Tshenolo 14:1-20
14 Mme ka leba, mme, bona! Kwana+ e eme mo Thabeng ya Siona,+ mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè+ ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe+ mo diphatleng tsa bone.
2 Mme ka utlwa modumo o tswa legodimong o e keteng mosumo wa metsi a mantsi+ le o e keteng modumo o o kwa godimo wa tumo ya maru; mme modumo o ke neng ka o utlwa o ne e kete wa baopedi ba ba opelang le harepa ba letsa diharepa+ tsa bone.
3 Mme ba opela+ jaaka e kete ke pina e ntšha+ fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang+ le bagolwane;+ mme go ne go se na ope yo o neng a kgona go itse pina eo fa e se ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè,+ ba ba rekilweng+ mo lefatsheng.
4 Bano ke ba ba neng ba se ka ba iteswafatsa ka basadi;+ tota e bile, ke makgarebane.+ Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae. Bano ba ne ba rekwa+ mo bathong e le mabutswapele+ a Modimo le a Kwana,
5 mme ga go na maaka ape a a neng a fitlhelwa mo melomong+ ya bone; ga ba na molato.+
6 Mme ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo,+ o ne a tshotse dikgang tse di molemo+ tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho,+
7 a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: “Boifang Modimo+ lo bo lo mo neye kgalalelo,+ ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng+ legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.”+
8 Mme yo mongwe, moengele wa bobedi, a latela, a re: “O ole! Babelona+ o Mogolo o ole,+ ene yo o neng a dira gore ditšhaba tsotlhe di nwe beine+ ya bogale jwa kgokafalo+ ya gagwe!”
9 Mme moengele yo mongwe, wa boraro, a ba sala morago, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: “Fa mongwe a obamela sebatana sa naga+ le setshwantsho sa sone,+ mme a amogela letshwao mo phatleng ya gagwe kgotsa mo seatleng sa gagwe,+
10 le ene o tla nwa beine ya bogale jwa Modimo e e tshetsweng mo senwelong sa bogale+ jwa gagwe e sa timolwa, mme o tla tlhokofadiwa+ ka molelo le sulefera+ mo ponong ya baengele ba ba boitshepo le mo ponong ya Kwana.
11 Mme mosi wa tlhokofatso ya ba ba obamelang sebatana le setshwantsho sa sone, mmogo le mang fela yo o amogelang letshwao+ la leina la sone, o tlhatloga ka bosaengkae le go ya go ile,+ mme ga ba na boikhutso bosigo le motshegare.
12 Fano ke gone fa go kayang boitshoko jwa baitshepi,+ ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo+ le tumelo+ ya ga Jesu.”
13 Mme ka utlwa lentswe le tswa legodimong le re: “Kwala: Go itumela baswi+ ba ba swang ba le seoposengwe le Morena+ go tloga mo nakong eno go ya pele.+ Ee, go bua moya, a ba ikhutse mo ditirong tsa bone tsa bonatla, gonne dilo tse ba neng ba di dira di tsamaya le bone.”
14 Ka leba, mme, bona! leru le lesweu, mme mo lerung leno go ntse mongwe yo o tshwanang le morwa motho,+ a na le serwalo sa gouta+ mo tlhogong ya gagwe le sekele e e bogale mo seatleng sa gagwe.
15 Mme moengele yo mongwe a tlhaga a tswa kwa lefelong le le boitshepo la tempele, a goeletsa yo o ntseng mo lerung ka lentswe le le kwa godimo a re: “Tsenya sekele ya gago mme o robe,+ ka gonne nako e tlile ya go roba, gonne thobo+ ya lefatshe e budule thata.”+
16 Mme yo o ntseng mo lerung a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng, mme lefatshe la rojwa.
17 Mme moengele yo mongwe gape a tlhaga a tswa mo lefelong le le boitshepo la tempele le le kwa legodimong,+ yono le ene, a tshotse sekele e e bogale.
18 Moengele yo mongwe gape a tlhaga a tswa mo sebesong mme o ne a na le taolo ya go laola molelo.+ A tlhaeletsa ka lentswe le le kwa godimo kwa go yo o neng a tshotse sekele e e bogale, a re: “Tsenya sekele ya gago e e bogale mme o kgetle masitlha a mofine wa lefatshe,+ ka gonne morara wa lone jaanong o budule.”
19 Moengele+ a tsenya sekele ya gagwe mo lefatsheng mme a kgetla mofine+ wa lefatshe, mme a o latlhela mo segatisetsong se segolo sa beine ya bogale jwa Modimo.+
20 Mme segatisetso sa beine sa gatisetswa ka kwa ntle ga motse,+ mme madi a tswa mo segatisetsong sa beine a ya kwa godimo go fitlha fela kwa ditomong tsa dipitse,+ sekgala sa diferelone di le sekete le makgolo a le marataro.+