Tshenolo 20:1-15

20  Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo+ le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe.  Mme a tshwara kgogela,+ noga ya kwa tshimologong,+ yo e leng Diabolo+ le Satane,+ a ba a mmofa dingwaga di le sekete.  Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo+ a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla. Morago ga dilo tseno o tla gololwa ka lobakanyana.+  Mme ka bona ditulo tsa bogosi,+ e bile go ne go na le ba ba ntseng mo go tsone, mme ba ne ba newa maatla a go atlhola.+ Ee, ka bona meya ya ba ba bolailweng ka selepe ka ntlha ya bosupi jo ba neng ba bo naya ka Jesu le ka ntlha ya go bua ka Modimo, e bile e le ba ba neng ba sa obamela sebatana+ le fa e le setshwantsho+ sa sone le ba ba neng ba sa amogela letshwao mo phatleng ya bone le mo seatleng+ sa bone. Ba tshela mme ba busa e le dikgosi+ le Keresete dingwaga di le sekete.  (Baswi ba bangwe botlhe+ ba ne ba se ka ba tshela go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla.)+ Eno ke tsogo ya ntlha.+  Go itumela+ e bile go boitshepo+ motho yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha; loso lwa bobedi+ ga lo na taolo+ mo go bone, mme ba tla nna baperesiti+ ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.+  Jaanong ka bonako fela fa dingwaga tse di sekete di sena go khutla, Satane o tla gololwa gore a tswe mo kgolegelong ya gagwe,  mme o tla tswa a ya go timetsa ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, Gogo le Magogo, go ba phutha mmogo go ya ntweng. Palo ya bano e ntse jaaka moshawa wa lewatle.+  Mme ba anama godimo ga bophara jwa lefatshe ba bo ba dikanyetsa bothibelelo jwa baitshepi+ le motse+ o o rategang. Mme molelo wa fologa o tswa legodimong wa ba laila.+ 10  Mme Diabolo+ yo o neng a ba tsietsa a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo le sulefera, koo sebatana+ mmogo le moporofeti wa maaka ba neng ba setse ba le gone;+ mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile. 11  Mme ka bona setulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sone.+ Lefatshe le legodimo tsa tshaba fa pele ga gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno. 12  Mme ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye,+ ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, mme dikwalo tsa momeno tsa bulwa. Mme lokwalo lwa momeno lo longwe lo ne lwa bulwa; ke lokwalo lwa momeno lwa botshelo.+ Mme baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tseno tsa momeno go ya ka ditiro+ tsa bone. 13  Mme lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi+ ba ba mo go tsone, mme ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro+ tsa bone. 14  Mme loso+ le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Seno se kaya loso lwa bobedi,+ bodiba jwa molelo.+ 15  Mo godimo ga moo, le fa e le mang yo o sa fitlhelwang a kwadilwe mo bukeng ya botshelo+ o ne a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase