Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Setse ke Siametse go Intsha le Mongwe?

A ke Setse ke Siametse go Intsha le Mongwe?

Kgaolo 1

A ke Setse ke Siametse go Intsha le Mongwe?

“Ke lebane le kgatelelo e ntsi ya gore ke intshe le mongwe. Mme gape go na le makawana a mantsi a maratagolejwa.”—Whitney.

“Basetsana bangwe ba nkopa gore ke intshe le bone, mme ke a tle ke eletse go dumela. Fa nka kopa batsadi ba me, ke a itse gore ba ka se ntetle.”—Phillip.

KELETSO ya go nna le motho yo o mo ratang—le yo le ene a go ratang—e ka nna maatla tota le fa o sa ntse o le monnye thata. Jenifer a re: “Ke simolotse go eletsa go intsha le mongwe ke le dingwaga di le 11.” Brittany a re: “Kwa sekolong o ka ikutlwa e kete ga o a felela fa go se na mongwe yo o intshang le ene—le fa e ka nna mang fela!”

Go tweng ka wena? A o setse o siametse go intsha le mongwe? Go araba potso eo, re tshwanetse ra sekaseka pele potso e nngwe e e botlhokwa:

Go “Intsha le Mongwe” ke Eng?

Tshwaya karabo ya gago mo dipotsong tse di latelang:

Ka metlha o iphokisa phefo le mongwe wa bong bo sele. A go raya gore o intsha le ene?

□ Ee

□ Nnyaa

O kgatlhegelana le mongwe wa bong bo sele. Gangwe le gape mo letsatsing, o mo romelela melaetsa ka founo ya selula kgotsa o bua le ene ka founo. A go raya gore o intsha le ene?

□ Ee

□ Nnyaa

Nako le nako fa lo na le ditsala tsa lona, wena le mongwe wa bong bo sele ka metlha lo mmogo. A go raya gore lo a intsha?

□ Ee

□ Nnyaa

O ka tswa o sa nna le bothata jwa go araba potso ya ntlha. Mme gongwe o ile wa ema go se kae pele o araba ya bobedi le ya boraro. Tota go intsha le mongwe ke eng? Go intsha le mongwe ke go itisa le mongwe yo o nang le maikutlo a lorato ka ene mme le ene a ikutlwa jalo ka wena. Ka jalo, karabo ya dipotso tse tharo tse di fa godimo ke ee. E ka ne lo bua ka founo kgotsa lo lebane difatlhego, lo bonwa ke batho kgotsa lo le mo sephiring, fa e le gore wena le tsala ya gago ya bong bo sele lo na le maikutlo a a kgethegileng a go ratana mme lo tlotla ka metlha, seo ke go intsha. A o setse o siametse go intsha? Go akanyetsa dipotso tse tharo tse di latelang go tla go thusa go bona gore a o setse o go siametse.

Ke Eng fa o Batla go Intsha le Mongwe?

Mo ditsong di le dintsi go intsha le mongwe ke mokgwa o o amogelesegang wa go dira gore batho ba babedi ba itsane botoka. Le fa go ntse jalo, go intsha le mongwe go tshwanetse ga dirwa ka maikaelelo a a siameng—go thusa lekau le lekgarebe go bona gore a ba ka siamela go nyalana.

Ke boammaaruri gore, bangwe ba balekane ba gago ba ka tswa ba sa tseye go intsha le mongwe e le kgang e e masisi. Gongwe ba itumelela fela go nna le tsala e e kgethegileng ya bong bo sele, mme ba se na maikaelelo ape a lenyalo. Bangwe ba ka tsaya go nna le tsala e e ntseng jalo ya bong bo sele e le sengwe se ba ka itlotlomatsang ka sone, kgotsa sengwe se ba se dirang fela gore ba bonwe ke batho. Mme gone, gantsi thatano e e ntseng jalo ya bogagapa e nna ya nakwana fela. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Heather a re: “Basha ba le bantsi ba ba intshang le mongwe ba feleletsa ba kgaogana le motho yoo mo sebakeng sa beke kgotsa di le pedi fela morago ga moo. Ba feleletsa ba tsaya thatano e le selo sa nakwana fela—mme ka tsela nngwe seo se ba baakanyetsa tlhalo e seng lenyalo.”

Ga go pelaelo gore fa o intsha le mongwe o ama maikutlo a motho yoo fela thata. Ka jalo, tlhomamisa gore o intsha le mongwe ka maikaelelo a a siameng. Akanya: A o ka rata gore mongwe a tshameke ka maikutlo a gago jaaka e kete ke setshamekisi se se ka tsewang ka nakwana, mme se bo se latlhwa nako nngwe le nngwe? Mosha mongwe yo o bidiwang Chelsea a re: “Nako nngwe ke na le go akanya gore go intsha le mongwe e tshwanetse ya nna selo sa go ijesa monate fela, mme gone ga go monate fa yo mongwe a go tsaya masisi mme yo mongwe ene a itshamekela fela.”

