Nehemia 5:1-19

5  Le fa go ntse jalo, batho le basadi ba bone ba ne ba lelela+ bomorwarraabone ba Bajuda+ ka selelo se segolo thata.  Mme go ne go na le ba ba neng ba re: “Re ntsha bomorwaarona le bomorwadiarona e le sebeelo gore re tle re bone dijo tsa ditlhaka re je mme re tswelele re tshela.”+  Mme go ne go na le ba ba neng ba re: “Re ntsha masimo a rona le masimo a rona a mofine le matlo a rona e le sebeelo+ gore re tle re bone dijo tsa ditlhaka fa go na le tlhaelo ya dijo.”  Mme go ne go na le ba ba neng ba re: “Re adimile madi mo masimong a rona le masimo a rona a mofine+ gore re ntshetse kgosi sehuba.+  Mme jaanong nama ya rona e tshwana le nama ya bomorwarraarona;+ bomorwaarona ba tshwana le bomorwaabone, mme bona, re dira bomorwaarona le bomorwadiarona batlhanka,+ mme go na le bangwe ba bomorwadiarona ba ba setseng ba dirilwe jalo; mme ga go na maatla mo diatleng tsa rona fa masimo a rona le masimo a rona a mofine e le a ba bangwe.”  Jaanong ke ne ka nna bogale fela thata fa ke sena go utlwa selelo sa bone le mafoko ano.  Ka jalo pelo ya me ya akanya mo teng ga me, mme ka simolola go bona batlotlegi le bathusi ba mmusi molato,+ mme ka ba raya ka re: “Lo batla koketso+ e ntsi thata, mongwe le mongwe mo go morwarraagwe.” Mo godimo ga moo, ke ne ka rulaganya kopano e kgolo ka ntlha ya bone.+  Mme ka ba raya ka re: “Rona ka borona re rekolotse+ bomorwarraarona ba Bajuda ba ba neng ba rekiseditswe ditšhaba, kafa go neng go le kafa maatleng a rona ka teng; mme go ntse go le jalo a lona ka bolona lo tla rekisa bomorwarraalona,+ mme a ba tshwanetse go rekisediwa rona?” Foo ba tlhoka puo, mme ba se ka ba bona lefoko le ba ka le buang.+  Mme ka tswelela ka re: “Selo se lo se dirang ga se a siama.+ A ga lo a tshwanela go tsamaya ka go boifa+ Modimo+ wa rona ka ntlha ya kgobo ya ditšhaba, baba ba rona?+ 10  Gape nna, bomorwarre le batlhokomedi ba me re ntsha madi le dijo tsa ditlhaka re ba adima. Tsweetswee, a re tlogeleng go adima ka tsadiso+ jaana. 11  Tsweetswee, mo letsatsing leno, ba busetseng masimo+ a bone, masimo a bone a mofine, dikgwa tsa bone tsa motlhware le matlo a bone, le sa bolekgolo sa madi le dijo tsa ditlhaka, beine e ntšha le leokwane le lo le batlang e le morokotso mo go bone.” 12  Foo ba re: “Re tla di ba busetsa,+ mme ga re na go kopa+ sepe mo go bone. Re tla dira fela jaaka o bua.”+ Ka jalo ka bitsa baperesiti mme ka ba ikanisa gore ba dire kafa lefokong leno.+ 13  Gape, ka tlhotlhora sehuba sa me mme ka re: “Ka mokgwa ono e kete Modimo wa boammaaruri o ka tlhotlhora mo ntlong ya gagwe le mo thotong ya gagwe e a e bapetseng motho mongwe le mongwe yo o sa diragatseng lefoko leno; mme e kete a ka tlhotlhorwa ka mokgwa ono mme a sale a se na sepe.” Foo phuthego yotlhe ya re: “Amen!”+ Mme ba simolola go baka Jehofa.+ Mme batho ba dira kafa lefokong leno.+ 14  Selo se sengwe: Go simolola ka letsatsi le a ntlhomileng go nna molaodi+ wa bone mo lefatsheng la Juda ka lone, go simolola mo ngwageng wa bomasome a mabedi+ go ya go wa bomasome a mararo le bobedi+ wa ga Aretaserese+ kgosi, dingwaga di le lesome le bobedi, nna le bomorwarre ga re a ka ra ja senkgwe se se tshwanetseng molaodi.+ 15  Mme balaodi ba pele ba ba neng ba le teng pele ga me, ba ne ba diretse batho boima, mme ba nna ba tsaya dishekele tsa selefera di le masome a manè mo go bone letsatsi le letsatsi tsa senkgwe le beine. Gape, batlhokomedi ba bone ba ne ba gatelela batho.+ Fa e le nna, ke ne ka se ka ka dira jalo+ ka ntlha ya go boifa Modimo.+ 16  Mme, mo godimo ga moo ke ne ka tsenya letsogo mo tirong ya lobota lono, mme ga re a ka ra nna le tshimo;+ mme batlhokomedi botlhe ba me ba ne ba phuthelwa mmogo koo gore ba dire. 17  Mme Bajuda le bathusi ba mmusi, banna ba le lekgolo le masome a matlhano, le ba ba tlang kwa go rona ba tswa kwa ditšhabeng tse di neng di re dikologile ba ne ba le fa tafoleng+ ya me. 18  Fa e le se se neng sa baakanngwa letsatsi le letsatsi, poo e le nngwe, dinku di le thataro tse di tlhophilweng le dinonyane ke ne ke di baakanyediwa, mme gangwe mo malatsing mangwe le mangwe a le lesome mofuta mongwe le mongwe wa beine+ e le ntsi. Mme mmogo le seno, ga ke a ka ka batla senkgwe se se tshwanelang mmusi, ka gonne tirelo mo bathong bano e ne e le boima. 19  A ko o nkgakologelwe,+ tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo,+ ka ntlha ya sotlhe se ke se diretseng batho bano.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase