerwe makgwakgwa, ba kgethololwa kana ba ilwa, di ka tswa di dirile gore ba akanye gore ga ba na mosola le gore ga go ope yo o ka ba ratang.
3 Fa o ikutlwa o na le maikutlo a a ntseng jalo a a kgobang marapo, gomotsega. Bontsi jwa rona nako le nako re na le go ikatlhola jalo ka tsela e e setlhogo. Mme gone se lebale gore Lefoko la Modimo le diretswe go “tlhamalatsa dilo” le go “pitikolola dilo tse di nweleletseng kwa teng thata.” (2 Timotheo 3:16; 2 Bakorintha 10:4) Baebele ya re: “Re tla itlhatswa pelo gore Modimo o a re rata. Le fa gone dipelo tsa rona di ka re bona molato ka dilo dingwe, a re gopoleng gore Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:19, 20) A re sekasekeng ditsela tse nnê tse ka tsone Dikwalo di ka re thusang go “itlhatswa pelo” gore Jehofa o a re rata.
Jehofa o go Tsaya o le Botlhokwa
4, 5. Setshwantsho sa ga Jesu sa dithaga se bontsha jang gore Jehofa o re tsaya re le botlhokwa?
4 Sa ntlha, Baebele e re ruta ka tlhamalalo gore Modimo o tsaya mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe a le botlhokwa. Ka sekai, Jesu o ile a re: “Dithaga tse pedi di rekisiwa ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase, gakere? Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e e tla welang fa fatshe Rraalona a sa itse. Tota e bile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona. Ka jalo, se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29-31) Akanya gore mafoko ao a ne a kaya eng mo bareetsing ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga.
5 Re ka ipotsa gore ke eng fa motho a ne a ka reka thaga. Ebu, mo motlheng wa ga Jesu thaga e ne e le tlhwatlhwa tlase go gaisa dinonyane tsotlhe tse di neng di rekisediwa go jewa. Ela tlhoko gore moreki o ne a ka newa dithaga di le pedi ka ledinyana la boleng jo bo kwa tlase. Mme Jesu moragonyana o ne a bolela gore fa motho a ne a ka reka ka madinyana ao a le mabedi, o ne a newa dithaga di le tlhano e seng di le nnê. O ne a newa nonyane eo ya mahala jaaka e kete ga e na boleng bope. Gongwe batho ba ne ba tsaya dinonyane tseo di se botlhokwa, mme Mmopi ene o ne a di tsaya jang? Jesu o ne a re: “Ga go na epe ya tsone [tota le yone eo ya mahala] e Modimo a e lebalang.” (Luke 12:6, 7) Jaanong re ka tswa re simolola go tlhaloganya kgang ya ga Jesu. Fa Jehofa a tsaya thaga e le nngwe e le botlhokwa jalo, ruri o tshwanetse a bo a tsaya batho ba le botlhokwa le e leng go feta! Jaaka fa Jesu a ile a bolela, Jehofa o itse sengwe le sengwe ka rona. Tota e bile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa rona!
6. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jesu o ne a sa feteletse dilo fa a ne a re meriri ya ditlhogo tsa rona e badilwe?
6 A ruri Jehofa o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa rona? Bangwe ba ka akanya gore Jesu o ne a feteletsa dilo fano. Le fa go ntse jalo, a ko o akanye ka tsholofelo ya tsogo. Jehofa o tshwanetse a bo a re itse tota gore a kgone go re bopa sesha! O re tsaya re le botlhokwa thata mo e leng gore o gopola sengwe le sengwe ka rona, go akaretsa le dipopego tsa dijini tsa rona le tshedimosetso yotlhe ya dilo tse re di gakologelwang le tse di re diragaletseng mo dingwageng tse di fetileng. a Go bala meriri ya rona—e e ka nnang 100 000 mo tlhogong e e tlwaelegileng—ke selo se sennye fa go bapisiwa le kgang eno.
Jehofa o Bona Eng mo go Rona?
7, 8. (a) Dingwe tsa dinonofo tse Jehofa a itumelelang go di bona fa a ntse a tlhatlhoba dipelo tsa batho ke dife? (b) Dingwe tsa ditiro tse re di dirang tse Jehofa a di anaanelang ke dife?
