Ke Direng Fa ke Sa Rate Tsela e ke Lebegang ka Yone?
Kgaolo 7
Ke Direng Fa ke Sa Rate Tsela e ke Lebegang ka Yone?
A gantsi o tlhabisiwa ditlhong ke tsela e o lebegang ka yone?
□ Ee □ Nnyaa
A o kile wa akanyetsa go dira karo ya go baakanya tsela e o lebegang ka yone kgotsa go tsenela thulaganyo nngwe e e gagametseng ya go iphokotsa mmele go baakanya sengwe se o sa se rateng ka mmele wa gago?
□ Ee □ Nnyaa
Fa o ne o ka kgona, o ne o ka rata go fetola eng mo mmeleng wa gago? (Tshwaya tse di go amang.)
Boleele
Popego ya mmele
Mmala wa letlalo
Boima jwa mmele
Moriri
Lentswe
FA O arabile dipotso tsa ntlha tse pedi ka ee mme o tshwaile dikarolo di le tharo kgotsa go feta mo potsong ya boraro, leba dilo ka tsela e sele: Go ka direga gore batho ba bangwe ga ba go bone o le maswe ka tsela e o itsayang ka yone. Go motlhofo go feteletsa dilo le go tshwenyega thata ka tsela e o lebegang ka yone. Tota e bile patlisiso nngwe e senola gore gantsi makgarebe a tshaba go nona go gaisa go tshaba ntwa ya nuklea, kankere kgotsa le e leng go swelwa ke batsadi!
Ga go pelaelo gore tsela e o lebegang ka yone e ka ama tsela e o itebang ka yone—le kafa ba bangwe ba go tshwarang ka gone. Maritza wa dingwaga di le 19 a re: “Fa ke ne ke gola bonkgonne ba babedi ba ne ba le bantle tota mme nna ke ne ke le mokimanyana. Ke ne ke sotlwa tota kwa sekolong. Mo godimo ga moo, mmangwane o ne a mpitsa Kgolokwe, e leng leina la ntšanyana ya gagwe e e neng e le kima!” Julie wa dingwaga di le 16 o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. “Mosetsana mongwe kwa sekolong o ne a tlhola a sotla ka nna a re ke na le ‘meno a mmutla.’ Le fa gone e ne e se selo se se ntshwenyang go le kalo, go ne go tle go nkutlwise botlhoko mme le gone jaanong meno a me a sa ntse a ntlhabisa ditlhong!”
A ke Go Amega Kgotsa ke go Feteletsa Dilo?
Ga go phoso go amega ka tsela e o lebegang ka yone. Baebele e bua molemo ka ditebego tsa banna le basadi ba le mmalwa go akaretsa Sara, Ragele, Josefa, Dafide le Abigaile. Baebele ya re mosadi yo o bidiwang 1 Dikgosi 1:4.
Abishage o ne a le “montle mo go feteletseng.”—Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba feteletsa dilo mo tseleng e ba amegang ka yone ka ditebego tsa bone. Basetsana bangwe ba akanya gore go nna montle ke fa o le mosesane, mme bommabontle ba ba sesasesane ba ba mo dimakasineng ba dira gore go bonale e kete seo ke boammaaruri. Ba itlhokomolosa kgang ya gore ditshwantsho tseo tse di ntlentle di dirilwe gore di lebege di le dintle e bile di se na bogole bope ka khomputara le gore bommabontle bao ba tshwanelwa ke go ipolaisa tlala gore ba nne ba le basesane jalo! Le fa go ntse jalo, go ipapisa le se o se bonang mo dimakasineng go ka go hutsafatsa. Go tweng fa e le gore o na le lebaka le le utlwalang la go se itumelele tsela e o lebegang ka yone? Sa ntlha, leka go iteba ka tsela e e siameng.
A o Iteba ka Tsela e e Seng Yone?
A o kile wa iteba mo seiponeng se se sa bontsheng sentle? Seipone se se sa bontsheng sentle se ka dira gore o lebege o le mokima kgotsa o le mosesane go feta ka tsela e o leng ka yone. Le fa se ka tswa se go tlhagisa ka tsela efe, se o se bonang ga se se o leng sone.
Ka tsela e e tshwanang, basha ba le bantsi ba iteba ka tsela e e seng yone. Ka sekai: Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 58 tsa basetsana ba ne ba re ba nonne
fa tota e ne e le diperesente di le 17 fela tse di neng di nonne. Mo patlisisong e nngwe, diperesente di le 45 tsa basadi ba ba neng ba le basesane thata ba ne ba akanya gore ba bakima!Babatlisisi bangwe ba bolela gore bontsi jwa basetsana ba ba tshwenyegileng ka boima jwa bone jwa mmele ga ba na lebaka la go tshwenyega. Ke boammaaruri gore, seo se ka nna sa se ka sa go gomotsa go le kalo fa e le gore ruri o motho wa mmele o mokima. Fa go ntse jalo ka wena, seo se ka tswa se bakwa ke eng?
