Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tla Itse Jang Gore ke Lorato Lwa Mmatota?

Ke Tla Itse Jang Gore ke Lorato Lwa Mmatota?

Kgaolo 29

Ke Tla Itse Jang Gore ke Lorato Lwa Mmatota?

Araba dipotso tse di latelang:

1. O ka tlhalosa jang “lorato”? ․․․․․

2. O ka tlhalosa jang “go tseega maikutlo”? ․․․․․

3. O akanya gore dilo tseno tse pedi di farologana jang? ․․․․․

O TSHWANETSE wa bo o se na bothata jwa go araba dipotso tse di fa godimo. Aitsane, go motlhofo go bona pharologano fa gare ga lorato le go tseega maikutlo fa o akanya fela ka gone go ise go go diragalele.

Seo sotlhe se ka fetoga fa o kopana le lekau kgotsa lekgarebe la ditoro tsa gago. O ipona fela o setse o gapilwe maikutlo ke mongwe mme o nna fela o akantse ka ene. O mo maibing a lorato. Kgotsa a tota ke kafa o ikutlwang ka gone? A ke lorato—kgotsa ke go tseega maikutlo fela? O ka itse jang? Gore o kgone go araba, mma re bone pele gore tsela e o lebang batho ba bong bo sele ka yone e fetogile go le kae mo dingwageng tsa bosheng. Ka sekai, akanya ka dipotso tse di latelang:

● O ne o akanya eng ka ba bong bo sele fa o ne o le dingwaga di le tlhano?

Gone jaanong o akanya eng ka bone?

Gongwe dikarabo tsa gago di bontsha gore fa o tsena mo dingwageng tsa bokolwane kgotsa tsa boroba o ile wa simolola go leba ba bong bo sele ka tsela e nngwe. Brian wa dingwaga tse 12 a re: “Ke lemogile gore basetsana ba nna bantle le go feta.” Elaine wa dingwaga di le 16 o gopola phetogo nngwe e e neng ya direga dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. “Ditsala tsotlhe tsa me di ne di setse di bua ka basimane, mme ke ne ke ikutlwa ke rata mosimane mongwe le mongwe fela.”

E re ka jaanong o simolola go rata batho ba bong bo sele, o ka dira eng gore o kgone go fenya maikutlo ano a a maatla? Go na le go dira e kete ga o na maikutlo ao—e leng sone se se a gakatsang—o ka dirisa seno e le tshono ya go ithuta sengwe ka go nna mo maibing, go tseega maikutlo le lorato. Go tlhaloganya dikarolo tseno tse tharo tsa lorato go ka go thusa gore o se ka wa utlwisiwa botlhoko go sa tlhokege le gore mo isagweng o kgone go bona lorato lwa mmatota.

GO NNA MO MAIBING Se o se bonang

“Ka metlha nna le ditsala tsa me re bua ka basetsana. Re leka go tlotla ka dilo tse dingwe, mme fela fa mosetsana yo montle a ka kgabola, ruri re lebala le gore re ntse re tlotla ka eng!”—Alex.

“Ke rata lekawana le le ntebang mo matlhong fa le bua le nna, le na le monyenyo o montle e bile le tsamaya ka tsela e e bontshang gore ga le ipelaele.”—Laurie.

Gantsi motho o a gogela fa a na le ditebego e bile a le montle. Mathata fela ke gore ga se ka metlha se o se bonang e leng se motho a leng sone. Ka ntlha yang? Ka gonne bontle bo na le dibelebejane. Baebele ya re: “Jaaka lenyena la nko la gouta mo sefeneng sa kolobe, mosadi yo montle mme a fapoga tlhaloganyo o ntse jalo.” (Diane 11:22) Gone molaomotheo oo o ama le basimane.

GO TSEEGA MAIKUTLO Kafa o ikutlwang ka gone

“Fa ke ne ke na le dingwaga tse 12 ke ne ke ikutlwa ke rata mosimane mongwe fela thata, mme fa maikutlo ao a sena go feta, ke ne ka lemoga gore ke eng se se neng se dira gore ke mo rate jaana. E ne e le fela ka gonne ditsala tsotlhe tsa me di ne di kgatlhegela basimane—mme le ene e ne e le mosimane. Ka jalo, lebaka e ne e le lone leo!”—Elaine.

“Go nnile le basetsana ba le bantsi ba ba ileng ba ntsaya maikutlo, mme gone gantsi e ne e le ka gonne ke ne ke leba fela ditebego tsa motho. Mme fa ke sena go lemoga se tota motho a leng sone, ke ne ka bona gore tota ga re tshwanelane jaaka ke ne ke akanya.”—Mark.