7 Sa bobedi, Baebele e re bolelela dilo tse di molemo tse Jehofa a di bonang mo batlhankeng ba gagwe. Tota re ka re, o itumelela dinonofo tsa rona tse di molemo le maiteko a rona. Kgosi Dafide o ne a raya morwawe e bong Solomone a re: “Jehofa o tlhatlhoba dipelo tsotlhe, e bile o lemoga dikakanyo le dikeletso tsotlhe.” (1 Ditiragalo 28:9) Fa Modimo a ntse a tlhatlhoba dipelo tsa dimilione di le diketekete tsa batho mo lefatsheng leno le le tletseng dikgoka le letlhoo, ruri o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona pelo e e ratang kagiso, boammaaruri le tshiamo! Go direga eng fa Modimo a bona pelo e e mo ratang, e e batlang go ithuta ka ene le go abela ba bangwe kitso eo? Jehofa o re bolelela gore o tsaya tsia batho ba ba bolelelang ba bangwe ka ene. E bile o na le “buka ya kgakologelo” ya botlhe “ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” (Malaki 3:16) O tsaya dinonofo tse di ntseng jalo di le botlhokwa thata.
8 Dingwe tsa ditiro tse Jehofa a di anaanelang ke dife? O anaanela maiteko a rona a go etsa Morwawe, Jesu Keresete. (1 Petere 2:21) Tiro e nngwe e e botlhokwa e Modimo a e anaanelang ke ya go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. Mo go Baroma 10:15 re bala jaana: “Ruri dinao tsa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka di dintle!” Re ka nna ra bo re sa akanye gore dinao tsa rona di dintle. Le fa go ntse jalo, fano di tshwantshetsa maiteko a go rera dikgang tse di molemo a a dirwang ke batlhanka ba ga Jehofa. O tsaya maiteko ao otlhe a le mantle e bile a le botlhokwa.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
9, 10. (a) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o anaanela boitshoko jwa rona fa re lebane le diteko tsa mefutafuta? (b) Jehofa ga a ke a nna le maikutlo afe a a kgobang marapo ka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang?
9 Jehofa o anaanela le boitshoko jwa rona. (Mathaio 24:13) Se lebale gore Satane o batla gore o fularele Jehofa. Letsatsi lengwe le lengwe le o le fetsang o ikanyega mo go Jehofa ka lone, o a bo o mo thusitse go araba dikgobo tsa ga Satane. (Diane 27:11) Ka dinako tse dingwe go itshoka ga se kgetsi e potlana. Go lwala, mathata a tsa madi, go ngomoga maikutlo le dikgoreletsi tse dingwe di ka dira gore letsatsi lengwe le lengwe le nne bokete. Fa dilo tse re di solofetseng di sa diragale ka nako e re di solofetseng ka yone, seno le sone se ka kgoba marapo. (Diane 13:12) Jehofa o anaanela boitshoko jwa rona thata fa re lebane le dikgwetlho tse di ntseng jalo. Ke gone ka moo Kgosi Dafide a ileng a kopa Jehofa gore a boloke dikeledi tsa gagwe mo “modutwaneng,” a bo a oketsa jaana a se na pelaelo: “O kwadile matshwenyego a me mo bukeng ya gago.” (Pesalema 56:8) Ee, Jehofa o anaanela dikeledi tsotlhe tsa rona le go boga go re go itshokelang fa re ntse re ikanyega mo go ene e bile ga a di lebale. O di tsaya di le botlhokwa fela thata.
Jehofa o anaanela boitshoko jwa rona fa re lebane le diteko
10 Pelo e e inyatsang e ka nna ya gana go dumela bosupi jono jwa gore Modimo o re tsaya re le botlhokwa. E ka nna ya nnela go sebaseba jaana e sa kgaotse: ‘Mme gone go na le batho ba le bantsi ba ba tlhomang sekao go mpheta. Ruri ke tshwanetse ka bo ke swabisa Jehofa tota fa a mpapisa le bone!’ Jehofa ga a bapise batho; e bile ga a setlhogo kana makgwakgwa mo tseleng ya gagwe ya go akanya. (Bagalatia 6:4) O tlhatlhoba dipelo tsa rona ka kelotlhoko e kgolo mme o anaanela molemo ope fela o re nang le one—tota le fa o ka tswa o le monnye thata.