E ka nna ya bo e le dijini. Batho bangwe ba basesane ka tlholego. Mme fa e le gore dijini tsa gago di dirile gore o nne le mmele o mokima le mafura a mantsi mo mmeleng, tota ga o a direlwa go nna mosesane. Le fa o ka tswa o na le boima jwa mmele jo bo tsewang bo siame, o ka nna wa bonala o le mokimanyana go feta kafa o neng o ka rata ka gone. Go ikatisa le go ja dijo tse di siameng go ka thusa, le fa go ntse jalo gantsi o ka se ka wa kgona go fetola tsela e ka tlholego mmele wa gago o leng ka yone.
Selo se sengwe se se bakang seo e ka nna diphetogo tse di tlwaelegileng tsa bosha. Ka nako ya diphetogo tseo mafura a mmele wa mosetsana a oketsega ka mo e ka nnang diperesente di le 8 go ya go di le 22. Gantsi seo se a fetoga fa nako e ntse e tsamaya, mosetsana yo mokimanyana wa dingwaga di le 11 kgotsa 12 a ka boa a nna le mmele o montle morago ga diphetogo tseo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go tweng fa e le gore boima jwa mmele wa gago bo bakwa ke go sa ikatise le go se je sentle? Go tweng fa e le gore ruri o tshwanelwa ke go fokotsa mmele ka ntlha ya mabaka a botsogo?
Go Nna Tekatekano
Baebele e buelela thata go nna “tekatekano mo mekgweng.” (1 Timotheo 3:11) Ka jalo tila go tlolwa ke dijo kgotsa go feteletsa dilo mo tseleng e o jang ka yone. Gongwe tsela e e molemo ya go fokotsa mmele ke go nna le thulaganyo e e siameng ya go ja sentle le go ikatisa go se kae.
Ga o tlhoke go lekeletsa mokgwa mongwe le mongwe o o tumileng wa go iphokotsa mmele. Ka sekai, dipilisi tsa go fokotsa mmele di ka fokotsa keletso ya gago ya dijo ka nakwana; mme gone mmele wa gago o tla di tlwaela ka bonako o bo o boa gape o nna le keletso e kgolo ya dijo jaaka pele. Kgotsa lobelo lo thulaganyo e mmele wa gago o monyang dijo ka yone lo ka fokotsega mme o bo o simolola go nona—mo godimo ga moo batho bangwe ba nna le mathata mangwe a a jaaka go tsewa ke sedidi, haebolate, go nna le maikutlo a go tlhobaela, gongwe le e leng go di lemalela. Go ntse jalo le ka dipilisi tse di monyang metsi mo mmeleng kgotsa tse di akofisang thulaganyo ya mmele ya go monya dijo.
Go na le moo, go nna le thulaganyo e e siameng ya go ja le go ikatisa go se kae mme e le ka metlha go tla go thusa go lebega sentle le go ikutlwa sentle. Go dira diaerobiki go se kae ka makgetlho a le mmalwa go ka go solegela molemo thata. Sengwe se se jaaka go tsamaya o gwanta kgotsa go pagama ditepisi le sone se ka thusa.
Ikele Tlhoko mo Seraing sa Bolwetse Jwa Anorexia!
Ka ntlha ya go batla go iphokotsa mmele basha ba le bantsi ba wela mo seraing sa anorexia—bothata jo bo kotsi jwa go se je sentle jo tota go ka tweng ke go ipolaisa tlala. Morago ga dikgwedi di le nnè Masami a thusiwa go fenya bothata jono jwa anorexia, a re: “Fa batho ba mpolelela gore ke lebega sentle ke ipolelela gore, ‘e tshwanetse ya bo e le ka gonne ke nona.’ Ka nako eo ke eletsa e kete nka boela ka nna le boima jwa mmele jo ke neng ke na le jone dikgwedi di le nnè tse di fetileng!”
