Genesise 35:1-29
35 Morago ga moo, Modimo o ne a raya Jakobe a re: “Ema, o ye kwa Bethele+ mme o age gone, mme o agele Modimo wa boammaaruri sebeso gone, yo o neng a iponatsa kwa go wena fa o ne o tshaba Esau morwarrago.”+
2 Foo Jakobe o ne a raya ba ba mo ntlong ya gagwe le botlhe ba ba neng ba na le ene a re: “Latlhang medimo e sele e e mo gare ga lona+ mme lo iphepafatse lo bo lo apare diaparo tse dingwe,
3 mme a re tsweng fano re yeng kwa Bethele. Ke tla agela Modimo wa boammaaruri sebeso gone, yo o neng a nkaraba mo motlheng wa fa ke ne ke le mo matshwenyegong le yo o neng a nna le nna gongwe le gongwe* kwa ke neng ke ya gone.”+
4 Ka jalo, ba ne ba naya Jakobe medimo yotlhe e sele e ba neng ba na le yone le manyena a a neng a le mo ditsebeng tsa bone, mme Jakobe a di epela* ka fa tlase ga setlhare se segolo se se neng se le gaufi le Shekema.
5 Fa ba ntse ba le mo loetong lwa bone, Modimo o ne a dira gore batho ba metse e e ba dikologileng ba boife, ka jalo ga ba a ka ba lelekisa bomorwa Jakobe.
6 Kwa bofelong Jakobe le batho botlhe ba ba neng ba na le ene ba ne ba tla mo Luse,+ e leng Bethele, mo lefatsheng la Kanana.
7 O ne a aga sebeso koo mme a bitsa lefelo leo Ele-bethele* ka gonne ke kwa Modimo wa boammaaruri a neng a mo itshenolela gone fa a ne a tshaba morwarraagwe.+
8 Moragonyana, motlhokomedi wa ga Rebeka e bong Debora+ o ne a swa mme a fitlhwa gaufi le Bethele ka fa tlase ga setlhare sa moakere.* Ka jalo, o ne a se bitsa Alone-bakuthe.*
9 Modimo o ne a iponatsa gape kwa go Jakobe fa a ne a tswa kwa Padana-arama mme a mo segofatsa.
10 Modimo o ne a mo raya a re: “Leina la gago ke Jakobe.+ Ga o kitla o tlhola o bidiwa Jakobe, mme leina la gago e tla nna Iseraele.” Mme o ne a simolola go mmitsa Iseraele.+
11 Gape Modimo o ne a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe.+ Ata mme o ntsifale. Mo go wena go tla tswa ditšhaba le phuthego ya ditšhaba,+ le dikgosi di tla tswa mo go wena.*+
12 Mme lefatshe le ke le neileng Aborahame le Isake, ke tla le go naya e bile ke tla naya ditlogolwana* tsa gago lefatshe leo.”+
13 Go tswa foo, Modimo o ne a tswa fa go ene kwa lefelong le a neng a buile le ene kwa go lone.
14 Ka jalo, Jakobe o ne a tlhoma pilara mo lefelong le Modimo a neng a buile le ene mo go lone, pilara ya leje, mme a tshela setlhabelo sa senô mo go yone a bo a tshela leokwane mo go yone.+
15 Mme Jakobe o ne a nna a bitsa lefelo leno le Modimo a neng a buile le ene mo go lone Bethele.+
16 Morago ga moo, ba ne ba tswa mo Bethele. Mme e rile ba sa ntse ba le sekgalanyana pele ga ba fitlha kwa Eferatha, Ragele o ne a simolola go belega, mme a belega ka thata.
17 Fa a ne a ntse a kgaratlha gore a belege, mmelegisi o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa ka gonne ngwana yono wa mosimane le ene o tla mo tshola.”+
18 Fela fa botshelo jwa gagwe bo ne bo fela (ka gonne o ne a swa), o ne a mmitsa Bene-oni,* mme rraagwe ene a mmitsa Benjamine.*+
19 Ka jalo, Ragele o ne a swa mme a fitlhwa mo tseleng e e yang Eferatha, e leng Bethelehema.+
20 Jakobe o ne a tlhoma pilara mo godimo ga lebitla la gagwe; ke pilara ya lebitla la ga Ragele go fitlha mo letsatsing leno.
21 Morago ga moo, Iseraele o ne a fuduga mme a tlhoma tente ya gagwe sekgalanyana go tloga mo toreng ya Edere.
22 Nako nngwe fa Iseraele a ntse a nna mo lefatsheng leo, Rubene o ne a ya go tlhakanela dikobo le Bileha mogadingwana wa ga rraagwe, mme Iseraele o ne a utlwela ka gone.+
Ka jalo, bomorwa Jakobe ba ne ba le 12.
23 Barwa ba Jakobe a ba tsholetsweng ke Lea e ne e le leitibolo la gagwe e bong Rubene,+ go bo go latela Simeone, Lefi, Juda, Isakare le Sebulone.
24 Barwa ba a ba tsholetsweng ke Ragele e ne e le Josefa le Benjamine.
25 Mme barwa ba a ba tsholetsweng ke Bileha, lelata la ga Ragele, e ne e le Dana le Nafetali.
26 Mme barwa ba a ba tsholetsweng ke Silepa, lelata la ga Lea, e ne e le Gada le Ashera. Bano ke bomorwa Jakobe, ba a neng a ba tsholelwa kwa Padana-arama.
27 La bofelo Jakobe o ne a goroga kwa Isake rraagwe a neng a le gone kwa Mamere,+ kwa Kiriathe-areba, e leng Heberone, kwa Aborahame le Isake ba neng ba agile gone e le batswakwa.+
28 Isake o ne a tshela go fitlha a nna le dingwaga di le 180.+
29 Go tswa foo, Isake o ne a hema la bofelo a bo a swa mme a phuthelwa kwa bathong ba gagabo,* morago ga go tshela botshelo jo boleele jo bo kgotsofatsang;* mme bomorwawe e bong Esau le Jakobe ba ne ba mo fitlha.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “mo tseleng.”
^ Kgotsa “fitlha.”
^ Mo go kayang “Modimo wa Bethele.”
^ Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.
^ Mo go kayang “Moakere wa Selelo.”
^ Seheb., “di tla tswa mo dinôkeng tsa gago.”
^ Seheb., “losika.”
^ Mo go kayang “Morwa wa Seatla sa Moja.”
^ Mo go kayang “Morwa wa Khutsafalo ya Me.”
^ Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.
^ Seheb., “a tsofetse e bile a na le malatsi a le mantsi.”