Hosea 11:1-12

  • Modimo o ratile Iseraele go tloga a sa le mosimanyana (1-12)

    • “Ke ne ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto” (1)

11  “Fa Iseraele e ne e le mosimanyana, ke ne ke mo rata,+E bile ke ne ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.+  2  Fa ba* ne ba mmitsa,O ne a katogela kgakala le bone.+ O ne a nna a ntshetsa ditshwantsho tsa ga Baale ditlhabelo,+E bile o ne a ntshetsa ditshwantsho tse di betlilweng ditlhabelo.+  3  Mme ke nna yo ke neng ke ruta Eferaime go tsamaya,+ ke mo tshola mo mabogong a me;+Le fa go ntse jalo, ga a ka a lemoga gore ke mo fodisitse.  4  Ke ne ka nna ka mo goga ka megala ya batho,* ka megala ya lorato;+Mme mo go ene, ke ne ke tshwana le yo o tsholetsang jokwe e e mo ditlhaeng tsa gagwe,E bile ke ne ka tlisetsa mongwe le mongwe mo go ene dijo ka bonolo.  5  Ga a kitla a boela kwa lefatsheng la Egepeto, mme Asiria e tla nna kgosi ya gagwe,+Ka gonne o ganne go boela mo go nna.+  6  Mme tšhaka e tla tlhasela metse ya gagwe+E bile e tla fedisa mephakalego ya gagwe e bo e mo kometsa ka ntlha ya maano a gagwe a a bosula.+  7  Batho ba me ba tswelela ba sa ikanyege mo go nna.+ Le fa ba ne ba ba biletsa kwa kobamelong ya boammaaruri, ga go na ope yo o tlhatlogang.  8  Goreng ke tshwanetse go go tlogela, wena Eferaime?+ Goreng ke tshwanetse go go tsenya mo seatleng sa batho, wena Iseraele? Goreng ke tshwanetse go go dira jaaka Adema? Goreng ke tshwanetse go dira gore o tshwane le Seboima?+ Ke ne ke batla go go senya;Mme jaanong ke tlhotlheletsega go go tlhomogela pelo.*+  9  Ga nkitla ke ntsha bogale jwa me jo bo tukang. Ga nkitla ke senya Eferaime gape,+Ka gonne nna ke Modimo mme ga ke motho,Ke Yo o Boitshepo yo o nang le lona;Mme ga nkitla ke tla mo go lona ka bogale. 10  Ba tla sala Jehofa morago, mme o tla kurutla jaaka tau;+Fa a kurutla, bomorwawe ba tla tla ba tshogile ba tswa kwa bophirima.+ 11  Ba tla tla ba roroma jaaka nonyane fa ba tswa kwa Egepeto,Ba tla tla ba roroma jaaka leeba fa ba tswa kwa lefatsheng la Asiria;+Mme ke tla dira gore ba nne mo matlong a bone,” go bua Jehofa.+ 12  “Eferaime o mpolelela maaka fela,Gongwe le gongwe kwa ke lebang teng ke bona tsietso ya Iseraele.+ Mme Juda o sa ntse a tsamayatsamaya le Modimo,E bile o ikanyega mo go Ene yo o Boitshepo Thata.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa baporofeti le ba bangwe ba ba neng ba romilwe gore ba kaele Iseraele.
Kgotsa “megala ya bopelonomi,” e e tshwanang le ya motsadi.
Seheb., “bopelotlhomogi jwa me bo gotetse.”