O ka simolola go nna le anorexia o sa lemoge. Mosetsana a ka simolola go iphokotsa mmele a dirisa mokgwa o o lebegang o se kotsi, gongwe a ikaeletse go fokotsa dikilogerama di sekaenyana fela. Le fa go ntse jalo, fa a sena go fokotsa dikilogerama tseo, o sa ntse a sa kgotsofale. “Ke sa ntse ke le mokima!” o bua jalo a itebile mo seiponeng ka go ikgalala. Go tswa foo o batla go fokotsa dikilogerama di se kae gape. A bo a batla go fokotsa tse dingwe gape. Morago o batla go fokotsa tse dingwe gape. Ke kafa anorexia e simololang ka teng.
Fa e le gore o na le matshwao a anorexia kgotsa o sa je sentle, o tshwanetse go batla thuso. Bolelela motsadi wa gago kgotsa mogolo mongwe yo o mo ikanyang ka bothata jono. Seane sa Baebele sa re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.
Bontle Jwa Mmatota ke Bofe?
Gantsi Baebele ga e tlotlomatse thata ditebego kgotsa popego ya mmele wa motho. Go na le moo, mo Modimong motho yo o ka Diane 11:20, 22.
fa teng ke ene a dirang gore motho a nne montle kgotsa a se nne montle.—Akanya ka morwa wa ga Kgosi Dafide e bong Abesalome. Baebele ya re: “Go ne go se na monna ope yo montle jalo mo Iseraele yotlhe gore a ka bakwa thata jaana. Go tloga kwa patong ya lonao lwa gagwe go ya kwa phogong ya tlhogo ya gagwe o ne a se na bogole bope.” (2 Samuele 14:25) Le fa go ntse jalo, lekawana leno le ne le tletse boferefere. Boikgogomoso le go rata maemo go ne ga mo dira gore a batle go tsaya setulo sa kgosi e Jehofa a e tlhomileng. Ka gone Baebele ga e bue molemo ka Abesalome, go na le moo, e mo tlhalosa e le motho yo o sa ikanyegeng ka tsela e e tlhabisang ditlhong le yo o nang le letlhoo le le maswe.
Selo sa botlhokwa ke gore “Jehofa o tlhatlhoba dipelo”—e seng popego ya letheka la mosetsana kgotsa dipotongwane tsa mosimane. (Diane 21:2) Le fa gone go se phoso go batla go lebega sentle, selo se se botlhokwa go feta tsela e o lebegang ka yone ke botho jwa gago. Tota dinonofo tsa gago tsa semoya ke tsone tse di tla dirang gore batho ba bangwe ba go bone o le montle, e seng dipotongwane kgotsa letheka le le sesane!
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 10
Basha ba le bantsi ba tshwenngwa ke bolwetse jo bo sa foleng kgotsa go golafala. Fa go le jalo ka wena, o ka lebana jang le bothata joo?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Motho o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.’—1 Samuele 16:7.
KAKANTSHO
Fa o leka go iphokotsa mmele . . .
● O se ka wa tlolwa ke dijo tsa mo mosong. Fa o ka dira jalo, o tla tshwarwa ke tlala mme seo se bo se dira gore o ipolaise dijo.
● Nwa metsi ka galase e kgolo pele ga dijo. Seo se tla dira gore o kgore mme sa go thusa gore o se ka wa ja dijo tse dintsi.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Baitse bangwe ba bolela gore fa o iphokotsa mmele ka go ipolaisa tlala, mmele wa gago o ka nna wa “tsibogela seo ka bonako,” mme lobelo lo thulaganyo ya mmele wa gago e monyang dijo ka lone lo ka fokotsega, seo se bo se dira gore ka bonako fela o oketsege mmele gape!
SE KE SE IKAELETSENG!
Nka tlhokomela botsogo jwa me botoka ka go ․․․․․
Thulaganyo e e ntshiametseng ya go ikatisa e ka akaretsa ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● O ikutlwa jang ka tsela e o lebegang ka yone?
● Ke dilo dife tse o ka di dirang go tokafatsa tsela e o lebegang ka yone?
● O ne o ka reng mo tsaleng ya gago e e nang le bothata jwa go se je sentle?
● O ne o ka thusa monnao jang gore a nne tekatekano mo tseleng e a lebang ditebego tsa gagwe ka yone?
[Mafoko a a mo go tsebe 69]
“Go ne ga feta lobaka lo loleele ke sotlwa gotwe ke na le matlho a matona. Ke ne ka ithuta go itshegela fela le go itshepa ka ntlha ya botho jwa me le dinonofo tse dingwe tse di molemo tse ke nang le tsone. Ke ne ka ithuta go amogela tsela e ke lebegang ka yone. Ke amogetse tsela e ke leng ka yone.”—Amber
[Setshwantsho mo go tsebe 68]
Tsela e o itebang ka yone e ka tshwana fela le go iteba mo seiponeng se se sa bontsheng sentle