O na Le Dingwaga Tse Kae?

O akanya gore mosha o tshwanetse go simolola go intsha a na le dingwaga tse kae? ․․․․․

Jaanong botsa mongwe wa batsadi ba gago kgotsa boobabedi yone potso eno, mme o kwale karabo ya bone fano. ․․․․․

Go ka direga gore dingwaga tse o di kwadileng di kwa tlase ga tse batsadi ba gago ba di buileng. Kgotsa gongwe ga go a nna jalo! O ka tswa o le mongwe wa basha ba ka botlhale ba sa itlhaganelelang go intsha go fitlha ba godile sentle e bile ba itlhaloganya. Ke sone se Danielle wa dingwaga di le 17, a ileng a ikaelela go se dira. A re: “Fa ke akanya ka tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone dingwaga tse pedi tse di fetileng, se ke neng ke se lebeletse mo mothong yo ke neng nka rata gore e nne molekane wa me, se farologane thata le se ke se lebeletseng gone jaanong. Tota le jaanong ga ke ise ke itshepe gore nka dira tshwetso e e ntseng jalo. Fa go ka feta dingwaga di le mmalwa ke bona botho jwa me bo sa fetofetoge, ke gone nka akanyetsang go intsha le mongwe.”

Go na le lebaka le lengwe la go bo go le botlhale go leta. Baebele e dirisa mafoko a a reng “nako ya bosha,” go tlhalosa nako e ka yone maikutlo a tlhakanelodikobo le a go ratana a nnang maatla. (1 Bakorintha 7:36) Go atamalana thata le motho yo o rileng wa bong bo sele o sa ntse o le mo ‘nakong eno ya bosha,’ go ka gakatsa keletso ya tlhakanelodikobo mme ga dira gore o wele mo boitsholong jo bo sa siamang. Ke boammaaruri gore, seno se ka lebega se sa re sepe mo balekaneng ba gago. Bontsi jwa bone ba itlhaganelela go tlhakanela dikobo. Mme gone, o ka kgona go fenya mokgwa o o ntseng jalo wa go akanya! (Baroma 12:2) Tota e bile, Baebele e go rotloetsa gore o “tshabe boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.” (1 Bakorintha 6:18, New International Version) Fa o ka leta go fitlha o feta nako ya bosha, o tla kgona go ‘thiboga masetlapelo.’—Moreri 11:10.

A o Setse o Siametse go Tsena mo Lenyalong?

Gore o kgone go araba potso e e fa godimo, itshekatsheke sentle. Akanyetsa dilo tse di latelang:

Tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone. O dirisana jang le batsadi ba gago, bomonnao kgotsa bomogoloo? A gantsi o a galefa fa o dirisana le bone, o dirisa mafoko a a bogale kgotsa o ba sotla ka mafoko gore ba reetse se o se buang? Ba ka re o motho yo o ntseng jang mo kgannyeng eo? Tsela e o dirisanang le ba lelapa la gaeno ka yone e bontsha kafa o tla tshwarang molekane wa gago ka gone.—Bala Baefeso 4:31.

Tsela e o lebang dilo ka yone. A o na le maikutlo a a siameng kgotsa o motho yo o ngongoregetseng ruri? A o tekatekano kgotsa a ka metlha o batla gore dilo di dirwe ka tsela e e rileng—ka tsela ya gago? A o kgona go ritibala fa o le mo kgatelelong? A o pelotelele? Fa gone jaanong o lwela go nna le leungo la moya wa Modimo, seo se tla go thusa go ipaakanyetsa go nna monna kgotsa mosadi yo o molemo mo isagweng.—Bala Bagalatia 5:22, 23.

Madi. O dirisa madi jang? A o aga fela o le mo dikolotong? A o kgona go tshwarelela mo tirong? Fa go se jalo, bothata ke eng? A gongwe bothata ke tiro? mothapi wa gago? Kgotsa a ke ka ntlha ya mokgwa mongwe kgotsa boitshwaro bongwe jo bo sa siamang jo o tshwanelwang ke go bo tlogela? Fa o palelwa ke go dirisa madi a gago sentle, a tota o tla kgona go dirisa a lelapa la gago sentle?—Bala 1 Timotheo 5:8.

Kamano ya gago le Modimo. Fa o le Mosupi wa ga Jehofa, ke matsapa afe a o a tsayang go nonotsha kamano ya gago le Modimo? A o tsaya matsapa a go bala Lefoko la Modimo, go nna le seabe mo bodireding le go akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete? Motho yo o tla nyalanang le ene o tla tlhoka molekane yo o nonofileng semoyeng.—Bala Moreri 4:9, 10.