Motho yo o tseegileng maikutlo o ikutlwa e kete o mo loratong. Tota e bile, batho ba ba ratanang ba nna le maikutlo a lorato. Le fa go ntse jalo, mabaka a gone a farologana gotlhelele. Go kgatlhwa ke dinonofo tse di sa reng sepe tsa kafa ntle ke gone go bakang go tseega maikutlo. Gape go tseega maikutlo go dira gore motho a se ka a lemoga makoa a motho yo mongwe le gore a feteletse bokgoni le dinonofo tsa motho yoo. Ka jalo, go tseega maikutlo go tshwana fela le ntlo e e agilweng ka motlhaba. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Fiona a re: “Ke ga nakwana fela. O ka kgatlhiwa ke mongwe gompieno mme mo kgweding e e tlang o bo o ikutlwa ka yone tsela eo—mme gone e le ka motho yo mongwe!”

LORATO Se o se itseng

“Ke akanya gore fa o rata mongwe o nna le lebaka le le utlwalang la go bo motho yoo a go kgatlha mme lebaka leo e se la bogagapa.”—David.

“Tota nna ke akanya gore lorato lwa mmatota lo tshwanetse go gola ka iketlo. Lo simolola lo le ditsala tse di molemo. Mme fa nako e ntse e ya, o simolola go rata se o se itseng ka motho yoo, o bo o nna le maikutlo a o iseng o tsamaye o nne le one.”—Judith.

Lorato lo nna teng fa o setse o itse sentle dinonofo le makoa a motho. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baebele e re lorato ke sengwe se se fetang fela boikutlo jo bo rileng. Ya re gareng ga tse dingwe, lorato lo “pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:4, 7, 8) Mme lorato lo dira gore motho a dire dilo tseno gonne a na le kitso—e seng ka gonne e le madumelagotlhe kgotsa ka ntlha ya botlhokakitso.

Sekao sa Lorato Lwa Mmatota

Pego e e mo Baebeleng ya ga Jakobe le Ragele e bontsha sentle se lorato lwa mmatota e leng sone. Bobedi jono bo kopane kwa sedibeng fa Ragele a ne a ile go nosa dinku tsa ga rraagwe. O ne a kgatlha Jakobe ka yone nako eo. Ka ntlha yang? Sengwe se re tlhomamisegileng ka sone ke gore o ne “a bopegile e bile a le montle.”—Genesise 29:17, Today’s English Version.

Le fa go ntse jalo, se lebale gore lorato lwa mmatota ga lo a ikaega ka ditebego fela. Jakobe o ne a lemoga gore Ragele o ne a na le sengwe se se fetang fela bontle. Tota e bile, Baebele ya re go ise go ye kae, e ne e se fela gore Jakobe o kgatlhwa ke Ragele. O ne “a rata Ragele.”—Genesise 29:18.

A kgang eno ya lorato e felela fano? Nnyaa le eseng—tota e sa ntse e le kgakala le go fela. Rraagwe Ragele o ne a dira gore Jakobe a lete dingwaga di le supa pele ga a ka nyala Ragele. Go sa kgathalesege gore o ikutlwa jang ka kgang eno, jaanong tsela e Jakobe a ratang Ragele ka yone e ne e lekwa. Fa lorato lwa ga Jakobe e ne e le fela lwa go tseega maikutlo, o ne a se kitla a emela Ragele. Ke lorato lwa mmatota fela lo lo nang le boitshoko jo bo kanakana. Jaanong go ne ga direga eng? Baebele ya re: “Jakobe a direla Ragele dingwaga di le supa, mme mo matlhong a gagwe tsa nna jaaka malatsi a le mmalwa fela ka ntlha ya lorato lwa gagwe mo go ene.”—Genesise 29:20.

O ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jakobe le Ragele? Gore lorato lwa mmatota lo a tshwarelela. Gape ga lo a thewa fela mo ditebegong tsa motho. Tota e bile, gantsi molekane yo o molemo wa lenyalo e ka nna mongwe yo kwa tshimologong a neng a sa go kgatlhe. Ka sekai, Barbara o ne a kopana le lekawana lengwe le a reng le ne le sa mo kgatlhe thata—kwa tshimologong. O gakologelwa jaana: “Mme fa ke ntse ke mo itse botoka, dilo di ne tsa fetoga. Ke ne ka lemoga kafa Stephen a amegang ka batho ba bangwe ka gone le kafa ka metlha a bayang dikgatlhego tsa batho ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe. Ke ne ke itse gore tseno ke tsone dinonofo tse di dirang gore motho e nne monna yo o molemo. Ke ne ka mo kgatlhegela mme ka simolola go mo rata.” Go ne ga felela ka lenyalo le le nonofileng.

