Potso 2
O ka Ithuta ka Modimo Jang?
“Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.”
“Ba tswelela ba balela buka kwa godimo, molao wa Modimo wa boammaaruri, o tlhalosiwa ka botlalo, gape o dirwa gore o nne le bokao; mme ba tswelela ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.”
“Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi . . . , mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”
“Filipo a taboga go bapa le yone mme a mo utlwa a balela moporofeti Isaia kwa godimo, mme a re: ‘A tota o itse se o se balang?’ A re: ‘Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?’”
“Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato.”
“Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”
“A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.”
“Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.”