Jehofa o Fefera Molemo mo Bosuleng
11. Re ka ithuta eng ka Jehofa go tswa mo tseleng e a ileng a dirisana le kgang ya ga Abija ka yone?
11 Sa boraro, fa Jehofa a ntse a re tlhatlhoba, o fefera ka kelotlhoko, a senka se se molemo mo go rona. Ka sekai, fa Jehofa a ne a laela gore losika lotlhe lwa segosi lwa batlhanogi lwa ga Kgosi Jeroboame lo bolawe, O ne a laela gore Abija, mongwe wa barwa ba kgosi eno, a fitlhwe ka phitlho e e tlotlegang. Ka ntlha yang? ‘Jehofa, Modimo wa Iseraele o ne a fitlhela sengwe se se molemo mo go ene.’ (1 Dikgosi 14:1, 10-13) Totatota Jehofa o ne a fefera pelo ya lekawana leo mme a fitlhela “sengwe se se molemo” mo go yone. Le fa molemo oo o ka tswa o ne o le monnye go le kana kang, Jehofa o ne a bona go tshwanela gore o umakwe mo Lefokong la gagwe. O ile a ba a mo duelela one, a bontsha motho yono wa lelapa la batlhanogi kutlwelobotlhoko ka selekanyo se se rileng.
12, 13. (a) Kgang ya ga Kgosi Jehoshafate e bontsha jang gore Jehofa o leba dilo tse di molemo mo go rona tota le fa re leofa? (b) Jehofa o itshwara jang jaaka Motsadi yo o lorato malebana le ditiro tsa rona le dinonofo tsa rona tse di molemo?
12 Sekai se se molemo le go feta seo ke sa ga Kgosi Jehoshafate yo o molemo. Fa kgosi eno e ne e dira boeleele, moporofeti wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Jehofa o go galefetse ka ntlha ya seno.” A kgang e e masisi ruri! Mme gone, molaetsa wa ga Jehofa o ne wa se ka wa felela foo. O ne wa tswelela jaana: “Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena.” (2 Ditiragalo 19:1-3) Ka jalo le fa Jehofa a ne a galefetse Jehoshafate ka tsela e e siameng, o ne a sa ntse a kgona go bona molemo mo go ene. A bo a farologana thata jang ne le batho ba ba sa itekanelang! Fa re galefisitswe ke batho ba bangwe, re ka nna ra se ka ra bona molemo ope mo go bone. Mme fa re dirile boleo, go swaba, go tlhajwa ke ditlhong, le go ipona molato, go ka dira gore re se bone sepe se se molemo mo go rona. Le fa go ntse jalo, se lebale gore fa re ikwatlhaela maleo a rona mme re lwa ka natla gore re se a boeletse, Jehofa o a re itshwarela.
13 Fa Jehofa a ntse a go fefera, o okola maleo a a ntseng jalo mo go wena fela jaaka moepi wa gouta a tle a okole moshawa o o se nang mosola. Go tweng ka dinonofo le ditiro tsa gago tse di molemo? Ee, tseo ke “dikgwethe tsa gauta” tse a ipolokelang tsone! A o kile wa ela tlhoko kafa batsadi ba ba lorato ba anaanelang ditshwantsho tse bana ba bone ba di takileng ka teng kana diporojeke tsa sekolo, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka masomesome a dingwaga bana ba setse ba di lebetse? Jehofa ke Motsadi yo o lorato go gaisa botlhe. Fa fela re nna re ikanyega mo go ene le ka motlha ga a lebale ditiro tsa rona le dinonofo tsa rona tse di molemo. Tota e bile, o ne a tla tsaya go di lebala e le tshiamololo, mme le ka motlha ga a ke a nna tshiamololo. (Bahebera 6:10) O re fefera ka tsela e nngwe gape.
14, 15. (a) Ke eng fa bosaitekanelang jwa rona le ka motlha bo sa dire gore Jehofa a tlhokomologe molemo o o mo go rona? Tshwantsha. (b) Jehofa o tla dira eng ka dilo tse di molemo tse a di bonang mo go rona, mme o leba batho ba gagwe ba ba ikanyegang jang?
14 Jehofa o leba ka kwa ga bosaitekanelang jwa rona a bo a bone bokgoni jwa rona. Re ka tshwantsha jaana: Batho ba ba ratang botaki ba ka dira sotlhe se ba ka se kgonang go mametlelela setshwantsho se se senyegileng kana dilo tse dingwe tse di takilweng. Ka sekai, fa motho mongwe a sena go phamphamolola ka tlhobolo setshwantsho se se jang diranta di ka nna dimilione di le 340 sa ga Leonardo da Vinci, kwa National Gallery kwa Lontone, Engelane, ga go ope yo o neng a akantsha gore setshwantsho seo se latlhwe ka jaanong se senyegile. Tiro ya go baakanya setshwantsho seo sa dingwaga tse di batlang di tshwara 500 e ne ya simolola ka yone nako eo. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ba ratang botaki ba ne ba se tsaya se le botlhokwa thata. A ga o botlhokwa thata go feta setshwantsho seo se se takilweng ka tšhoko le legala? Ruri Modimo o go tsaya o le botlhokwa thata—le fa o ka tswa o sentswe go le kana kang ke bosaitekanelang jo o tsetsweng ka jone. (Pesalema 72:12-14) Jehofa Modimo, Mmopi yo o setswerere wa batho, o tla dira sotlhe se se tlhokegang go dira gore batho botlhe ba ba tsibogelang lorato lwa gagwe ba boe ba itekanele gape.—Ditiro 3:21; Baroma 8:20-22.
