Tshenolo 15:1-8
15 Mme ka bona sesupo+ se sengwe kwa legodimong, se le segolo e bile se gakgamatsa, baengele ba le supa+ ba tshotse dipetso di le supa.+ Tseno ke tsa bofelo, ka gonne bogale+ jwa Modimo bo wediwa ka tsone.+
2 Mme ka bona se se neng se bonala e le lewatle la sekagalase+ le tlhakanye le molelo, mme ba ba tswang ba fentse+ mo sebataneng le mo setshwantshong+ sa sone le mo palong+ ya leina la sone ba eme fa gaufi le lewatle la sekagalase,+ ba tshotse diharepa+ tsa Modimo.
3 Mme ba opela pina ya ga Moshe+ motlhanka wa Modimo le pina ya Kwana,+ ba re:
“Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa,+ Jehofa Modimo, Mothatayotlhe.+ Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri,+ Kgosi ya bosakhutleng.+
4 Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa,+ Jehofa,+ a ba a galaletsa leina la gago,+ ka gonne ke wena o le nosi yo o ikanyegang?+ Gonne ditšhaba tsotlhe di tla tla di obama fa pele ga gago,+ ka gonne ditaelo tsa gago tse di siameng di bonaditswe.”+
5 Morago ga dilo tseno ka leba, mme lefelo le le boitshepo la mogope+ wa bosupi+ le ne la bulwa kwa legodimong,+
6 mme baengele ba le supa+ ba ba tshotseng dipetso tse supa+ ba tlhaga ba tswa mo lefelong le le boitshepo, ba apere leloba+ le le phepa, le le phatsimang e bile ba itlamile dihuba ka meitlamo ya gouta.
7 Mme mongwe wa dibopiwa tse nnè tse di tshelang+ a naya baengele ba ba supa megopo e supa ya gouta e e neng e tletse bogale jwa Modimo,+ yo o tshelang ka bosaengkae le go ya go ile.+
8 Mme lefelo le le boitshepo la tlala mosi ka ntlha ya kgalalelo ya Modimo+ le ka ntlha ya maatla a gagwe, mme go ne go se ope yo o neng a kgona go tsena mo lefelong le le boitshepo go fitlha dipetso tse supa+ tsa baengele ba ba supa di wediwa.