Se o Ka se Dirang

Go gatelelwa go intsha le mongwe o ise o go siamele go ka tshwana le go patelediwa go kwala tlhatlhobo ya makgaolakgang ya serutwa se o iseng o ko o se ithute. Ga go pelaelo gore seo se tla bo se sa siama! O tlhoka nako ya gore o ithute serutwa seo gore o tle o tlwaelane le mofuta wa diteko tse o tla lebanang le tsone mo tlhatlhobong.

Go ntse jalo le ka kgang ya go intsha le mongwe. Jaaka re bone, go intsha le mongwe ke kgang e e masisi. Ka jalo, pele o akanyetsa go intsha le mongwe o tlhoka nako ya go ithuta kgang e e botlhokwa—tsela ya go aga botsala jo bo molemo. Moragonyana fa o kopana le molekane yo o go tshwanelang, o tla kgona go aga botsala jo bo nonofileng. Tota e bile, lenyalo le le atlegileng le dirwa ke ditsala tse pedi tse di utlwanang.

Go leta go ka se go amoge kgololesego ya gago. Go na le moo, go tla go naya kgololesego e ntsi ya gore o ‘ipelele bosha jwa gago.’ (Moreri 11:9) Mme gape o tla nna le nako ya go ipaakanya pele, ka go tokafatsa botho jwa gago mme sa botlhokwa le go feta, go tokafatsa kamano ya gago le Modimo.—Dikhutsafalo 3:27.

Fa o ntse o ipaakanya jalo, o ka itumelela go tsalana le batho ba bong bo sele. Tsela e e molemo ya go dira seo ke efe? O ka tsalana le batho ba bong bo sele lo le setlhopha sa batho ba ba farologaneng mme lo etswe tlhoko ke mongwe yo o godileng. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Tammy a re: “Ke akanya gore go nna monate thata mo maemong a a ntseng jalo. Go botoka go nna le ditsala tse dintsi.” Monica o dumalana le seo. A re: “Go nna le ditsala tse dintsi go molemo tota, ka gonne o kgona go bona batho ba botho jo bo farologaneng.”

Fa o sa dire jalo mme o tlhoma pelo mo mothong a le mongwe fela o ipakela mahutsana. Ka jalo se itlhaganele. Dirisa nako eno ya botshelo jwa gago o ithuta tsela ya go dira botsala jo bo nnelang ruri. Moragonyana fa o tlhopha go intsha le mongwe o tla bo o itlhaloganya botoka le gore ke dilo dife tse o di lebeletseng mo molekaneng yo o tla fetsang botshelo jotlhe le ene.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 29 LE 30

MO KGAOLONG E E LATELANG

A o raelesega go intsha le mongwe batsadi ba gago ba sa itse? Go na le dirai di le dintsi tsa go dira jalo tse o ka tswang o sa di lemoge.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

KAKANTSHO

Go ipaakanyetsa go intsha le mongwe le go tsena mo lenyalong, bala 2 Petere 1:5-7 mme o tlhophe nonofo e le nngwe e o tshwanetseng go tokafatsa mo go yone. Morago ga kgwedi, leka go bona gore o ithutile go le kana kang ka yone le gore o tokafaditse go le kana kang mo go yone.

A O NE O ITSE GORE . . ?

Dipatlisiso di le dintsi di bontsha gore batho ba ba nyalang ba le kafa tlase ga dingwaga di le 20 go ka direga gore ba tlhalane ba ise ba fetse dingwaga tse tlhano ba nyalane.

SE KE SE IKAELETSENG!

Go ipaakanyetsa lenyalo, ke tshwanetse go tokafatsa dinonofo tse di latelang: ․․․․․

Nka tokafatsa dinonofo tseno ka go․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore․․․․․

O AKANYANG?

Ke mo maemong afe a a siameng a mo go one o ka tsalanang le batho ba bong bo sele?

O ka thusa jang monnao yo o sa ntseng a le monnye thata mme a batla go intsha le mongwe?

Fa o intsha le mongwe mme o sa ikaelela go nyalana le ene, seo se ka ama maikutlo a gagwe jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 18]

“Ke akanya gore o tshwanetse go intsha le motho yo o mo tsayang a le botlhokwa mme o bona gore lo ka kgona go tshela mmogo. O rata motho yoo, ga o rate fela kgang ya go intsha le ene.’’—Amber

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Fa o intsha le mongwe o se mo maikaelelong a lenyalo, o tshwana le ngwana yo o tshamekang ka setshamekisi se sesha mme go tswa foo a bo a se latlha