15 Ee, Jehofa o bona dilo tse di molemo mo go rona tse re ka tswang re sa di bone. Mme fa re ntse re mo direla, o tla dira gore molemo oo o gole go fitlha kgabagare re nna batho ba ba itekanetseng. Jehofa o anaanela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, o ba tsaya ba le tlhwatlhwakgolo, le fa gone lefatshe la ga Satane le ka tswa le ile la re tshwara ka tsela efe.—Hagai 2:7.
Jehofa o re Bontsha Lorato Lwa Gagwe
16. Ke tsela efe e kgolo go gaisa tsotlhe e Jehofa a bontshitseng ka yone gore o a re rata, mme re itse jang gore mpho eo e abetswe mongwe le mongwe wa rona?
16 Sa bonê, Jehofa o dira go le gontsi go re bontsha gore o a re rata. Ruri setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete ke tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go araba maaka a ga Satane a gore ga re na mosola e bile ga go na ope yo o ka re ratang. Le ka motlha re se ka ra lebala gore loso lo lo botlhoko lwa ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso le kutlobotlhoko e kgolo go gaisa eo e Jehofa a ileng a e itshokela fa a ntse a lebile Morwawe yo a mo ratang a swa, ke bosupi jwa gore ba a re rata. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go dumela gore mpho eno e abetswe bone ka namana. Ba akanya gore ga e ba tshwanele. Mme gone, se lebale gore moaposetoloi Paulo e ne e kile ya bo e le mmogisi wa balatedi ba ga Keresete. Le fa go ntse jalo, o ne a kwala jaana: ‘Morwa Modimo, o ne a nthata a bo a nketshetsa setlhabelo ka botshelo jwa gagwe.’—Bagalatia 1:13; 2:20.
17. Jehofa o dirisa eng go re gogela kwa go ene le kwa go Morwawe?
17 Jehofa o bontsha gore o a re rata ka go thusa mongwe le mongwe wa rona go solegelwa molemo ka botlalo ke melemo ya setlhabelo sa ga Keresete. Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Ee, Jehofa ka boene o re gogela kwa go Morwawe e bile o re naya tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Jang? Ka tiro ya go rera, o ile a tlhomamisa gore re ithuta dikgang tse di molemo e bile Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go tlhaloganya Baebele le go dirisa se e se buang le fa gone re sa itekanela. Ka gone, Jehofa a ka bua ka rona jaana jaaka a ile a bua ka Iseraele: “Ke go ratile ka lorato lo lo nnelang ruri. Ke gone ka moo ke neng ka go gogela kwa go nna ka lorato lo lo sa kgaotseng.”—Jeremia 31:3.
18, 19. (a) Ke tsela efe e e lorato go gaisa tsotlhe e Jehofa a re bontshang lorato ka yone, mme ke eng se se bontshang gore o dira boikarabelo joo ka boene? (b) Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jang gore Jehofa ke moreetsi yo o kutlwelobotlhoko?
18 Gongwe tsela e e di gaisang tsotlhe e re ikutlwang re ratwa thata ke Jehofa ka yone ke tshiamelo ya thapelo. Baebele e laletsa mongwe le mongwe wa rona go ‘rapela Modimo re sa kgaotse.’ (1 Bathesalonika 5:17) O a reetsa. Tota e bile o bidiwa “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Ga a abela ope go mo direla maikarabelo ano, le fa e le Morwawe tota. A ko o akanye fela: Mmopi wa lobopo o re kgothaletsa gore re mo atamele ka thapelo, re bue le ene ka kgololesego. Mme ke moreetsi yo o ntseng jang? A ke yo o se nang maikutlo, yo o sa amegeng, yo o sa kgathaleng? Le e seng.
