Ke Direng fa Lelapa la Gaetsho le Humanegile?
Kgaolo 20
Ke Direng fa Lelapa la Gaetsho le Humanegile?
Mosha mongwe wa kwa Yuropa Botlhaba yo o bidiwang Gregory, ga a na madi a go reka diaparo kgotsa dilwana tsa ileketeroniki tse basha bangwe ba dinaga tse di humileng ba nang le tsone. Maemo ano a mmetisa pelo jaana mo a tlogang a fudugela kwa Austria. A o akanya gore Gregory o humanegile?
□ □ Nnyaa
Dikilometara di le dintsintsi go tswa koo, go na le mosha mongwe yo o bidiwang Loyiso, yo o nnang kwa motsaneng mongwe mo borwa jwa Afrika. E re ka Loyiso le ba lelapa la gagwe ba nna mo ntlong ya mmu le bojang, o tswela pelo basha ba toropo e e fa gaufi ba ba nnang mo “manobonobong”—ba ba nnang mo matlong a a nang le dithepe tsa metsi le motlakase. A o akanya gore Loyiso o humanegile?
□ □ Nnyaa
GA GO pelaelo gore go humanega go tsewa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo dinageng tse di farologaneng. Ka sekai, Gregory a ka tswa a itsaya a humanegile mme fa o mmapisa le Loyiso, o nna mo manobonobong. O tshwanetse wa namediwa pelo ke go itse gore le fa o ka tswa o humanegile go le kana kang, go na le bangwe ba ba humanegileng go go feta. Le fa go ntse jalo, seo se ka nna sa se ka sa go gomotsa go le kalo fa o se na diaparo tsa sekolo kgotsa lo se na dilo tsa botlhokwa tse di jaaka dithepe tsa metsi.
Basha ba bangwe ba ba golelang mo khumanegong ba itseela kwa tlase le go inyatsa, mme ba leka go itebatsa maemo a Diane 23:32) Mosetsana mongwe wa Afrika Borwa yo o bidiwang Maria yo o tswang mo lelapeng le le humanegileng la motsadi a le esi a re: “Go leka go itebatsa seemo ka tsela eo go gakatsa mathata le go feta.”
bone ka go nwa bojalwa kgotsa go dirisa diokobatsi. Mme go dira jalo go gakatsa dilo fela. Ba ba nwang bojalwa bobe ba lemoga gore ‘bo loma jaaka noga, e bile bo ntsha botlhole fela jaaka noga e e nang le botlhole.’ (O ka nna wa se ka wa itebatsa mathata ka bojalwa le diokobatsi, mme o ka tswa o se na tsholofelo epe fela ya gore botshelo jwa gago bo tla tsamaya bo tokafala. O ka dira eng? Kgakololo e e molemo ya Baebele e ka tshwana le selotlolo se se bulang dikeetane tsa go itlhoboga mme e go neye tsholofelo. Mma re bone gore e ka go thusa jang.
Lebogela Dilo Tse o Nang le Tsone
Selo sa botlhokwa se o ka se dirang ke go tlhoma mogopolo mo dilong tse o nang le tsone e seng mo go tse o di tlhokang. Dilo tse di jaaka go nna le legae le lelapa le le go ratang ke tsone tse di botlhokwa thata go feta go nna le madi! Seane sa Baebele sa re: “Go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng go na le poo e e fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa mme go na le letlhoo.” (Diane 15:17) Basha ba Bakeresete ba na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo—kemonokeng ya “bakaulengwe botlhe.”—1 Petere 2:17.
Gongwe gape o ka nna wa leka go leba dithoto tse o nang le tsone ka tsela e e siameng. Ke boammaaruri gore, o ka tswa o nna mo ntlong ya maemo a a kwa tlase. O ka tswa o apara diaparo tsa bogologolo tse di onetseng le tse di kabilweng ka dibata. Mme o ka tswa o lapisitswe ke go ja dijo di le dingwe fela letsatsi le letsatsi. Mme gone, a o tlhoka ntlo ya manobonobo le Bafilipi 4:12) O ne a ithuta eng mo go seo? “Fa re na le dijo le diaparo re kgotsofale.”—1 Timotheo 6:8, Today’s English Version.
diaparo tsa maemo gore o itumedise Modimo? A o tlhoka dijo tsa maemo gore o kgone go tswelela o tshela e bile o itekanetse mo mmeleng? Nnyaa. Moaposetoloi Paulo o ne a ithuta thuto ya botlhokwa ka kgang eno. O kile a tshela botshelo jwa khumo le jwa khumanego. (Eldred wa Afrika Borwa yo o goletseng mo lelapeng le le humanegileng a re: “Re ne re amogetse gore lelapa la rona ga le na madi le gore ga re ka ke ra nna le sengwe le sengwe se re se batlang.” Eldred o gakologelwa nako nngwe fa a ne a onaletswe ke borukgwe mme mmaagwe a nna a bo kaba ka dibata gangwe le gape! A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go itshokela go tshegwa. Mme selo sa botlhokwa ke gore diaparo tsa rona di ne di nna di le phepa.”
Ithute go Itlotla
James wa dingwaga di le 11 o ne a nna le mmaagwe le kgaitsadie mo mekhukhung gaufi le toropo ya Gauteng mo Afrika Borwa. Ba ne ba le kobodimagetleng. Le fa go ntse jalo, James o ne a na le dilo dingwe tsa botlhokwa—nako le maatla—tse a neng a itumelela go di dirisetsa go thusa ba bangwe.