Fa o setse o godile sentle mo o ka intshang le mongwe ka boikaelelo jwa gore lo nyalane, o tla itse jang gore o setse o bone lorato lwa mmatota? Pelo ya gago e tla go raya dilo dingwe, mme gone ikanye mogopolo wa gago o o thapisitsweng ke Baebele. Leka go itse se se fetang fela ditebego tsa motho tsa kafa ntle. Naya kamano ya lona nako ya gore e gole. Se lebale, go tseega maikutlo go feta fela ka bofefo. Mme lorato lwa mmatota lone lo a nonofa fa nako e ntse e ya mme lo nna “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:14.

Tlhomamisega gore o ka bona lorato lo lo ntseng jalo—fa o ithuta gore o se ka wa nna mo maibing (se o se bonang) le go tseega maikutlo (kafa o ikutlwang ka gone). Ditsebe tse tharo tse di latelang di tla go thusa gore o kgone go dira sone seo.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 1 LE 3

MO KGAOLONG E E LATELANG

A re re o setse o bone mongwe yo tota o mo ratang. O ka itse jang gore o setse o siametse lenyalo?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Metsi a le mantsi ka boone ga a kgone go tima lorato, le gone dinoka ka botsone ga di kgone go lo gogola.”—Sefela sa Difela 8:7.

KAKANTSHO

Go bona gore o itse mongwe yo o mo kgatlhegelang sentle go le kana kang, araba dipotso tse di mo kaeding ya dintlha mo Bolumong ya 2 mo tsebe 39 (ya basetsana) le tsebe 40 (ya basimane).

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Basha ba ba itlwaeditseng go ratana le mongwe ba bo ba mo tlogela ba ya kwa go yo mongwe, ka tsela nngwe ba ‘ipaakanyetsa’ go tlhala fa ba setse ba le mo lenyalong.

SE KE SE IKAELETSENG!

Go nthusa go lemoga gore a tsela e ke ikutlwang ka yone ka mongwe ke go tseega maikutlo fela kgotsa ke lorato, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa Modimo a bopile batho ba na le maikutlo a a maatla jaana a go kgatlhegela ba bong bo sele?

● Ke ka ntlha yang fa gantsi “thatano” ya basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome e sa atlege?

[Mafoko a a mo go tsebe 207]

“Lorato lo ka kgona go itshokela mathata, fa go tseega maikutlo gantsi go fela fa maemo a fetoga kgotsa go nna le mathata. Lorato lwa mmatota lo tsaya nako gore lo nne teng.’’—Daniella

[Lebokoso mo go tsebe 209]

Kaedi

O ne O ka Dira Eng?

Michael le Judy ba ntse ba ratana ka dikgwedi di le tharo, mme Judy a re “o mo maibing a lorato.” Michael o amega ka ene mo go feteletseng—mo a bileng a mmolelela gore o tshwanetse go apara jang le gore ke bomang ba a tshwanetseng go tsalana le bone le ba a sa tshwanelang go tsalana le bone. O ne a mo tshwara jaaka mohumagadi—go tla go fitlha mo bekeng e e fetileng. Michael o ne a faphola Judy mo lerameng fa a sena go mmona a bua le mosimane yo mongwe.

Michael a re: “Judy o tshwanetse go lemoga gore ke tshaba gore a ka ntatlhegela. Tota e bile go akanya fela ka mosimane yo mongwe a ntseetse kgarebe go ntlhakanya tlhogo! Ke maswabi tota go bo ke ile ka faphola Judy. Le fa go ntse jalo, seno se bontsha kafa ke sa kgoneng ka gone go itshokela go mmona a lebile motho o sele. Mme gone ke ile ka ikopa maitshwarelo!”

Judy a re: “Batsadi ba me ba re Mike o a ntaola, mme ke fela gore o na le melao e e kwa godimo ya boitsholo. Ke raya gore, ga a ise a ke a leke go mpateletsa go dira sepe se se amanang le tlhakanelodikobo. Mme fa a ne a mfaphola—e leng se ke neng ka se ka ka se bolelela batsadi ba me—tota, ke ne ke bua le mosimane yo mongwe. Mike o nna lefufa, e leng selo se ka dinako dingwe ke bonang se kgatlha. Mme gone, o ikopile maitshwarelo a bo a ntsholofetsa gore a ka se tlhole a dira jalo gape.”

