Privacy Settings

To provide you with the best possible experience, we use cookies and similar technologies. Some cookies are necessary to make our website work and cannot be refused. You can accept or decline the use of additional cookies, which we use only to improve your experience. None of this data will ever be sold or used for marketing. To learn more, read the Global Policy on Use of Cookies and Similar Technologies. You can customize your settings at any time by going to Privacy Settings.

Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Moshulame

Sekao se se Molemo—Moshulame

Sekao se se Molemo—Moshulame

Lekgarebe la Moshulame le a itse gore ga le a tshwanela go itetla go laolwa ke maikutlo a lorato. O raya balekane ba gagwe a re: “Ke lo ikanisitse . . . gore lo se ka lwa leka go tsosa lorato mo go nna kgotsa go lo kurusa go fitlha lone lo tsoga.” Moshulame o a itse gore maikutlo a ka fekeetsa tsela ya motho ya go akanya. Ka sekai, o lemoga gore ba bangwe ba ka mo gatelela gore a ratane le mongwe yo o sa mo tshwaneleng. Tota le maikutlo a gagwe a ka mo fifatsa tlhaloganyo. Ka jalo, Moshulame o nna jaaka “lobota.”—Sefela sa Difela 8:4, 10.

A o tsaya kgang ya lorato masisi fela jaaka Moshulame? A o ka itetla go kaelwa ke mogopolo wa gago e seng ke maikutlo fela? (Diane 2:10, 11) Ka dinako dingwe batho ba bangwe ba ka leka go go gatelela gore o ratane o ise o go siamele. Le wena ka bowena o ka ipaya mo kgatelelong eo. Ka sekai, fa o bona mosimane le mosetsana ba tsamaya mmogo ba tshwarane ka diatla, a o gakalela gore le wena o nne le mongwe yo o ka ratanang le ene? A o ka dumela go ratana le mongwe yo e seng wa bodumedi jwa gago? Mosetsana wa Moshulame o ne a tsaya kgang ya lorato masisi. Le wena o ka dira jalo!