Baatlhodi 17:1-13
-
Medingwana ya ga Mika le moperesiti wa gagwe (1-13)
17 Go ne go na le monna mongwe kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime+ yo o neng a bidiwa Mika.
2 O ne a raya mmaagwe a re: “A o gakologelwa dishekele tsa selefera tse 1 100 tse di neng di tserwe mo go wena, tse ke neng ka utlwa o hutsa motho yo o di tshotseng? Dishekele tseo tsa selefera di mo go nna. Ke nna yo ke neng ke di tshotse.” Foo mmaagwe o ne a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa morwaaka.”
3 Ka jalo, o ne a busetsa dishekele tsa selefera tse 1 100 kwa go mmaagwe, le fa go ntse jalo mmaagwe o ne a re: “Ruri ke tla dira selefera eno boitshepo gore e nne ya ga Jehofa. Ke batla gore o itirele setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe se se bopilweng ka yone.+ Jaanong selefera eno e tla nna ya gago.”
4 Fa a sena go busetsa selefera eo kwa go mmaagwe, mmaagwe o ne a tsaya dishekele tsa selefera di le 200 a bo a di naya mothudi wa selefera. O ne a dira setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe se se bopilweng; mme di ne tsa bewa mo ntlong ya ga Mika.
5 Monna yono e bong Mika, o ne a na le ntlo ya medimo, mme o ne a dira khiba+ le difikantswe tsa terafime*+ a bo a tlhoma* mongwe wa bomorwawe gore a mo direle e le moperesiti.+
6 Mo malatsing ao, go ne go se na kgosi mo Iseraele.+ Mongwe le mongwe o ne a dira se se neng se siame mo matlhong a gagwe.*+
7 Jaanong go ne go na le lekawana lengwe la kwa Bethelehema+ kwa Juda le le neng le nna mo lelapeng la ga Juda. E ne e le Molefi+ yo o neng a nna koo ka nakwana.
8 Monna yoo o ne a fuduga mo motseng wa Bethelehema kwa Juda a ya go batla lefelo le a ka nnang mo go lone. Fa a ntse a le mo loetong, o ne a fitlha mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, a tla mo ntlong ya ga Mika.+
9 Foo Mika o ne a mo raya a re: “O tswa kae?” Mme ene o ne a mo raya a re: “Ke Molefi yo o tswang kwa Bethelehema kwa Juda, mme ke mo tseleng ke ya go batla lefelo le nka nnang mo go lone.”
10 Ka jalo, Mika o ne a mo raya a re: “Dula le nna mme o ntirele o le rre* le moperesiti. Ke tla go naya dishekele tsa selefera di le lesome ka ngwaga le diaparo le dijo.” Ka jalo, Molefi o ne a tsena mo ntlong.
11 Molefi yoo o ne a dumela go nna le Mika, mme lekawana leo le ne la nna jaaka mongwe wa bomorwawe.
12 Mo godimo ga moo, Mika o ne a tlhoma* Molefi yoo gore a mo direle e le moperesiti+ mme o ne a nna mo ntlong ya ga Mika.
13 Go tswa foo, Mika o ne a re: “Jaanong ke a itse gore Jehofa o tla nna molemo mo go nna, ka gonne jaanong moperesiti wa me ke Molefi.”
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”
^ Seheb., “a bo a tlatsa seatla sa.”
^ Kgotsa “se a neng a akanya gore se siame.”
^ Kgotsa “mogakolodi.”
^ Seheb., “o ne a tlatsa seatla sa.”