Mafelobeke mangwe le mangwe, o ne a ithaopela go thusa go aga Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa. O ne a sa dire tiro eno fela go tsamaisa nako, go na le moo, e ne e dira gore a ikutlwe a dirile sengwe sa botlhokwa e bile a itlotla. A re: “Morago ga go fetsa letsatsi lotlhe ke aga holo ke ne ke ikutlwa ke kgotsofetse!”Tiro e nngwe e e botlhokwa ke ya go tsamaya ka ntlo le ntlo o ruta batho Baebele. (Mathaio 24:14) Basha ba Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eno ka metlha. Tiro eno e ba e dirang e naya ba bangwe tsholofelo ya gore mo isagweng go tla nna le botshelo jo bo botoka, mme gape e dira gore ba itlotle le go ikutlwa ba na le seriti. Ke boammaaruri gore ga ba duelelwe go dira tiro eno. Mme gopola molaetsa o Jesu a neng a o bolelela Bakeresete ba phuthego ya bogologolo ya Semerena. Ba ne ba humanegile tota. Mme e re ka ba ne ba rata Modimo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ke itse pitlagano ya gago le lehuma—mme o humile.” Moragonyana ba ne ba tla huma thata, ba amogela serwalo sa botshelo jwa bo sa sweng ka go bo ba ne ba dumela mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng.—Tshenolo 2:9, 10.
Nna le Tsholofelo
O ka kgona go nna le kamano e e molemo le Jehofa o humile kgotsa o humanegile. Baebele ya re: “Mohumi le mohumanegi ba kopane. Modiri wa bone botlhe ke Jehofa.” (Diane 22:2) Seo se thusitse basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa gore ba itshokele khumanego. Ba a itse gore boitumelo ga bo a ikaega ka dithoto, mme bo ikaegile ka go nna tsala ya ga Jehofa Modimo yo o amogelang batho botlhe ba ba batlang go mo direla. Modimo o re solofetsa botshelo jo bo se nang khumanego mo lefatsheng le lesha le le tlang.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.
Fa o sa ntse o letile nako eo, somarela dilo tse o nang le tsone. Nna le tsholofelo. Ikokoanyetse matlotlo a semoya. (Mathaio 6:19-21) Tsaya khumanego e le kgwetlho e o ka kgonang go e itshokela!
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.
KAKANTSHO
Tila go betšha, go goga motsoko le go nwa bojalwa bobe. Fa bangwe mo lelapeng la gaeno ba na le mekgwa eno, ba tlhomele sekao ka boitshwaro jwa gago jo bontle.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Le fa o ka tswa o le mo maemong afe, go dirisa melaometheo ya Baebele go ka go thusa go ithuta go kgotsofala.—Bafilipi 4:12, 13; 1 Timotheo 6:8; Bahebera 13:5.
SE KE SE IKAELETSENG!
Dilo tse ke nang le tsone ke ․․․․․
Ke tla dirisa dilo tseno go thusa ba bangwe ka go ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa go humanega go tsewa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo dinageng tse di farologaneng?
● Ke eng fa go sa thuse go leka go itebatsa mathata ka diokobatsi, bojalwa kgotsa dilo tse dingwe?
● Ke dikgato dife tse di molemo tse o ka di tsayang go itshokela khumanego?
[Mafoko a a mo go tsebe 168]
“Le fa ke ne ke bona go se tsela ya go tshabela khumanego e ke neng ke le mo go yone, ke ne ke itse gore go ikamanya le digongwana le go utswa ga go ka ke ga nthusa ka sepe. Gompieno bontsi jwa balekane ba me ba ba neng ba dira dilo tseo ba ne ba tlogela sekolo mme jaanong ke makgoba a bojalwa le diokobatsi kgotsa ba kwa kgolegelong.”—George
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 164]
A ke Fudugele Kwa Nageng e Sele?
Basha bangwe ba batla go fudugela kwa dinageng di sele gore ba kgone go bona madi a go itlamela kgotsa a go tlamela ba malapa a bone. Bangwe ba fudugela teng go ya go ithuta puo e sele, go oketsa dithuto kgotsa go tshabela mathata a kwa lapeng. Basha bangwe ba Bakeresete ba fudugetse kwa dinageng tse go tlhokegang bareri kwa go tsone. Go fudugela kwa nageng e sele ke kgang e e masisi mme ga e a tshwanela go tlhaediwa matlho. Ka jalo, fa e le gore o akanyetsa go fuduga, bala o bo o tlhatlhanye ka ditemana tse di kwadilweng fa tlase. Ipotse dipotso tseno mme o kwale dikarabo tsa tsone. Go tswa foo, kopa thuso ka thapelo gore o dire tshwetso e e siameng.
□ Melao ya teng e tla go tlhoka dilo dife?—Baroma 13:1.
□ Go fuduga go tla go tlhoka madi a a kana kang? —Luke 14:28.
□ Ke eng se ke se dirang gone jaanong se se bontshang gore nka kgona go itlhokomela fa ke nna koo?—Diane 13:4.
□ Ke kgakololo efe e ke e boneng mo bathong ba ba godileng ba ba kileng ba nna kwa nageng e sele?—Diane 1:5.
□ Batsadi ba me ba reng ka kgang eno?—Diane 23:22.
□ Ke eng fa ke batla go fuduga?—Bagalatia 6:7, 8.
□ Fa e le gore ke ile go nna le batho ba bangwe, a ba tla nthusa go nna ke nonofile semoyeng?—Diane 13:20.
□ Ke dikotsi dife tse di ka nnang tsa ntlhagela mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng? —Diane 5:3, 4; 27:12; 1 Timotheo 6:9, 10.
□ Go fuduga go tla ntsholegela molemo jang? —Diane 14:15.
[Setshwantsho mo go tsebe 167]
Kgakololo ya Baebele e ka tshwana le selotlolo se se bulang dikeetane tsa go itlhoboga