Tshono ya gago: A o bona matshwao a a bontshang gore go na le bothata mo thatanong eno? Fa go ntse jalo, ke afe? ․․․․․

Judy o tshwanetse go dira eng? ․․․․․

Wena o ne o ka dira eng? ․․․․․

[Lebokoso mo go tsebe 210]

Kaedi

O ne O ka Dira Eng?

Ethan o ntse a intsha le Alyssa ka dikgwedi di le pedi mme o setse a lemogile ka moo Alyssa a leng manganga ka teng, segolobogolo mo batsading ba gagwe. Tota e bile, Alyssa o ngangisana le batsadi ba gagwe ka metlha mme ka dinako tsotlhe ke ene a fenyang. O na le “bokgoni” jwa go gatelela se a se batlang go fitlha batsadi ba gagwe ba ineela. Alyssa o ile a bo a ikgantshetsa Ethan a mmolelela gore ene batsadi ba gagwe “ba utlwa fela ka ene.”

Ethan a re: “Ka metlha Alyssa o bua se a se akanyang. Ga a laolwe ke ope—go akaretsa le batsadi ba gagwe. Rraagwe o a sera ka dinako dingwe, ga go gakgamatse go bo a mo galefela jaana. Mme ga a ba garumele fela. Alyssa a ka kgona go lela, go ngala kgotsa go itshwara sentle—a dira sengwe le sengwe fela gore Mama le Papa ba mo neye se a se batlang.”

Alyssa a re: “Ga ke na sepe gore o mang kgotsa gore o na le maemo afe, ke go bolelela puo phaa mme e bile ke sa tlhophe le mafoko a ke go rayang one. Mosimane yo ke ratanang le ene e bong Ethan, o nkitse sentle. O bone kafa ke itshwarang ka gone mo batsading ba me.”

Tshono ya gago: A o bona matshwao a a bontshang gore go na le bothata mo thatanong eno? Fa go ntse jalo, ke afe? ․․․․․

Ethan o tshwanetse go dira eng? ․․․․․

Wena o ne o ka dira eng? ․․․․․

[Lebokoso mo go tsebe 211]

Kaedi

A ke Lorato Kgotsa ke go Tseega Maikutlo Fela?

Leka go bona gore ke lefoko lefe le le tlhaelang mo dintlheng tse di fa tlase. Tlatsa mela e e tlogetsweng ka go kwala lefoko lorato kgotsa go tseega maikutlo.

1. “Fa e le ․․․․․ motho wa teng o nna mo maibing mme ga a batle go utlwa sepe. Ga a batle go leba dilo ka tsela e di leng ka yone.”—Calvin.

2. “Fa e le gore ke tla tshwanelwa ke go fetola botho jwa me fa ke na le mosetsana yo ke ratanang le ene, seo ke ․․․․․ .”—Thomas.

3. “Ka dinako tse dingwe go ka nna le sengwe se se go serang ka motho. Mme fa e le gore ke ․․․․․․, o batla go tswelela o na le motho yoo mme lo leke go rarabolola bothata.”—Ryan.

4. “Fa e le ․․․․․, dilo tse o tla di lebelelang, ke tse lo dumalanang ka tsone fela.”—Claudia.

5. “Fa e le ․․․․․, ga o leke go fitlha se o leng sone.”—Eve.

6. “․․․․․ ke tsela ya bopelotshetlha ya go batla go bona se o se batlang—gongwe gore batho ba itse fela gore o na le mosimane yo o ratanang le ene.”—Allison.

7. “Fa e le ․․․․․ motho wa teng o kgona go lemoga makoa le dinonofo tse di sa tlwaelegang tsa motho yo mongwe mme o sa ntse a kgona go itshokela dilo tseo.”—April.

8. “Fa e le ․․․․․․, ga o kgone go tlhalosa gore ke eng fa o rata motho—o kgatlhega fela.”—David.

9. “Fa e le ․․․․․, motho yo mongwe ga a ka ke a dira diphoso.”—Chelsea.

10. “Fa e le ․․․․․, ga o lebe batho ba bangwe ba bong bo sele jaaka o ne o ba leba pele ka gonne o ikutlwa o tshwanelwa ke go ikanyega.”—Daniel.

Dikarabo: Go tseega maikutlo: 1, 2, 4, 6, 8, 9. Lorato: 3, 5, 7, 10.

[Setshwantsho mo go tsebe 206, 207]

Tota go tseega maikutlo go tshwana le ntlo e e agilweng ka motlhaba—e gogolega ka bonako