19 Jehofa o kutlwelobotlhoko. Kutlwelobotlhoko ke eng? Mokeresete mongwe yo o ikanyegang yo o godileng o kile a re: “Kutlwelobotlhoko ke fa nna ke utlwisiwa botlhoko ke kutlobotlhoko ya gago.” A ruri Jehofa o angwa ke botlhoko jo re bo utlwang? Re bala jaana malebana le go boga ga batho ba gagwe ba Iseraele: “Ka dinako tsa fa ba le mo matshwenyegong, le ene o ne a tshwenyega.” (Isaia 63:9) Ga se fela gore Jehofa o ne a bona matshwenyego a bone; o ne a ba utlwela botlhoko. Tsela e Jehofa a amegang ka yone e lemotshega mo mafokong ano a gagwe ka boene a a neng a a raya batlhanka ba gagwe: “Ope fela yo o lo kgomang, o kgoma thaka ya leitlho la me.” b (Sekarea 2:8) A bo seo e le selo se se botlhoko thata jang ne! Ee, Jehofa o re utlwela botlhoko. O utlwa botlhoko jo re bo utlwang.
20. Ke tsela efe ya go akanya e e seng tekatekano e re tshwanetseng go e tila fa e le gore re batla go ikobela kgakololo e e mo go Baroma 12:3?
20 Ga go na Mokeresete ope yo o tekatekano yo o ka dirisang bosupi joo jwa lorato le kamego ya Modimo e le seipato sa go nna boikgogomoso kana go itseela kwa godimo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo jo Modimo a bo mpontshitseng, ke rotloetsa mongwe le mongwe wa lona gore a se ka a akanya gore o botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, a mongwe le mongwe a akanye sentle mme a itebe ka tsela e e tshwanetseng go ya ka selekanyo sa tumelo e Modimo a mo neileng yone.” (Baroma 12:3) Thanolo e nngwe e ranola mafoko ano jaana: “Ke rata go raya mongwe le mongwe wa lona gore a se ka a itseela kwa godimo go feta kafa a leng ka teng, go na le moo ka tekatekano a ipeye mo maemong a a mo tshwanetseng.” (A Translation in the Language of the People, ka Charles B. Williams) Ka jalo fa re ntse re itumelela lorato lo logolo lo Rraarona yo o kwa legodimong a re abelang lone, a re nneng tekatekano mo mogopolong mme re se lebale gore Modimo ga a re bontshe lorato ka gonne re lo bereketse kana ka go bo lo re tshwanela.—Luke 17:10.
21. Ke maaka afe a ga Satane a re tshwanetseng go tswelela re gana go a dumela, mme ke eng se Jehofa a re tlhomamisetsang sone se re tshwanetseng go se dumela?
21 A mongwe le mongwe wa rona a dire sotlhe se a ka se kgonang go gana go ineelela maaka a ga Satane, go akaretsa le a gore ga re na mosola kgotsa ga go ope yo o ka re ratang. Fa dilo tse di go diragaletseng mo botshelong di go dirile gore o akanye gore o motho yo e leng bothata fela yo le Modimo tota a ka se kang a mo rata ka lorato lwa gagwe lo logolo, kana gore ditiro tsa gago tse di molemo ga se tsa sepe mo tota le matlho a gagwe a ka se kang a di tsaya tsia, kana gore maleo a gago a magolo jaana mo tota le loso lwa Morwawe yo o rategang lo ka se kang lwa a bipa, itse fa seo e se boammaaruri. Gana go dumela maaka ao ka pelo ya gago yotlhe! A re tsweleleng pele re tlhomamisetsa dipelo tsa rona ka boammaaruri jo bo tlhalosiwang mo mafokong ano a a tlhotlheleditsweng a ga Paulo: “Ke tlhatswegile pelo gore loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse di leng teng gone jaanong kgotsa dilo tse di tla tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa sepe fela se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go dira gore Modimo a se ka a tlhola a re rata ka lorato lo a re bontshitseng lone a dirisa Keresete Jesu Morena wa rona.”—Baroma 8:38, 39.
a Gangwe le gape Baebele e amanya tsholofelo ya tsogo le go gakologelwa ga ga Jehofa. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a raya Jehofa a re: “E kete o ne o ka . . . mpeela nako mme wa nkgakologelwa!” (Jobe 14:13) Jesu o ile a bua ka tsogo ya “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo.” Seno se ne se tshwanela ka gonne Jehofa o gakologelwa sentle baswi ba a ikaeletseng go ba tsosa.—Johane 5:28, 29; ntlh.
b Dithanolo dingwe di ranola mafoko ano ka tsela ya gore motho yo o amang batho ba Modimo o ama leitlho la gagwe ene ka boene kana o ama leitlho la Iseraele, e seng la Modimo. Phoso eno e ne ya simololwa ke bakwadi bangwe ba ba neng ba tsaya gore mafoko ano ga a bontshe tlotlo mme ka jalo ba ne ba a fetola. Boiteko jwa bone jo bo phoso bo ne jwa fitlha tsela e kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e leng kgolo ka yone.